Bodumedi Bo Nna le Seabe
KA September 1, 1939, Jeremane e ne ya simolola Ntwa ya Lefatshe II fa e ne e tlhasela Poland. Dibeke di le tharo morago ga moo, The New York Times e ne ya tlhaga e na le setlhogo se se reng: “Masole a Jeremane a Rotloeditswe Ke Dikereke.” A ruri dikereke tsa Jeremane di ne tsa nna le seabe mo dintweng tsa ga Hitler?
Friedrich Heer, porofesa wa Moroma Katoliki wa hisitori kwa Yunibesithing ya Vienna, o ne a bolela gore di ne tsa dira jalo fa a re: “Hisitori ya Jeremane e supa sentle gore Sefapaano le swasetika di ne tsa nna seoposengwe go fitlha ka nako ya fa swasetika e goeletsa e le mo godimo ga ditora tsa dikago tse dikgolo tsa dikereke tsa Jeremane gore e fentse, difolaga tsa swasetika di ne di bonwa go dikologa dialetara e bile baithutabodumedi, baruti, maloko a dikereke tsa Katoliki le Porotesetanta le banna ba puso ba ne ba dumalana le go nna semophato le Hitler.”
Eleruri, baeteledipele ba kereke ba ne ba ema ntwa ya ga Hitler nokeng ka botlalo fela jaaka fa Gordon Zahn, porofesa wa Moroma Katoliki a ile a kwala jaana: “Mokatoliki mongwe le mongwe wa Jeremane yo o neng a batla baeteledipele ba gagwe ba bodumedi ba mo kaela semoyeng kaga seabe sa gagwe mo ntweng ya ga Hitler o ne a newa karabo e e tshwanang kgo le e mmusi yono wa Monasi a neng a tla e mo naya.”
Madumedi A A Kafa Letlhakoreng le Lengwe
Lefa go ntse jalo, dikereke tsa kwa dinageng tse di neng di le kgatlhanong le Jeremane tsone di ne di reng? The New York Times ya December 29, 1966, e ne ya bega jaana: “Mo nakong e e fetileng ditlhopha tsa baruti tsa Katoliki di ne di ema dintwa tsa dinaga tsa tsone nokeng, di segofatsa masole e bile di a rapelela gore a fenye, kafa letlhakoreng le lengwe, setlhopha sengwe sa bobishopo se ne se rapela kgatlhanong le seo.”
A Vatican e ne ya dumalana le go tlhabantshana jalo? Akanya ka se: Ka December 8, 1939, dikgwedi di le tharo fela morago ga fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go tlhagoga, Mopapa Pius XII o ne a kwalela baruti botlhe lekwalo la semolao le le bidiwang Asperis Commoti Anxietatibus. Lekwalo leno le ne le lebisitswe kwa baruting ba masole a dinaga tse di neng di lwa, mme le ne le kgothaletsa matlhakore oomabedi gore lengwe le lengwe le ikanye bobishopo ba masole a one. Lekwalo leno gape le ne la gakolola baruti bano ba sesole gore “fa ba ntse ba tlhabanela folaga ya naga ya bone, gape ba tlhabanele le Kereke.”
Gantsi bodumedi e tle e nne jone jo bo simololang go tlhotlheletsa dinaga gore di lwe. “Tota le mo dikerekeng tsa rona re tlhomile difolaga tsa ntwa,” moswi Harry Emerson Fosdick, yo e neng e le moruti wa Porotesetanta o ne a dumela jalo. Fa a ne a bua ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, borigadirijenerale wa Boritane e bong Frank P. Crozier o ne a re: “Dikereke tsa Bokeresete ke batlhotlheletsi ba mmatota ba tshololo ya madi ba re nang le bone mme e bile re ba dirisa jaaka re rata.”
Lefa go ntse jalo, seno ke se bodumedi bo se dirileng bogologolo. Go tweng ka seabe sa jone bosheng jaana mo ntweng ya kwa direpaboliking tse di neng di bidiwa Yugoslavia pele, koo bontsi jwa batho ba gone fa e se Moroma Katoliki ke Mo-Orthodox?
Seabe sa Bodumedi
Setlhogo se segolo sa Asiaweek ya October 20, 1993, se ne sa re: “Bosnia Ke Yone Pinagare ya Kgotlhang ya Bodumedi.” Setlhogo sengwe se segolo sa San Antonio Express-News ya June 13, 1993, se ne sa bolela jaana: “Baeteledipele ba Bodumedi ba Tshwanetse go Fedisa Mathata a Bosnia.” Setlhogo seno se ne sa re: “Bodumedi jwa Roma Katoliki, Orthodox ya kwa Botlhaba le jwa Mamoselema . . . ga a kitla a kgona go itatola gore ga a na seabe mo go se se diregang. Ga a kitla a kgona go dira jalo, bosigo bongwe le bongwe lefatshe lotlhe le kgona go bona se ba se dirang. Ke ntwa ya bone. . . . Go mo mpaananeng gore baeteledipele ba bodumedi ba na le seabe mo ntweng eno. Tota e bile, e gakadiwa ke boitimokanyi jwa bone. Ba dira jalo ka go segofatsa letlhakore le lengwe kgatlhanong le le lengwe.”
Ka sekai, ke ka ntlha yang fa maloko a Kereke ya Roma Katoliki le a Dikereke tsa Botlhaba tsa Orthodox a tlhoane thata jaana? A dirwa ke bomopapa, bagolwane, le baeteledipele ba dikereke tsa bone. Fa e sa le ka nako ya fa madumedi ano a ne a kgaogana ka 1054, baeteledipele ba dikereke tseno ba ne ba tlhotlheletsa maloko a tsone gore a tlhoane le go tlhabantshana. Lekwalodikgang la Montenegro la September 20, 1991, e leng Pobeda, le ne la bua ka go kgaogana ga madumedi ano le ditlamorago tsa gone mo setlhogong se se neng se bua ka ntwa ya teng ya bosheng jaana. Mo setlhogong se se reng “Babolai ba ba Dirisang Leina la Modimo,” le ne la tlhalosa jaana:
“Ga se kgang ya polotiki fa gare ga Tudjman [poresidente wa Croatia] le Milošević [moeteledipele wa Serbia] mme ke ntwa e e amanang le bodumedi. Re tshwanetse go bolela gore, go setse go fetile dingwaga di le sekete fa e sale Mopapa a ne a dira tshwetso ya go nyeletsa bodumedi jwa Orthodox jaaka mmaba. . . . Ka 1054 . . . Mopapa o ne a supa Kereke ya Orthodox ka monwana gore ke yone e dirileng gore ba kgaogane. . . . Ka 1900, kongerese ya ntlha ya Katoliki e ne ya bua puo phaa kaga leano la yone la lekgolo la bo20 la dingwaga la go nyeletsa Ba-Orthodox. Jaanong leano [leno] ke leno le a dira.”
Lefa go ntse jalo, kgotlhang ya bosheng jaana ga se yone kgotlhang ya ntlha ya bodumedi mo lekgolong leno la dingwaga. Dingwaga di le 50 tse di fetileng, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, Baroma Katoliki ba ne ba leka go nyeletsa Kereke ya Orthodox kwa nageng eo. Ka thuso ya ga mopapa, lekoko lengwe la maneishenale la Croatia le le bidiwang Ustashi le ne la busa naga e e ipusang eo ya Croatia. The New Encyclopædia Britannica e bega gore puso eno e e neng e engwa nokeng ke Vatican e ne ya simolola “bosetlhogo jo bo gakgamatsang, jo bo neng bo akaretsa go bolawa ga dikete tse di makgolokgolo tsa Ba-Serb le Bajuta.”
Mo bukeng ya The Yugoslav Auschwitz and the Vatican, ga go buiwe fela ka dipolao tseno—tse go neng ga bolawa batho ba le dikete tse di masomesome—mme gape go buiwa ka seabe se Vatican e neng ya nna le sone mo go tsone.
Kafa letlhakoreng le lengwe, Kereke ya Orthodox e ne ya ema Ba-Serb nokeng mo ntweng ya bone. E bile tota, moeteledipele mongwe wa lephata lengwe la sesole sa Ba-Serb o ne a nopolwa a re: ‘Mogolwane wa kereke ke ene molaodi wa me.’
Ke eng se se ka bong se dirilwe go emisa dintwa tse kwa Bosnia le Herzegovina fela, go nang le batho ba ba ka nnang 150 000 bao bangwe ba suleng kana bangwe go sa itsiwe gore ba kae? Fred Schmidt mo go San Antonio Express-News o ne a bolela gore Khansele ya Tshireletso ya Lekgotla la Ditšhaba Tse Di Kopaneng e tshwanetse go dira “tshwetso ya semolao e e tla kgothaletsang mopapa, mogolwane wa Constantinople, le [baeteledipele ba bangwe] ba dikereke tsa Katoliki, tsa Botlhaba tsa Orthodox le tsa Bamoseleme ba kwa Bosnia-Herzegovina gore kwantle ga go senya nako ba laole gore ntwa e khutlisiwe le gore ba kopane go sekaseka kafa ba ka dirang ka gone gore maloko a bone a agisane sentle le ba ditumelo tse dingwe.”
Kakgelo nngwe ya Progress Tribune ya kwa Scottsdale, kwa Arizona, le yone e ne ya konela ka gore ntwa eo “e ka khutla fa baeteledipele ba koo ba bodumedi ba ka tlhoafalela gore e khutle.” Setlhogo seno se ne sa akantsha gore ba dire jalo “ka go kgaola ka bonako fela leloko lepe fela le le ka kolopelang lerumo kwa Sarajevo.”
Ga Ba Rotloetse Kagiso Le Eseng
Lefa go ntse jalo, bomopapa ga ba bolo go nna ba gana go kgaola dikebekwa tse di neng di bolaya batho mo ntweng, le eleng lefa Bakatolikikabone ba ne ba ikuela gore go dirwe jalo. Ka sekai, Catholic Telegraph-Register ya Cincinnati, kwa Ohio, kwa U.S.A., kafa tlase ga setlhogo se se reng “O Tsetswe e le Mokatoliki mme o Tlola Molao wa Kereke, Go Rialo Thelekerafa go Mopapa,” e ne ya bega jaana: “Go ne ga kopiwa Pius XII gore a kgaole Reichsfuehrer Adolph Hitler. . . . karolwana ya [thelekerafa] eo e balega jaana, ‘Adolph Hitler o tsetswe ke batsadi ba Bakatoliki, a kolobediwa, a godisiwa a bo a rutiwa ka tsela ya Katoliki.’” Lefa go ntse jalo, Hitler ga a ka a kgaolwa.
Gape akanya fela ka seemo sa kwa dikarolong tsa Afrika tse di aparetsweng ke dintwa tse di setlhogo. Bobishopo ba le 15 ba Roma Katoliki ba dinaga tsa Afrika tsa Burundi, Rwanda, Tanzania, Uganda, le Zaire ba ne ba ipolela gore, le mororo go na le “Bakeresete” ba le bantsi kwa kgaolong eo, “dikgotlhang tsa selegae di dirile gore go nne le dipolao tse di setlhogo, go senyetsa batho dilo, le go ba pateletsa gore ba tshabele go sele.” Bobishopo ba ne ba dumela gore selo se segolo se se bakang bothata jono “ke ka gonne tumelo ya Sekeresete e paletswe ke go fetola tsela e batho ba akanyang ka yone.”
National Catholic Reporter ya April 8, 1994, e ne ya bolela gore “mopapa . . . o ne a utlwisiwa ‘botlhoko thata’ ke pego ya bosheng jaana kaga kgotlhang ya naga e nnye ya Afrika [ya Burundi], e bontsi jwa baagi ba yone e leng Bakatoliki.” Mopapa o ne a bolela gore kwa Rwanda, kwa 70 lekgolong ya baagi ba gone e leng Bakatoliki, “tota le Bakatoliki ba na le seabe” mo dipolaanong tsa teng. Ee, Bakatoliki ba matlhakore oomabedi ba ile ba bolaana setlhogo fela jaaka ba ile ba dira le mo dintweng tse dintsi tsa nako e e fetileng. Mme jaaka re setse re bone, ditumelo tse dingwe le tsone di ile tsa dira fela jalo.
A mme gone re ka swetsa ka gore ditumelo tsotlhe di nna le seabe mo dintweng? A go na le bodumedi bongwe jo tota bo kgothaletsang batho kagiso?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Fano Hitler o bonwa a na le Basallo di Torregrossa, moemedi yo mogolo wa mopapa, mme ga a ka a kgaolwa
[Motswedi wa Setshwantsho]
Bundesarchiv Koblenz