LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 3/8 ts. 23-25
  • Maiteko a go Batla Kutlwano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maiteko a go Batla Kutlwano
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masimologo a Gone
  • Go Itlhaola ga Katoliki
  • A ke Phetogo mo Bakatoliking?
  • Matlha A A Tshwaegang a Mokgatlho wa go Nna Seoposengwe ga Dikereke
    Tsogang!—1991
  • Tsietsi E Kereke ya Katoliki E Leng mo go Yone
    Tsogang!—1991
  • A Kutlwano ya Bokeresete E Ka Kgonega?
    Tsogang!—1991
  • Ke ka Ntlha Yang fa ba Kopa Maitshwarelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 3/8 ts. 23-25

Maiteko a go Batla Kutlwano

Ka mokwaledi wa Tsogang! go tswa kwa Fora

AMATLHABISADITLHONG! Ee, seo se neng sa dira gore go simololwe mokgatlho wa go nna seoposengwe ga dikereke e ne e le matlhabisaditlhong eleruri. Ke eng se e neng e le matlhabisaditlhong? Seo e neng e le matlhabisaditlhong e ne e le kgakgamatso e e swabisang eo Labodumedi a neng a e bontsha batho bao eseng Bakeresete ya gore ke ntlo e e kgaoganeng ka boyone.

Kwa kopanong ya ntlhantlha ya WCC (World Council of Churches [Lekgotla la Dikereke la Lefatshe Lotlhe]), mokwaledimogolo wa lone, ebong Dr. W. A. Visser ’t Hooft, o ne a tlhalosa jaana: “Re Lekgotla la Dikereke, eseng Lekgotla le le rileng la kereke e le nngwe fela e e sa kgaoganang. Leina la rona le supa bokoa jwa rona le matlhabisaditlhong a rona fa pele ga Modimo, ka gonne go ka nna le Kereke e le nngwe fela ya ga Keresete mo lefatsheng mme ebile go felela go ntse jalo.”

Saetlopedia ya Fora Katoliki e e neng ya gatisiwa bosheng jaana e dumalana le seo ka gore: “Kgang e e tlhabisang ditlhong e e neng e bakilwe ke dikereke tse di kgaoganeng e ne ya ntsifala thata mo lekgolong la bo 19 la dingwaga. Seno se ne se ntse jalo segolobogolo magareng ga barongwa, bao go sa utlwane ga bone go neng go sa tsamaisane le Efangele eo ba neng ba tla go e rera mo bathong ba eseng Bakeresete. . . . Seo se neng sa gamarisa ka mo go feletseng se ne sa diragala fa go ne go simologa go nna le dikgolagano tsa borongwa tsa Afrika le Asia tseo di neng tsa baya mo pepeneneng dikgaogano magareng ga Bakeresete tse di neng di kgoreletsa tiro ya go rera efangele.”

Masimologo a Gone

Lefoko le le reng “ecumenical” le tswa mo lefokong la Segerika le le reng oi·kou·meʹne (lefatshe le le nang le baagedi). Mokgatlho wa go nna seoposengwe ga dikereke, oo o neng wa simologa mo bogareng jwa lekgolo la bo 19 la dingwaga, o ikaelela go dira gore dikereke tsa Labodumedi di utlwane mo lefatsheng lotlhe. Ka go lemoga go tlhoka mosola ga dikgaogano magareng ga dikereke, bafetodi ba dilo ba ne ba rulaganya makgotla a a farologaneng a a tlhakanetsweng ke dikereke mo makgolong a bo 19 le mo masimologong a bo 20 a dingwaga.

Barongwa ba ba neng ba romelwa go ya go sokolola batho ba eseng Bakeresete ba ne ba lemoga dikgaogano tseo di leng mo go Labodumedi ka mo go tlhomologileng. Go ne go se motlhofo ka bone go ka supa ditiragalo tse go neng ga nna le tshololo ya madi e ntsi mo go tsone tsa hisitori ya kereke jaaka bosupi jwa gore bodumedi jwa bone ke jo bo tlotlegang. Ba ne ba ka siamisa jang go nna gone ga dikereke tse dintsintsi jaana, tsotlhe di iphaka gore ke tsa Bokeresete, fa ka nako e e tshwanang ba ntse ba tsopola Jesu kana moaposetoloi Paulo, bao ka bobedi ba neng ba gatelela botlhokwa jwa kutlwano ya Bokeresete?—Yohane 13:34, 35; 17:21; 1 Bakorintha 1:10-13.

Kwantle ga pelaelo seemo seno se ne sa dira gore go tlhomiwe mokgatlho wa segompieno wa go nna seoposengwe ga dikereke, oo o neng wa epa pitso ya Kokoano ya Barongwa ba Lefatshe Lotlhe ya ntlha, kwa Edinburgh, Scotland, ka 1910. Moragonyana, ka 1921, Lekgotla la Borongwa la Meraferafe le ne la tlhomiwa. New Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “Lekgotla la Barongwa la Meraferafe le ne le sa tlhomelwe fela go gasa tshedimosetso kaga ditsela tse di nang le matswela tsa borongwa, mme gape le go kokobetsa kgang e e tlhabisang ditlhong ya dikgaogano tsa Bokeresete ka go tila moya wa kgaisano mo mafatsheng a eseng a Bokeresete.”

Go Itlhaola ga Katoliki

Lefa go le jalo, ke eng seo Kereke ya Roma Katoliki e neng ya se dira go kokobetsa kgang e e tlhabisang ditlhong ya dikgaogano tsa Bokeresete? Ka 1919 Kereke ya Katoliki e ne ya lalediwa go tsaya karolo mo puisanong ya dikereke mabapi le tumelo le thulaganyo, koo dipharologanyo ka thuto le bodihedi di neng di tla sekasekiwa gone. Mme Mopapa Benedict XV o ne a gana kopo eno. Gape, ka 1927, Kereke ya Katoliki e ne ya amogela taletso nngwe ya go tsaya karolo go Kokoano ya Ntlha ya Lefatshe Lotlhe kaga Tumelo le Thulaganyo, e e neng e tshwaretswe kwa Lausanne, Switzerland. Baemedi go tswa dikerekeng tsa Porotesetanta le Orthodox ba ne ba kopana le go buisana ka dilo tse di kgoreletsang kutlwano, mme Mopapa Pius XI o ne a gana go letlelela Bakatoliki go tsaya karolo epe.

Mo setlhogong sa yone kaga Mopapa Pius XI, New Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “The Holy See e ne ya tsaya boikutlo jo bo sa siamang tebang le mokgatlho wa go nna seoposengwe ga dikereke tsa Labodumedi tseo eseng tsa Katoliki.” Ka 1928, boikutlo jono jo bo sa siamang bo ne jwa fetoga kilo e e mo pepeneneng ka nako ya fa mopapa a ne a ntsha lekwalo la gagwe le a le kwalelang bobishopo eleng Mortalium animos. Mo go lone o ne a nyatsa mokgatlho wa go nna seoposengwe ga dikereke le go itsa Bakatoliki gore ba seka ba tshegetsa go nna seoposengwe ga dikereke.

Ka 1948 go ne ga tlhomiwa WCC. Kwa motheong wa lone, maloko a lone a ne a kopanyeletsa dikereke di ka tshwara 150 tse bontsi jwa tsone e neng e le tsa Porotesetanta. Dikereke tse dingwe tsa Eastern Orthodox di ne tsa kopanyelediwa, mme dikereke tse dingwe tsa Orthodox di ne tsa tsenelela WCC moragonyana. Dikereke tseno tsotlhe di ne tsa amogela boipolelo jono jaaka motheo wa go nna leloko: “Lekgotla la Mafatshe la Dikereke ke botsalano jwa dikereke tseo di amogelang Morena Jesu Keresete jaaka Modimo le Mmoloki.” Go sa kgathalesege mafoko ano a motheo a a leng a tumelo ya Tharonngwe ka mo go tlhomameng, Mopapa Pius XII o ne a gana taletso ya go kopanya Kereke ya Katoliki le lekgotla leno la go nna seoposengwe ga dikereke.

A ke Phetogo mo Bakatoliking?

John XXIII, yo o neng a tlhophiwa jaaka mopapa ka 1958 a na le dingwaga di ka tshwara 77, o ne a tsewa ke Bakatoliki ba le bantsi jaaka papa di passaggio fela, kana mopapa yo o sa direng ka dinako tsotlhe. Go ya kafa go neng ga felela ka gone, o ne a bula matlhabaphefo a Vatican gore ditsuatsue tsa diphetogo tseo le mo motlheng ono di bakang tlhakatlhakanyo mo kerekeng ya Katoliki. Nngwe ya diphetso tsa ntlha tsa ga Mopapa John, mo masimologong a 1959, e ne e le go bitsa lekgotla la go nna seoposengwe ga dikereke, leo, ka puo ya Katoliki, le neng le raya kokoano e kgolo ya bobishopo ba Kereke yotlhe ya Katoliki.

Boikaelelo jwa ntlha jwa kokoano eno e ne e le go “siamisa kereke eo” mme, jwa bobedi, e ne e le “go simolola tsela ya go kopana gape ga bakaulengwe ba Botlhaba le ba Bophirima go ba tlisa mo lesakeng le le lengwe fela la ga Keresete.” Tumalanong le boikaelelo jono jwa bobedi, ka 1960 Mopapa John XXIII o ne a tlhoma Mokwaledi e le wa Ketleetso Kutlwano ya Bokeresete kwa Vatican. Seno se ne sa amogelwa ka boitumelo jaaka “kamogelo ya ntlha ya semolao ya mokgatlho wa go nna seoposengwe ga dikereke ke Kereke ya Roma Katoliki.”

Setsuatsue seo sa diphetogo eleruri se ne se lebega se foka. A mme Roman Curia, eleng setlhopha se se nonofileng sa baruti ba ba bopang balaodi ba tsamaiso ya kereke, e ne e dumalana le diphetogo tseno? Mme fa go ntse jalo, kgopolo ya bone e ne e le eng ka kutlwano ya Bokeresete?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela