Ke ka Ntlha Yang fa ba Kopa Maitshwarelo?
KGOPOLO ya gore dikereke di tshwanetse go ikwatlhaela melato ya tsone mme di fetoge ga e ntšha. Religioni e miti (Ditumelo le Ditlhamane), e leng dikishinare ya bodumedi, e bolela gore kgang ya gore kereke ya bogologolo e tshwanetse ya bo e ne e thokgame e ne ya kgatlha batho mo Metlheng ya Bogare mme ya dira gore batho ba le bantsi ba kope gore dilo di fetolwe.
Ka 1523, morago ga gore Martin Luther a tswe mo Roma, Mopapa Adrian VI o ne a leka go tlisa kutlwano ka go romela molaetsa ono kwa Lekgotleng la Dikgosana tsa Nuremberg: “Re itse sentle gore ka dingwaga di le dintsi dilo tse di neng di tshwanetse go ilwa di ntse di dirwa ke Mopapa ka boene . . . Re tla leka ka natla yotlhe go dira diphetogo thatathata mo Botsamaising jwa Roma, e leng gone koo go bonalang boikepo jono jotlhe bo simologile teng.” Le fa go ntse jalo, le fa a ne a dumela jalo, seno ga se a ka sa fedisa go tlhoka kutlwano mo go neng go le gone kana gone go lwantsha ditiro tse di seng kafa molaong tsa Botsamaisi jwa ga mopapa.
Bosheng jaana dikereke di ne di ntse di tshwaiwa diphoso ka gonne di ne tsa se ka tsa bua sepe go emisa Polao ya Kgailo. Gape di ile tsa bonwa molato wa go se thibele maloko a tsone go nna le seabe mo ntweng. Ka 1941, Ntwa ya Lefatshe II e ne e tlhasetse, moruti mongwe yo o bidiwang Primo Mazzolari o ne a botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa Roma e ne ya se ka ya tsaya kgato e e gagametseng jaaka fa e ne e tle e dire, fa go tlholwa dithuto tsa motheo tsa Katoliki, le jaaka e sa ntse e tle e dire, mo dithutong tsa motheo tse di sa reng sepe?” Dithuto tse di sa reng sepe fa di bapisiwa le eng? Moruti yono o ne a bua ka bomorafe jo bo neng bo tsositse ntwa e ka nako eo e neng e kgaogantse setšhaba.
Le fa go le jalo, ntlha ke gore go fitlha bosheng fela jaana, go ne go sa tlwaelega gore bodumedi bo dumele melato ya jone. Ka 1832, fa Gregory XVI a ne a araba bangwe ba ba neng ba rotloetsa Kereke ya Katoliki gore e ‘intšhafatse,’ o ne a re: “Tota ga go utlwale e bile go utlwisa botlhoko go akantsha gore pabalesego le kgolo tsa [kereke] ‘di tshwanetse go tsosolosiwa le go ntšhafadiwa,’ jaaka e kete e ne e ka bonwa molato ka tsela nngwe.” Go tweng ka melato e e neng e le mo pepeneneng mo e neng e ka se ka ya ganediwa? Go ne ga dirwa maano a a farologaneng go dira seipato sa go e tlhalosa. Ka sekai, baithutabodumedi bangwe ba ile ba bolela gore kereke e boitshepo e bile e boleo. Go bolelwa fa kereke ka boyone e le boitshepo—e sireleditswe ke Modimo gore e se ka ya dira phoso. Le fa go ntse jalo, maloko a yone a na le boleo. Ka gone, fa go dirwa dilo tse di setlhogo mo leineng la kereke, kereke ka boyone ga e a tshwanela go bonwa molato, mme ke batho ba ba mo kerekeng ba ba tshwanetseng go bonwa molato. A seo se a utlwala? E seng mo go moithutabodumedi wa Katoliki ya Roma e bong Hans Küng, yo o neng a kwala jaana: “Ga go na Kereke e e itekanetseng e e kokobetseng mo godimo ga batho ba ba sa itekanelang.” O ne a tlhalosa jaana: “Ga go na Kereke e e se nang maleo a e ka a ipobolang.”
Go Nna Seoposengwe ga Dikereke le Boemo Jwa Yone jo bo Tshwanetseng
O ka tswa o ipotsa gore go a reng dikereke di kopa maitshwarelo gone jaanong. Sa ntlha, Baporotesetanta le Ba-Orthodox ba ne ba dumela gore molato wa bone ke go bo ditlhopha tse di farologaneng tsa bodumedi di bo di ile tsa “kgaogana mo nakong e e fetileng.” Ba ne ba dumela seno kwa khonferenseng ya go dira gore dikereke di nne seoposengwe ya “Tumelo le Thulaganyo” e e neng e tshwaretswe kwa Lausanne, kwa Switzerland, ka 1927. Kgabagare Kereke ya Katoliki ya Roma le yone e ne ya dira fela jalo. Segolo jang fa e sa le ka Vatican II,a baruti ba maemo a a kwa godimo, go akaretsa le bomopapa, ba ile ba nna ba kopa ba sa kgaotse gore ba itshwarelwe ka ntlha ya dikgaogano tse di mo go Labokeresete. Ka boikaelelo bofe? Go bonala ba batla gore go nne le kutlwano e kgolwanyane mo go Labokeresete. Mokwalahisitori wa Katoliki e bong Nicolino Sarale o ne a bolela gore mo “tirong [ya ga John Paul II] ya ‘go ipobola melato,’ go na le leano, mme lone ke la go dira gore dikereke di nne seoposengwe.”
Le fa go ntse jalo, go akaretsa se se fetang fela go nna seoposengwe ga dikereke. Gompieno, hisitori ya Labokeresete e e sa tlhomeng sekao e itsege fela thata. “Katoliki e ka se itlhokomolose hisitori eno yotlhe,” go bolela jalo moithutabodumedi e bong Hans Urs von Balthasar. “Yone Kereke e a leng leloko la yone e dirile kana e dumeletse gore go dirwe dilo tse tota re ka se kang ra di amogela gompieno.” Ka gone, mopapa o tlhomile lekgotla le le tshwanetseng go “senola ditiro dingwe tse di seng dintle tsa kereke e le gore . . . go kopiwe maitshwarelo.” Ka jalo, go bonala lebaka le lengwe la go bo kereke e iketleeditse go ipona diphoso e le ka gonne e eletsa go boela gape mo boemong jwa yone jo bo tshwanetseng.
Ka mo go tshwanang, mokwalahisitori e bong Alberto Melloni, fa a ne a akgela ka go kopa ga kereke gore e itshwarelwe, o kwala jaana: “Totatota, ka dinako tse dingwe se ba se kopang fela ke gore ba se ka ba tlhola ba nnela go bonwa molato wa dilo tse ba di dirileng.” Ee, go bonala Kereke ya Katoliki e leka go ithola morwalo wa maleo a nako e e fetileng e le gore e boe e tsewe sentle gape ke batho. Le fa go le jalo, go ka bolelwa ka tlhamalalo gore go lebega e amegile thata ka go dira kagiso le lefatshe go na le go e dira le Modimo.
Boitshwaro jo bo ntseng jalo bo re gakolola ka Saulo, kgosi ya ntlha ya Iseraele. (1 Samuele 15:1-12) O ne a dira phoso e e masisi, mme fa seno se sena go senolwa, la ntlha o ne a leka go ntsha lebaka la se a se dirileng—a dira seipato sa phoso ya gagwe—mo go Samuele, moporofeti yo o ikanyegang wa Modimo. (1 Samuele 15:13-21) Kgabagare, kgosi e ne ya tshwanelwa ke go bolelela Samuele jaana: “Ke leofile; gonne ke tlodile taolo ya ga Jehofa.” (1 Samuele 15:24, 25) Ee, o ne a dumela molato wa gagwe. Mme mafoko ano a gagwe a a neng a a bolelela Samuele a senola se e neng e le sa konokono mo mogopolong wa gagwe: “Ke leofile; le fa go ntse jalo, ke a go rapela, o ntlotle fa pele ga bagolwane ba batho ba me, le fa pele ga Baiseraele.” (1 Samuele 15:30) Go bonala Saulo a ne a amegile ka boemo jwa gagwe jwa kwa Iseraeleng go na le go letlana le Modimo. Boikutlo jono ga bo a ka jwa dira gore Modimo a itshwarele Saulo. A o akanya gore boikutlo jo bo tshwanang bo tla dira gore Modimo a itshwarele dikereke?
Ga se Botlhe ba ba Dumalanang
Ga se botlhe ba ba dumalanang gore dikereke di tshwanetse go kopa maitshwarelo phatlalatsa. Ka sekai, Bakatoliki ba Roma ba sekae ba utlwa ba kokonelwa fa mopapa wa bone a kopa maitshwarelo ka ntlha ya bokgoba kana go busetsa “baikeodi” ba ba jaaka Hus le Calvin mo setšhabeng gape. Go ya ka metswedi ya tshedimosetso ya Vatican, lekwalo le le neng le romeletswe bakadinale le akantsha gore “go tlhatlhobiwe digakolodi” malebana le hisitori ya dingwaga tse di sekete tse di fetileng tsa Bokatoliki le ne la ganediwa ke bakadinale ba ba neng ba le gone kwa kokoanong e e neng e tshwerwe ka June 1994. Le fa go ntse jalo, fa mopapa a ne a batla go akaretsa ntlhakgolo ya kakantsho eno mo lekwalong le le yang go bobishopo, mokadinale wa Mo-Italy e bong Giacomo Biffi o ne a kwala lekwalo le le yang kwa baruting le mo go lone a neng a tlhomamisa jaana: “Kereke ga e na boleo.” Le fa go ntse jalo, o ne a dumela jaana: “Go kopa maitshwarelo ka ntlha ya diphoso tsa kereke tse di dirilweng makgolokgolo a dingwaga a a fetileng . . . go ka thusa go dira gore batho ba re lebe re se batho ba ba manganga.”
“Go ipobola maleo ke nngwe ya dikgang tsa moruthutha mo Kerekeng ya Katoliki,” go bolela jalo mogasi wa Vatican e bong Luigi Accattoli. “Fa mopapa a dumela gore barongwa ba na le melato mengwe, go na le barongwa ba ka boikanyegi ba sa rateng seo.” Mo godimo ga moo, mokwadi mongwe wa dikgang wa Katoliki ya Roma o ne a kwala jaana: “Fa tota mopapa a na le kgopolo e e boifisang jalo ka hisitori ya Kereke, go thata go tlhaloganya gore jaanong go tla jang gore a bo a ka bua ka yone Kereke eno a re ke moeteledipele wa ‘ditshwanelo tsa batho,’ a re ke ‘mmè le moruti’ yo e leng ene fela a ka kaelang batho go ya kwa seketeng sa boraro sa dingwaga se se itumedisang.”
Baebele e tlhagisa malebana le go itira e kete motho o bontsha boikwatlhao e le fela gore o tlhabilwe ke ditlhong gore o tshwerwe a dira phoso. Motho yo o ikwatlhaileng ka tsela e e ntseng jalo, ga se gantsi a fetogela ruri. (Bapisa 2 Bakorintha 7:8-11.) Boikwatlhao jo e leng jwa mmatota mo matlhong a Modimo bo tsamaisana le “maungo a a tshwanelang boikotlhao”—ke gore, bosupi jwa gore motho o ikwatlhaile go tswa mo pelong.—Luke 3:8.
Baebele e bolela gore motho yo o ikwatlhayang le yo o ipobolang o tshwanetse a tlogela ditiro tse di phoso, a tlogele go di dira. (Diane 28:13) A seno se diragetse? Ebu, morago ga gore Kereke ya Katoliki ya Roma le dikereke tse dingwe di ipobole, go diragetseng mo dintweng tsa maraganela teng a bana ba mpa tsa bosheng jaana kwa Afrika bogare le kwa Yuropa Botlhaba, koo “Bakeresete” ba le bantsi ba neng ba amega mo go tsone? A dikereke di ne tsa rotloetsa gore go nne le kagiso? A baeteledipele botlhe ba tsone ba ne ba buisana mmogo kgatlhanong le ditiro tse di setlhogo tse maloko a tsone a neng a di dira? Nnyaa. Ebu, tota e bile baruti bangwe ba bodumedi ba ne ba nna le seabe mo go ganyaolweng ga batho!
Katlholo ya Modimo
Fa Mokadinale Biffi a ne a bua ka go ipobola melato mo go dirwang gantsi ke mopapa, o ne a botsa jaana a sotla: “Fa e le ka maleo a a dirilweng mo nakong e e fetileng, a go ka se nne botoka gore rotlhe re emele katlholo ya lobopo lotlhe?” Ebu, katlholo ya batho botlhe e gaufi. Jehofa Modimo o itse ka botlalo dilo tse di seng dintle tse di dirilweng mo hisitoring ya bodumedi. Go ise go ye kae, o tla dira gore ba ba molato ba ikarabelele. (Tshenolo 18:4-8) Le fa go ntse jalo, a go a kgonega go bona mofuta wa kobamelo e e sa leswefadiwang ke molato wa madi, go letlelela dipolaano le ditlolomolao tse dingwe tse dikereke tsa Labokeresete di di kopelang maitshwarelo? Ee.
Re ka dira seo jang? Ka go dirisa molao ono o o builweng ke Jesu Keresete: “Lo tla ba lemoga ka maungo a bone.” Dilo tse di diragetseng mo hisitoring, tse ditumelo dingwe di ka ratang gore di lebalwe, di re thusa go bona e seng fela ba Jesu a neng a ba bitsa ‘baporofeti ba maaka’ mme gape le ba ba ungwang “leungo le le molemomogolo.” (Mathaio 7:15-20) Ke bomang bano? Re go laletsa gore o ipatlele ka bowena ka go tlhatlhoba Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Bone ba tota gompieno ba lekang go latela Lefoko la Modimo go na le go batla go nna le maatla mo lefatsheng.—Ditiro 17:11.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lekgotla la bo21 la go dira gore dikereke di nne seoposengwe le le neng le kopane mo dithulaganyong di le nnè kwa Roma go tloga ka 1962-65.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Dikereke di kopa maitshwarelo ka ntlha ya ditiro tseno tse di setlhogo
[Motswedi wa Setshwantsho]
The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck