LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 3/8 ts. 29-31
  • A Kutlwano ya Bokeresete E Ka Kgonega?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Kutlwano ya Bokeresete E Ka Kgonega?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kereke ya Katoliki le Kutlwano
  • A E Ne E Tshwanelega go Rotloetsa Kutlwano?
  • Lekgotla la Mafatshe le Kutlwano
  • Kutlwano ya Boammaaruri E A Kgonega
  • Maiteko a go Batla Kutlwano
    Tsogang!—1991
  • Tsietsi E Kereke ya Katoliki E Leng mo go Yone
    Tsogang!—1991
  • Matlha A A Tshwaegang a Mokgatlho wa go Nna Seoposengwe ga Dikereke
    Tsogang!—1991
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Dikgaogano Tseno?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 3/8 ts. 29-31

A Kutlwano ya Bokeresete E Ka Kgonega?

LABODUMEDI ke ntlo e e kgaoganeng. Maloko a lone a a fopholediwang go ka nna batho ba feta dimilione tse 1 500 a kgaogane gareng ga Roma Katoliki, Eastern Orthodox, Boporotesetanta, le dikereke tse dingwe le makgotla a a iphakang gore ke a Bokeresete. Batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba ipotsa gore a tota kutlwano ya Bokeresete e tla tsamaya e fitlhelelwa.

Ka go tlhabisiwa ditlhong ke go tlhoka kutlwano ga bodumedi, lekwalo lengwe la Lekgotla la Bobedi la Vatican le ne la bontsha jaana: “Botlhe ba ipega gore ke barutwa ba Morena, mme megopolo ya bone ga e tsamaisane ebile ditsela tsa bone di a fapaana, jaaka ekete Keresete ka Boene o ne a kgaogane (bapisa 1 Bakor. 1:13). Kwantle ga pelaelo, kgotlhang eno ka mo go phepafetseng e ganetsana le thato ya ga Keresete, e tlisa sekgopi mo lefatsheng, ebile e baka tshenyo mo kgannyeng e e boitshepo thata ya go itsise mafoko a a molemo go setshedi sengwe le sengwe.”

Kereke ya Katoliki le Kutlwano

Kereke ya Katoliki, eo e nang le mo e ka nnang halofo ya maloko otlhe a Labodumedi, e na le mogopolo wa yone fela wa kutlwano ya Bokeresete. “Makgotla a thapelo” a a farologaneng a ne a tlhomiwa fa lekgolo leno la dingwaga le ne le simologa. Gareng ga makgotla ano go ne go na le Lekgotlalegolo la Baitshepi la Mohumagatsana wa Rona Yo O Kutlwelobotlhoko la go Boela ga Engelane go Tumelo ya Katoliki, Lekgotlakobamelo la Thapelo go Mohumagatsana wa Rona Yo O Kutlwelobotlhoko la go Sokologa ga Baheitane, le Lekgotla Legolo la Baitshepi la Dithapelo le Ditiro Tse Di Molemo tsa go Kopana Gape ga Batho Ba Ba Bakang Dikgaogano kwa Botlhaba mo Kerekeng.

Ka 1908, go ne go rulaganngwa beke ya thapelo (January 18-25) mo ngwageng nngwe le nngwe mo kerekeng ya Katoliki “go rapelela go sokolola le go busa bakaulengwe ba ba kgaoganeng” e simolotswe ke moruti wa Anglican yo o fetogileng Mokatoliki. Seno moragonyana se ne sa fetoga Beke ya Thapelo ya ngwaga le ngwaga ya Kutlwano ya Bokeresete, eo WCC (World Council of Churches [Lekgotla la Mafatshe la Dikereke]) e ileng ya tshwaragana nayo fa e sale mo tshimologong ya dingwaga tsa bo 1950.

Buka ya Katoliki eleng The Documents of Vatican II e bolela jaana: “Ngwaga o mongwe le o mongwe ka January, ka masome a mantsi a dingwaga, Baroma Katoliki ba ile ba tshwara thapelo ka malatsi a robabobedi ba rapelela kutlwano ya Kereke. Go fitlha ka 1959, kgopolo ya batho ka kakaretso ka malatsi ao a thapelo, ka January 18-25, e ne e le gore go ne go solofetswe gore Baporotesetanta ba ne ba tla ‘boela’ go Kereke e le nngwe fela ya boammaaruri, le gore go kgaogana ga Orthodox go ne go tla khutla.”

A Vatican II e ne ya fetola pono ya Kereke ya Katoliki kaga kutlwano ya Bokeresete mo gogolo? Motlhatlhami wa ga Mopapa John, ebong Paul VI, o ne a itsise phatlalatsa Vatican II Dogmatic Constitution on the Church, eo e bolelang jaana: “Eno ke yone Kereke fela ya ga Keresete eo mo Tumelomotheong re bolelang gore e seoposengwe, e boitshepo, e fitlhelwa gongwe le gongwe mo lefatsheng ebile ke ya boaposetoloi. . . . Kereke eno, eo e ileng ya tlhomiwa ya bo ya rulaganngwa jaaka mokgatlho mo lefatsheng la segompieno, e tshegeditswe ke Kereke ya Katoliki, eo e laolwang ke motlhatlhami wa ga Petere le bobishopo bao ba leng setlhopha le ene.”

Jalo he pono ya Kereke ya Katoliki ya kutlwano ya Bokeresete ga e ise e fetoge mo gogolo. Totatota, pono eo e neng ya tlhalosiwa kwa Vatican II ke ya gore dilo dipe fela tse di molemo tse di diragalang kwantle ga Kereke ya Katoliki tota ke tsa yone mme ka jalo, jaaka Dogmatic Constitution on the Church e bolela, ke “maatla a a tlhotlheletsang kutlwano ya katoliki.”

A E Ne E Tshwanelega go Rotloetsa Kutlwano?

Ke eng se se ka bolelwang ka go boelediwa gantsintsi ga boipolelo jwa Kereke ya Katoliki jo bo boelediwang gantsi jwa gore ke “seoposengwe, e boitshepo, e gongwe le gongwe mo lefatsheng, ke ya boaposetoloi”? Sa ntlha, go kgaogana ga bosheng jaana ga Bakatoliki ba ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo ba ba eteletsweng pele ke Mobishopomogolo Lefebvre, re sa bue sepe ka go tsuologa go go mo pepeneneng ga bontsintsi jwa baithutela bomodimo ba Katoliki, go bontsha boiphako jwa kereke eo jwa gore e “seoposengwe,” e le maaka.a

Sa bobedi, rekoto ya Kereke ya Katoliki, ka go nna kgatlhanong le Bojuda, go bogisa ga yone “baheitane,” go rotloetsa ga yone “dintwa tse di boitshepo,” le go tsenelela ga yone mo dipolotiking le mo matlhabisengditlhong a a makgapha a a malebana le madi, go bontsha sentle gore e kgakala le go nna boitshepo.

Sa boraro, ga go motlhofo ka Kereke ya Roma go ka siamisa boiphako jwa yone jwa gore ke ya “katoliki,” kana “e gotlhe fela” ereka jaana e na le mo e ka nnang halofo fela ya bao ba iphakang gore ke Bakeresete, kana mo go fopholediwang gore ke 15 lekgolong ya baagi ba lefatshe.

Sa bofelo, mabaka a hisitori, rekoto ya bomopapa, lefa e le khumo, boitsholo jo bo sa siamang, go tsenelela ga bontsi jwa bobishopo ba Katoliki mo dipolotiking, ga di bontshe gore kereke eo e bua boammaaruri fa e re ke ya “boaposetoloi.” Ka phepafalo, Kereke ya Katoliki ga e mo boemong bope jwa go ka iphaka gore ke yone e ka kopanyang batho mo kutlwanong ya boammaaruri ya Bokeresete.

Lekgotla la Mafatshe le Kutlwano

Lekgotla la Mafatshe la Dikereke le kopanyeletsa dikereke tsa Porotesetanta le tsa Eastern Orthodox di feta 300 tseo di nang le maloko a a fetang dimilione tse 400 mo dinageng tse di fetang lekgolo. Boikaelelo jwa lekgotla leno ke “go bolela phatlalatsa botlhokwa jwa go nna seoposengwe ga Church of Christ le go tlotlomaletsa kereke eo boitlamo jwa go bontsha kutlwano eo le botlhokwa jwa yone mo tirong ya boefangele.” Lefa go ntse jalo, a WCC e naya tsholofelo epe fela e e oketsegileng ya kutlwano ya boammaaruri ya Bokeresete go gaisa Kereke ya Roma Katoliki?

Ke mo motheong ofe o WCC e solofelang go kopanya Bakeresete mo go one? Saetlopedia nngwe e bolela jaana: “Lekgotla la Mafatshe la Dikereke. . . . Maloko ka kakaretso a dumela gore go kgaogana magareng ga Bakeresete ga go dumalane le thato ya Modimo le gore ke sekgoreletsi se segolo thata mo go amogeleng Bokeresete ga batho ba eseng Bakeresete. . . . Batho ba tlhatswegile pelo ka botlalo gore kutlwano e tshwanetse ya itshetlega ka boammaaruri.” Ka gone, he, ke eng se se tsewang gore ke boammaruri jwa motheo ke maloko a dikereke a a fetang 300 a WCC?

Ka 1948 motheo wa ntlha wa go nna leloko la WCC o ne wa tsewa jaaka go dumela Tharonngwe mo go bokoa ke dikereke tse dingwe. Jalo he ka 1961 motheo oo wa poloko o ne wa fetolwa gore o balege jaana: “Lekgotla la Mafatshe la Dikereke ke leloko la dikereke leo le dumelang gore Morena Jesu Keresete ke Modimo le Mmoloki go ya ka Dikwalo mme ka jalo he le batla go diragatsa mmogo go bilediwa ga bone kgalalelong ya Modimo o le mongwe fela, ebong Rara, Morwa le Moya O O Boitshepo.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

One motheo oo wa go nna leloko mo WCC ke wa go ikganetsa ka mafoko. Ka ntlha yang? Ka gonne go dumela mo “Modimong o le mongwe fela, ebong Rara, Morwa le Moya O O Boitshepo” ga se ga “go ya ka Dikwalo.” The Encyclopedia of Religion e bolela jaana: “Baithutabomodimo gompieno baa dumalana gore Bibela ya Sehebera ga e na thuto ya motheo ya Tharonngwe.” Go feta moo, The New International Dictionary of New Testament Theology e tlhalosa jaana: “Bokeresete jwa pele bo ne bo sena thuto ya motheo epe e e tlhamaletseng ya Tharonngwe.” Mme The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Lefoko Tharonngwe lefa e le thuto e e tlhomameng ya yone ga di tlhage mo Tesetamenteng E Ntšha, le gone Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba sa ikaelela go ganetsana le Shema mo Tesetamenteng E Kgologolo e e reng: ‘Utlwa, wena Iseraela: Morena Modimo wa rona ke Morena a le mongwe fela’ (Dute. 6:4).”

Mo godimo ga moo, WCC e tseneletse thata mo dintweng tsa sepolotiki. Ka sekai, e ile ya ntshetsa mekgatlho e e tlhabanelang kgololesego madi. The New Encyclopædia Britannica e senola jaana: “Go inaakanya le mekgatlho e e farologaneng ya go menola mebuso ga ditlhopha tsa WCC go ile ga tshwaiwa phoso ka metlha ke dikereke tse e leng maloko.” Go tsenelela mo dipolotiking mo eseng ga Bokeresete ga go kake ga tlisa kutlwano ya Bokeresete ya boammaaruri, fela jaaka thuto ya motheo eo eseng ya Bibela le yone e sa kake ya dira jalo.

Kutlwano ya Boammaaruri E A Kgonega

Ka mo go kgatlhisang, Encyclopædia Universalis (1989) ya Fora e tlhalosa gore boikaelelo jwa go nna seoposengwe ga dikereke ke “go busetsa lelapa le le kgaoganeng la Bakeresete kutlwano e e feletseng le e e bonalang, tumalanong le dithuto tsa ga Jesu. . . . Ka ba lemoga kafa Bakeresete ba ratanang ka gone, batho ba eseng Bakeresete ba tshwanetse go bontsha tumelo mme ba tsene mo Kerekeng, ba tshwantshetsa lefatshe le lesha le mo go lone tirelo, tshiamo, le kagiso di tla bong e le melaometheo e e laolang, jaaka go ne ga bolelelwapele le go bontshiwa ke Keresete. . . . Go a kgatlhisa gore . . . Lekwalo la Boaposetoloi le le kwaletsweng Bahebera (II, 5) le bo le bolela ka ‘oi·kou·meʹne [lefatshe le go agilweng mo go lone] le le tlang,’ ka jalo le gatelela gore tsholofelo ya Bokeresete ga se ya lefatshe la semoya le eseng la nama, mme ke ya lefatshe leno le go agilweng mo go lone le letlantswe le Mmopi wa lone.”

Maloko a le mantsintsi a dikereke tsa Labodumedi a setse a lemoga gore dithuto tsa kereke ya bone ga di tumalanong le dithuto tsa ga Jesu. Ka matlhabisaditlhong ba lemoga gore maloko a bodumedi jwa bone ga ba ratane. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa bone ba bone lelapa la Bakeresete ba ba utlwanang ka botlalo, mme ba lemoga kafa bano ba ratanang eleruri ka gone. Ee, ba ile ba bona kutlwano ya Bokeresete ya boammaaruri le tsholofelo gareng ga lelapa la Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara.

Ka baka la seo, dimilione tsa batho ba e kileng ya bo e le maloko a dikereke tsa Labodumedi ba simolotse go nna le tsholofelo mo lefatsheng le lesha le le utlwanang la Modimo, le mo go lone tirelo, tshiamo, le kagiso e tla bong e le melaometheo e e laolang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona dintlha, bona Tsogang! ya July 8, 1990, e e tlotlang ka dikgaogano mo Kerekeng ya Katoliki.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 31]

Sefikantswe se se kwa ntlongkgolo ya Lekgotla la Mafatshe la Dikereke, kwa Geneva, Switzerland, se emela dithapelo tsa bone tsa kutlwano ya kereke tse di iseng di arabiwe

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Batho ba le bantsi ba bone lelapa la Bakeresete la lefatshe lotlhe bao ba setseng ba utlwana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela