LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 12/1 ts. 6-8
  • A Bodumedi Bongwe le Bongwe Bo Siame?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bodumedi Bongwe le Bongwe Bo Siame?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela E E Botlhokwa ya go Farologanya
  • Kafa go Tlhokegang ka Gone Gore Motho A Tlhophe
  • Ka Moo O Ka Tlhophang Bodumedi Jo Bo Siameng ka Gone
  • Boammaaruri le Maungo
  • Bodumedi jwa Boammaaruri bo Gone Gompieno
  • Madumedi a Maaka a Buile Maaka Jang ka Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka Bo Atametse!
    Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Atametse!
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Re Tshwanetse go Tlhotlhomisa Kaga Ditumelo Tse Dingwe?
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Ditsela Tsa go Tswa mo Bodumeding Jwa Maaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 12/1 ts. 6-8

A Bodumedi Bongwe le Bongwe Bo Siame?

“Seo se tlileng go diragalela metlha ya rona ke se se utlwisang botlhoko. Re tlhoka bodumedi, mme ga go na gope koo re ka bonang Modimo wa jone gone.”—Lucian Blaga, Mmoki wa Romania ebile e le ramatlhale

“Bodumedi le baruti di ntse di le bangwe ba baba ba bagolo ba kgatelo pele le kgololesego, ebile gongwe di tla nna di ntse di le jalo ka lobaka lo loleele.”—Khristo Botev, Mmoki wa Bulgaria

DITSOPOLO tse di fano di bontsha fela matlhotlhapelo a batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang ba iphitlhelang ba le mo go one. Kwa tengteng ga bone ba utlwa ba tlhoka bodumedi, mme Modimo wa masaitsiweng o baruti ba rutang ka one ga se Modimo o ba ka o tlhaloganyang le o ba ka o ratang. Mo godimo ga moo, ba lemoga gore baruti le ditumelo tsa bone ba dirile go le gontsi go ba ka go kgonang go kgoreletsa kgatelopele ya motho le kgololesego ya gagwe. Ee, lemororo go bonala go ya pele kafa motho a tlhokang bodumedi ka gone, batho ba ba dipelo di ikanyegang ga ba kitla ba kgotsofalela bodumedi bongwe le bongwe fela.

Tsela E E Botlhokwa ya go Farologanya

Bodumedi bo na le seabe se segolo mo tseleng eo motho a dirilweng ka yone le mo hisitoring ya gagwe. The New Encyclopædia Britannica e bua ka bodumedi jaaka “selo se segolo mo dilong tse di diragaletseng setho, mo ditlwaelong tsa gagwe, le mo hisitoring ya gagwe” e bo e oketsa jaana: “Mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa motho go bonala boikutlo jwa bodumedi le go ikanyega ga gagwe mo go jone.” Mme hisitori e bontsha gore ga go na bope jwa ditumelo tse dikgolo tsa lefatshe jo bo nnileng le molemo mongwe mo bathong.

Modiredipuso wa Moindia ebong Jawaharlal Nehru o kile a akgela jaana: “Maphatsiphatsi a seo se bidiwang bodumedi, kana bodumedi bope fela jo bo rulagantsweng, kwa India le kwa mafelong a mangwe, a re tladitse ka matlhotlhapelo.” Fa go akanngwa ka dintwa tse di lolweng le ditlolomolao tse di dirilweng ka leina la bodumedi, a tota o ka ganetsana le ene?

Mo lekgolong la bo 18 la dingwaga, ramatlhale wa Mofora ebong Voltaire o ne a dira pharologanyo eno e e kgatlhisang. O ne a kwala jaana: “O bolela gore bodumedi bo nnile le ditiro tse dintsintsi tse di tlhabisang ditlhong. Bogolo o ka nna wa re ke tumelabotlhodi, tumelabotlhodi e e laolang mo kgolokweng eno ya rona e e hutsafetseng. Tumelabotlhodi ke mmaba yo o setlhogo go gaisa wa kobamelo e e itshekileng eo re tshwanetseng ra e neela Motho yo o kwa Godimodimo.” Voltaire o ne a lwa kgatlhanong le go tshwarwa ka tsela e e gagametseng ke bodumedi ga motlha wa gagwe, mme o ne a nna a ntse a dumela mo Modimong jaaka Mmopi wa lobopo. O ne a bona pharologanyo mo gare ga bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka.

Kafa go Tlhokegang ka Gone Gore Motho A Tlhophe

Ga se batho botlhe ba ba dumalanang le Voltaire. Ba bangwe ba bolela gore ba bona ditumelo tsotlhe di itshiametse fela; ka ntlha ya moo, ga ba bone go tlhokega tota go batla bodumedi jwa boammaaruri. Batho bao ba tshwanetse ba tsaya tsia tlhagiso eo e neng ya neelwa ke moperofeti Isaia yo o neng a kwala jaana: “Iya! a bo go latlhèga ba ba bitsañ boshula molemō, le molemō boshula: ba bee lehihi boemoñ yoa lesedi, le lesedi boemoñ yoa lehihi; ba bee bokgèmè boemoñ yoa botshe, le botshe boemoñ yoa bokgèmè!” (Isaia 5:20) Bodumedi jwa maaka bo diretse batho se se bosula. Bo feletse bo le mo lefifing la semoya mme bo tlogetse tatso e e botlhoko mo melomong ya batho ba ba dipelo di ikanyegang.

Ka gone, dilo tse motho a ka di tlhophang ga se fela gore e nne yo o sa dumeleng mo Modimong kana a dumele bodumedi bongwe le bongwe. Ga go bonolo fela jalo. Fa fela motho a setse a bone gore o tlhoka Modimo, motho yoo o tshwanetse a batla bodumedi jwa boammaaruri. Jaaka fa mmatlisisi Émile Poulat a e baya bontle jaana mo go Le Grand Atlas des Religions (Atlelase E Kgolo ya Ditumelo): “Dilo tse [ditumelo] di di rutang le tseo di di batlang di farologane thata jaana mo eleng gore ga go kgonege go di dumela tsotlhe.” Tumalanong le seno, Encyclopædia Universalis (Encyclopedia ya Lobopo Lotlhe,) ya Sefora e bolela jaana: “Fa e le gore batho ba lekgolo la bo 21 la dingwaga ba ka boela kwa bodumeding, . . . motho o tla tshwanelwa ke gore a iponele ka boene gore a dilo tse di boitshepo tseo a di neelwang di boammaaruri kana di maaka.”

Ka Moo O Ka Tlhophang Bodumedi Jo Bo Siameng ka Gone

Ke eng se se tla re kaelang fa re tlhopha bodumedi jo bo siameng? Encyclopædia Universalis e bua boammaaruri fa e tlotlomatsa kafa boammaaruri bo tlhokegang ka gone. Bodumedi jo bo rutang maaka ga bo ka ke jwa bo bo le boammaaruri. Moperofeti yo mogolo go gaisa yo o kileng a tsamaya mo lefatsheng o ne a bolela jaana: “Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.”—Yohane 4:24.

Moperofeti yoo e ne e le Jesu Keresete, mme gape o ne a bolela jaana: “Lo itlhokomele mo barutising ba bodumedi jwa maaka, bao ba tlang mo go lona ba apere jaaka dinku mme tota e le diphiri tse di megagaru. Lo ka kgona go ba bona ka maungo a bone. . . . Setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ntsha loungo lo lo molemo, mme setlhare se se bosula se ntsha loungo lo lo bosula.” (Mathaio 7:15-17, Phillips) Ereka ba bona maungo a a bosula a ditumelo “tse dikgolo” tsa lefatshe, tota le eleng le a ditlhopha le mekgatlho eo e ileng ya nna gone ya bodumedi, batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang ba simolola go a leba otlhe jaaka ‘ditlhare tse di bosula,’ jaaka a a sa siamang. Mme ba ka bona jang bodumedi jwa boammaaruri?

Go phepafetse gore go ka se ka ga kgonega gore o ithute ditumelo tsotlhe tse di diketekete tseo di leng mo go Labokeresete kana tseo di seng mo go Labokeresete pele o dira tshwetso. Lefa go ntse jalo, fa—jaaka fa Jesu a ne a bolela—re dirisa boammaaruri le maungo jaaka tsone dilo tse re bonang ka tsone, go a kgonega go bona bodumedi jwa boammaaruri.

Boammaaruri le Maungo

Jesu o ne a umaka boammaaruri. Ka gone, ke setlhopha sefe sa bodumedi seo se ganneng maaka a bodumedi ao a tserweng go tswa mo ditlhamaneng tsa bogologolo le botlhajana jwa Segerika tseo di tseneletseng mo ditumelong tse dintsi? Mangwe a maaka ao ke thuto ya gore moya wa motho o nna o sa swe.a Thuto e e ntseng jalo e dirile gore go nne le thuto ya motheo eo e tlontlololang Modimo ya molelo wa dihele.

Jesu gape o ne a bua ka maungo. Ka seno, a o itse ka bodumedi bope fela jo bo nnileng le botsalano jwa mmatota jwa meraferafe koo dikgoreletsi tsa lotso, puo le morafe di fentsweng ka lorato le go tlhaloganyana? A o itse mokgatlho mongwe wa bodumedi wa lefatshe lotlhe oo maloko a one a tlhophang gore bogolo a bogisiwe go na le gore a letle baeteledipele ba dipolotiki kana ba bodumedi ba ba tlhotlheletse gore ba tlhoe bakaulengwe ba bone le bokgaitsedi ba bone mme ba ba bolae ba lwela bomorafe kana bodumedi? Bodumedi jo bo ganneng maaka ao a bodumedi mme jwa ntsha loungo loo bo ne bo tla neela bosupi jo bo maatla jwa gore ke jwa boammaaruri, a ga go jalo?

Bodumedi jwa Boammaaruri bo Gone Gompieno

A go na le bodumedi joo? Ee, bo gone. Mme o tshwanetse wa lemoga gore ga se nngwe ya ditumelo tse dikgolo tsa lefatshe. A seno se tshwanetse sa re gakgamatsa? Nnyaa. Mo Therong ya gagwe e e itsegeng thata ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bolela jaana: “Tsènañ ka kgōrō e e pitlaganyeñ: gonne kgōrō e atlhame, tsela le eōna e kgolo e e isañ tshenyegoñ, le ba ba tsènañ ka eōna ba bantsi. Gonne kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane, me ba ba e bōnañ ga ba bantsi.”—Mathaio 7:13, 14.

Ka jalo bodumedi jwa boammaaruri bo ka bonwa kae? Ka boikokobetso jotlhe le boikanyego, re tshwanetse ra bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba dira mokgatlho wa meraferafe o o tsamayang ka ‘tsela eno e e pitlaganeng le e tshesane.’ Gone ke boammaaruri gore, ditumelo tse dikgolo di sotla ka Basupi ba ga Jehofa di re ke setlhophanyana fela sa bodumedi. Mme ke fela jaaka baeteledipele ba bodumedi ba batenegi ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba bitsa Bakeresete ba ntlha.—Ditihō 24:1-14.

Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhomamisega jaana gore bodumedi jwa bone ke jwa boammaaruri? Gone, ba dira bokaulengwe jwa meraferafe jo bo fitlhang mo mafatsheng a a fetang a le 200 le jo bo fenyang go kgaoganya batho ka ditlhopha tsa merafe, lotso, puo, le loago. Ebile ba gana go dumela dithuto tsa motheo—tseo go sa kgathalesege gore ke tsa bogologolo go le kana kang—di ganetsanang le seo Bibela e se bolelang. Mme go tlile jang gore ba tle mo boemong jo bo eletsegang thata jo bo tshwanang le jono? Mme go nna mo bodumeding jwa boammaaruri go akaretsang? Dipotso tseno le tse dingwe malebana le bodumedi di tla sekasekiwa mo ditlhogong tse pedi tse di latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Gore o bone bosupi jo bo feletseng jwa gore tumelo eno ya ditlhamane e simologileng jang, bona buka ya Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo , eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 52-7.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Dintwa tsa botlhabanelatumelo e ne e le karolo ya loungo lo lo bosula lwa bodumedi jwa maaka

[Motswedi wa Setshwantsho]

Bibliothèque Nationale, Paris

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Bodumedi jwa boammaaruri bo ungwa maungo a a molemo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela