Dikgaogano Tse Di Nang Le Makgolokgolo A Dingwaga Di Ntse Di Le Teng
LEFOKO “kgaogano” le tlhalosiwa jaaka “tiragalo eo mo go yone setlhopha sengwe sa bodumedi se kgaoganang ka legare go fetoga ditlhopha di le pedi tse di farologaneng, ebile di ikemetse ka nosi.”
330 C.E. “Go kgaogana magareng ga Labodumedi ya Segerika le ya Selatina. . . . Go tlhongwa ga Constantinople, eleng ‘Roma e ntšha’ (ka 330), eo e neng ya tsena mo boemong jwa ‘Roma ya bogologolo’ jaaka motsemogolo wa mmuso oo o mogolo, go ne ga jala dipeo tsa go tlhoka kutlwano ga bodumedi magareng ga Botlhaba joo eleng Segerika le Bophirima joo eleng Selatina.”—The Encyclopedia of Religion.
330-867 C.E. “Go tloga ka go simologa ga Tulo ya Constantinople eo e neng e busiwa ke mobishopo go ya go fitlha ka kgaogano e kgolo ya ka 867 palo ya dikgaogano tseno tsa ka nakwana e a boitshega. . . . Mo dingwageng tseno tse 544 (323-867) Constantinople e ne ya fetsa tse di seng kafa tlase ga di le 203 tsa tsone e le mo boemong jwa dikgaogano [Roma e le mo godimo ga dikgaruruu tsa bodumedi tse di amanang le Tharonngwe mmogo le kobamelo ya ditshwantsho].”—The Catholic Encyclopedia.
867 C.E. “Tulo ya Constantinople eo e neng e laolwa ke bishopo e ne ya nna e ntse e le kgatlhanong le Roma ka nako ya seo se neng se bidiwa Kgaogano ya ga Photius. Ka nako ya fa Mopapa Nicholas I a ne a gwetlha go tlhotlosediwa ga ga Photius kwa godimo gore a dire tiro ya go nna mobishopo yo mogolo thata, . . . mobishopomogolo wa kwa Byzantium o ne a gana go ikobela seo. . . . Nicholas . . . o ne a kgaola Photius; lekgotla la kwa Constantinople le ne la araba seo (ka 867) ka gore le lone le kgaole Nicholas. Dikgangkgolo tseo di neng tsa tsoga ka bonako magareng ga ditulo tse pedi tseo tse di neng di laolwa ke bobishopo e ne e le dikgang tse di botlhokwa thata mo bodumeding, mo tseleng eo go obamelwang ka yone, mo tseleng eo baruti ba otlhaiwang ka yone.”—The New Encyclopædia Britannica.
1054 C.E. “KGAOGANO YA BOTLHABA LE BOPHIRIMA, tiragalo eo e neng ya baka gore e re kgabagare dikereke tsa Botlhaba [eleng tsa Orthodox] tsa Bokeresete di kgaogane . . . le Kereke ya Bophirima [eleng ya Roma Katoliki].”—The New Encyclopædia Britannica.
1378-1417 C.E. “KGAOGANO [E KGOLO] YA BOPHIRIMA—Lobaka . . . loo ka lone Labodumedi ya kwa Bophirima e neng ya kgaoganngwa kafa tlase ga bomopapa ba le babedi, mme morago ga moo kafa tlase ga ba le bararo, [bomopapa bano ba ba neng ba tshwere kgaisano yo mongwe o ne a le kwa Roma, yo mongwe a le kwa Avignon (Fora), mme yo mongwe a le kwa Pisa (Italy)].”—New Catholic Encyclopedia.
Lekgolo la bo 16 la dingwaga C.E. “Malebana le Phetogo E Kgolo ya Boporotesetanta, . . . Kereke ya Katoliki gantsi e dirisa lefoko boikeodi mo boemong jwa gore e dirise kgaogano.”—Théo—Nouvelle encyclopédie catholique.
1870 C.E. “Lekgotla la Ntlha la Vatican, leo le neng le buelela gore mopapa ‘ga a na boleo,’ le ne la baka gore ‘Makatoliki a ga Lowe’ a intshe ka kgoro.”—La Croix (e e tswang letsatsi le letsatsi ya Paris, ya Katoliki).
1988: Kgaogano ya ga Mobishopomogolo Lefebvre, yoo “eleng ene a simolotseng kgaogano mo Kerekeng ya Katoliki ka go gwetlha ga gagwe Mopapa le moya wa Lekgotla la bobedi la Vatican . . . yoo o tsayang Maporotesetanta jaaka baikeodi, yoo o lebang kgopolo ya gore dikereke di nne seoposengwe jaaka tiro ya ga diabolo, le yoo a ikemiseditseng go swa e le motho yo o kgaotsweng mo boemong jwa gore a busediwe mo Kerekeng eo e ‘ratang mekgwa ya segompieno.’”—Catholic Herald.