LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 7/8 ts. 25-27
  • Go Kgaogana Go Gosha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kgaogana Go Gosha
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo tsa Konokono Tse Di Bakileng Kgaogano Eno
  • Go Nna Kgatlhanong le Kgololesego ya Bodumedi
  • Go Shakgadiwa ke Mmisa wa “Seporotesetanta”
  • Go Tlhokafala Gore go Nne le Yoo O Tla Mo Tlhatlhamang
  • “Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Tlhobaelo E E Kana Kana”?
    Tsogang!—1990
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Dikgaogano Tseno?
    Tsogang!—1990
  • Tsietsi E Kereke ya Katoliki E Leng mo go Yone
    Tsogang!—1991
  • Dikgaogano Tse Di Nang Le Makgolokgolo A Dingwaga Di Ntse Di Le Teng
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 7/8 ts. 25-27

Go Kgaogana Go Gosha

Ka mokwaledi wa Tsogang! kwa Fora

JUNE 30, 1988, e tla nna letlha leo le se kitlang le tsamaya le lebalwa mo dipegong tsa ngwaga le ngwaga tsa ditiragalo tsa Kereke ya Roma Katoliki. Mo letsatsing leo, mobishopomogolo wa Mofora ebong Marcel Lefebvre o ne a gwetlha Vatican. O ne a tlhomamisa bobishopo ba le banè kwa sekolong sa gagwe sa Katoliki se se kwa Switzerland sa batho ba ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo. Kgato eno e ne ya dira gore Lefebvre a kgaolwe mmogo le bobishopo ba basha ba banè bao. E ne ya baka gore go nne le kgaogano ya ntlha mo Kerekeng ya Katoliki fa esale e e neng ya nna ka 1870. Ka ngwaga oo setlhopha sengwe se go tweng ke sa Makatoliki a ga Loe se ne sa kgaogana le kereke eo ka ntlha ya kgang e e leng malebana le gore mopapa ga a na boleo.

Dilo tsa Konokono Tse Di Bakileng Kgaogano Eno

Kgaogano magareng ga Vatican le mokgatlho wa ga Mobishopomogolo ebong Lefebvre wa majelathoko o o sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo e ne e na le lobaka lo lotelele e ntse e gola. Dilo tsa konokono tse di bakileng kgaogano eno di simologile morago kwa ka nako ya fa go ne go tshwerwe Lekgotla la Bobedi la Vatican, go tloga ka 1962 go ya go 1965. Mopapa John XXIII, eleng ene yo o neng a epile pitso ya lekgotla leo, o ne a bolela maitlhomo a le mabedi a pitso eo. Nngwe ya one a ne a bidiwa aggiornamento (go dira gore dilo di tsamaisane le tsa sesheng), mme a mangwe e ne e le a go dira gore dikereke tsotlhe tse go tweng ke tsa Bokeresete di boele di nne seoposengwe.

Lemororo Mobishopomogolo Lefebvre, jaaka mobishopo wa Katoliki, a ne a nna le seabe mo Lekgotleng leo la Vatican II, o ne a sa dumalane le ape a maitlhomo ano ka bobedi jwa one. Ereka e le motho yo o sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo yo o sa kakeng a ineela ka gope, maikutlo a gagwe ke gore Kereke ya Katoliki ga go na sepe mo go yone seo se tlhokang gore se dirwe gore se tsamaisane le sa sesheng. Ereka Lefebvre a ineetse ka pelo yotlhe mo maikutlong a bogologolo a Katoliki a gore “ga o kake wa bona poloko fa o se mo Kerekeng eno,” o dumela gore tsela e le nngwe fela eo go ka diragalang gore “Bakeresete” ba nne seoposengwe ka yone ke gore batho botlhe bao eseng Makatoliki ba ngaparele tumelo ya Roma Katoliki.

Go Nna Kgatlhanong le Kgololesego ya Bodumedi

Ngwaga morago ga a sena go kgaolwa, Mobishopomogolo Lefebvre, fa a ne a buelela batho ba Katoliki bao ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo bao ba tshegetsang mokgatlho wa gagwe, o ne a bolela jaana: “Ga re batle go utlwa sepe ka kgopolo e e leng malebana le kgololesego ya bodumedi le diphelelo tsa yone, segolobogolo ya gore dikereke tsotlhe di nne seoposengwe, eleng seo nna ka namana ke se fitlhelang e le selo se se sa siamang.”

O ne a sa simolole sengwe se sesha. O ne a tswa a latela setso sa Katoliki ka boikanyegi. Ka August 15, 1832, Mopapa Gregory XVI o ne a kwala lekwalo lengwe leo le neng le ya kwa go bobishopo botlhe leo le bidiwang Mirari vos, leo mo go lone a neng a kgala kgololesego ya segakolodi a e bitsa “kgopolo e e sa siamang, kana botsenwa.” Dingwaga di le some a mararo le bobedi morago ga moo, Mopapa Pius IX o ne a gatisa Lekwalo la gagwe la Diphoso, leo mo go lone a neng a kgala kgopolo ya gore “motho mongwe le mongwe o gololesegile go ka amogela bodumedi le go bolela gore ke jwa gagwe joo, go ya kafa motho yoo a akanyang ka gone, a dumelang gore bo boammaaruri.”

Ka go gana gore dikereke tsotlhe di nne seoposengwe, Mobishopomogolo Lefebvre tota seo a neng a se dira fela e ne e le go bontsha kafa a ngaparelang ka gone seo thuto ya Katoliki e se bitsang “go nna seoposengwe ga Kereke,” eleng, gore go na le kereke e le “Nngwe Fela, E E Boitshepo, Eo Eleng ya Katoliki le ya Boaposetoloi.”

Go Shakgadiwa ke Mmisa wa “Seporotesetanta”

Diphetogo tseo Lekgotla la Vatican II le di dirileng mo mekgweng ya setso eo go obamelwang ka yone mo Katoliki ke tsone selo se segolo se se bakelang Mobishopomogolo Lefebvre le balatedi ba gagwe botlhoko jwa ntho. Mobishopo yono wa motsuolodi o tsaya gore diphetogo tseo ke tsone di dirileng gore Mmisa o nne ka tsela ya “Seporotesetanta.” Ga se fela ka ntlha ya gore go dirisiwa dipuo tsa segompieno mo boemong jwa gore go dirisiwe Selatina; Lefebvre o ikutlwa gore go na le dilo di le dintsi thata tseo di ileng tsa fetolwa ka maikaelelo a gore go ngokiwe Baporotesetanta le gore le esita le ka Selatina mokgwa wa go obamela oo o ileng wa rebolwa ke Mopapa Paul VI ke wa “boikeodi.”

Go tlhomamisa gore mokgwa wa setso wa go tshwara Mmisa ka Selatina o nne o tswelele pele o le gone, Mobishopomogolo Lefebvre o ne a tlhoma sekolo sengwe sa baruti kwa Ecône, Switzerland, ka 1970. Se ne se tsamaisiwa ke Mokgatlho wa Baruti wa ga Moitshepi Pius X, oo Lefebvre a neng a o tlhoma mo go yone ngwaga eo. E ne ya re fa mokgatlho oo wa gagwe o simolola go tuma, a bo a tlhoma dikolo tse dingwe tsa baruti tseo di sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo kwa Yuropa le kwa Dinageng tse di Kopaneng tsa kwa Amerika. Koo makawana a le makgolokgolo a thapisiwa jaaka baruti bao ba sa batleng go utlwa sepesepe ka diphetogo.

Mobishopo yono wa motsuolodi o tlhomamisitse baruti ba ba fetang 200 ba ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo, lemororo Mopapa Paul VI a ne a mo iletsa go dira jalo ka 1976. Baruti bano ba keteka Mmisa ka Selatina ba o ketekela mo ntlong ya baitlami le mo dikerekeng tsa Katoliki tseo go tsenelwang mo go tsone ka tsela eo eseng kafa molaong.a Vatican e dumela gore Lefebvre o na le balatedi ba ba ikemiseditseng go lwa fa e le gore go a lowa bao ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo ba ka nna makgolo a le sekete lefatshe ka bophara, mme lefa go ntse jalo batlhankedi ba bangwe ba kereke ba dumela gore palo ya bone e gaufi le sephatlo sa milione. Lefebvre ka boene o bolela gore Makatoliki a le dimilionemilione ba leba dilo ka tsela eo a di lebang ka yone.

Go Tlhokafala Gore go Nne le Yoo O Tla Mo Tlhatlhamang

Mo Kerekeng ya Katoliki, mobishopo a ka tlhomamisa baruti. Lefa go ntse jalo, ke mopapa fela yo a ka rebolang gore go tlhomamisiwe mobishopo. Ereka go ne go na le tlhaelo ya mobishopo yo o neng a ka tlhomamisa baruti, Lefebvre yo o tsofetseng o ne a lemoga gore Mokgatlho wa gagwe wa Baruti o ne o le mo kotsing ya go swa morago ga a sena go swa. Go bonala Vatican e ne e solofetse gore seno se tla diragala, e ne ya tsenela dipuisano tse di tsereng lobaka lo lotelele le ene, e ne e ya re kgabagare ba mo laela ba sa mmotse. O ne a tla tshwanelwa ke gore a amogele go tlhomamisiwa ga mobishopo yo o rebotsweng ke Vatican kana fa a ne a tswelela ka go tlhomamisa mobishopo ka boene, o ne a tla kgaolwa.

Ka June 30, 1988, kwa moletlong oo o neng o tsenetswe ke diketekete tsa balatedi ba gagwe, mobishopo yono wa motsuolodi o ne a tlhomamisa bobishopo ba le banè ba ba sa batleng go utlwa sepe ka diphetogo. International Herald Tribune e e tswang letsatsi le letsatsi ya kwa Paris e ne ya bega jaana: “Go tlhomamisa bobishopo ba le banè ga ga Mobishopomogolo Lefebvre go ne ga apesa pokano ya bodumedi ya Vatican moriti eo mo go yone mopapa a neng a tlhatlosetsa bobishopo ba le 24 kwa godimo gore e nne ba Setlhopa sa Bakadinale. Vatican e ne ya phimola konsarata e e kgethegileng gore e ke e bontshe kafa e neng e ‘utlwile botlhoko jo bo tlhabang pelo ka gone’ ka ntlha ya kgato eo e neng e tserwe ke Mobishopomogolo Lefebvre. ‘Ke letsatsi la khutsafalo,’ Mokadinale [wa Mofora] ebong Decourtray o ne a bolela jalo.”

Go kgaogana gono go go diragetseng moteng ga Kereke ya Katoliki ga go a baka kutlobotlhoko go Vatican fela mme gape go tlogetse dimilionemilione tsa Makatoliki ao a peloephepa go ralala lefatshe ba tseane fela le go tlhakana tlhogo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo se se reng “The Rebel Archbishop” (Bishopo wa Motsuolodi), seo se gatisitsweng mo tokololong ya Awake! ya December 22, 1987.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela