Dikereke di a Ipobola
“Mopapa o Tsenya Kereke mo Tshekong.” “Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi le go Ila Bajuda—Kereke e Ipaakanyetsa go Ipobola Melato [Mea Culpa].”a “Go Ipobola Melato ka Ntlha ya Polao ya Kgailo.” “Ba-Methodist ba Kopa Maitshwarelo mo Baindieng ba Bophirima jo bo Kgakala.”
A O KILE wa bala ditlhogo tsa dikgang tse di tshwanang le tseno? Go lebega go direga gantsinyana gore dikereke di ipone molato e bile di kopa maitshwarelo ka se di se dirileng mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng. Gantsi metswedi ya tshedimosetso e bua thata ka go ipobola melato mo go sa tswang go dirwa ke mopapa.
Fa Mopapa a Kopa Maitshwarelo
Fa gare ga 1980 le 1996, John Paul II ‘o ne a lemoga melato e Kereke e e dirileng mo hisitoring kana o ne a kopa maitshwarelo’ bobotlana ka makgetlho a le 94, go bolela jalo motlhalosi wa Vatican e bong Luigi Accattoli mo bukeng ya gagwe ya Quando il papa chiede perdono (Fa Mopapa a Kopa Maitshwarelo). Go ya ka Accattoli, “mo Kerekeng ya Katoliki, ke mopapa fela yo o tshwanetseng go ipobola melato.” Mme seno o se dirile, fa a ne a bolela ka ditiragalo tse di tsositseng kgotlhang e kgolo thata mo hisitoring ya Katoliki—Botlhabanelatumelo, dintwa, go ema nokeng babusaesi, go kgaogana mo kerekeng, go ila Bajuda, Dikgotlatshekelo Tse di Kgatlhanong le Boikeodi, Digopa Tsa Sephiri, le tlhaolele. Mo memorantamong o o neng wa romelelwa bakadinale ka 1994 (o bangwe ba o tsayang e le lekwalo le le botlhokwa thata la mopapa), John Paul II o ne a akantsha gore go dirwe “boipolelo jwa maleo ka kakaretso, e le maleo a a dirilweng mo seketeng seno sa dingwaga.”
Baruti ba le mmalwa ba maemo a a kwa godimo ba ne ba sala sekao sa mopapa morago. Ka December 1994 lokwalodikgang lwa Italy lwa Il Giornale lo ne lwa bega jaana: “Babishopo ba le bantsi ba Amerika ba ne ba tlhagelela mo thelebisheneng mme ba kopa maitshwarelo phatlalatsa.” Maitshwarelo a eng? Ka gonne ba ile ba se ka ba tsaya tsia bothata jwa baruti ba ba tlhakanelang dikobo le bana, e leng selo se se neng sa dira gore basha ba le bantsi ba ba neng ba tlhakanela dikobo le bone ba utlwisiwe botlhoko. Ka January 1995 lokwalodikgang lwa La Repubblica lo ne lwa bega ka “tiragalo nngwe e e neng e ise e ko e diragale pele mo hisitoring ya Katoliki ya segompieno”—go ne ga buiwa ka bothata jwa gore Mopapa Pius XII o ne a se ka a bua sepe ka Polao ya Kgailo. Ka January 1995, lone lokwalodikgang loo lo ne lwa bega gore setlhopha sa babishopo sa Jeremane se ne sa kopa boitshwarelo ka ntlha ya “melato e mentsi” ya Bakatoliki ba Roma ba ba neng ba eme nokeng ditlolomolao tsa Banasi. Dikereke tse di farologaneng tsa Porotesetanta le tsone di ne di itshwaya phoso.
Ka Ntlha Yang?
Baebele e re kgothaletsa gore re kope boitshwarelo fa re dirile molato, mme batho ba le bantsi ba ne ba akgola dikereke fa di ne di itshwaya diphoso. (Jakobe 5:16) Mme ke ka ntlha yang fa dikereke di dira seno? Go tshwanetse ga ama jang tsela e re di lebang ka yone?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ke lefoko la Selatine le le bolelang “ke molato wa me,” e leng karolo ya thapelo ya Katoliki (Confiteor, kana, “ke a ipobola”), e mo go yone maloko a a ikanyegang a kereke a a nnang a boaboeletsa mafoko ano gantsintsi.