Kutlwano E E Gakgamatsang Lefatshe
LEFATSHE le ne la tshosiwa ke go phutlhama ga Bokomanisi le go ntsifala ga thubakanyo ya semorafe bosheng jaana. Lefa go ntse jalo, ka yone nako eo, dimilione tsa batho ba kwa Yuropa Botlhaba ba ne ba gakgamadiwa ke ditiro tsa kutlwano le boitumelo tsa setlhopha se se sa tshwenngweng ke dikilano tsa lotso le bosetšhaba—sa Basupi ba ga Jehofa.
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgona go tswelela ba le seoposengwe mo kobamelong le mororo ntwa e ne e larile mo tikologong ya bone. Ka 1991, fa Basupi ba ga Jehofa ba ba tswang mo merafeng e e farologaneng ba le 14 684 ba ne kopane kwa Zagreb, kwa Croatia, lepodisi lengwe le ne la re: “Go ka nna molemo go bontsha babegadikgang se se diragalang mo setadiamong seno, gone mono, mo re bonang Ba-Serbia, Ba-Croatia, Ba-Slovenia, le Ba-Montenegro, le ba bangwe ba ntse mmogo ka kagiso.”
Mo go one ngwaga oo mmegadikgang mongwe o ne a bona Ba-Russia ba tlamparela motho wa lotso lwa Buryat yo o neng a sa tswa go kolobediwa kwa kopanong nngwe kwa Siberia. Ka ntlha ya go bo a ne a itse gore botsala jwa boammaaruri mo bathong ba ba farologaneng bao ga bo a tlwaelesega, o ne a botsa jaana: “Le kgonne jang go fenya kilano e e leng teng fa gare ga ditšhaba tsa lona?”
Ngwaga e e fetileng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwara dikopano di le 45 kwa Yuropa Botlhaba le Asia, mme tse di neng di tshwaretswe kwa Moscow le Kiev e ne e le tsa meraferafe. Palo ya botlhe ba ba neng ba le teng mo dikopanong tseo tse 45 e ne e le 368 000—ba ba fetang 112 000 mo go se e kileng ya bo e le Soviet Union le ba ba batlileng ba tshwara 11 000 mo ditoropong tse nnè tsa se e kileng ya bo e le Yugoslavia.
Le mororo go ne go lowa mo dikgaolong tsa bone, Basupi ba ka tshwara 215 ba ne ba kgona go ya kwa kopanong ya kwa Belgrade, kwa Serbia, ka August 19 go ya go 22. E ne e tlilwe ke batho ba le 3 241. Mmegadikgang mongwe o ne a re: “Ditlhopha dingwe go tswa kwa Sarajevo ka boyone di ne tsa kgona go tla. Ba ne ba hira bese, mme go ne ga tla ba le 56. Ba ne ba tswa kwa Lukavica, Pale, Ilidža, le Vogošća. Go ne ga tla gape le batho ba le batlhano go tswa kwa Benkovac. Sengwe gape se se kgatlhang ke gore ba le 23 mo go ba ba 174 ba ba neng ba kolobediwa mo kopanong eo ba ne ba tswa kwa dikgaolong tse di wetsweng ke mathata.”
Kwa Moscow le kwa Kiev
Ka July 28, 1993, tsebe ya ntlha ya The New York Times e ne e na le setshwantsho se setona sa Basupi ba ga Jehofa kwa Moscow, se na le mafoko a a reng: “Go gololwa ga bodumedi kwa Russia go dirile gore basolokologi ba tle kwa Locomotive Stadium kwa Moscow go tla go kolobediwa ka bontsi go nna Basupi ba ga Jehofa.”
Makasine wa Times o ne wa bega jaana: “Maloko a a neng a putsaputsa dikeledi a ne a tlamparela ba basha bao ba ba neng ba santse ba le metsi. Go farologana le se e leng tlwaelo kwa Locomotive, ga go na ope yo o gogang, yo o roganang, yo o tagilweng.” Basupi ba ba tswang kwa Russia le dinaga tse dingwe tse 30 ba ne ba tletse sentle mo setadiamong, tlhora ya bone e ne e le 23 743.
Kopano e e neng e le kgolo le go feta ya meraferafe ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya tshwarelwa kwa Kiev, motsemogolo wa Ukraine. Tlhora ya 64 714 ya ba ba neng ba le teng e ne e kopanetse kwa Republican Stadium, sengwe sa tse dikgolo kwa Yuropa Botlhaba. Tsebe ya ntlha ya Evening Kiev e ne ya bega jaana: “Basupi ba ga Jehofa . . . ga ba a kopanngwa fela ke dibetšhe tse ditala tse di kwadilweng ‘Thuto ya Bomodimo’ mme gape le ke tumelo ya boammaaruri.”
Kafa Kutlwano E Bonwang ka Teng
Kafa kutlwano eo e kgonegang ka teng go ile ga supiwa sentle ke Mosupi mongwe yo o godileng wa kwa Ukraine kwa kopanong ya Kiev. O ne a supa kwa godimo a bo a re, “Jehofa.” O ne a dira tshekeletsa ka mabogo a gagwe, a bo a supa ka monwana. Molaetsa wa gagwe o ne o phepafetse: ‘Re bangwe fela, re kopantswe ke thuto ya bomodimo ya ga Jehofa Modimo.’
Se se kgatlhang ke gore, Encyclopædia Britannica e ne ya bega ka Basupi ba ga Jehofa kwa se e kileng ya bo e le Soviet Union, e tlhalosa lebaka la go bo Basupi ba utlwana. E ne ya tlhalosa jaana: “Ba itse dithuto tsa bone [tse di thailweng mo Bibeleng], ba tlhoafetse mo tirong ya bone ya go dira barutwa e bile ba tshela matshelo a bone go dumalana le tumelo ya bone.” A bo go ne go tshwanela jang ne, go bo dikopano tsa ngwaga e e fetileng tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di na le setlhogo se se reng “Thuto ya Bomodimo”!
Jesu Keresete, ene yo e neng e le mmueledi yo mogolo wa thuto ya bomodimo, o ne a bolela ntlha ya botlhokwa e e dirang gore batho ba utlwane fa a ne a rapelela balatedi ba gagwe jaana: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” Ee, boitlhaodi jwa Basupi ba ga Jehofa bo dira gore ba utlwane, fela jaaka Jesu a ile a kopa fa a ne a rapela jaana: “Gore ba nnè bañwe hèla botlhe; hèla yaka wèna Rara u le mo go nna, le nna mo go wèna, gore le bōnè ba nnè mo go rona.”—Yohane 17:16-21.
Motlakopanong mongwe go tswa kwa Spain o bontsha kafa go sa nne karolo ya lefatshe go dirang gore batho ba Modimo ba utlwane ka teng. Fa a ne a le mo tseleng a ya kwa kopanong ya kwa Moscow, o ne a ntse go bapa le rre mongwe go tswa Afghanistan yo o neng a mo tlhalosetsa gore le batho ba bodumedi jo bo tshwanang ba ne ba bolaana mo ntweng ya selegae ya naga eo. Go tswa foo rre yoo o ne a botsa jaana: “Bodumedi jwa gago bo ema nokeng phathi efe ya sepolotiki?” Karabo e ne ya nna, “Ga go na epe.” E re ka Basupi ba ga Jehofa ba sa ikaba ka matlhakore a sepolotiki, ga ba nne le seabe mo dintweng tsa semorafe, tse di dirang gore batho ba merafe e e farologaneng ba lwe.
Batlakopanong ba ba tswang kwa se e kileng ya bo e le repaboliki ya Soviet ya Kazakhstan ba ne ba iponetse ka matlho kafa ntwa e ka tshosang ka teng. Terena ya bone e ne ya ralala ditlhopha tse pedi tse di lwang. A bo ba ne ba itumetse jang fa ba ne ba goroga ka pabalesego kwa Kiev le go ipelela lorato le kutlwano ya merafe le ditšhaba tse di farologaneng tse di neng di kopane mo setadiamong seo!
Palo e e rileng ya batlakopanong ba Jeremane le ba Russia ba ne ba leboga thatathata se thuto ya bomodimo e se ba diretseng. Ba ne ba batla go bolaana mo Ntweng ya Lefatshe II fa kokomana ya bone e ne e santse e le makawana ka nako eo. Mme mo kopanong ya Kiev, ba ne ba le seoposengwe mo kobamelong ya boammaaruri, jaaka ba bonwa mo tsebeng ya 23.
Baboni Ba Ne Ba Gakgametse
Pele ga foo, toropo ya Moscow, ya batho ba ka nna dimilione tse robongwe, e ne e sa bona sebaka sa go itse Basupi ba ga Jehofa go le kalo. Ee gone, bontsi bo ne bo utlwile ka go bogisiwa ga bone le go tlhatlhelwa ga bone ka nako ya Bokomanisi. Gape, fa selemo sa ngwaga o o fetileng se tsena go ne go setse go tlhomilwe diphuthego di le 18 kwa Moscow le di le 13 kwa Kiev, go tlamela palo e e golang ya batho ba ba tlang dipokanong tsa Basupi. Mme jaanong baagi ba ne ba bona dikete tse di masomesome tsa batlakopanong ba ba kopetseng dibetšhe kwa mafelong a go neng go tshwaretswe kopano kwa go one le mo ditoropong tsa bone! Bontsi jwa batho ba ba ileng ba bona seo ba ne ba gakgamala.
Mookamedimogolo wa batimamolelo kwa Moscow o ne a re: “Kopano eno e kgatlha tota. Go a itumedisa go bo batho ba ditšhaba tse dintsi tse di farologaneng ba kgona go bua puo e le nngwe fela. Ke gakgamadiwa thata ke bophepa le go nna le thulaganyo ga batho ba lona. Ke sale ke direla mo setadiamong seno ka dingwaga di le 20 mme ga ke ise ke bone se se tshwanang le seno.”
Mosupatsela mongwe o ne a re: “Gantsi fa ke tsamaisa setlhopha, go sa utlwane ga sone go itshupa fela fa se tswa mo lebaleng la difofane. Ga go a ka ga nna jalo ka Basupi ba ga Jehofa.” Moeng mongwe kwa kopanong ya Kiev o ne a bua jaana a gakgametse: “Ruri le a utlwana. A bo go farologana jang ne le seemo ka kwantle ga dipota tsa setadiamo seno!”
Fa kopano ya Moscow e ne e simologa ka Labone, July 22, badiri bangwe ba le mmalwa ba ba neng ba eme mo godimo ga lefelo lengwe la kago le legolo ba ne ba bonwa ba emisa go bereka ka lobakanyana. Go ne go bonala gore ba ne ba kgatlhilwe ke molodi wa mantswe a batho ba ba fetang 23 000 ba ba neng ba opela. Ba ne ba tla gakgamala le go feta fa ba ne ba ka itse gore pina eo e ne e opelwa ka dipuo tse di neng di ka feta lesomepedi. Tota le Basupi ba ga Jehofa ba bosusu ba ba neng ba sa kgone go opela ka mantswe ba ne ba “opela” ka diatla tsa bone ba dirisa puo ya diatla.
Lefelo le le neng le ratega la go kopana mo maitseboeng e ne e le Red Square e tona ya Moscow, e e bapileng le Kremlin. Maitseboa a pele ga kopano e simologa (go ne ga se ka ga nna lefifi go fitlhelela ka ura ya lesome), makgolo a le mantsi a Basupi ba ga Jehofa go tswa mo ditsong le ditšhaba tse di farologaneng ba ne ba le koo ba tlamparelana. Mmegadikgang mongwe wa Moscow Times o ne a iphetela foo mme a ema a batla go bona gore ga twe go direga eng. O ne a botsa jaana: “Lo baemedi ba bafe?” Fa a bolelelwa, o ne a re: “Ga ke ise ke ko ke bone batho ba bantsi ba ba farologaneng jaana ba kopane ka boitumelo mo Red Square. Gantsi setlhopha se se kana sa batho se kopanela fano go gwanta kana go ngongoregela sengwe.”
Kwantle ga pelaelo baagi ba Moscow le Kiev ba ne ba kgatlhilwe thata ke diketekete tsa batlakopanong ba ba neng ba kopetse dibetšhe ba ba neng ba dumedisana ka boitumelo, ba tlamparelana, le go leka go buisana. Rakgwebo mongwe yo o tswang kwa Iran yo o neng a etetse Kiev o ne a raya Mosupi mongwe yo o tswang kwa United States a re: “Lo na le sengwe se se molemo tota. Ke ntse ke lo etse tlhoko mo malatsing a sekae a a sa tswang go feta. Ke batla dingwe tsa dibuka tsa lona tsa Seesemane go di bala.” O ne a tlhalosa gore, fa e ne e se gore o tshwanetse go boela kwa Iran letsatsi le le latelang o ne a tla nna teng mo kopanong.
Go ralala Moscow le Kiev—bogolo jang mo mebileng, mo dipatlelong, mo dikoloing tsa kafa tlase ga lefatshe—batlakopanong ba ne ba neela batho dipampitshana le diboroutšhara tsa Bibela. Maitseboa mangwe le mangwe Basupi ba ne ba bonwa ba eme gaufi le Phupu ya ga Lenin mo Red Square ba tlotla ba le kwa ga mothakga ba tsamaisa dipampitshana. Gantsi batho ba ne ba di amogela, mme gantsi ka monyenyo o o supang botsalano. Mme fa motho a e neetswe a le mo koloing ya kafa tlase ga lefatshe, gantsi o ne a simolola go e bala fela gone foo. Go ne go tlwaelesegile go bona batho ba le batlhano kana ba le barataro mo koloing ba bala dipampitshana tsa Bibela.
Gantsi bapalami ba ne ba leboga fa ba sena go bala molaetsa. Monna mongwe o ne a tlhalosa jaana ka Seesemane se se robegileng: “Ga re ise re ko re nne le sebaka sa go ithuta ka dilo tseno. Ke leboga go menagane.” Mo tiragalong e nngwe, lekawana lengwe le mmaagwe ba ne ba kgatlhilwe thata ke molaetsa oo mo ba ileng ba fologa kwa batlakopanong ba neng ba fologa teng gore ba tsweledise motlotlo.
Kiev e ne e na le batlakopanong ba Basupi ba ba fetang 50 000 ba ba neng ba tswa mo dinageng tse di fetang 30, bao botlhe ba neng ba tlhoka marobalo. Bontsi bo ne jwa bona boroko mo dioteleng, malapa a beng, le mo dikolong, mme ba ka tshwara 1 800 ba ne ba nna mo mekorong e le merataro. Mophepafatsi mo go mengwe ya mekoro o ne a kwalela Basupi molaetsa. O ne a re: “O kare lo tswa kwa polaneteng e nngwe. Lo bantle e bile lo utlwana fela thata mo lo lereng masego. Gongwe lo bana ba Modimo. Ke nna ke akantse ka seno ka metlha.”
A bo go ne go tshwanetse jang ne go bo Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgona go tshwara dikopano tse dikgolo le gore badiredi le batho ka kakaretso ba bo ba kgonne go bona dinonofo tse di molemo tseno tsa Bokeresete le boitshwaro jo bo galaletsang Modimo! Badiredi ba mafelo ao ba ba neng ba bereka le Basupi ba ne ba galaletsa Basupi ka ntlha ya maatlametlo, maitseo, le tirisanommogo e e molemo magareng a bone le batlhokomedi ba setadiamo le maphata a mangwe a toropo.
Modiredi mongwe kwa Kiev o ne a re, “Setadiamo seno ga se ise se ko se phepafadiwe thata jaana mo dingwageng tse 13.” Lepodisi lengwe la koo le ne la bua jaana: “Batho ke lona! E kete motho o mo lefatsheng le lesha. Ga ke kgone go tlhaloganya gore ga twe le ne le bogisediwa eng.”
Dilo Tse Di Neng Di Kgatlha Thata tsa kwa Kopanong
Gongwe mo Basuping ba Moscow le Kiev, selo se segolo e ne e le go nna teng ga diketekete tsa batlakopanong go tswa kwa dinageng di sele, go akareletsa le Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Go itumelela go nna mmogo, le go obamela mmogo ka kagiso le batho ba ditšhaba tse di farologaneng go ne go le ka tsela e e ka se kang ya tlhalosiwa. Fa sebui se se neng se neetse puo ya bofelo kwa Moscow le Kiev se ne se re re tshwanetse go leboga Jehofa Modimo thata, yo o dirileng gore dikopano tseno di atlege, bareetsi ba ne ba ema ka dinao ba bo ba opa diatla ka metsotso e le mmalwa go fitlhelela sebui se tswelela ka puo.
Dilo dingwe tse di kgatlhang thata tsa dikopano e ne e le dipuo tse di neng di neelwa letsatsi le letsatsi ka Seesemane ke maloko a Setlhopha Se Se Laolang le dipego tse dikhutshwane tse di neng di neelwa ke batlakopanong go tswa kwa dinageng tse di farologaneng. Dipuo tseno tsa Seesemane di ne di ranolelwa mo dipuong tse dintsi ka nako e le nngwe fela. Ka sekai, di ne di ranolelwa mo go di le 16 kwa Kiev! Ka jalo fa ba ne ba ntse mo lefelong le le neng le abetswe puo e e rileng, batlakopanong ba ne ba ka kgona go utlwa karolo ya thulaganyo ka dipuo tsa bone.
Selo sengwe gape se segolo mo kopanong e ne e le go gololwa ga boroutšhara jo bosha jwa Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe? ka Serashia le Se-Ukraine. Ba ile ba itumelela segolo thata go gololwa ga Buka ya Kaelo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo ka Serashia, e e dirisiwang go thusa Basupi ba ga Jehofa go itsise boammaaruri jwa Bibela ka matsetseleko. Gape go ile ga gololwa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, ka Serashia, e e leng tlhatlhamano e e opang kgomo lonaka e e khutshwafaditsweng ya ditiragalo tsa Bibela e e kwaletsweng bana segolobogolo. Go setse go gatisitswe dikopi tsa buka eno di le dimilione tse di fetang 36 ka dipuo di feta 80.
Kolobetso e kgolo ya barutwa ba basha eleruri e ne e le sengwe se se kgatlhang tota kwa kopanong. Go ne go bonala sentle gore bontsi jwa ba ba neng ba kolobediwa e ne e le basha. Mo puisanong le babegadikgang kwa Kiev, mmegadikgang wa pampiri ya dikgang ya Osvita o ne a botsa jaana: “Basha ba bonala ba le bantsi thata kwa kopanong ya lona. Ba pelonolo, ba lebega sentle, e bile ba maitseo. Lo kgona jang? A lo na le thulaganyo ya basha e e kgethegileng? Ke bereka le basha, mme tota ke batla go itse.”
Le mororo motho a ineela mo Modimong fa a sena go nna le kitso, e seng ka go gogomoga maikutlo, kolobetso ka boyone e santse e le tiragalo e e amang maikutlo, e e amang pelo. Kwa Moscow boidiidi bo ne jwa opa diatla go simolola ka nako ya fa ba ba neng ba tlile go kolobediwa ba le 1 489 ba simolola go ya kwa matangwaneng a kolobetso go fitlhelela botlhe ba kolobediwa, nako e e fetang ura moragonyana.
Kwa Kiev, kwa go neng go na le ba le 64 000, go ne ga tlhongwa matangwana a le marataro a kolobetso kwa ntlheng e nngwe ya setadiamo. E re ka go ne go na le bakolobetsi ba le barataro kana go feta mo letangwaneng lengwe le lengwe, go ne ga kolobediwa palo e e lekanang le phuthego e e lekanetseng mo metsotsong mengwe le mengwe e mebedi. Go ntse go ntse jalo, kolobetso e ne ya tsaya nako e e fetang diura di le pedi! Kwa Kopanong ya Meraferafe ya “Thuto ya Bomodimo” ka 1958 kwa New York, go ne ga kolobediwa ba le 7 136. Mme kwa Kiev, Basupi ba ga Jehofa ba basha ba le 7 402 ba ba neng ba sa tswa go tlhongwa ba ne ba tswa kwa Ukraine le direpaboliki tse dingwe tsa se e kileng ya bo e le Soviet Union ba ne ba dira gore eno e nne kolobetso ya Bakeresete e kgolo go di gaisa tsotlhe e e itsiweng. Batho bano e ne e le batho ba ba buang Serashia ba ba tswang mo dinageng tse e leng gore bosheng fela jaana Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibetswe, mme seo se ne se tsere masomesome a dingwaga!
Selo sengwe se se neng se kgatlha kwa Belgrade e ne e le go nna teng ga batlakopanong ba ba neng ba tswa kwa dikgaolong tse di neng di kgautlhantswe ke ntwa, di dikaganyeditswe ke masole. Modiri mongwe kwa kopanong o ne a bega jaana: “Gangwe le gape batlakopanong bano ba ne ba lebogela tshiamelo e ba e neilweng ya go tla kopanong. Lefa go ntse jalo, re ikutlwa e le rona re kgothaditsweng segolo ke go kopana le bone le go bona kafa ba ratang le go tlhoafalela boammaaruri jwa Bibela ka teng.”
Mo dikopanong di le dintsi tsa “Thuto ya Bomodimo,” go ne ga balwa lekwalo le le amang pelo le le tswang kwa Sarajevo le le neng le kwadilwe ka mariga a a fetileng. Mokwadi o ne a re: “Themperetšha e ne e ka nna dekerii di le 5 mo sekaleng sa Fahrenheit [-15 mo sekaleng sa Celsius]. Ke na le mosadi wa me le bomorwaake ba le babedi mme ga re na motlakase le dikgong tse di lekaneng tse di orwang . . . Re utlwa medumo ya go thunya ga ditlhobolo le dibomo. Mme rona re wetse dibete ka ntlha ya boammaaruri le ka ntlha ya go bo re atamalane le Jehofa. . . . Re lo kopa gore lo tswelele lo rapela Jehofa gore a re thuse go itshokela matlhotlhapelo ano otlhe, re nitame mo tumelong. Re a lo rapelela!”
A go Dira Pharologanyo Nngwe?
Fa Basupi ba tshwantshanngwa le go kgaogana mo go leng teng mo ditumelong tsa lefatshe, ruri ba farologane gotlhelele. A mme tota, ba ka dira pharologanyo nngwe? Setlhogo sengwe sa dikgang se kile sa bolela jaana ka kopano nngwe ya Basupi mo dingwageng tse di fetileng: “Fa re bua boammaaruri fela, fa lefatshe lotlhe le ne le tshela go dumelana le tumelo [ya Bibela] ya Basupi ba ga Jehofa go ka bo go se na tshololo ya madi le kilo, mme lorato le ne le tla rena.”
Ka maswabi, bontsi jwa batho ga bo ise bo ke bo latele thuto ya bomodimo. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba bile ba gana go reetsa Morwa Modimo, e bong Jesu Keresete. Jaanong a ke go iphora go solofela gore nako nngwe go tla bo go na le kutlwano mo lefatsheng? Selo seo se ka nna teng jang?
[Lebokoso mo go tsebe 22]
DIKOPANO TSA YUROPA BOTLHABA LE ASIA
Naga Tlhora ya Ba ba
Batla- Kolobe-
kopanong ditsweng
Albania (kopano e le 1) 598 39
Bulgaria (kopano e le 1) 704 45
Czech Republic (dikopano di le 2) 20 025 620
Kwa e kileng ya bo e le Soviet Union
Estonia (dikopano di le 2) 4 732 383
Russia (dikopano di le 3) 32 582 2 454
Ukraine (dikopano di le 2) 69 333 7 797
Kyrgyzstan (kopano e le 1) 5 678 604
Kwa e kileng ya bo e le Yugoslavia
Croatia (kopano e le 1) 5 003 157
Macedonia (kopano e le 1) 642 27
Serbia (kopano e le 1) 3 241 174
Slovenia (kopano e le 1) 1 961 69
Hungary (dikopano di le 5) 22 191 798
Poland (dikopano di le 13) 152 371 4 352
Romania (dikopano di le 9) 36 615 2 375
Slovakia (dikopano di le 2) 13 215 473
PALO YOTLHE: 368 891 20 367
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Ba ba fetang 64 000 ba ne ba kopane mo Republican Stadium, kwa Kiev
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Ba e neng e le baba ka Ntwa ya Lefatshe II go tswa kwa Jeremane le Ukraine ba kopantswe ke boammaaruri jwa Bibela
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Baobamedi ba ba utlwanang ba feta 23 000 mo Locomotive Stadium, kwa Moscow
Go ne ga kolobediwa ba le 7 402 kwa Kiev le ba le 1 489 kwa Moscow
Batlakopanong ba dinaga di sele ba ne ba tlela ba ba tlhokang ditone tsa dijo
Kwa godimo le fa gare: Merafe e mentsi e e farologaneng e ne e kopane ka kagiso Fa tlase: Go neelwa bosupi mo Red Square
[Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Batlakopanong ba ne ba itumelela go amogela buka ya “Dipolelo tsa Bibela,” ya “Kaelo ya Sekolo,” le boroutšhara jo bosha ka puo ya bone