Kereke ya Katoliki mo Afrika
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA lTALY
KEREKE ya Katoliki mono Afrika e na le dimilione di le masomesome tsa balatedi mme mathata a yone mono a a boitshega. Mo masimologong a ngogola baeteledipele ba kereke eno ba ba fetang 300 ba ne ba phuthegela kwa Vatican kwa Rome go ya go sekaseka mangwe a mathata ano mo sinotong e e kgethegileng e e neng ya tsaya lobaka lwa kgwedi.
Fa a ne a simolola tirelo eno, mopapa o ne a bua jaana jaaka go ile ga begwa mo go LʼOsservatore Romano: “Gompieno ke lekgetlho la ntlha re tshwara Sinoto ya Kereke ya Afrika e mo go yone go akarediwang kontinente yotlhe. . . . Gompieno Afrika yotlhe e phuthegetse fano mo Basilica ya ga St Peter. Bishopo wa Rome o dumedisa Afrika ka lorato lo logolo.”
Ntwa ya Semorafe
Jaaka fa ba le bantsi ba itse, mathata a Kereke ya Katoliki a mantsi thata segolobogolo kwa dinageng tsa Afrika tsa Burundi le Rwanda tse bontsi jwa baagi ba tsone e leng Bakatoliki. Ngogola ka letlhabula dikgang tsa lefatshe lotlhe di ne di bua ka ntwa ya koo ya semorafe jaaka fa dikete di le makgolokgolo tsa batho ba koo di ne di bolawa ke baagisani ba bone. Motho mongwe yo o neng a bona seno ka matlho o bega jaana: “Re ne ra bona basadi ba ba belegeng bana ba bolaya ba bangwe. Ra bona bana ba bolaya bana ba bangwe.”
National Catholic Reporter e ne ya bolela kafa seno se neng sa utlwisa baeteledipele ba Katoliki botlhoko ka teng. E ne ya bolela gore mopapa “o ne a ‘utlwa botlhoko thataʼ fa a ne a sa tswa go utlwa pego ya bosheng kaga kgotlhang ya naganyana e potlana ya Afrika [ya Burundi], e bontsi jwa baagi ba yone e leng Bakatoliki.”
Go bolaana ga batho kwa Rwanda go ne ga tlhabisa baeteledipele ba Katoliki ditlhong tota. Setlhogo sengwe mo go lone lokwalodikgang lono se ne sa re, “Mopapa o Kgala go Gailana ga Batho Kwa Dinageng Tse 70% ya Batho ba Teng e Leng Bakatoliki.” Setlhogo seno se ne sa akgela jaana: “Go lwa ga Baafrika go akaretsa ‘go gailana ga mmatota, go ka maswabi, Bakatoliki le bone ba nnang le seabe,ʼ mopapa o ne a rialo.”
E re ka masetlapelo a kwa Rwanda a ne a direga go santse go tshwerwe sinoto ya Katoliki e e neng e le ya ntlha mo hisitoring kwa Rome, kwantle ga pelaelo, bobishopo ba ne ba lebisa tlhokomelo kwa ditiragalong tseo tsa kwa Rwanda. National Catholic Reporter e ne ya akgela jaana: “Kgotlhang ya kwa Rwanda e supa selo sengwe se se tshwenyang: Gore tumelo ya Sekeresete e paletswe ke go dira Baafrika gore ba tlogele moya wa bomorafe.”
Fa e ne e bua ka tsela e seno se neng se tshwentse bobishopo ka yone, National Catholic Reporter e ne ya tswelela ka gore: “Albert Kanene Obiefuna, bishopo wa Awka, kwa Nigeria, o ne a ama kgang eno [ya bomorafe] fa a ne a eme sinoto ka lefoko.” Mo puong ya gagwe Obiefuna o ne a tlhalosa jaana: “Botshelo jwa Moafrika jwa mo lelapeng le jwa Sekeresete bo ikaegile thata ka ditiro tsa gagwe tsa setso.“ Morago ga moo, kwantle ga pelaelo a bua a akantse ka Rwanda, Obiefuna o ne a tswelela pele a bua le sinoto jaana: “Tsela eno ya go akanya e aname thata mo Baafrikeng mo e bileng ba nang le puo e e reng fa dilo di nna thata, ga ba latele tsela ya Sekeresete e e rutwang ke Kereke ya gore ke bana ba motho, go na le moo ba latela kgang ya gore ‘madi a bokete go gaisa metsi.ʼ Mme fa go twe metsi fano, motho a ka akaretsa le metsi a Kolobetso a ka one motho a tsalwang jaaka Ieloko la Ielapa la Kereke. Kgolagano ya losika e botlhokwa go gaisa tota le mo Moafrikeng yo o fetogileng Mokeresete.”
Ka gone, bishopo yono o ne a dumela gore tumelo ya Katoliki mo Afrika e paletswe ke go bopa Bakeresete gore ba nne bana ba motho, selo se se dirang gore badumedi ba ratane tota fela jaaka Jesu Keresete a ne a ruta gore ba tshwanetse go dira jalo. (Johane 13:35) Go na le moo, “kgolagano ya losika ke selo se se botlhokwa go gaisa” mo Bakatoliking ba Afrika. Seno se dirile gore mo go bone, go tlhoana ka lotso e nne selo se se botlhokwa go gaisa tsotlhe tse dingwe. Jaaka mopapa a ile a bolela, Bakatoliki ba Afrika ba tshwanelwa ke go rwala maikarabelo a masetlapelo a a tsitsibanyang mmele a a ileng a direga bosheng jaana.
Ga Twe bo mo Mathateng a go Nyelela
Bobishopo ba Afrika kwa sinotong eno ba ne ba tlhalosa fa ba boifa gore Bokatoliki mo Afrika bo a nyelela. Bonifatius Haushiku, yo e leng bishopo wa Namibia, o ne a re: “Fa e le gore re batla gore Kereke e se ka ya nyelela mo nageng ya gaetsho, re tshwanelwa ke go akanyetsa thata kgang ya go tlhakanya ngwao le bodumedi.”
Fa a ne a tlhalosa maikutlo a a tshwanang, Adista, moemedi wa bobegadikgang wa Katoliki wa kwa Italy o ne a re: “Fa re bua ka ‘go tlhakanya ngwao le bodumediʼ ka Efangele kwa Afrika, re a bo re bua ka selo se se tla felelang se diragaletse Kereke ya Katoliki kwa kontinenteng eo, gore a e tla nyelela kana e tla nnela ruri.”
Tota go “tlhakanya ngwao le bodumedi” go bobishopo ba buang ka gone ke eng?
Kereke le go “Tlhakanya Ngwao le Bodumedi”
John M. Waliggo o tlhalosa gore “go fetile lobaka lo loleele go ntse go dirisiwa lefoko go fetola fa go buiwa ka yone kgang eno.” Fa go tlhalosiwa ka tsela e e motlhofo, go “tlhakanya ngwao le bodumedi” ke go kopanya dingwao, dikgopolo tsa bodumedi jwa semorafe, meletlo le kobamelo ya Sekatoliki, go fetolwa mekgwa ya bogologolo, didirisiwa, tsela ya go dira dilo le mafelo, di rewa maina a masha.
Go tlhakanya ngwao le bodumedi go tla dira gore batho ba Afrika e nne Bakatoliki ba ba lejwang ba siame lefa ba ntse ba tsweletse ka ditlwaelo tsa bone, meletlo le ditumelo tsa bodumedi jwa bone jwa setso. A go tshwanetse ga nna le motho yo o nnang kgatlhanong le seno?
Ka sekai, lekwalodikgang la Italy la La Repubblica, le ne la botsa jaana: “A ga go boammaaruri gore Keresemose ya kwa Yuropa, e ne ya thaiwa mo moletlong wa Solis Invicti, o o neng o ketekiwa ka December 25?”
Eleruri, go ntse fela jaaka Josef Cardinal Tomko, yo e leng mokadinale wa Congregation for the Evangelization of Peoples, a ile a re: “Kereke ya barongwa ga e bolo go nna e tlhakanya ngwao le bodumedi pele ga lefoko leno le simolola go dirisiwa.” Jaaka fa La Repubblica e tlhalositse, mokete ono wa Keresemose o tlhalosa ntlha eno sentle. Kwa tshimologong e ne e le moletlo wa seheitene. “Letlha la December 25 ga le a lebagana le botsalo jwa ga Keresete,” go rialo New Catholic Encyclopedia, “mme ke la moletlo wa Natalis Solis Invicti, e leng moletlo wa Seroma wa letsatsi fa le sokologa go tsena setlha se sengwe.”
Keresemose ke nngwe ya dingwao tse dintsintsi tse di tserweng mo boheiteneng. Go ntse fela jalo le ka dithuto tse di jaaka Tharonngwe, go sa sweng ga moya, le ya gore moya wa motho o tlhokofadiwa ka bosakhutleng morago ga loso. John Henry Cardinal Newman wa lekgolo la bo19 la dingwaga o ne a kwala a tlhalosa gore “baeteledipele ba Kereke ba bogologolo ba ne ba iketleeditse go amogela, go etsa kana go letlelela meetlo le dingwao tsa batho fa tshono e ne e tlhaga ya gore ba dire jalo.” Fa a sena go bolela ditlwaelo di le dintsi le malatsi a a boitshepo a kereke, o ne a bolela gore “otlhe a simologile e le a boheitene, mme a ile a itshepisiwa ka go amogelwa ke Kereke.”
E ne ya re fa Bakatoliki ba ya kwa dikarolong tse batho ba tsone e neng e se Bakeresete, tse di jaaka tsa Afrika, gantsi ba ne ba fitlhela batho ba teng ba setse ba na le ditlwaelo tsa bodumedi le ditumelo tse di tshwanang le tsa kereke ya bone. Seno ke ka gonne mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng kereke e ne ya amogela ditlwaelo le dithuto tsa batho ba e neng e se Bakeresete mme ya di kopanya le tsa Bokatoliki. Go ya kafa Mokadinale Newman a bolelang ka teng, ditlwaelo le dithuto tseo di ne tsa “itshepisiwa ka gore di amogelwe ke Kereke.”
Ka gone, e ne ya re fa Mopapa John Paul II a etetse batho ba Afrika ba e seng Bakeresete ka 1993, o ne a nopolwa mo LʼOsservatore Romano a re: “Ke ne ka kopana le badumedi ba voodoo kwa Cotonou [Benin, mono Afrika], ke ne ka kgona go bona go ya ka tsela e ba neng ba bua ka yone gore ka tsela nngwe ba setse ba dira meetlo le go tshela ka tsela e Kereke e batlang go ba fetolela mo go yone. Ba letetse fela gore mongwe a tle go ba thusa go fetoga go sekae fela le go ba Kolobetsa gore ba tshele ka tsela e ka tsela nngwe ba neng ba setse ba tshela ka yone pele ba Kolobediwa.”
O Tshwanetse go Dira Eng?
Tsela e kereke e paletsweng ke go ruta batho ba Afrika Bokeresete jwa boammaaruri jo bo sa tswakanang ka yone. e lerile ditlamorago tse di sa itumediseng. Go dirile gore batho ba rate bomorafe fela jaaka go ntse kwa dinageng tse dingwe, mo go neng ga felela ka gore Bakatoliki ba bolaane. A bo e le go tlontlolola Keresete jang ne! Baebele e bolela gore mokgwa o o maswe oo wa go bolaana ga batho o supa gore ke “bana ba diabolo,” mme Jesu o bolela jaana ka ba ba ntseng jalo: “Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang tshiamololo.”—1 Johane 3:10-12; Mathaio 7:23.
Mme jaanong ke eng se Bakatoliki ba ba pelo di ikanyegang ba tshwanetseng go se dira? Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba ikehe mo go lateleng ditlwaelo kana ditumelo tse di ka leswafatsang kobamelo ya bone go Modimo. “Se pataganeleng jokwe le ba ba sa dumeleng,” Baebele ya rialo. Gore Modimo o go amogele, o tshwanetse go ‘tswa mo gare ga bone, o lomologane, o se ka wa ama sepe se se itshekologileng mo matlhong a Modimo.ʼ—2 Bakorinthe 6:14-17.
[Mafoko a a mo go tsebe 20]
‘Ntwa e e kwa Rwanda ke go gailana ka mmatota, mme tota le Bakatoliki ba na le seabe mo go yone,ʼ mopapa o ne a rialo
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]
Photo: Jerden Bouman/Sipa Press