Ba Ne Ba Ipela Kwa Yuropa Botlhaba
MO SELEMONG se se sa tswang go feta diketekete tse di masome tsa batho ba ne ba thologela kwa ditoropong tse dikgolo tsa Yuropa Botlhaba. Mebila ya ditoropo tse dintle tsa Budapest, Prague, Zagreb, le tse dingwe tse di fetang 20 di ne di gobeya batho ba ba kopetseng dibetšhe tse di bosweu le botala jwa loapi. Dibetšhe tseno di ne di ba tlhaola jaaka batho ba ba ratang kgololesego ya bomodimo ba ba tlileng dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa.
E ne e le la ntlha go diragala gore dikopano di tshwarwe ka kgololesego kwa dikgaolong tsa Soviet Union tse di kwa Yuropa, gape le kwa kgakalakgakala kwa Siberia le kwa kgaolong ya Asia e e mo Soviet ya Kazakhstan. Palo ya botlhe ba ba ileng ba ipelela bokopano jo bo molemo kwa Czechoslovakia, Hungary, Yugoslavia, Poland, Romania, le kwa Soviet Union e ne e feta 370 000.
Mo go ba ba neng ba seo, go ka nna ga nna thata go akanya ka boipelo jo bo neng bo le teng fa ba le 74 252 ba ne ba kopane kwa Soviet Union go obamela Jehofa Modimo ka tshosologo ba sa boife. Lefa go le jalo, go ipela ga bone go gogolo go ne go sa kake ga gaisa ga ba ba 74 587 kwa Prague le ba ba 40 601 kwa Budapest ba ba neng ba kopanetse mo mabaleng a magolo go a gaisa otlhe kwa Czechoslovakia le Hungary, kgotsa ba ba 14 684 ba ba neng ba kopanetse kwa Zagreb, Yugoslavia.
Seno se tlhomologile fela thata ka go bo mo dingwaganyaneng di sekae pelenyana, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe mo mafatsheng a le mantsi a Yuropa Botlhaba. Ba ne ba kgaogantswe le Bophirima ka nako ya Go Dipisana ga Botlhaba le Bophirima. Ba ne ba ilediwa le eleng go kopana ka ditlhopha tse dinnye go obamela Modimo. Ga go gakgamatse he go bo go ile ga nna le boipelo jo bo kana ka ntata ya go bo go ne go kgonega gore ba kopane ka kgololesego mo dikopanong tse dikgolo!
Mosupi wa Mo-Czech yo o nang le dingwaga tse 59, yo o ileng a tsaya dikgwedi di robabobedi a tlhatlhetswe a le esi mo dingwageng tse di ka nnang 40 tse di fetileng ka ntata ya tumelo ya gagwe mo Modimong, o ne a re: “Bontsi jwa rona ba re nnang mo Prague re sale re ntse re eleditse gore go ka nna le kopano e kgolo e e neng e ka rulaganyediwa mo lebaleng leno, mme lefa go le jalo re ne re ise re ko re akanye gore keletso eno ya rona e ne e ka diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang jaana.”
Dibeke tse pedi pele ga kopano ya Prague, ya August 9 go ya go 11, pampiri ya dikgang ya toropo eo ebong Vec̆erník Praha, e ne ya re: “Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhatlhelwa mo dikgolegelong tsa Bokomonisi dingwaga di le dintsi, ba latofadiwa ka go nna botlhabetsi mo pusong le go kgoreletsa bojammogo.” Morago ga gore e tlhalose gore toropo eo e ne e tla tloga e amogela baeng ba ba dikete tse di masomesome tsa Basupi, pego eo e ne ya konela ka go re: “Gongwe ga o kitla o tlhola o kopana le batho ba bontsi jo bo kalo ba ba pelonomi ebile ba nyenya mo Prague nako epe e sele fa e se ka mafelobeke a bobedi a August.”
Lefa go le jalo, o ka nna wa botsa jaana: ‘A Basupi ba ga Jehofa ba kile ba bogisetswa mabaka a a utlwalang? A ba ne ba kile ba nna le matshosetsi mo babusing ba sepolotiki mo mafatsheng a ba neng ba nna mo go one? Diketekete tse di makgolokgolo tsa batlakopanong kwa Yuropa Botlhaba ba ne ba tswa kae? Ereka ba ne ba gateletswe ba bile ba kgaogantswe dingwaga tseno tse 40 kgotsa go feta ba sa kgone go ka golagana ka kgololesego le mafatshe a Bophirima, ba ile ba kgona jang go gola le go nna dipalo tse di kalo?’