LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 1/8 ts. 6-8
  • Yuropa Botlhaba—A Bodumedi Bo A Tsosolosiwa Teng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Yuropa Botlhaba—A Bodumedi Bo A Tsosolosiwa Teng?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Di Fetogile Tota!
  • Diphetogo kwa Albania
  • Basupi ba ga Jehofa ba kwa Yuropa Botlhaba
    Tsogang!—1991
  • Bodumedi Bo Nna le Seabe
    Tsogang!—1994
  • A Kutlwano ya Bokeresete E Ka Kgonega?
    Tsogang!—1991
  • ‘Mme Lebota la Pirigana Fa Fatshe’
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 1/8 ts. 6-8

Yuropa Botlhaba—A Bodumedi Bo A Tsosolosiwa Teng?

GO ITSA batho kgololesego ya go ntsha maikutlo a bone mo go neng go diragala kwa dinageng tsa Yuropa Botlhaba ga mo masomeng a le mmalwa a a fetileng a dingwaga go ile ga kopanyeletsa dithibelo tse di gagametseng mo bodumeding. Thuto ya gore ga go na Modimo e ne e rerwa thata, mme ditempele le dikereke dingwe di ne tsa fetolwa go nna dimusiamo tse go rutelwang thuto ya gore ga go na Modimo mo go tsone, jaaka eo etelwang ke bajanala ba le bantsi ya kwa Leningrad. Baruti botlhe bao ba neng ba rutetswe tiro ya boruti ba ne ba fetoga didirisiwa tsa puso e e busang. Ereka mafelo otlhe a kobamelo, a a ntseng jaaka matlo a baitlami, dikereke, le ditempele tsa Bamoseleme, a ne a tswalwa semmuso ka 1967, Albania e ne ya bo ya bolelwa mo Radio Tirana fa e le lone “lefatshe la ntlha mo lefatsheng la thuto ya gore ga go na Modimo.”

Jaanong, ereka kgololesego e kukunya gongwe le gongwe kwa Yuropa Botlhaba jaaka dithunya tsa letlhafula, go diragala eng ka bodumedi? Jaaka fa mokwadi wa Fora ebong Jean-François Kahn a ne a kwala jaana: “Bodumedi jo bo tshwenngwang ke dithibelo bo ka tshwaraganela kgetsi ya tsie le morafe o o tshwenngwang ke go gatelelwa. Go diragetse jalo maloba kwa Iran. Gompieno go a diragala kwa Soviet Azerbaijan. Kamoso o mongwe go ka nna ga anama le Russia yotlhe jaaka molelo wa naga.” Le eleng gone jaanong jaana ditumelo dingwe di inaakanya le megopolo le dikeletso tsa semorafe mme di nna dingwe tsa didirisiwa tsa konokono tsa go ganetsa mo dipolotiking, di galaletsa seno ka go nna gone ga baruti ba tsone ba Makatoliki le Ma-Orthodox le baruti ba Malutere.

Jalo he kgololesego ya bodumedi e tsweletse jang tlase ga maemo a masha a puso ya temokeratiki?

Dilo Di Fetogile Tota!

Ditumelo tse dikgolo tsa Yuropa Botlhaba, bogolo jang Kereke ya Katoliki, di ile tsa tsaya dikgato ka bofefo tsa go dira gore di amogelwe semolao ke mebuso ya teng e mesha. Ka sekai, L’Osservatore Romano e ne ya bega gore “ka di 9 tsa ga February [1990], go ne ga saeniwa Tumalano magareng ga Lekoko Le Le Laolang la Bobishopo le Repaboliki ya Hungary.” Ka tumelano eno makoko ano a mabedi a ne a dumelana gore a tla tlhoma ditirisanommogo tsa semmuso gape. (Vatican e lejwa e le naga e sele e e ipusang.)

Pego e nngwe e e tswang kwa Vatican e bontsha gore Kereke ya Katoliki ya kwa Ukrainian Rite, eo e neng ya thibelwa ka 1946, e ile ya kopa go kwadisiwa kafa molaong mme e simolotse go nna le dipuisano “le Puso le Kereke ya Russia ya Orthodox kaga dikgang tse di malebana le botshelo jwa Sekereke mo Ukraine.”

Ka April 1990 mopapa o ne a etela kwa Czechoslovakia mme o ne a kgatlhantshiwa kwa boemeladifofaneng jwa Prague “ke ditona tsa Kereke le tsa Puso, go kopanyeletsa le . . . Rre Vaclav Havel, Tautona ya Repaboliki eo.” (L’Osservatore Romano) Seemo se sesha sa bodumedi le gone koo se a gola.

Kereke ya Katoliki ga e bolo go nna sengwe se se nonofileng seo se neng se se kake sa itlhokomolosiwa kwa Poland. Jaanong, ereka e na le kgololesego eno e e sa tswang go e bona bosheng, e iteka ka natla mme e lwela go busetsa dithuto tsa thutabodumedi mo dikolong. Moruti mongwe o ne a re: “Dikolo ke thoto ya morafe. Go feta 90 lekgolong ya morafe wa Poland ke Makatoliki. . . . Re ntse re neela ditumelo tse dingwe tlotlo e e tshwanetseng, thutabodumedi e tla busetsa barutabana thata ya bone, mmogo le . . . babusi ka gonne e ruta mekgwa ya konokono eo motho a tshwanetseng a itshwara ka yone.”

Pego nngwe e e kaga Kereke ya Orthodox kwa Romania e bega jaana: “Morutimogolo le bobishopo ba le bantsi bao ba neng ba dirisana le puso [ya ga Ceauşescu] ba ne ba patelediwa gore ba tlogele tiro. Go ne ga tlhongwa Lekgotla gore le nonotshe Kereke gape. Batho ba le bantsi bao pele e neng e se badumedi jaanong ba retologela kwa bodumeding mme ba tlala ka dikereke tsa mo ba nnang gone . . . Kereke ya Katoliki ya Byzantium ya kwa Romania, eo e neng ya patelediwa gore e phatlalale mo dingwageng tse 40 tse di fetileng, jaanong e letleletswe gore e tsoge gape.”​—⁠Orthodox Unity, July 1990.

Diphetogo kwa Albania

Go ya ka dipego tsa bobegadikgang, ka iketlo go diragala diphetogo tse di gakgamatsang kwa Albania, leo e leng lefatshe le lenyenyane le le dithabathaba ebile le na le baagi ba ka nna dimilione tse tharo le kwatara, le fitlhegile mo Adriatic Coast fa gare ga Yugoslavia le Greece. Pampiri ya dikgang ya Jeremane e go tweng Die Welt e ne ya bega jaana: “Kwa Albania, e leng gone fela koo bokomonise jwa segologolo bo santseng bo itsetsepetse gone mo Yuropa, batho ba simolotse go dira ditlhopho ka maoto a bone” ka go tshabela kwa dikagong tsa boemedi jwa mafatshe a Bophirima, koo ba neng ba letlelelwa gone gore ba ye kwa Italy, Jeremane, le kwa dinageng tse dingwe.

Pego eno e tswelela ka go re: “Ka May 1990 baagi ba Albania ba ne ba solofediwa gore ba tla fiwa dipaseporoto le gore melao e e kganelang ditiro tsa bodumedi e tla fedisiwa.” (Seno se tsopotswe go The German Tribune, ya July 15, 1990) Jaaka fa moperofesara wa hisitori ebong Denis R. Janz a ne a kwala jaana: “Go kgaratlha ka mašetla ka lobaka lo loleele go kgaratlhelwa gore dilo tsotlhe e nne tsa selefatshe fela go lebega go beetswe kwa thoko.” Lefa go ntse jalo, o oketsa jaana: “Go na le bosupi . . . jwa gore bodumedi bo garaswantswe tota mo setšhabeng seno.”

Mo kgannyeng eno Basupi ba ga Jehofa ba tshegeditse boitlhaodi jwa bone jwa ka gale jo bo gagametseng. Ka ntlha ya melometheo ya Bibela, ga ba tsenelele mo ditlhopheng tsa sepolotiki le tsa bomorafe. Ba tshepile mo Modimong gore o ba neele maemo a a nang le kagiso ao mo go one ba ka diragatsang thomo ya bone ya lefatshe lotlhe ya go rera kaga Bogosi jwa Modimo.​—⁠Mathaio 22:​21; 1 Timotheo 2:​1, 2; 1 Petere 2:​13-⁠15.

Ka jalo, go tweng ka Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa Botlhaba? A ba ile ba atlega ba ntse ba thibetswe? A bone ba na le kgololesego ya bodumedi?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A batho ba tla boela kwa dikerekeng tsa Yuropa Botlhaba?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela