Ba Ne Ba Gakgamadiwa Ke Se Ba Ileng Ba Se Bona
MO SELEMONG se se fetileng mo dikarolong tse dintsi tsa Yuropa Botlhaba le kwa kgakalakgakala kwa Kazakhstan le Siberia, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bonwa ka ditsela tse ba iseng ba ko ba tsamaye ba bonwe ka tsone pele. Benggae le ba ba neng ba etetse dikopano kwa mafelong ao ba ne ba kgatlhegile fela thata, ee, tota le eleng go gakgamadiwa ke se ba ileng ba se bona.
Batlakopanong kwa Zagreb ba ne ba bolelelwa gangwe le gape gore: “Re ne re sa solofela gore lo tla tla!” Bontsi jwa baeti ba bangwe bo ne jwa lesa ka dithulaganyo tsa go tsamaya—mme eseng Basupi ba ga Jehofa. The Times ya London e ne ya bega jaana mabapi le kopano eo: “Tota ebile, ke kopano ya ntlha go rulaganngwa ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng le le itwantshang ka bolone.”
Ba ba ileng ba gakgamala le go feta e ne e le mapodisi. Yo mongwe kwa Zagreb o ne a re: “Go tla bo go le molemo go bontsha ba kanamiso ya dikgang gore go diragalang mo lebaleng leno, gone fa, moo re bonang Ma-Serbia, Ma-Croatia, Ma-Slovenia, Ma-Montenegro, le ba bangwe ba dutse mmogo ka kagiso.”
Kwa Budapest lepodisi lengwe le ne la kopiwa gore le ko le tshwantshanye Basupi ba ba neng ba kopanetse mo lebaleng leo le legolo le matshutitshuti a ka tlwaelo a a tleng a tle metshamekong ya kgwele ya dinao. A nyenya, a lelala, a bo a re: “Pharologano ya teng e tshwana fela le e e fa gare ga legodimo le lefatshe.”
“O raya jang?”
A fetola a re, “mme, bona fela. Ga go na ope yo o gogang, ga go na matlakala gope, le batho ba na le botho. Ba dira se o ba kopang gore ba se dire.”
Kwa mošateng wa Ukraine ebong Kiev, ba ba 14-654 ba ne ba kopanetse kwa Dynamo Stadium. Mosupi mongwe koo o ne a botsa mongwe wa bokapotene ba mapodisi gore a banna ba gagwe ba ne ba tshwaragane le namane e tona ya tiro ka nako ya kopano. “Le eseng, ebile mo nakong e e tlang re tlile go lo romelela mapodisi a le mabedi fela.”
O ne a bodiwa gore “ba le babedi ka ntlha yang.”
A fetola a dira motlae a re, “gore e re fa yo mongwe a ka tshwarwa ke boroko yo mongwe a mo tlhokomele.”
Batho Ba Ne Ba Gakgamala
Pampiri ya dikgang ya Budapest, e go tweng Pesti Hírlap, e ne ya bega jaana: “Ba ba fetang 40 000 ba jetse mafelobeke ano kwa Népstadion. Ga go a ka ga sala le fa e le pampitshana, kgotsa matlhotlhora a borotho, kgotsa setompi sa sekerete.” Pampiri e nngwe ya mo toropong eo, e go tweng Fehérvár Hírlap, e ne ya re: “Batho ba ba tshokaneng ka ba iphitlhela ba setse ba le mo Népstadion ka July 26 le 28 ba tshwanetse tota ba bo ba ile ba ja kgakge. . . . Ba ne ba ka bona sekao sa boitshwaro le botshelo jwa Bokeresete se go seng motlhofo go se bona.”
Mo mafelobekeng pula e ne e sa ne e tshologa kwa Budapest; e ne e nele ka selekanyo sa dimilimetara tse di fetang 50. Mme lefa go le jalo ga e a ka ya kgoreletsa Basupi. Go ne ga utlwiwa lepodisi lengwe le re, “go monate tota! Go jesa kgakge!” “Ba goroga ka makatlanamane . . . Ga go na sepe se se ka ba emang pele.” Ka Mosupologo pampiri nngwe ya dikgang e ne ya bega kgang ka setlhogo se se reng “Thapelo go le Pula” ya ba ya tsopola batlakopanong ba re: “Pula e re kolobeditse fela, mme ga e a ka ya re gogola!”
Kwa Lvov, kwa ba ba 17 531 ba neng ba kopanetse mo Central Ukraine Stadium, lepodisi le ne la raya mongwe wa Basupi la re: “Mo kokoanong nngwe le nngwe e batho ba ba kana ba nnang teng, re ne re tla tlhoka makgolokgolo a mapodisi. Mo kopanong ya lona re ne re na le ba le lesome, ba tota ebile ba neng ba sa tlhokege.”
Jaanong, e le go supa kafa a neng a kgatlhilwe ke kopano thata ka teng, lepodisi leo le ne la re: “Lo dithakga mo go ruteng ba bangwe se se molemo, le bua ka Modimo, mme ga lo tseye karolo mo bothubaking. Re ntse re ipotsa gore re ne re lo bogisetsang, mme re ne ra fetsa ka gore ga re a ka ra lo sekegela tsebe le gore re ne re sa itse sepe ka ga lona.”
Morago ga gore a etele kopano e e neng e tshwaretswe kwa Usolye-Sibirskoye, Siberia, mmegadikgang wa pampiri ya dikgang ya Soviet e go tweng Leninskiy Put’, o ne a kwala jaana: “Botho jo bo neng bo bontshiwa bo ne bo gakgamatsa eleruri, le kgono ya go lemoga dilo tse di tlhokwang ke ba bangwe le go di tsibogela, eo batlhanka ba ga Jehofa ba neng ba e bontshana. Le ka motlha ga nkitla ke tsamaya ke lebala mafoko ano a a ileng a buiwa kwa kopanong: ‘O se ka wa utswa! O se ka wa bua maaka! O se ka wa nwa [bobe]! Nna senatla mo tirong! Thusa moagelani wa gago!’ Tota kana, e ke yone melaometheo e batho ka kakaretso ba tshwanetseng go bo ba lwela go e fitlhelela. Mme lefa go ntse jalo gantsi re a e lebala.
“Gape, se se neng se kgatlha e ne e le moya wa bokaulengwe o o neng o bontshanwa, go sa ikgogone go thusa. Mmè mongwe o ne a re neela pampiri ya dikgang go ipeeletsa gore re se ka ra nna mo bankeng e e lerole. Fa pula e ne e simolola go na, mohumagatsana mongwe yo o neng a dutse go bapa le nna o ne a nneela sekhukhu sa gagwe ka pelo e tshweu, mme rre mongwe yo o neng a se kgakala le ene o ne a gogela mosimanyana yo o neng a kolobile kafa tlase ga sekhukhu sa gagwe. . . .
“Moya o o neng o le teng mo kopanong eo o ne ka tsela nngwe o dira gore motho a ikutlwe gore ke motho, botho jwa gagwe bo tokafetse, a ikutlwe a na le seriti. O ne o ka se ka wa tlhoka go nyenya fa o bona bopelonomi jo bo neng bo supiwa ke batho o sa ba itse. . . . Re tlogile kwa lebaleng re ikutlwa re le phepa, re ikutlwa gore re ne re rakane le sengwe se sentle tota.”
Mo kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Kiev, ba ba fetang 2 000 ba ne ba tswa kwa Moscow fa ba ba ka nnang 4 500 bone ba ne ba tswa kwa Caucasus. Go ne ga tlhongwa lephata la tshedimosetso kwa lebaleng la difofane, mme go ne ga supiwa dibuka tsa Bibela. Bontsi bo ne jwa botsa dipotso mme tsa arabiwa ka manontlhotlho. Erile ka maabanyane mangwe monna mongwe a atamela mme a re: “Ke ntse ke lo etse tlhoko ka lebaka le leleele. Ke gakgamadiwa ke tsela ya bopelonomi e lo buang le batho ka yone ka ga Bogosi. Tsweetswee ke kopa gore lo ntetle go lo fa dithunya tse e leng mpho e ke lo e felang tiro e ntle e lo e dirang.”
Ka nako ya kolobetso kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Usolye-Sibirskoye, mmegadikgang mongwe o ne a kgatlhiwa ke go bona Ma-Russia a le mmalwa a tlamparela motho mongwe le go mo akgola yo o neng a sa tswa go kolobediwa wa batho ba Buryat. Lemororo Siberia ka kakaretso e sena dikilano tse di senang motheo tsa bosetšhaba, botsalano jwa go ntshana se ’inong gareng ga Ma-Russia le batho ba ba ntseng jalo ke selo sa sewelo. Mmegadikgang o ne a botsa jaana, “O potile ka kae dikgoreletsi tseno tsa bosetšhaba?”
O ne a bolelelwa gore, “ka go diragatsa molaomotheo wa Bibela o o reng ‘o rate mongwe ka wena jaaka o ithata.’”
Bokaulengwe jwa Boditšhabatšhaba
Seo se neng se itumedisa thata segolobogolo kwa dikopanong tse tharo tsa boditšhabatšhaba e ne e le metlotlo ya botsalano gareng ga batlakopanong go tswa dintlheng tse di farologaneng tsa lefatshe. Budapest e ne e na le baeng go tswa mafatsheng a le 35, bontsi jwa bone bo ne bo tswa Poland le Jeremane, lefa mafelo a mangwe le one a ne a emetswe ke palo e e utlwalang, go akaretsa le ba ba ka nnang 500 go tswa Soviet Union. Kwa Prague go ne go na le batlakopanong ba ba tswang kwa mafatsheng a le 39, go akaretsa le ba ba fetang 26 000 go tswa Jeremane, ba ba ka nnang 13 000 go tswa Poland, ba ba fetang 900 go tswa Italy, ba ba 570 go tswa Netherlands, ba ba 746 go tswa Sweden, le ba ba 743 go tswa Japane. Zagreb e ne e na le baeng go tswa mafatsheng a le 15, lemororo go ne go na le matshosetsi a ntwa ya maraganateng.
Mo go nngwe le nngwe ya dikopano tsa boditšhabatšhaba, go ne go agilwe dirala di le tharo mo patlelong di lebile dintlheng tse di farologaneng tsa lebala. Go tswa diraleng tseno thulaganyo e ne ya neelwa ka nako e le nngwe ka dipuo tse tharo. Kwa Budapest dipuo tseo e ne e le Se-Hungary, Se-Poland, le Sejeremane; kwa Prague e ne e le Se-Czechoslovakia/Se-Slovakia, Se-Poland, le Sejeremane; mme kwa Zagreb e ne e le Se-Croatia/Se-Serbia, Se-Slovenia, le Sentariana. Ka nako ya fa go ne go bontshiwa terama e e rutang ya Bibela, e e theilweng mo maitemogelong a ga Esere wa bogologolo le bangwe ka ene, batlakopanong ba ba buang dipuo tse di farologaneng ba ne ba ka e bogela go tswa go nngwe ya dikarolo tse di kgaogantsweng ka dipuo tse tharo e ba kgethileng go nna mo go yone.
Bontsi jwa dipolelo tsa konokono tsa dikopano tseo di ne di neelwa ka nako e le nngwe ka Seesemane ke maloko a a farologaneng a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Mongwe le mongwe wa bone o ne a bua go tswa go sengwe sa dirala tseo tse tharo. Dipolelo tseno, ka tlhomamo, di ne di ranolwa go solegela ditlhopha tse dikgolo tse tharo tseno molemo, mme kwa Budapest le kwa Prague, di ne gape tsa ranolelwa mo dipuong tse dingwe tse dintsintsi.
Baranodi ba ba farologaneng ba dikarolo tsa dipuo tseno ba ne ba eme mo patlelong go lebagana le setlhopha sa puo e ba e ranolang. Digoagoe tse di neng di beilwe go lebagana sentle le karolo ya puo nngwe le nngwe di ne tsa dira gore motho a utlwe puo ya gaabo a sa itewe tsebe ke dithanolo tsa dikarolo tsa dipuo tse dingwe. Ka sekai, kwa Budapest dipolelo tse di neng di neelwa ke maloko a Setlhopha se se Laolang di ne di ranolelwa mo puong ya Sedatšhe, ya Se-Finland, ya Sefora, ya Segerika, ya Sejapane, ya Se-Norway, ya Sentariana, ya Sepanishe, le ya Se-Sweden, mo godimo ga dipuo tsa konokono tsa Se-Hungary, Se-Poland, le Sejeremane.
Kwa go nngwe le nngwe ya dikopano tsa boditšhabatšhaba, polelo e e kgothatsang ya bofelo e ne ya neelwa ke maloko a mararo a Setlhopha se se Laolang. Kgwetlho e e neng e ba lebane e ne e le ya gore nako ya bone ya go fetsa e se ka ya farologana thata. Morago ga moo, mantswe a ditšhaba tse dintsi a ne a kopanela mo pineng, mme kwa bokhutlong dipelo di ne tsa nna moono mongwe fela mo thapelong e e neng e dirwa ka pelo yotlhe go lebogela Jehofa Modimo go bo a ile a segofatsa dikokoano tseno tse di gakgamatsang gore di atlege.
Fa go sena go twe “Amene!” wa bofelo, go ne go se ope yo o neng a batla go tsamaya. Dikeledi di ne tsa farafara marama a le diketekete. Ditsala tse di rategang tse di ileng tsa boloka bothokgami mo Modimong lemororo ba ne ba thibetswe le go tlhatlhelwa ka dingwaga tse dintsi ba ne ba tsamaisana sentle ka go tsholeletsana disakatuku, dikafo, le dikhukhu go kgabaganya mabala ao a magolo. Kwa Prague ditsala tse dintsi di ne tsa sala sebaka se se fetang ura, ba opela le go ipelela bokaulengwe.
Go atlega go gogolo ga dikopano tseno ga go a itlela fela go ntswe moriti o tsididi. Go ne ga dirisiwa ka mmatota diura tse di dikete tse di makgolokgolo ke Basupi ba ga Jehofa eseng fela mo go ipaakanyetseng go ya kopanong mme gape le go ikarabela mo go tlhokomeleng dintlha tse di makgolo tseo di neng di tlhoka go tlhokomelwa gore dikopano tseno di atlege.
Go Baakanya Mafelo a go Tshwarela Kopano
Strahov Stadium sa kwa Prague, se se nang le dingwaga di le dintsi se sa dirisediwe kokoano e kgolo jaana, se ne se tlhoka go baakanngwa tota. Go ne go na le ditulo di ka nna 55 000 fela tse di neng di ka dirisiwa, e e neng e le palo e e kwa tlase thata ga palo ya ba ba neng ba solofetswe go tla kopanong eo e kgolo go di feta tsotlhe ya selemo kwa Yuropa Botlhaba. Ka gone go ne ga bonwa motšhine o o betlang dikgong o o neng o senyegile, mme o ne wa baakanngwa, wa dirisiwa go betla dibanka tsa boleele jwa dikilometara di le 18 go oketsa manno a batho ba ba ka tshwarang 30 000.
Go dira le go tsenya dibanka, ka phepafalo, e ne e le bontlhanngwe jwa tiro fela. Go penta, go phepafatsa, go tlhagola, le go baakanya fale le fale le gone go ne go tlhokega. Kwa bofelong, lebala le ne la kgabisiwa ka dipitsana di le 8 300 tse di neng di na le dithunya di le 33 200 le ditlhare tsa mofuta o o nnelang motala ruri di le 1 357. Fa gongwe go ne go dira badiri ba le sekete ka nako e le nngwe fela. Diura tsotlhe tse di neng tsa dirisiwa ke baithaopi go tswa diphuthegong di le 260 tsa Basupi ba ga Jehofa e ne e le 66 000.
Tiro e e tshwanang e ne ya dirwa go baakanya mabala kwa Budapest, Zagreb, le kwa ditoropong tse dingwe. Baithaopi ba ba ka tshwarang 4 000 ba ne ba dirisa diura tse di fetang 40 000. Ba bereka kwa mabaleng a kopano kwa Lvov. Tiro e ba e dirileng e ne ya tsewa jaaka tuelelo ya rente ya go dirisa lefelo leo. Dibanka tsotlhe tsa lebala di ne tsa baakanngwa tsa ba tsa pentiwa, le matlwana otlhe a ne a phepafadiwa a bo a baakanngwa. Mo godimo ga moo, kago ya ditene ya boleele jwa dimetara di le 33 e e nang le didirisiwa tsa boitapoloso tse di oketsegileng e ne ya agiwa. Ka mo go tshwanang, kwa Khimik Stadium kwa Usolye-Sibirskoye, go ne ga tladiwa palo ya matlwana ka a le 52 gore a dirisiwe mo kopanong.
Moenjeneremogolo wa lebala la Lvov o ne a re: “Fa esale ke tsalwa, ga ke ise ke ko ke tsamaye ke bone batho ba ba gakgamatsang jaana. Lo dira jaaka lelapa le le lengwe le legolo. Ke sitwa ke go tlhaloganya seno, fela gone go bereka le lona ke selo se se monate thata.” Batsamaisi ba lebala ba ne ba kwala molaetsa o mo go one ba neng ba lebogela Basupi “boineelo mo tirong e ba e dirileng le dinonofo tsa bone tse di molemo le go dira dilo segolo ga bone.” Molaetsa ono o ne wa wetsa jaana: “Re lo eleletsa katlego mo kopanong ya lona ya Lvov.”
Bodilo jwa kamore e go neng go tshwanetse ga baakanyediwa lefelo la dijo le dino teng kwa Kiev bo ne bo tlhoka go baakanngwa. Tiro eo e ne ya dirwa ka malatsi a mabedi fela e bo e fedile. Badiri ba le babedi ba lebala ba ne ba tla go bona “metlholo,” mme yo mongwe a raya yo mongwe a re: “Mo malatsing a le mabedi fela ba kgonne tiro e e tsayang batho ba rona sephatlo sa ngwaga go e fetsa.” Mookamedi wa mokgatlho wa metshameko ya mo metsing o ne a raya molebedi wa kopano a re: “Lo fetotse lebala mo eleng gore ebile le re timeletse.”
Badiri ba lebala la Kiev ba ne ba kwala jaana ba bontsha kafa ba neng ba anaanela ka gone: “Dipelo tsa rona di phephetha ka boitumelo ka ntlha ya tsela eo dilo di rulagantsweng ka yone mo kopanong ya Basupi ba ga Jehofa. . . . Fela jaaka dikedi tsa dikgakologo di kopana go dira molatswana o o tletseng ebile o tlhatsa, go ntse fela jalo ka Basupi ba ga Jehofa bannye le bagolo ba ologela gone kwa moletlong wa bone. Seno se tlhoka go akgolwa. Ke sa ntlha re bona selo sa mofuta o. Re a leboga ka go bo lo re rutile sengwe ka sekao sa lona.”
Go Tlhokomela Batlakopanong
Nngwe ya ditiro tse dikgolo go di gaisa tsotlhe e ne e le go baakanyetsa baeng ba ba diketekete marobalo. Basupi ba bengae ba ne ba amogela batlakopanong mo magaeng a bone. Kwa kopanong ya Prague, Basupi ba Ma-Czechoslovakia ba ne ba amogela ba le 6 280 go tswa kwa Poland mo magaeng a bone. Kwa Budapest, ba le 2 203 ba batlakopanong ba ne ba nna mo magaeng a a nang le beng. Mme Basupi ba ba 278 kwa Kiev ba ne ba amogela baeng ba ka nna 750 go ya go 800.
Mo godimo ga moo, dikolo tse dintsi le mafelo a go itshidila kwa Budapest le kwa Prague a ne a dirisiwa jaaka mafelo a bonno. Dikolo tse di fetang 40 di ne tsa dirisiwa kwa Budapest go amogela batho ba le 7 930. Kwa Prague, ba le 12 530 ba ne ba robala mo dikolong le mo mafelong a go itshidila. Go ne ga bonwa diketekete tsa materase a a pompiwang go ka dirisiwa mo mafelong ano. Ba ba fetang 29 000 ba ba neng ba le mo kopanong ya Prague ba ne ba nna mo matlong a borobalo a baithuti le mo dihoseteleng tsa basha, fa diketekete tse dingwe tsone di ne di gorogetse mo dihoteleng tsa ka gale.
Kwa dikopanong tse dingwe, dithulaganyo di ne tsa dirwa gore batlakopanong ba ba tsileng ka diterena ba boe ba di dirise jaaka marobalo. Basupi ba ba ka nnang dikete tse pedi go tswa kwa Zakarpatskaya Oblast ba ne ba robala mo materokong a terena kwa Kiev. Ba bangwe ba ba tswang kwa Caucasus go ya kwa Kiev le bone ba ne ba dira jalo. Fela jalo, Basupi ba kwa Lithuania ba ba neng ba ya kopanong kwa Tallinn, Estonia, ba ne ba robala mo ditereneng tse di neng di ba tlisitse.
Le morago ga gore ba goroge, batlakopanong ba ne ba tlhokomelwa ka ditsela tse dintsi ke baamogedi ba bone ba ba kakanyetso. Ka sekai, dithulaganyo di ne tsa dirwa kwa Prague gore go okediwe dibese go nna 40 tse di tsamayang mo tseleng e ka gale e tsamaiwang ke bese e le nngwe fela fela. Mo godimo ga moo, ereka go ne go setse go ntse go duetswe esale gale, batlakopanong ba ne ba kgona go tsamaya ka dipalamo tsa botlhe mahala fa ba ya kopanong mo mosong le fa ba boela gae mo maitseboeng ka go supa dibetšhe tsa bone tsa kopano fela. Kwa Soviet Union, dibese tse 11 tse di neng di tswa fa gautshwane fa Angarsk go ya kopanong kwa UsolyeSibirskoye di ne tsa felegediwa ka bopelontle ke dikoloi tse pedi tsa mapodisi a pharakano, e nngwe e le kwa pele mme e nngwe e le kwa morago!
Maiteko a go Nna Teng
Bangwe ba totatota ba ileng ba tsamaya dikgala tse dileele ka ditshenyegelo tse dikgolo e ne e le ba ba neng ba ya kwa go dingwe tsa dikopano tsa Soviet. Bangwe ba ile ba kokotletsa madi ngwaga otlhe e le gore ba tle ba kgone go duelela mosepele wa bone. Go na le ba ba neng ba tswa kwa boemakepeng jwa Vladivostok jwa Lewatle la Pacific, mme ba tsamaya sekgala se se fetang dikilometara di le 3 200 go ya kwa Usolye-Sibirskoye. Batlakopanong ba bangwe ba le lesome le bobedi ba ne ba tswa kwa setlhaketlhakeng sa Sakhalin sa lewatle la Pacific ntlheng ya bokone jwa Japane. Mongwe wa bone e ne e le mosha wa dingwaga tse 20 yo o neng a na le basha ba bangwe ba le bararo ba a ithutang le bone Bibela.
Mokgweetsi mongwe wa bese yo o tswang kwa Sayanogorsk, yo o neng a ikaeletse go ya go kolobediwa kwa Usolye, o ne a kokomalela mohiri wa gagwe a mo kopa gore a mo fe malatsi gore a kgone go nna teng kwa kopanong, mme lefa go le jalo moeteledipele wa gagwe o ne a sa ikemisetsa go mo fa tetla. Ka jalo he rre yoo a ya kwa toropong ya Abakan go ya go tsaya sekaelo sa lekwalo la Soviet la kgwedi ya March 27 monongwaga le le amogelang semmuso Basupi ba ga Jehofa jaaka phuthego ya bodumedi. Lemororo a bone lekwalo leo, moeteledipele wa gagwe o ne a nna a gana go mo letla go tsamaya. Mo mosong wa letsatsi leo a neng a tshwanetse go tsamaya ka lone, morago ga go rapela ka tlhoafalo, rre yoo o ne a ya go leka gape mme kgabagare a newa tetla ya go tsamaya.
Kolobetso le Dikgatiso Tse Disha
Kolobetso e ne e le selo se se kgatlhang thata mo dikopanong tseno tsotlhe tsa kwa Yuropa Botlhaba. Batho ba le 18 293 ba bao ba neng ba le teng mo dikopanong tseno ba ile ba ipega fa pele ga basupi gore ba neetse matshelo a bone ka pelo yotlhe go direla Jehofa Modimo, mme ba ne ba bontsha seno ka go kolobediwa mo metsing. Moyakolobetsong mongwe yo mmotlana kwa Prague, yo o neng a sa tswa go solofediwa tiro e e nang le morokotso, o ne a re: “Ke ne ka bona gore ke tshwanetse go tlhopha gareng ga modimo wa tharonngwe ebong dolara ya U.S., le mark ya Jeremane, le shileng ya Austria kafa letlhakoreng le lengwe le Jehofa kafa go le lengwe. Ke ne ka tlhopha Jehofa mme ka gana tiro eo.”
Kolobetso ya kwa Tallinn e ne e tshwaretswe mo letangwaneng le le kwantle gaufi le Lewatle la Baltic koo kago e e sireleditsweng e e kileng ya ne e dirisiwa jaaka kgolegelo e bonalang kgakajana fela teng. Basupi ba Estonia ba ne ba bewa mo kagong eno pele ga ba romelwa kwa dikampeng tse go gogwang ka ngakale kwa go tsone tsa kwa Russia mo masimologong a bo 1950. Abo go ne go ipedisa jang ne, bogolo jang mo go bao ba ba godileng, go bona badumedi ba basha ba le 447 ba bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa phatlalatsa!
Sengwe se se neng gape se kgatlha thata mo dikopanong tseo e ne e le go gololwa ga dikgatiso tse disha. Ditsala tsa Ma-Lithuania kwa Tallinn ba ne ba tlola ka mmatota mo mannong a bone ba bo ba lela fa ba bolelelwa gore boroutšhara ya “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha” jaanong e teng ka segabone. Ka mo go tshwanang, lobebe lwa dikopano tsa kwa Romania e ne e le go gololwa ga buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo e Atametse!, ka Se-Romania, mme fa e le ka Ma-Czechoslovakia le Ma-Slovakia kwa Prague bone, e ne e le go amogela New World Translation of the Holy Scriptures ka dipuo tsa bone.
Lefa go le jalo, kwa dikopanong tse dintsi, buka e e neng ya tlisa boipelo jo bo seng kana ka sepe fa e ne e gololwa e ne e le ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Re bua jaana dikaelo tsa yone di le didikadike tse di lesome di setse di kwadilwe ka dipuo tse 59.
Go Dirisa Kgololesego ka Tshwanelo
Gompieno, dibuka tsa Bibela di kgona go tsena mo Yuropa Botlhaba, le kwa Soviet Union tota. Dikoloi tsa megobagoba di tletse ka Tora ya Tebelo le Tsogang! di emelela go tloga kwa magatisetsong a magolo a dibuka a Basupi ba ga Jehofa kwa Selters/Taunus, kwa Jeremane, mme di kgabaganye melelwane go tsena mo mafatsheng a Yuropa Botlhaba. Abo go farologane jang ne le dinako tse ka tsone, Basupi ba neng ba tshwanelwa ke go tsenya dibuka ka bokukuntshwane mo mafatsheng ano mo go neng go ba tsenya mo kotsing ya go ka tlhatlhelwa mo kgolegelong!
Go bontsha phetogo eno e e molemo, puisano e e latelang e ne ya tshwarwa ke motlhankedi wa makgetho a kwa melelwaneng le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ka nako ya kopano ya kwa Tallinn:
“O tsentseng mo lebokosenyaneng leo?”
“Dimakasine.”
“Dimakasine dife? A ke dimakasine tsa Modimo?”
“Aha, ee, ke tsone.”
“A ke dimakasine tsa ga Jehofa Modimo?”
“Ee!”
“Jaa’a, go siame. O ka tsamaya.”
Morago ga kopano ya kwa Budapest, tautona ya Hungary ebong Arpad Goncz, o ne a laletsa Mosupi mongwe yo ba neng ba tlhatlhetswe mmogo mo kgolegelong ka nako ya kgatelelo ya bokomonisi gore a mo etele. Mr. Goncz o ne a tsaya ura yotlhe le ene mme erile morago a kopa tsala ya gagwe ya maloba kwa kgolegelong gore e mo isetse keleletso masego ya gagwe go Basupi ba ga Jehofa. Barati ba kgololesego ya bomodimo gongwe le gongwe ba itumedisiwa fela thata ke go bo basimegi ba nako eno, ba ba ntseng jaaka bo Mr. Goncz, ba letla gore go obamelwe ka kgololesego kwa Yuropa Botlhaba.
Go bontsha gore batho ba ga Jehofa ba dirisa kgololesego ya bone ka tshwanelo, The New York Times ya September yo o sa tswang go feta e ne ya bolela ka sengwe se se neng sa diragala kwa St. Petersburg (e e kileng ya bo e le Leningrad), e ne ya tlhalosa jaana: “Molotsana wa pina e e iketlileng e go tweng ‘Summertime’ ya ga Gershwin o elela le Noka ya Neva . . . Molotsana oo o ne o feta fa godimo ga batho ba ba ditsumpa ba ba neng ba arametse letsatsi, bananyana ba ba neng ba tshameka le dintša, barekisi bao ba neng ba rekisa mebepe ya St. Petersburg wa bogologolo le Basupi ba ga Jehofa bao ba neng ba batla ba ba batlang go sokologa.”
Ee, Basupi ba dirisa kgololesego ka tlhagafalo go rera mafoko a a molemo! A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka molaetsa wa bone? Pampiri ya dikgang ya Soviet e go tweng Vostochno-Sibirskaya Pravda e ne ya tlhalosa jaana: “Tshedimosetso ka botlalo ka ga ditiro tsa bone e ka bonwa kwa mafelong a Basupi ba ga Jehofa a go rutelwang Bibela kwa go one mo toropong nngwe le nngwe.” Gongwe le gongwe kwa o ka tswang o le teng mo lefatsheng, o se ka wa okaoka go botsa.
[Tšhate mo go tsebe 25]
DIKOPANO TSA KWA YUROPA BOTLHABA LE KWA SOVIET UNION
Lefatshe Tlhora ya Ba Ba Ba Ba Kolo-
Neng Ba le Teng beditsweng
Czechoslovakia (Prague) 74 587 2 337
Hungary (Budapest) 40 601 1 134
Poland (ditoropo tse 12) 131 554 4 250
Romania (ditoropo tse 8) 34 808 2 260
Soviet Union (ditoropo tse 7) 74 252 7 820
Yugoslavia (Zagreb) 14 684 492
Palokakaretso ya dikopano tse 30: 370 486 18 293
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Kafa mojeng: Go ranolelwa mo dipuong tse di farologaneng kwa Prague
Fa tlase: Strahov Stadium kwa Prague le tletse ka batho ba ba fetang 74 000
[Ditshwantsho mo go tsebe 22]
Fa godimo: Kopano ya kwa Tallinn, Estonia
Kopano ya kwa Budapest, koo, batlakopanong ba le 40 000 ba neng ba itumelela thulaganyo ka botlalo, ba sa baya gore pula e a na kana nnyaa
[Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Fa godimo: Mangwe a matlwana a a neng a agetswe go dirisiwa kwa kopanong ya Usolye-Sibirskoye, Siberia
Go pentiwa lebala gape go dirwa dibanka go oketsa manno kwa Prague
[Ditshwantsho mo go tsebe 28]
Terama ya Bibela le kolobetso kwa Zagreb
[Ditshwantsho mo go tsebe 29]
Fa godimo: Go bulwa ga Holo ya Bogosi ka June 1991 e e leng ya ntlha go agiwa ke Basupi kwa Hungary
Fa gare: Ba ba fetang 20 000 ba ne ba robala mo dikolong le mo mafelong a go itshidila kwa Budapest le Prague
Fa tlase: Go abiwa ga buka ya “Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela” kwa Usolye-Sibirskoye, Siberia