Matlha A A Tshwaegang a Mokgatlho wa go Nna Seoposengwe ga Dikereke
1844: Go simologa ga mokgatlho wa dikereke tse di kopaneng o moragonyana o neng wa bopa Young Men’s le Young Women’s Christian Association.
1846: Kokoano ya ntlha ya meraferafe ya dikereke tse di kopaneng ya Evangelical Alliance, e e neng ya tshwarelwa kwa Lontone, Engelane.
1908: Federal Council of the Churches of Christ in America e ne ya tlhomiwa. Ka 1950 e ne ya fetoga National Council of the Churches of Christ in the United States of America.
1910: Kokoano ya Barongwa ya Ntlha ya Lefatshe e ne ya tshwarelwa kwa Edinburgh, Scotland, “tota e le koo mokgatlho wa segompieno wa go nna seoposengwe ga dikereke o neng wa simologa gone.”—Encyclopædia Britannica.
1919: Mopapa Benedict XV o ne a gana taletso ya gore Kereke ya Roma le Protestant Episcopal Church di tseye karolo kwa pokanong nngwe e e mabapi le tumelo le thulaganyo (dipharologanyo tsa dikereke tsotlhe mo thutong le mo bodireding).
1921: Lekgotla la Barongwa la Meraferafe le ne la tlhomiwa.
1925: Kokoano ya ntlha ya meraferafe ya Universal Christian Council on Life and Work (ya go ithuta molao o o tshwanang wa kereke o o mabapi le dikgang tsa itsholelo, polotiki, le bomorafe), e ne ya tshwarelwa kwa Stockholm, Sweden.
1927: Kokoano ya ntlha ya mafatshe ya mokgatlho wa “Tumelo le Thulaganyo” ya dikereke, e ne ya tshwarelwa kwa Lausanne, Switzerland.
1928: Mopapa Pius XI o ne a ntsha lokwalo lo lo kwaletsweng bobishopo eleng Mortalium animos, lo lo neng lo thibela Bakatoliki go ka naya tshegetso epe go mokgatlho wa go nna seoposengwe ga Dikereke.
1937: Kokoano e e neng e tshwaretswe kwa Oxford, Engelane, ya “Botshelo le Tiro”, le Kokoano ya “Tumelo le Thulaganyo” e e neng e tshwaretswe kwa Edinburgh, Scotland, di ne tsa dumela go tlhoma komiti ya nakwana e le ya go tlhoma lekgotla la mafatshe la dikereke. Tiro eno e ne ya tsosolosiwa ka baka la go tlhagoga ga Ntwa ya Lefatshe II.
1948: WCC (World Council of Churches [Lekgotla la Mafatshe la Dikereke]) e ne ya tlhomiwa kwa kopanong ya go tlhoma e e neng e tshwaretswe kwa Amsterdam, Netherlands. Maloko a yone a ne a akaretsa dikereke tsa Porotesetanta di ka tshwara 150 le tse dingwe tsa Eastern Orthodox. WCC fa esale go tloga ka nako eo e ntse e tshwara dikopano tsa botlhe ka metlha (1954: Kwa Evanston, Illinois, U.S.A.; 1961: Kwa New Delhi, India; 1968: Kwa Uppsala, Sweden; 1975: Kwa Nairobi, Kenya; 1983: Kwa Vancouver, Canada).
1960: Mopapa John XXIII o ne a tlhoma Lephata la Tsamaiso la Thotloetsokutlwano ya Bokeresete kwa Vatican. Seno “e ne e le go amogelwa ga ntlha semolao ke Kereke ya Roma Katoliki ga mokgatlho wa go nna seoposengwe ga dikereke.”—Encyclopædia Britannica.
1961: Lekgotla la Barongwa la Meraferafe le ne la kopana le la WCC. Vatican e ne ya simolola go romela babogedi ba Katoliki ba semmuso go dikopano tsa botlhe tsa WCC.
1964: Mopapa Paul VI o ne a bolela phatlalatsa kaga “Taolo ya go Nna Seoposengwe ga Dikereke” wa Lekgotla la Bobedi la Vatican, leo le neng la tlhalosa ditekanyetso tsa go tsaya karolo ga Katoliki mo mokgatlhong wa go nna seoposengwe ga dikereke.
1965: Mopapa le moeteledipele wa Orthodox ba ne ba fedisa go kgaolwa moo baetapele ba bone ba neng ba go dirisa gareng ga bone ka 1054.
1968: SODEPAX (Joint Committee on Society, Development, and Peace [Komiti E E Pataganeng Eo E Leng Malebana le Setšhaba, Kgatelopele, le Kagiso]) e ne ya tlhomiwa ke Vatican le WCC.
1969: Mopapa Paul VI o ne a etela kwa ntlokgolong ya mafatshe ya WCC, kwa Geneva, Switzerland. Lefa go ntse jalo, o ne a gatelela gore e ne e le motlhatlhami wa ga moaposetoloi Petere le gore polelo epe fela ya go kopana ga Kereke ya Katoliki le WCC e ne e ise e tlhokege.
1980: SODEPAX e ne ya nyelediwa.
1986: Mopapa John Paul II o ne a rulaganyetsa “Letsatsi la Mafatshe la go Rapelela Kagiso” la go nna seoposengwe ga dikereke kwa Assisi, Italy, koo baeteledipele ba semoya ba ba emelang ditumelo tse dikgolo tsa lefatshe ba neng ba kopana go rapelela kagiso go ya ka dingwaokobamelo tsa bone tse di kgaoganeng gone.