Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Dikgaogano Tseno?
SELO sa konokono se se bakang dikgaogano tsa bodumedi se bontshiwa go saetlopedia nngwe ya bodumedi gore ke selo se se dikarolo di tharo: di bakiwa ke dithuto, ke ba ba tshwereng marapo, le ke dipolotiki. A re boneng gore a tshekatsheko eno e tshwanela boemo joo bo leng teng mo Kerekeng ya Katoliki.
Thutabomodimo Kana Boammaaruri jwa Bibela?
Go ya ka tshekatsheko ya gagwe ka namana ya lebaka la go bo go na le dikgaogano tseno tseo di sa tswang go nna teng mo Kerekeng ya Katoliki, moruti René Laurentin o ne a kwala jaana: “Selo se se di bakang se lebega se le fela mo pepeneneng mo go nna. Ke dikgopolo tse di sa tshwaneng.” O bua ka kgopolo ya go rata gore go nne le diphetogo. Seno se farologane le go sa batle go utlwa sepe ka diphetogo, eleng seo se emelwang ke Mobishopomogolo Lefebvre. Mookamedi wa Dominican ebong Jean-Pierre Lintanf o bolela jaana: “Tumelo e nngwe, dithutobomodimo tsone ga di tshwane gotlhelele.”
Dikgopolo tse di sa tshwaneng, tseo eleng tsone di bakang gore go nne le dikgaogano mo teng ga kereke, di ne di se kake tsa nna gone fa kereke e ne e ngaparela Bibela jaaka motswedi wa dithuto tsa yone. Eleruri, Lekgotla la Bobedi la Vatican le ne la laela jaana: “Lefoko le le itshekileng ke sedirisiwa se se tlhotlhwakgolo seo Modimo o se dirisang thata go dira gore go nne le kutlwano eo Mmoloki a e neelang batho botlhe.” Lefa go ntse jalo, lone Lekgotla leo la Vatican le ne la tlhaetsa tsela eo Bibela eleng botlhokwa ka gone go dira gore go nne le kutlwano ka go bolela jaana: “Kereke ga e ikaege ka Dikwalo tse di boitshepo fela di le tsosi go tlhomamisa boammaaruri jotlhe jo bo senotsweng. Ka gone, Dikwalo mmogo le Ditlwaelo tsa Setso di tshwanetse tsa amogelwa le go tlotliwa ka maikutlo a a lekanang a boineelo le tshisimogo.” Gape le gore: “Thutabomodimo e e boitshepo e ikaega ka Lefoko le le kwadilweng la Modimo, le tsewa mmogo le Ditlwaelo tse di boitshepo tsa Setso.”
Mafoko ao Jesu a neng a a bolelela Bafarisai a ka dirisiwa ka tshwanelo go maatla ano ao Kereke ya Katoliki e nang le one a go ruta: “Lo dirile gore lefoko la Modimo e nne selo fela se se senang mosola ka ntlha ya ditlwaelo tsa lona tsa setso.” (Mathaio 15:6, The New Jerusalem Bible) Mosadi mongwe yo o peloephepa wa Mokatoliki o ne a kwalela lekwalopaka la Katoliki la kwa Fora jaana: “Fa baruti ba sa tlhole ba na le tlhotlheletso ya gore ba rere Lefoko le le Molemo, a go a gakgamatsa go bo ba ba ikanyegang ba le kwa tlase ka palo, kana ba senka gongwe go sele? (Fa e le Basupi ba ga Jehofa bone mmogo le batho bao ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo, tumelo ya bone e ba tlhaola mo go ba bangwe.)”
Setlhopha Se Se Tshwereng Marapo Se Se Sa Utlwaneng
Jaanong a o ke o tlhatlhobe ba ba tshwereng marapo jaaka selo seo se bakang dikgaogano mo teng ga kereke. Kgaogano eo e bakilweng ke Mobishopomogolo Lefebvre e ne e amana ka tlhamalalo le dithuto tsa Katoliki tse di leng malebana le “Tatelano ya Baaposetoloi” le maemo a mopapa. Lefebvre o bolela gore “maatla a go ruta, a go laola, le a go itshekisa ao Keresete a a neileng Baaposetoloi ba Gagwe a . . . dirilwe gore a tswele pele a le teng ka bosakhutleng mo setlhopheng sa bobishopo.” Kafa letlhakoreng le lengwe, go bolelwa gore bishopo wa Roma, eleng mopapa, ke ene “wa ntlha mo bobishopong botlhe, eseng fela ka maemo kana ka seriti, mme gape le ka maatla a boruti.”—New Catholic Encyclopedia.
Mme lefa go ntse jalo a dithuto tseno di theilwe mo Bibeleng? Yone saetlopedia eno ya Katoliki e dumela gore “ga go na mafoko ape a ga Keresete ao motho a ka a bonang mo Tesetamenteng e Ntšha ao a bontshang kafa taolo ya boaposetoloi e neng e tshwanetse ya fetisediwa mo go ba bangwe ka gone.” Mme gape e ipobola gore “maemo a mopapa” a ne a sa “tlhaloganngwe ka phepafalo kana a bolelwa ka phepafalo” mo “Kerekeng [ya Selatina] ya Bophirima” go tla go fitlha ka lekgolo la botlhano la dingwaga C.E.
Gone jaanong tsamaiso ya setlhopha se se tshwereng marapo sa Kereke ya Katoliki e a gwetlhiwa go tloga kwa godimo go ya kwa tlase. Ke yone e bakang dikgaogano tseno, ereka bobishopo, baruti, baperesiti, le batho fela ba bontsha mo pepeneneng kafa ba sa dumalaneng ka gone le mopapa mo dikgannyeng tse di malebana le tumelo, melao ya boitshwaro, le puso ya kereke. “Polelo ya Cologne” e ne ya bolela jaana: “Fa mopapa a dira sengwe seo eseng tiro ya gagwe, ga a kake a batla ka kgang gore a reediwe a dira jalo ka leina la Bokatoliki.”
Ba Kgaogane ka Tsela ya Sepolotiki
Economist ya Borithane e kwadile jaana: “Go ya kafa balatedi ba ga Lefebvre ba bonang dilo ka gone, kereke ya bone e wetse mo boferefereng joo bo e tsentseng mo diatleng tsa Ba-Marxist, tsa batho ba ba ratang segompieno le tsa Maporotesetanta. Monsignor Lefebvre o dumela gore Menolopuso ya kwa Fora e ne ya dira gore go simolole go nna le mekgwa e e tlhomolang pelo ya go rata segompieno mmogo le ya go rata kgololesego mo lefatsheng, mme Lekgotla la Vatican II lone le dirile gore go simolole go nna le Menolopuso ya kwa Fora . . . mo teng ga kereke.” Batho ba le bantsi ba Katoliki ba ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo ba akanya jalo le bone. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba Katoliki bao ba ratang gore diphetogo di nne teng ba rata diphetogo tsa loago, ba bangwe ba bone ebile ba ya le bokgakaleng jwa go amogela molaotheo wa gore diphetogo di tlisiwe ka go dirisa dibetsa. Ka gone, dipolotiki ke selo se sengwe seo se dirang gore go nne le dikgaogano mo gare ba batho ba Katoliki.
Fa moruti Laurentin a ne a konela setlhogo sa gagwe se se malebana le gore “Ke Ka Ntlhayang Fa go Na le Dikgaogano Tseno mo Gare ga Bakeresete?” o ne a bolela gore Kereke ya Katoliki e tla dumelwa fela fa e ka tsamaisana le mafoko ano a ga Jesu: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:35.
Ka ntlha ya go dirisa yone tekanyetso eo ya motheo, batho ba le bantsi ba Katoliki ba ba peloephepa go ralala lefatshe lotlhe ba ile ba tla mo tshwetsong ya gore maiphako a Kereke ya Katoliki a gore ke yone fela kereke e le nngwe ya boammaaruri ga se boammaaruri. Ereka ba itse gore, jaaka fa Jesu le ene a ile a bolela jalo, “ntlo e e ikgaogantseñ ga e kake ea èma,” ba le bantsi ba bone ba ile ba “nanabela” mme ba tswa mo kerekeng eno.—Mathaio 12:25.
Batho ba le bantsi ba Katoliki jaanong ba senka “ntlo” e e nang le Bakeresete ba boammaaruri, bao ba dirwang seoposengwe ke lorato lwa boammaaruri lwa bokaulengwe mme le bao ba sa kgaoganang ka ntlha ya dithuto tseo eseng tsa Bibela, setlhopha se se tshwereng marapo seo se sa utlwaneng, kana ka ntlha ya maikutlo a a lwantshanang a sepolotiki. Ba le bantsi ba bone ba ile ba bona seo ba neng ba ntse ba batlana le sone fa ba ne ba simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Jesu o ne a kgala Bafarisai ka ntlha ya go eteletsa ditlwaelo tsa bone tsa setso kwa pele ga Lefoko la Modimo