LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 3/8 ts. 26-28
  • Tsietsi E Kereke ya Katoliki E Leng mo go Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsietsi E Kereke ya Katoliki E Leng mo go Yone
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Taolo ya Vatican II ya go Nna Seoposengwe ga Dikereke
  • Dilo Tse Di Kgoreletsang Kutlwano
  • Tsietsi E Kereke E Leng mo go Yone
  • Maiteko a go Batla Kutlwano
    Tsogang!—1991
  • A Kutlwano ya Bokeresete E Ka Kgonega?
    Tsogang!—1991
  • Matlha A A Tshwaegang a Mokgatlho wa go Nna Seoposengwe ga Dikereke
    Tsogang!—1991
  • Ke ka Ntlha Yang fa ba Kopa Maitshwarelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 3/8 ts. 26-28

Tsietsi E Kereke ya Katoliki E Leng mo go Yone

“PENTEKOSETE E NTŠHA.” Eo e ne e le tsholofelo e Mopapa John XXIII a neng a e bolela ka lekgotla la go nna seoposengwe ga dikereke leo le neng la simolola ka 1962 ebile e le leo le neng la simolola go itsiwe jaaka Vatican II. O ne a solofela gore e ne e tla nna tsela ya go shafatsa bomoya jwa Bakatoliki le gore seo se ne se tla tlisa diphetogo tse di neng di tla baakanya tsela ya go kopanya Labodumedi gape.

Mme megopolo e e ntseng jalo ya aggiornamento (go shafatsa) e ne e sa dumelwe ke boramaemo botlhe ba Vatican. The New Encyclopædia Britannica e bega jaana: “Ka baka leo, phetso ya ga Mopapa e ne ya seka ya amogelwa ka mowa otlhe ke Bathusi ba gagwe ba ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo, bao ba neng ba tlhatswegile pelo gore kereke e ne ya atlega e le kafa tlase ga boeteledipele jwa ga Pius XII mme bao ba neng ba bona go sena lebaka lepe le le molemo la go dira diphetogo tse John a neng a di akantse. Ebile tota bakhadinale ba bangwe ba Vatican ba ne ba dira sengwe le sengwe se ba neng ba ka se kgona go diegisa lekgotla leo go fitlhela monnamogolo yoo a tlhokafa mme tiro eo e bo e ka tlogelwa go sa itse ope.”

Taolo ya Vatican II ya go Nna Seoposengwe ga Dikereke

Mopapa John XXIII o ne a tshela lobaka lo loleele mo a neng a kgona go tlhoma Lekgotla la Bobedi la Vatican, mme o ne a tlhokafala moragonyana fela ga foo, ka June 1963, nako e telele pele ga lekgotla leo le khutla ka December 1965. Lefa go le jalo, Taolo ya go Nna Seoposengwe ga Dikereke e ne ya itsisiwe phatlalatsa ke Mopapa Paul VI ka November 21, 1964. E ne ya akgela jaana mo ketapeleng ya yone: “Go tsosolosiwa ga kutlwano gareng ga Bakeresete botlhe ke nngwe ya dilo tsa konokono tseo Lekgotla la Bobedi la Vatican le amegileng ka tsone.”

Sa botlhokwa, moruti wa Mo-Jesuit ebong Walter M. Abbott o ne a kwala mo go The Documents of Vatican II jaana: “Taolo ya go Nna Seoposengwe ga Dikereke e tshwaya go tsena ka botlalo ga kereke ya Roma Katoliki mo mokgatlhong wa go nna seoposengwe ga dikereke.” Mme ka tsela e e tshwanang, tlase ga setlhogo se se reng “Go Latela Lekgotla la Vatican la bobedi ga Kereke ya Roma Katoliki,” The New Encyclopædia Britannica e ne ya bolela jaana ka tsholofelo: “Kereke ya Roma Katoliki e tlogetse boemo jwa yone jwa go nna ‘kereke yone fela ya boammaaruri’ semmuso.”

A mme tota Kereke ya Katoliki e ile ya tlogela boemo joo? Kutlwano e ne e tla tlisiwa mo maemong afe? Morago ga go sena go tlhalosiwa gore ke go ya bokgakaleng bofe jo Bakatoliki ba neng ba ka tsenelela mo tirong ya go nna seoposengwe ga dikereke, Taolo ya go Nna Seoposengwe ga Dikereke e ne ya kaya jaana ka tlhomamo: “Lekgotla le le boitshepo leno le rotloetsa bao ba ikanyegang gore tlhagafalo ya bone e seka ya nna e e senang moko kana e e seng matsetseleko. Tiro ya bone ya go nna seoposengwe ga dikereke ga e kake ya nna sepe fa e se ya Katoliki ka botlalo le ka bopeloephepa, ke gore, e e tsamaisanang le boammaaruri jo re neng ra bo amogela go tswa go Baaposetoloi le Borara, le tumalanong le tumelo eo Kereke ya Katoliki e ileng ya e bolela ka metlha.”

Dilo Tse Di Kgoreletsang Kutlwano

Ntlha ke gore, Kereke ya Roma Katoliki ga e a ka ya tlogela boemo jwa yone jwa gore ke yone kereke fela e e boammaaruri. Taolo ya Vatican II ya go Nna Seoposengwe ga Dikereke e bolela jaana: “Tsela e e feletseng ya go bona poloko e ka bonwa ka botlalo ka Kereke ya Katoliki ya ga Keresete fela, eo e leng thuso ya botlhe mabapi le poloko. Re dumela gore Morena wa Rona o ne a neela setlhopha sa baaposetoloi fela, se mo go sone Petere a leng tlhogo, masego otlhe a Kgolagano E Ntšha.”

Buka ya bosheng jaana ya Fora e leng Théo—Nouvelle Encyclopédie Catholique (1989) e tlhalosa jaana: “Fa e le kaga Bakatoliki, mopapa, jaaka motlhatlhami wa ga Petere, ke karolo e e tlhomameng ya kutlwano ya Kereke le bobishopo go ya ka thutobomodimo. Lefa go ntse jalo, lebaka le le utlwalang ke gore mopapa ke ene a bakang segolobogolo kgaogano e e mo magareng ga Bakeresete.”

Thuto eno ya motheo e e kgaoganyang ya maemo a mopapa e amana thata le dithuto tsa go tlhoka boleo ga mopapa le tatelano ya seaposetoloi ya bobishopo ba Katoliki, bao botlhe ba sa amogelweng ke bontsi jwa dikereke tsa Labodumedi tse eseng tsa Katoliki. A Vatican II e ne ya dira sengwe e le go fetola boemo jwa Katoliki mo dithutong tseno?

Vatican II Dogmatic Constitution on the Church e araba jaana, mo serapeng sa bo 18: “Senote e e boitshepo, ka go latela dikgato tsa Lekgotla la Ntlha la Vatican [leo le neng la tlhoma thuto eo ya go tlhoka boleo ga mopapa], e ruta le go bolela le lone gore Jesu Keresete, ebong moruti wa bosakhutleng, o ne a tlhoma Kereke e e boitshepo ka go neela baaposetoloi tiro ya bone ya borongwa fela jaaka ene a ile a romelwa ke Rara (bapisa Yoh. 20:21). O ne a eletsa gore ekete batlhatlhami ba gagwe, ebong bobishopo, ba ka nna badisa mo Kerekeng ya gagwe go fitlha ka bokhutlo jwa lefatshe. Lefa go ntse jalo, e le gore setlhopha sa bobishopo ka bosone se nne sengwe fela ebile se sa kgaogana o ne a tlhoma Petere go nna tlhogo ya baaposetoloi ba bangwe, mme o ne a mo dira motswedi wa go ya go ile le o o bonalang le motheo wa kutlwano ya tumelo mmogo le ya selalelo. Thuto eno e e mabapi le go tlhongwa, go sa tlogeng mo setilong, le botho le botlhokwa jwa Mopapa wa Roma le tiro ya gagwe ya go ruta mo a sekeng a dira phoso, boikaelelo jo bosha jwa senote e e boitshepo eno ke gore e dumelwe ka mo go tiileng ke baikanyegi botlhe, mme, fa e ntse e tsweletse ka jone boikemisetso jono e sa fapoge e ikaelela go bolela phatlalatsa le go tlhalosa ka phepafalo thutomotheo e e malebana le bobishopo, batlhatlhami ba baaposetoloi, bao mmogo le motlhatlhami wa ga Petere, Mopapa wa Roma Katoliki le wa ga Keresete le moeteledipele yo o bonalang wa Kereke ka kakaretso, e kaela ntlo ya Modimo o o tshedileng.”

Se se botlhokwa, Molaotheo ono wa Dithuto tsa Kereke o ne wa bolelwa ke Mopapa Paul VI mo go lone letsatsi leo a neng a saena Taolo ya go Nna Seoposengwe ga Dikereke. Mme ka lone letsatsi leo la November 21, 1964, o ne a dira polelo nngwe e e neng e itsise kaga “Maria ‘Mma Kereke,’ ke gore, wa baikanyegi botlhe le baruti botlhe.” Go ka bolelwa jang gore Taolo ya go Nna Seoposengwe ga Dikereke ‘e ne e tshwaya go tsena ka botlalo ga Kereke ya Roma Katoliki mo mokgatlhong wa go nna seoposengwe ga dikereke’ fa ka lone letsatsi leo o neng wa phasaladiwa ka lone mopapa a ne a tlhomamisa dithuto tseo di neng di sa amogelesege gotlhelele go bontsi jwa maloko a WCC (World Council of Churches [Lekgotla la Dikereke la Lefatshe Lotlhe])?

Tsietsi E Kereke E Leng mo go Yone

Dr. Samuel McCrea Cavert, ebong mokwaledimogolo wa pele wa Lekgotla la Merafe la Dikereke, yo o neng a di goga kwa pele mo go tlhomiweng ga Lekgotla la Mafatshe la Dikereke, o ne a bolela jaana: “Taolo eo [ya Go Nna Seoposengwe ga Dikereke] tota ga e dire gore tebelelo ya yone ya go nna seoposengwe e dumalana le kgopolo ya yone ya gore Roma Katoliki ke yone Kereke fela e e boammaaruri. . . . Se se tsamaisanang le seno ke kgopolo e nngwe gape ya gore Petere ke wa maemo a a kwa godimo le gore ke ene yo o laolang Kereke yotlhe. Dikgopolo tseno go lebega di supa gore kutlwisiso ya Roma Katoliki kaga go nna seoposengwe ga dikereke ke ya Seroma e e sa kakeng ya fetolwa.”

Dr. Konrad Raiser, mothusa mokwaledimogolo wa WCC, o ne a bua jaana: “Mopapa [John Paul II] o bolela gantsi kaga go nna seoposengwe ga dikereke, mme o tlhotlhelediwa ke thomo eo e mo isang gongwe le gongwe.”

Kgotlhang eno e e bonalang sentle magareng a pono e e seng yone ya Vatican kaga go nna seoposengwe ga dikereke le go tshwarelela ka bokgopo mo megopolong ya yone ya ngwao go senola fela gore Kereke ya Roma e mo dipharagobeng. Fa e le gore e peloephepa ka go tsenelela ga yone mo mokgatlhong wa go nna seoposengwe ga dikereke wa kutlwano ya Bokeresete, e tshwanetse ya tlogela boiphako jwa yone jwa gore ke kereke e le nngwe fela ya boammaaruri. Fa e gana go tlogela boiphako jono, e tshwanetse ya dumela gore seo go tweng ke go nna seoposengwe ga dikereke ke kgato fela ya boferefere ya go fepisa dikereke tsa Orthodox le tsa Porotesetanta gore di boele gape mo lesakeng la Katoliki.

Fa go buiwa ka papamalo, Kereke ya Katoliki e tshwanetse go dumela gore maiphako a yone a makgolokgolo a dingwaga ke maaka kana gore go tsenelela ga yone mo mokgatlhong wa go nna seoposengwe ga dikereke gompieno ke boitimokanyi jo bo papametseng. E ka tswa e le ka tsela efe fela, maloko a mantsi a a peloephepa a dikereke tsa Labodumedi a mo tlalelong fela. Ba ipotsa gore a tota kutlwano ya Bokeresete e tla tsamaya e fitlhelelwa.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 28]

‘Taolo ya Go Nna Seoposengwe Ga Dikereke e tshwaya go tsena ka botlalo ga Kereke ya Roma Katoliki mo mokgatlhong wa go nna seoposengwe ga dikereke’

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Vatican II e ne ya tsenya Kereke ya Katoliki mo dipharagobeng

[Motswedi wa Setshwantsho]

UPI/Bettman Newsphotos

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela