LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 12/1 ts. 2-5
  • A Ruri Bodumedi Bo A Tlhokega?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ruri Bodumedi Bo A Tlhokega?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Oketsega ga go Rata Dilo tsa Selefatshe
  • Go Rata Dilo Tsa Selefatshe go Boela kwa Morago
  • Kgatlhego E E Ntšhwafaditsweng mo Bodumeding
  • A Bodumedi Bongwe le Bongwe Bo Siame?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Bodumedi—Bo na Le Molemo Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ditsela Tsa go Tswa mo Bodumeding Jwa Maaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Nna mo Bodumeding jo bo Itshekileng Gore o Falole
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 12/1 ts. 2-5

A Ruri Bodumedi Bo A Tlhokega?

A BODUMEDI bo botlhokwa mo go wena? A gongwe o leloko la setlhopha sengwe sa bodumedi kana la kereke nngwe? Fa e le gore go ntse jalo, o na le dilo di le dintsi tse di tshwanang le tse batho ba le bantsi ba neng ba na le tsone ba ba neng ba tshela ka 1844, eleng ngwaga o rramatlhale mongwe wa Mojeremane ebong Karl Marx a neng a kwala jaana ka one: “Bodumedi . . . ke selo se se tagang batho.” Ka malatsi ao mo e ka nnang mongwe le mongwe o ne a ya kwa kerekeng mme ebile bodumedi bo ne bo ama motho wa mofuta mongwe le mongwe ka tsela e e maatla. Gompieno, seo se fetogile gotlhelele, mme ebile bodumedi bo na le karolo e nnye thata kana ga bo na karolo epe gotlhelele mo matshelong a batho ba le dimilione di le makgolokgolo. Fa o ya kwa kerekeng, o tshwanetse wa bo o le mongwe wa ba palo ya ba babotlana thata mo lefelong la lona.

Ke eng se se dirileng gore boemo jono bo fetoge? Lebaka ke gore, Karl Marx o ne a simolola botlhajana bongwe jo bo leng kgatlhanong le bodumedi e le botlhajana jo bo neng jwa tlhotlheletsa batho ba le bantsi thata. Ka mo go bonalang ka gone Marx o ne a leba bodumedi jaaka selo se se kgoreletsang motho gore a se ka a tswelela pele. O ne a bolela gore dilo tse motho a di tlhokang di ne di ka kgona go fitlhelelwa sentle ka go nna le dilo tse di bonalang, eleng botlhajana jo bo neng bo dira gore go se tlhole go akanngwa ka Modimo, kana bodumedi bope jo bo leng gone. Seno se ne sa dira gore a bolele jaana: “Selo sa ntlha se se tshwanetseng go dirwa gore batho ba itumele ke gore go fedisiwe bodumedi.”

Botlhajana jwa ga Marx jwa go rata dilo tse di bonalang bo ne jwa tsweledisiwa pele ke raloago wa Mojeremane ebong Friedrich Engels le moeteledipele wa Mo-Russia wa Mokomonisi ebong Vladimir Lenin. Bo ne jwa simolola bo itsiwe jaaka Marxism-Leninism. Go fitlha mo nakong ya bosheng fela jaana, go feta karolo ya seraro ya setho e ntse e tshela kafa tlase ga dipuso tsa bopolotiki tseo di ntseng di latela botlhajana jono jwa go latola Modimo ka selekanyo se se rileng. Banna ba le bantsi le basadi ba santse ba dira jalo.

Go Oketsega ga go Rata Dilo tsa Selefatshe

Mme go anama ga botlhajana jwa Bokomonisi e ne e se sone fela selo seo se neng se dira gore batho ba se ka ba tshwarelela thata mo bodumeding. Dilo tse di neng tsa direga mo karolong ya tsa saense le tsone di ne tsa nna le seabe. Ka sekai, go dira gore batho ba rate kgopolo ya go itlhagelela fela ga dilo go ne ga dira gore batho ba le bantsi ba belaele le gore a Mmopi o gone. Mme go ne go na le mabaka a mangwe gape.

Encyclopædia Britannica e umaka “go fitlhelelwa ga tsela ya saense ya go tlhalosa ditiragalo dingwe tseo pele di neng di tlhalosiwa gore di bakilwe ke maatla mangwe ao e seng a tlholego” le “kafa bodumedi jo bo rulagantsweng bo sa tlholeng bo na le tlhotlheletso e e kalokalo mo ditirong tse di tshwanang le kalafi, thutego le bokgoni.” Dilo tse di tshwanang le tseno di ile tsa dira gore go rata dilo tsa selefatshe go oketsege. Go rata dilo tsa selefatshe ke eng? Go tlhalosiwa jaaka “tsela eo motho o lebang botshelo ka yone . . . eo e theilweng mo go dumeleng gore bodumedi le dilo tsa bodumedi di tshwanetse tsa tlodisiwa matlho kana tsa itlhokomolosiwa ka bomo.” Go rata dilo tsa selefatshe go na le tlhotlheletso e e maatla mo mafatsheng a Bokomonisi le ao e seng a Bokomonisi.

Mme moya wa go rata dilo tsa selefatshe le dithuto tsa ga Marx le Lenin e ne e se tsone fela tse di neng di koafatsa maatla ao bodumedi bo nang le one mo bathong. Dikereke tsa Labokeresete le tsone di tshwanetse tsa bonwa molato. Ka ntlha yang? Ka gonne ka makgolokgolo a dingwaga ba ne ba dirisa taolo ya bone ka tsela e e sa tshwanelang. Mme ba ile ba ruta dithuto tsa motheo tse di theilweng mo dingwaong tse e seng tsa Dikwalo le mo matlhajaneng a batho mo boemong jwa gore ba di theye mo Bibeleng. Ka ntlha ya gone moo, batho ba le bantsi mo matsomaneng a bone ba ne ba koafaditswe thata semoyeng mo ba ka se kang ba kgona go emelana le ditlhaselo tsa go rata dilo tsa selefatshe.

Go feta foo, dikereke ka botsone di ne tsa felela di ineetse thata mo go rateng dilo tsa selefatshe. Mo lekgolong la bo 19 la dingwaga, bakanoki ba bodumedi mo go Labokeresete ba ne ba tla le mofuta mongwe wa botshwayadiphoso jwa maemo a a kwa godimo jo bo neng jwa dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba tlhola ba dumela gore Bibela ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo. Dikereke, go akaretsa le Kereke ya Roma Katoliki, di ne tsa amogela kgopolo ya thutotlhagelelo. Ee, ba ne ba santse ba bolela gore ba dumela mo popong. Mme ba ne ba dumalana le kgopolo ya gore go ka direga gore mmele wa motho o bo o itlhageletse fela, mme ke moya fela o o neng wa bopiwa ke Modimo. Ka nako ya dingwaga tsa bo 1960, thuto ya Porotesetanta e ne ya tla le thutabodumedi eo e neng e bolela ka “go swa ga Modimo.” Baruti ba le bantsi ba Porotesetanta ba ne ba mpampetsa mokgwa wa go tshela wa go rata dilo tse di bonalang. Ba ne ba dumalana le go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo tota le bosodoma. Baruti bangwe ba Katoliki ba ne ba nna le thutabodumedi ya kgololesego, ba tlhakatlhakanya Bokatoliki le thuto ya ga Marx ya diphetogo.

Go Rata Dilo Tsa Selefatshe go Boela kwa Morago

Ka gone, go rata dilo tsa selefatshe go ne ga gola thata, segolobogolo mo dingwageng tsa bo 1960, go ya go fitlha go mo e ka nnang mo bogareng jwa dingwaga tsa bo 1970. Ka nako eo dilo di ne tsa fetoga gape. Bodumedi bo ne jwa bonala ekete bo boela kwa boemong jwa jone jwa pele, mme thata eseng dikereke tse dikgolo. Mo lefatsheng lotlhe, mo dingwageng tsa bofelo tsa bo 1970 le bo 1980 go ne ga bonwa go ntsifala ga ditlhopha di le dintsi tse disha tsa bodumedi.

Ke ka ntlha yang fa bodumedi bo ratiwa gape? Raloago wa Mofora ebong Gilles Kepel o ne a bolela gore “batho fela ba kereke bao ba rutegileng ka tsela ya selefatshe . . . ba bolela gore dilo tsa lefatshe ga di a ba thusa ka sepe le gore ka go bolela gore ga ba kafa tlase ga Modimo, batho ba roba seo ba se jadileng ka boikgodiso jwa bone le go itsietsa, eleng, go tlola molao mo go feteletseng, tlhalo, AIDS, tiriso e e sa tshwanelang ya diokobatsi, [le] go ipolaya.”

Go tlogela go rata dilo tsa selefatshe go ile ga nna go gogolo thata fa esale ka seo se neng se bonala ekete ke go wa ga Marxism-Leninism go go neng ga direga bosheng jaana. Mo bathong ba le bantsi kgopolo eno ya go latola Modimo e fetogile go nna jone bodumedi tota. Jaanong he, a o ko o bone fela kafa bao ba ikantseng mo go yone ba tlhakaneng tlhogo ka gone! Lekwalodikgang la Washington Post go tswa kwa Moscow le ne la tsopola monna mongwe yo pele e neng e le motlhatlheledi wa Sekolo Se Segolwane sa Lekoko la Bokomonisi yo o neng a bolela jaana: “Naga ga e nne gone fela ka ikonomi ya yone le ditheo tsa yone, mme gape e nna gone le ka ditlhamane le borremogologolwane. Ke selo se se utlwisang botlhoko tota mo bathong bangwe le bangwe go lemoga gore ditlhamane tsa bone tse dikgolo go gaisa ga di a thewa mo boammaaruring mme di theilwe mo magatwegatweng le mo go ijeseng dijo tsa ditoro. Mme seo ke se re se itemogelang jaanong mo kgannyeng ya ga Lenin le diphetogo.”

Fa a bua ka mafatshe a Bokomonisi le a bokapitalise, raloago wa Mofora ebile e le ramatlhale ebong Edgar Morin o ne a dumalana jaana: “Ga se fela gore re bone kafa isagwe e e phatsimang ya batho ba maemo a a kwa tlase e phutlhamang ka gone mme gape re bone le kafa kgatelopele e e itiragalelang fela le ya tlholego mo bathong ba lefatshe e phutlhamang ka gone, moo saense, tsela ya go akanya, le temokerasi di neng di tshwanetse tsa bo di gatela pele fela ka botsone. . . . Jaanong ga go bonwe kgatelopele epe. Isagwe eo re neng re e lebeletse e phutlhame.” Batho ba le bantsi bao ba bayang tumelo ya bone mo maitekong a motho o a dirang go itirela lefatshe le le botoka kwantle ga Modimo ba ikutlwa ba le lolea fela jalo.

Kgatlhego E E Ntšhwafaditsweng mo Bodumeding

Boikutlo jono jwa go nna lolea jo bo mo lefatsheng lotlhe bo dira gore batho ba le mmalwa ba ba dipelo di ikanyegang ba lemoge kafa ba tlhokang dilo tsa semoya ka gone mo matshelong a bone. Ba bona kafa go tlhokegang ka gone gore go nne le bodumedi. Mme ga ba kgotsofadiwe ke dikereke tse dikgolo, mme ba bangwe bone ba belaela le one madumedi a masha—go akaretsa le ditlhopha tse di fodisang ka tirisabadimo, ba ba reng ba fodisa ka moya o o boitshepo, ditlhopha tsa sephiri, tota le eleng le ditlhopha tsa kobamelo ya ga Satane. Go ijesa dijo tsa ditoro ga bodumedi le gone go ntse go a tlhagelela. Ka jalo, ee, bodumedi bo boela gape kwa boemong jwa jone jwa pele ka tsela nngwe. A mme go boela gono ga bodumedi ke selo se se molemo mo sethong? Ee, a ruri bodumedi bongwe le bongwe bo na le dilo tse batho ba di tlhokang tsa semoya?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

“Bodumedi ke selo se se utlwisang botlhoko mo setsheding se se gateletsweng, ke jone jo lefatshe le le setlhogo leno le akanyang ka jone, ke jone jo bo setlhogo go gaisa mo maemong ano a a setlhogo. Ke selo se se tagang batho”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo: New York Times, Berlin​—33225115

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Vladimir Lenin (yo o fa godimo) le Karl Marx ba ne ba leba bodumedi jaaka selo se se kgoreletsang batho go tswelela pele

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musée d’Histoire Contemperaine—BDIC (Universitiés de Paris)

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Dikgopolo tsa ga Marx le Lenin e ne ya dira gore batho ba le dimilione ba lebelele dilo tse dikgolo thata

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musée d’Histoire Contemporaine​—BDIC (Universitiés de Paris)

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Cover photo: Garo Nalbandian

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela