LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 7/8 ts. 28-29
  • “Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Tlhobaelo E E Kana Kana”?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Tlhobaelo E E Kana Kana”?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba Katoliki Ba Ba Ratang go Nna le Diphetogo Ba Tshwenyegile
  • Baruti Ba Batsuolodi
  • Batho Ba le Bantsi Ba Katoliki Ba Akabetse Fela
  • Go Kgaogana Go Gosha
    Tsogang!—1990
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Dikgaogano Tseno?
    Tsogang!—1990
  • A Kutlwano ya Bokeresete E Ka Kgonega?
    Tsogang!—1991
  • Tsietsi E Kereke ya Katoliki E Leng mo go Yone
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 7/8 ts. 28-29

“Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Tlhobaelo E E Kana Kana”?

MOPAPA JOHN PAUL II o ne a bontsha kafa a “kgobilweng marapo” ka gone ke kgaogano eo e bakilweng ke mokgatlho o o sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo wa ga Mobishopomogolo Lefebvre. O ne a bolela gore kereke e “utlwile botlhoko thata” ka ntlha ya seo.

Moruti wa Katoliki ebong Joaquín Ortega, yoo e neng e le motlatsamokwaledi wa kokoano ya bobishopo ba Roma Katoliki ya kwa Spain, o ne a tlhalosa jaana kafa boemo jono bo mo utlwisitseng botlhoko ka gone: “Re wetse mo ‘Bokatoliking jo bo tshwanang le lebenkele le legolo la dilwana.’ Batho ba itlhophela mo gare ga rona seo se ba tshwanelang jaaka ekete o ka re melao ya rona ke mmelopita ya merogo.”

Mobishopomogolo Lefebvre o bolela gore Lekgotla la Bobedi la Vatican le rekisitse Kereke ya setso ya Katoliki, le dira gore kereke e nne le diphetogo. Ka gone, o ikutlwa gore lekgotla leno le ile la tshikinya tumelo ya Makatoliki ya gore kereke eo ba e tsenang ke yone fela e le nngwe e e boammaaruri.

Fa International Herald Tribune e ne e sobokanya seo Lefebvre le balatedi ba gagwe ba se bolelang, e ne ya kwala jaana: “Batho bano ba ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo ba bolela gore gongwe kereke e ne e le phoso pele ga lekgotla leo, kana go seng jalo e phoso gone jaanong, mme lefa go ntse jalo ga e kake ya bo e le dilo tseo ka bobedi jwa tsone. Ba bolela gore fa e le gore e dirile phoso pele ga lekgotla leo, he, go raya gore e ka tswa e le phoso le mo dithutong tse dingwe. ‘Re fano go tla go bontsha kafa re ngaparelang kereke eo e nnang e sa fetoge ka dinako tsotlhe ka gone,’ mobishopomogolo o ne a bolela jalo.”

Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba Katoliki ba ba peloephepa ba ipotsa gore a seo kereke ya pele ga Lekgotla lele la Vatican II e neng e se ruta le go se dira a e ne e le boammaaruri kana e ne e se boammaaruri.

Batho ba Katoliki Ba Ba Ratang go Nna le Diphetogo Ba Tshwenyegile

Batho ba le bantsi ba Katoliki bao ba ratang go nna le diphetogo ba tshwenyegile ka go bo seo ba se tsayang jaaka dikgato tsa go gatela pele tseo di tserweng ke Lekgotla la Vatican II di senngwa ka ntlha ya tiro ya ga Lefebvre. Ba boifisiwa ke dipolelo tsa semmuso tsa bosheng jaana tseo di dirilweng ke Vatican, tsa go tshwana le tseo di boletsweng ke Mokadinale Ratzinger, yoo eleng ene a disitseng tumelo e e tlwaelegileng ya Katoliki. Ke ene tlhogo ya mokgatlho wa Vatican oo ka dingwaga di le makgolo a manè o neng o itsege jaaka Phuthego ya Kgotlatshekelo E E Boitshepo E E Lwantshang Boikeodi.

Mokadinale Ratzinger, yoo eleng moeteledipele wa Phuthego E E Boitshepo ya Thuto ya Tumelo, ya kwa Roma, o ne a bolela jaana: “Dikgaogano di nna gone fela fa batho ba sa tlhole ba tshela go ya ka boammaaruri jo bo rileng jwa tumelo ya Bokeresete le melao ya jone ya boitshwaro le fa ba sa tlhole ba e rata.” Batho ba Katoliki ba ba ratang gore go nne le diphetogo ba boifa gore mokadinale yono o ne a bua jalo a akantse ka “boammaaruri le melao ya boitshwaro” eo Kereke ya Roma Katoliki e neng e itsege ka yone mo metlheng ya pele ga Lekgotla la Vatican II.

Fa setlhogo sengwe se se bidiwang “Ditlamorago tsa Kgaogano,” se se neng se gatisitswe mo lekwalongdikgang la Fora la Le Monde, se ne se bolela ka dipoifo tse di ntseng jalo, se ne sa bolela jaana: “Go itse mang gore a gongwe Vatican ga e—e dira jalo e se ka boomo kana e le ka boomo—e simolola go dirisa ‘dithuto tsa bogologolo kwantle ga ga Lefebvre’? . . . A ruri [Vatican] jaanong ga e leke go gapa baruti mmogo le batho fela bao ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo mme mo godimo ga tsotlhe e otlelela bolaodi jwa Katoliki le melao ya yone ya boitshwaro moo e gwetlhiwang mo pepeneneng gone, segolobogolo kwa Yuropa Bophirima le kwa Amerika Bokone?”

Baruti Ba Batsuolodi

Ka January 1989, baruti ba Katoliki ba le 163 ba ba tswang kwa Jeremane Bophirima, kwa Netherlands, kwa Austria, le kwa Switzerland ba ile ba ntsha polelo eo jaanong e itsegeng jaaka Polelo ya Cologne. Mo dibekeng tse di neng tsa latela morago ga moo, ba ne ba engwa nokeng ke baruti ba le makgolokgolo ba Katoliki ba go tswa kwa dinageng tse dingwe, go akaretsa le Italy. Go tlhoka kutlwano gono go go boitshegang go tsositswe ke go bo Vatican ka boithatelo jwa yone fela e ne e tlhophile mobishopo mongwe yo o sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo gore e nne mobishopomogolo wa Katoliki kwa Cologne, Jeremane, e dira jalo kgatlhanong le dikeletso tsa setlhopha se se laolang sa tulo eo. Mme lefa go ntse jalo ngongorego eo e ne e se fela ka ntlha ya go bo go ne go tlhophilwe bobishopo ba majelathoko. E ne e akaretsa le dikgato tsa go otlhaya tse di ileng tsa tsewa ke Vatican go didimatsa baruti bao ba neng ba bontsha “go nna le mokgwa wa go akanya wa thutabomodimo oo o neng wa otlelelwa ke Lekgotla la Bobedi la Vatican.” Baruti bao gape ba ne ba gwetlha tshwanelo ya ga mopapa ya go gatelela dikgopolo tsa gagwe “mo dithutong tsa motheo,” segolobogolo e e leng malebana le thibelopelegi.

Fa Mokadinale Ratzinger a ne a tsibogela polelo eno, o ne a bolela ka bogale gore bao ba ganang maikutlo a Vatican malebana le thibelopelegi le tlhalo ba phutholola “segakolodi” le “kgololesego” ka tsela e e phoso mme ebile ba tlola thuto e e tlwaelegileng ya kereke eo. Maloba jaana o ile a gakolola bobishopo ba U.S. gore ba seka ba letla thuto ya bone gore e tlhotlhelediwe ke “setlhopha se mongwe le mongwe a gogelang kwa go sone” sa baruti.

Batho Ba le Bantsi Ba Katoliki Ba Akabetse Fela

Moruti mongwe wa Mofora wa Katoliki o ne a bolela jaana fa a ne a botsolodiwa ke Le Monde: “E ne e tla bo e le phoso go bolela . . . gore kgaruruu eno e ama baruti fela. Se ba se bontshang fela ke tlhobaelo e e seng kana ka sepe eo batho ba le bantsi ba Katoliki ba nang le yone.”

Batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba Katoliki ba ipotsa gore a gongwe mobishopomogolo wa motsuolodi ebong Lefebvre, lemororo a kgaotswe, a a ka ne a sa ‘palelwa ke go fenya tlhabano e potlana mme lefa go ntse jalo a fentse ntwa e kgolo.’ Tota, go dirwa diphetogo di direlwa balatedi ba ga Lefebvre ka maiteko a go ba gapa gore ba boele sakeng. Mmisa gape e boetse e buiwa ka Selatina mo dikerekeng di le dintsi tsa Katoliki, mme bobishopo ba ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo ba a tlhophiwa gore ba nne mo maemong a a rileng. Se se kgatlhisang ke gore, batho ba Katoliki ba ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo ba botsa jaana: ‘Ke ka ntlhayang fa Monsignor Lefebvre a ne a kgaolwa fa baruti ba Katoliki ba kwa Holland bone bao ba segofatsang “manyalo” a basodoma le baruti ba Amerika Borwa bao ba buelelang bodumedi jwa gore go tlisiwe kgololesego ka go menola dipuso ka dikgoka ba santse e le bontlhanngwe jwa kereke?’

Seno sotlhe se tlogela batho ba le bantsi ba Katoliki ba tlhakane tlhogo. Mofora mongwe wa Mokatoliki o ne a kwalela lekwalodikgang la Katoliki le le tswang letsatsi le letsatsi eleng la La Croix (Sefapaano) jaana: “Bakeresete bao eleng batho fela, ba go tshwana le nna jaana, ba a boga ka gonne bao ba nang le seabe [mo go tlhokeng kutlwano gono ga kereke] ga ba tshware ditherisano le go dira tumalano. Batho ba bangwe ba tswa ba nanabela ba tlogela mokgwa wa bodumedi, fa ba sa tlogele Kereke ka boyone.”

Kwantle ga pelaelo, batho ba ba ntseng jalo ga ba kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa kereke eo ba tsayang gore ke yone fela ya boammaaruri e sa utlwane jaana. Esita le moruti wa Katoliki ebong René Laurentin o ne a botsa jaana: “Ke ka ntlhayang fa go na le dikgaogano tse di ntseng jaana mo gare ga Bakeresete?” A re tlotleng ka bokhutshwane ka dingwe tsa dilo tseo di di bakang.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 29]

“Batho bano ba ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo ba bolela gore gongwe kereke e ne e le phoso pele ga lekgotla leo, kana go seng jalo e phoso gone jaanong, mme lefa go ntse jalo ga e kake ya bo e le dilo tseo ka bobedi jwa tsone.”—International Herald Tribune.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela