A Tsela eo Maemo a Dilo a Leng ka Yone e Molemo Jaaka fa e Bonala?
“Lebota la [Berlin] le ka nna la nna bokoa fa dikgolagano tsa dinaga tsa Botlhaba le Bophirima di ntse di oketsega. Mme go tlile go tsaya dingwaga, tota le eleng le ditshikatshika, pele le wa. Dinaga tse pedi tsa Jeremane ga di kitla di bo di kopana go dira naga e le nngwe gape.” Go ne ga kwala jalo makasine mongwe wa dikgang o o itsegeng thata wa Amerika ka March 1989.
Go ise go fete malatsi a le 250—eseng dingwaga, re sa bue sepe ka ditshikatshika—moragonyana, lebota leo le ne la simolola go thubega. Mo nakong ya dibeke fela, dikarolwana di le diketekete tsa lone, tseo jaanong di fetogileng go nna digopotso, di ne di dirisiwa jaaka dikgabisi mo lefatsheng lotlhe.
SESIRO se se rusitseng mo go maswe sa Tshipi se ne sa felela se kgaogane, se dira gore go solofelwe gore kgabagare kagiso ya lefatshe lotlhe le polokesego e ne e le gaufi. Tota le eleng le Ntwa ya Kgogometso kwa Botlhabagare ga e a ka ya dira gore tsholofelo ya gore ntwa e e ntseng e le gone sebaka se seleele jaana fa gare ga dinaga tsa Botlhaba le tsa Bophirima e fedile le tsholofelo ya gore tsamaiso ya lefatshe le lesha e atametse e nne e e letobo.
Go Leba Dilo ka Tsela E E Farologaneng Gape
Fa e sa le ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, go ntse go direga dilo tse di gogelang kwa goreng go nne le Yuropa e e kopaneng. Ka 1951, merafe ya Yuropa Bophirima e ne ya simolola European Coal and Steel Community. Mme ka 1957 e ne ya latelwa ke European Common Market. Ka 1987 dinaga di le 12 tsa mokgatlho ono wa meraferafe (tse jaanong di nang le palo ya batho ba le dimilione di le 342) di tlhomile mokgele wa go nna seoposengwe ka mo go feletseng mo go tsa itsholelo ka 1992. Ebile go lebega go kgonega tota gore go tla fitlhelelwa le kutlwano e e feletseng ya sepolotiki. Abo eno e le phetogo e e lapolosang jang ne go tswa mo hisitoring ya tshololo ya madi ya Yuropa ya dingwaga tse di fetileng!
Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya diphetogo tse dikgolo tse di diregang bosheng jaana, 1992 e simolola go nna le bokao jo bogolwane. Go dumelwa gore dinaga tse pele e neng e le tsa Bokomonisi tsa Yuropa Botlhaba le tsone di ka nna tsa felela di akarediwa mo Yuropa e e kopaneng.
A Modimo O Di Ema Nokeng?
Ditlhopha dingwe tsa bodumedi, ereka di itlhokomolosa molaomotheo wa boitlhaodi jwa Bokeresete, di ne tsa letla kgatelelo e e tsereng masomesome a dingwaga ya bodumedi mo Yuropa Botlhaba gore e ba pateletse go nna le seabe ka tlhagafalo mo dipolotiking. Fa e ne e akgela ka seno, Frankfurter Allgemeine Zeitung ya letsatsi le letsatsi ya Jeremane e bolela gore “seabe seo Bakeresete ba nnileng le sone mo go lereng diphetogo kwa Botlhaba ga se kake sa lekanngwa le sepe,” e oketsa ka gore “seabe sa bone eleruri ga se kake sa tlodisiwa matlho.” E tlhalosa jaana: “Ka sekai, kwa Poland bodumedi bo ne jwa ikgolaganya le merafe, mme kereke e ne ya nna setsuolodi se se tlhogoethata kgatlhanong le mokgatlho o o busang; kwa GDR [eleng Jeremane Botlhaba ya pele] kereke e ne ya neela ditsuolodi sebaka seo di tla nnang di bolela maikutlo a tsone kgatlhanong le puso mo go sone mme ya di letla gore di dirise dikago tsa kereke di di dirisetsa mabaka a mekgatlho ya bone; kwa Czechoslovakia, Bakeresete le batho ba ba neng ba batla puso ya batho ka batho ba ne ba kopanela kwa kgolegelong, ba itumelelana gone, mme kgabagare ba kopana.” Tota le eleng le kwa Romania, kwa “dikereke di neng tsa itshupa gone gore di ineetse ka boikanyego mo pusong ya Ceauşescu,” selo se se neng sa dira gore puso eo e tsewe ka dikgoka koo e ne e le fa Laszlo Tökes yo e neng e le moruti a ne a tshosediwa gore o tla tshwarwa.
Vatican le yone e ne e na le seabe. Makasine wa Time o ne wa akgela jaana ka December 1989: “Lemororo molao wa ga Gorbachev wa go itirela maratwaepelo e ne e le one o dirileng gore go tsewe kgato jaana jaaka fa go ne go tsewa dikgato kwa Yuropa Botlhaba tsa go batla kgololesego mo dikgweding di sekae tse di fetileng, John Paul o tshwanelwa ke go lebogwa fela thata. . . . Go ralala dingwaga tsa bo 1980 dipolelo tsa gagwe ka metlha di ne di otlelela kgopolo ya gore Yuropa e kopanngwe sesha go tloga kwa Atlantic go ya kwa Urals mme e tlhotlhelediwa ke tumelo ya Bokeresete.” Ka sekai, fa a ne a etela Czechoslovakia ka April 1990, mopapa o ne a bolela fa a solofela gore loeto lwa gagwe lo ne lo tla bula dikgoro tse disha mo gare ga dinaga tsa Botlhaba le tsa Bophirima. O ne a itsise ka kokoano e e rulagantsweng ya bobishopo ba Yuropa ya gore ba dire thulaganyo ya gore go nne le “Yuropa e e kopaneng ka ntlha ya fa e simologile e le ya Bokeresete,” jaaka a ne a e bonetse pele.
A Jeremane e e kopaneng e e mo Yuropa e e kopaneng ga e kake ya itshupa e le selo se se bontshang fa Yuropa yotlhe e tla kopana, mmogo le go kopana ga lefatshe lotlhe? A lebaka la go bo bodumedi bo na le seabe le jone ga le bontshe gore seno ke seo Bibela e se solofetsang? Eleruri, e re ka baruti mo dinageng tsa Botlhaba le tsa Bophirima ba dira ka natla jaanong mo dilong tsa sepolotiki gore ba bone kagiso le polokesego, a re ka se ka ra lebelela gore go ise go ye kae seno se tla nna gone ka mmatota? A re boneng.
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 4]
Kereke ya Porotesetanta ya Nikolai kwa Leipzig—sesupo sa phetogo e kgolo ya sepolotiki kwa Jeremane
Merafe eo e leng maloko a European Common Market