Ditsela Tsa go Tswa mo Bodumeding Jwa Maaka
“Cwañ mo gare ga bōnè, . . . go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; me ke tla lo amogèla.”—2 BAKORINTHA 6:17.
1. Satane o ne a leka go ananya eng le Jesu, mme go ntsha go ga gagwe mpho eno go re ruta dilo dife tse pedi?
“DILŌ cotlhe tse ke tla di gu naea, ha u ka wèla ha hatshe ua nkōbamèla.” Lemororo mpho eno e ne ya solofetswa diketekete tsa dingwaga morago ga go simologa ga bodumedi jwa maaka, e re thusa go tlhaloganya gore ke mang yo o tlhotlheletsang kobamelo ya maaka le gore boikaelelo jwa yone ke eng. Fa ngwaga wa 29 C.E. o ne o ela go fela, Diabolo o ne a solofetsa Jesu gore o tla mo naya magosi otlhe a lefatshe fa a ne a ka mo obamela. Tiragalo eno e re bolelela dilo tse pedi: gore magosi a lefatshe a ne a abiwa ke Satane le gore boikaelelo jo bogolo jwa bodumedi jwa maaka ke go tsweledisa kobamelo ya ga Diabolo.—Mathaio 4:8, 9.
2. Re ithuta eng mo mafokong a ga Jesu a a mo go Mathaio 4:10?
2 Ka karabo eo a neng a e neela, Jesu o ne a sa gane fela bodumedi jwa maaka mme gape o ne a bontsha gore bodumedi jwa boammaaruri bo akaretsang. O ne a bolela jaana: “Tloga u eè koñ, Satana: gonne go kwadilwe, ga twe, U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.” (Mathaio 4:10) Ka gone, boikaelelo jwa bodumedi jwa boammaaruri ke go obamela Modimo o o osi wa boammaaruri ebong Jehofa. Bo akaretsa tumelo le kutlo, go dira thato ya ga Jehofa.
Kafa Bodumedi jwa Maaka bo Simologileng ka Gone
3. (a) Bodumedi jwa maaka bo ne jwa simolola leng mo lefatsheng mme bo ne jwa simolola jang? (b) Tiragalo ya ntlha eo e kwadilweng ya go kganela batho go obamela jaaka ba batla ke efe, mme pogiso ya bodumedi e ne ya tswelela jang fa e sale ka nako eo?
3 Bodumedi jwa maaka bo ne jwa simologa mo lefatsheng fa batho ba ntlha ba ne ba sa utlwe Modimo mme ba amogela kakantsho ya Noga ya gore ba itirele ditshwetso ka bobone tsa gore ke eng ‘se se molemo le se se bosula.’ (Genesise 3:5) Ka go dira jalo ba ne ba gana bolaodi jo bo siameng jwa ga Jehofa mme ba tlogela kobamelo e e tshwanetseng, bodumedi jwa boammaaruri. E ne e le bone batho ba ntlha ba ba neng ba “anantse boamarure yoa Modimo ka maaka, me ba ōbamèla se se bopilweñ, ba se dihèla bogolo go Mmopi.” (Baroma 1:25) Sebopiwa seo ba neng ba tlhopha go se obamela ba sa itse e ne e se sepe fela fa e se Satane Diabolo, “nōga ea bogologolo.” (Tshenolō 12:9) Morwa wa bone yo mogolo ebong Kaine, o ne a gana go latela kgakololo e e bonolo ya ga Jehofa mme ka gone o ne a tsuologela bolaodi jwa Gagwe. Go sa kgathalesege gore a Kaine o ne a itse kana nnyaa, o ne a nna “ngwana wa yo o bosula,” ebong Satane, ebile o ne a obamela Diabolo. O ne a bolaya monnawe yo mmotlana ebong Abele, yo e neng e le wa kobamelo ya boammaaruri, bodumedi jwa boammaaruri. (1 Yohane 3:12, Revised English Bible; Genesise 4:3-8; Bahebera 11:4) Madi a ga Abele e ne e le madi a ntlha ao a neng a tshololwa ka ntlha ya go kganela ba bangwe go obamela jaaka ba batla. Se se utlwisang botlhoko ke gore bodumedi jwa maaka bo ne jwa tswelela bo ntse bo tsholola madi a batho ba ba senang molato nako kgolo ke eno.—Bona Mathaio 23:29-35; 24:3, 9.
4. Ke dikwalo dife tseo di bontshang mo kgannyeng ya ga Noa gore bodumedi jwa boammaaruri bo ntse jang?
4 Pele ga Morwalela, Satane o ne a atlega mo go direng gore bontsi jwa batho ba katogele kgakala le bodumedi jwa boammaaruri. Lefa go ntse jalo, Noa “a bōna go sèlwa ke Yehofa sehatlhōgō.” Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a “sepela le Modimo.” Ka mafoko a mangwe, e ne e le wa bodumedi jwa boammaaruri. Bodumedi jwa boammaaruri ga se tlwaelo nngwe kana ngwao mme ke tsela ya botshelo. E akaretsa go dumela mo go Jehofa le go mo direla ka kutlo, ‘o sepele le ene.’ Noa o ne a dira jalo.—Genesise 6:8, 9, 22; 7:1; Bahebera 11:6, 7.
5. (a) Diabolo o ne a leka go tlhoma eng morago ga Morwalela, mme jang? (b) Jehofa o ne a senya maano ano a ga Diabolo jang, mme go ne ga felela ka eng?
5 Go ise go ye kae morago ga Morwalela, go bonala Diabolo a ne a dirisa Nimerode, monna yo o neng a itsege ka go nna ga gagwe ‘kgatlhanong le Jehofa,’ fa a ne a dira boiteko jwa go kopanya batho botlhe mo sebopegong sa kobamelo seo ka mo go tshwanang se neng se tla nna kgatlhanong le Jehofa. (Genesise 10:8, 9; 11:2-4) E ne e tla nna bodumedi bo le bongwe jo bo utlwanang jwa maaka, kobamelo e e seoposengwe ya ga Diabolo, eo e neng e theilwe mo motseng le mo toreng eo baobamedi ba gagwe ba neng ba e aga. Jehofa o ne a senya dithulaganyo tseno ka go tlhakatlhakanya “puō e le ñwe hèla” eo e neng e buiwa ke batho botlhe ka nako eo. (Genesise 11:5-9) Ka gone, e ne ya re fa nako e ntse e tsamaya, motse ono o ne wa simolola go bidiwa Babele mme moragonyana Babelona, eleng maina ao ka bobedi a bolelang “Tlhakatlhakano.” Tlhakatlhakano eno ya dipuo e ne ya dira gore batho ba anamele mo lefatsheng.
6. (a) Ke megopolo efe ya bodumedi eoe neng e tsentswe mo megopolong ya baobamedi ba ga Satane pele ba tswa mo Babelona? (b) Ke ka ntlha yang fa madumedi mo lefatsheng lotlhe a na le ditumelo tse di tshwanang? (c) Babelona o ne a direla boikaelelo bofe jwa ga Satane, mme motse oo wa bogologolo o ne wa fetoga setshwano sa eng?
6 Lefa go ntse jalo, go ne go tlile go bonala go ya ka hisitori ya ditlhamane le bodumedi, gore pele ga gore Jehofa a anamise batho, Satane o ne a tsentse dilo dingwe tsa bodumedi jwa maaka mo megopolong ya baobamedi ba gagwe. Tsone di ne di akaretsa dikgopolo tsa bodumedi tsa gore moya ga o swe fa motho a swa, go boifa loso, le go nna gone ga lefelo lengwe la tlhokofatso, mmogo le go obamela medimo e mentsintsi le medimo ya sesadi, eo mengwe ya yone e neng e rulagantswe ka dikarolo di le tharo. Ditumelo tse di ntseng jalo di ne di dumelwa mo lefatsheng lotlhe ke ditlhopha tse di farologaneng tsa dipuo. Fa nako e ntse e tsamaya, dikgopolo tseno tsa konokono di ne tsa simolola go fetofetolwa. Mme ka kakaretso, di bopa karolo ya bodumedi jwa maaka mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Lemororo a ile a dirwa gore a retelelwe mo maitekong a gagwe a go dira bodumedi bo le bongwe jo bo kopaneng jo motsemogolo wa jone wa lefatshe lotlhe e leng Babelona, Satane o ne a dira gore go nne le mefuta e e farologaneng ya kobamelo ya maaka, eo e neng e na le ditlhotlheletso tsa Sebabelona ebile e diretswe go dira gore go se ka ga obamelwa Jehofa mme go obamelwe ene. Babelona e ne ya tswelela ka makgolokgolo a dingwaga e ntse e le lefelo le le nang le tlhotlheletso e e maatla ya kobamelo ya medimo ya disetwa, boselamose, boloi, le bolepadinaledi—tsotlhe e le dilo tse di botlhokwa thata mo bodumeding jwa maaka. Ka mo go sa gakgamatseng, buka ya Tshenolō e tshwantsha maatla a lefatshe a bodumedi jwa maaka e re ke seaka se se makgapha se se bidiwang Babelona o Mogolo.—Tshenolō 17:1-5.
Bodumedi jwa Boammaaruri
7. (a) Ke ka ntlhayang fa bodumedi jwa boammaaruri bo ne bo sa angwa ke tlhakatlhakano ya dipuo? (b) Ke mang yo o neng a simolola go itsege jaaka ‘rra botlhe bao ba nang le tumelo’ mme ka ntlhayang?
7 Ka mo go phepafetseng, bodumedi jwa boammaaruri bo ne jwa sala bo sa amega fa Jehofa a ne a tlhakatlhakanya tsela e motho a e dirisang go bua kwa Babele. Kobamelo ya boammaaruri e ne e ntse e le gone pele ga Morwalela ka banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba tshwanang le Abele, Enoke, Noa, mosadi wa ga Noa le barwa ba gagwe le betsi ba gagwe. Morago ga Morwalela kobamelo ya boammaaruri e ne ya sala e ntse e bolokilwe ke morwa wa ga Noa ebong Sheme. Aberahame, yo e leng letlhogela la ga Sheme, o ne a le mo bodumeding jono jwa boammaaruri mme a itsege jaaka “rra botlhe ba ba dumèlañ.” (Baroma 4:11) Tumelo ya gagwe e ne ya tshegediwa ka ditiro. (Yakobe 2:21-23) Bodumedi jwa gagwe e ne e le tsela ya botshelo.
8. (a) Bodumedi jwa boammaaruri bo ne jwa lebana jang le bodumedi jwa maaka mo lekgolong la bo 16 la dingwaga B.C.E., mme go ne ga felela ka eng? (b) Ke thulaganyo efe e ntšha eo Jehofa a neng a e simolola malebana le kobamelo ya gagwe e e itshekileng?
8 Kobamelo ya boammaaruri e ne ya nna ya tswelela ya bontshiwa le ke bana ba ga Aberahame—ebong Isake, Jakobe (kana, Iseraele), le bana ba le 12 ba ga Jakobe, ba go neng ga tswa ditso di le 12 tsa Iseraele mo go bone. Fa lekgolo la bo 16 la dingwaga B.C.E. le ela go fela bana ba ga Aberahame ka Isake ba ne ba kgaratlha go boloka bodumedi jo bo itshekileng mo lefelong la seeng, la boheitane—Egepeto—koo ba neng ba dirwa gore e nne batlhanka gone. Jehofa o ne a dirisa motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang ebong Moshe, wa lotso lwa Lefi, gore a golole baobamedi ba Gagwe go tswa mo jokweng ya Egepeto, eleng lefatshe le le neng le nweleletse mo bodumeding jwa maaka. Ka Moshe, Jehofa o ne a dira kgolagano le Iseraele, a ba dira gore e nne batho ba One ba ba tlhophilweng. Ka nako eo, Jehofa o ne a kwala melao e e leng malebana le tsela eo a tshwanetseng a obamelwa ka yone, a e tlhoma ka nakwana mo thulaganyong ya ditlhabelo tse di dirwang ka tsela ya boperesiti le ka felo ga boitshepo go go bonalang, sa ntlha e le ka motlaagana o o neng o kgona go tsamaisiwa mme moragonyana e le ka tempele e e kwa Jerusalema.
9. (a) Kobamelo ya boammaaruri e ne ya dirwa jang pele ga kgolagano ya Molao? (b) Jesu o ne a bontsha jang gore dikarolo tse di bonalang tsa kobamelo tsa Molao e ne e se tsa leruri?
9 Lefa go ntse jalo, go tshwanetse ga lemogiwa gore dikarolo tseno tse di bonalang di ne di sa direlwa gore di nne dilo tsa leruri tsa bodumedi jwa boammaaruri. Molao e ne e le “meruti ea dilō tse di tlañ.” (Bakolosa 2:17; Bahebera 9:8-10; 10:1) Pele ga Molao wa ga Moshe, ka dinako tsa ditlhogo tsa lotso go bonala ditlhogo tsa malapa di ne di emela malapa a tsone mo go ntsheng ditlhabelo mo dibesong tseo ba di agileng. (Genesise 12:8; 26:25; 35:2, 3; Yobe 1:5) Mme go ne go sena thulaganyo epe ya boperesiti kana tsamaiso ya ditlhabelo, e e nang le mediro le melao ya kobamelo. Mo godimo ga moo, Jesu ka boene o ne a bontsha kafa kobamelo eno e e neng e laotswe eo e neng e le kwa Jerusalema e neng e le ya nakwana ka gone fa a ne a bolelela mosadi wa Mosamaria jaana: “Lobaka loè tla, lo lo se ketlañ lo ōbamèla Rara ka lōna mo thabeñ e [ya Gerisima, eleng lefelo leo tempele ba Basamaria e neng e le mo go lone pele], leha e le mo Yerusalema. . . . Mme lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:21-23) Jesu o ne a bontsha gore mo bodumeding jwa boammaaruri go tshwanetse ga obamelwa, eseng ka dilo tse di bonalang, mme ka moya le ka boammaaruri.
Botshwarwa jwa kwa Babelona
10. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a letla batho ba gagwe gore ba isiwe botshwarwa kwa Babelona? (b) Jehofa o ne a golola masalela a a ikanyegang ka ditsela dife tse pedi ka 537 B.C.E., mme lebaka le legolo la gore ba boele kwa Juda e ne e le lefe?
10 Fa esale go tsuologa ga kwa Edena, go ile ga nna le bobaba jo bogolo thata fa gare ga bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka. Fa re bua ka tsela ya tshwantshetso, ka dinako tse dingwe badumedi ba boammaaruri ba ile ba isiwa botshwarong jwa kobamelo ya maaka, jo bo neng jwa tshwantshediwa ke Babelona fa esale ka nako ya ga Nimerode. Pele Jehofa a letla batho ba gagwe gore ba isiwe kwa botshwarong kwa Babelona ka 617 B.C.E. le ka 607 B.C.E., ba ne ba setse ba wetse mo bodumeding jwa maaka jwa Sebabelona. (Yeremia 2:13-23; 15:2; 20:6; Esekiele 12:10, 11) Ka 537 B.C.E., masalela a a ikanyegang a ne a boela kwa Juda. (Isaia 10:21) Ba ne ba utlwa pitso eno ya boperofeti: “Cwañ, lo cwè mo Babelona.” (Isaia 48:20) Seno e ne e sa tshwanela go nna go tswa gone fela ka mebele. Mme gape e ne e le go gololwa ka tsela ya semoya go tswa mo lefelong la bodumedi jo bo seng phepa, jwa kobamelo ya medimo ya disetwa jwa maaka. Ka gone masalela ano a a ikanyegang a ne a laelwa jaana: “Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; tlogañ, lo cwè mo gare ga gōna; lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa.” (Isaia 52:11) Lebaka le legolo la go bo ba ne ba tshwanetse ba boela kwa Juda e ne e le gore ba ye go tsosolosa kobamelo e e itshekileng eleng bodumedi jwa boammaaruri.
11. Mo godimo ga go tsosolosiwa ga kobamelo e e itshekileng kwa Juda, go ne ga tlhaga dilo dife tse disha tsa bodumedi ka lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E.?
11 Se se kgatlhisang ke gore, gone ka lekgolo lone leo la borataro la dingwaga B.C.E. go ne ga nna le letlhogela le lesha la kobamelo ya maaka mo teng ga Babelona o Mogolo. Go ne ga nna le Bobuda, Bo-Confucius, Bo-Zoroaster, le Bo-Jain, re sa bue sepe ka botlhajana jo bogolo jwa Segerika joo moragonyana bo neng bo tlile go nna le tlhotlheletso e kgolo mo dikerekeng tsa Labokeresete. Ka jalo fa kobamelo e e itshekileng e tsosolosiwa mo Juda, mmaba yo mogolo wa Modimo o ne a nna le mefuta e mentsi e e farologaneng ya bodumedi jwa maaka.
12. Ke kgololo efe go tswa mo botshwarong jwa Sebabelona eo e neng ya direga mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., mme Paulo o ne a neela tlhagiso efe?
12 Ka nako ya fa Jesu a tla kwa Iseraele, bontsi jwa Bajuda bo ne bo na le mefuta e e farologaneng ya Bojuda, mofuta wa bodumedi jo bo amogetseng dikgopolo di le dintsi tsa bodumedi jwa Sebabelona. Bo ne bo na le dikamano le Babelona o Mogolo. Keresete o ne a bo nyatsa mme a golola barutwa ba gagwe go tswa kwa botshwarong jwa Sebabelona. (Mathaio, kgaolo 23; Luke 4:18) Ereka bodumedi jwa maaka le botlhajana jwa Segerika di ne di aname thata mo dikarolong tseo a neng a rera mo go tsone, moaposetoloi Paulo o ne a tsopola boperofeti jwa ga Isaia mme a bo dirisa mo Bakereseteng, bao ba neng ba tshwanetse ba tswa mo tlhotlheletsong e e seng phepa ya Babelona o Mogolo. O ne a kwala jaana: “Tempela ea Modimo e na le tumalanō ehe le medimo ea disètwa [ya Babelona]? gonne rona re tempela ea Modimo o o tshedileñ; hèla yaka Modimo o rile, Ke tla aga mo go bōnè; me ke tla nna Modimo oa bōnè, me ba tla nna batho ba me. Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; me ke tla lo amogèla.”—2 Bakorintha 6:16, 17.
Ditsela tsa go Tswa mo Bodumeding jwa Maaka mo Nakong Eno ya Bokhutlo
13. Melaetsa e Keresete a neng a e romelela diphuthego tse supa kwa Asia Minor e ne e bontshang, mme go ne ga feleletsa go tseneletse eng?
13 Melaetsa e Keresete a neng a e romelela diphuthego tse supa kwa Asia Minor ka Tshenolèlō eo e neetsweng moaposetoloi Johane di bontsha sentle gore ka nako ya bofelo jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., mekgwa ya bodumedi jwa Sebabelona le maikutlo a jone di ne di ntse di tsenelela mo phuthegong ya Bokeresete. (Tshenolō, dikgaolo 2 le 3) Botenegi bo ne jwa tlhagelela thatathata go tloga ka lekgolo la bobedi la dingwaga go ya go lekgolo la botlhano la dingwaga C.E., jo bo neng jwa felela ka gore setshwantsho se se maswe sa bodumedi jwa Bokeresete jo bo itshekileng se tlhagelele. Dithuto tseno tsa motheo tsa Sebabelona tse di tshwanang le go sa sweng ga moya, dihele tsa molelo, le Tharonngwe di ne di tsentswe mo dithutong tsa Bokeresete jwa botenegi. Bokatoliki, dikereke tsa Orthodox, mme moragonyana le dikereke tsa Porotesetanta tsotlhe di ne tsa amogela dithuto tseno tsa maaka mme, ka ntlha ya moo, tsa nna karolo ya Babelona o Mogolo eleng mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka wa ga Diabolo.
14, 15. (a) Setshwantsho sa ga Jesu sa mabele le mofoka se ne se bontshang? (b) Go ne ga direga eng fa lekgolo la bo 19 la dingwaga le ya bokhutlong, mme ka 1914, ke kgatelopele efe eo Bakeresete ba boammaaruri ba neng ba e dira malebana le dithuto tsa motheo?
14 Bodumedi jwa boammaaruri ga bo ise bo ko bo tsamaye bo senngwe gotlhelele. Ka metlha go ne go ntse go na le batho ba ba ratang boammaaruri go ralala makgolo a dingwaga, bao bangwe ba bone ba neng le go swa ba bo ba swa ba swela boikanyego jwa bone mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe ebong Bibela. Mme jaaka setshwantsho sa ga Jesu sa mabele le mofoka se bontsha, mabele a tshwantshetso, kana barwa ba ba tloditsweng ba Bogosi, ba ne ba tla kgaoganngwa le mofoka, kana barwa ba yo o bosula, “mo bokhutloñ yoa lehatshe.” (Mathaio 13:24-30, 36-43) Fa nako eno ya bokhutlo—nako ya gore go kgaoganngwa gono go dirwe—e ne e ntse e atamela, diithuti tsa Bibela tse di peloephepa mo bowelong jwa lekgolo la bo 19 la dingwaga di ne tsa simolola go tswa mo botshwarong jwa bodumedi jwa maaka.
15 Ka 1914 Bakeresete bano, bao gompieno ba itseweng e le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba tlhagoletse tumelo e e nonofileng mo thekololong. Ba ne ba itse gore go nna gone ga ga Keresete ga se go go bonalang. Ba ne ba tlhaloganya gore 1914 e ne e tla tshwaya bokhutlo jwa “metlha ya Baditšhaba.” (Luke 21:24; King James Version) Ebile ba ne ba tlhaloganya bokao jwa moya le tsogo ka tsela e e utlwalang. Gape ba ne ba nna le lesedi le le oketsegileng malebana le phoso e e masisi ya dithuto tsa dikereke malebana le molelo wa dihele le Tharonngwe. Ba ne ba ithuta ka leina la Modimo ba bo ba simolola go le dirisa mme ba tlhaloganya kafa thutotlhagelelo le tirisabadimo di leng phoso ka gone.
16. Ke pitso efe eo Bakeresete ba ba tloditsweng ba neng ba e arabela ka 1919?
16 Ba ne ba simolotse sentle mo go bofololeng dikgole tsa bodumedi jwa maaka. Ka 1919, Babelona o Mogolo o ne a latlhegelwa ka mo go feletseng ke go tlhola a laola batho ba Modimo. Fela jaaka fa masalela a Juda a ne a gololwa go tswa kwa Babelona ka 537 B.C.E., fela jalo masalela a a ikanyegang a batlodiwa ba Bakeresete a ne a tsaya tsia pitso ya gore “[ba] cwè gōna [mo go Babelona o Mogolo].”—Isaia 52:11.
17. (a) Ke eng se se neng sa nna gone go tloga ka 1922 go ya pele, mme ke eng seo batho ba Modimo ba neng ba ikutlwa ba se tlhoka? (b) Ke boemo bofe jo bo gagametseng jo ba neng ba bo tsaya, mme ke ka ntlha yang fa seno se utlwala?
17 Go tloga ka 1922 go ya pele, boammaaruri jo bo opang kgomo lonaka jwa Bibela bo ne jwa kwalwa mme jwa anamisiwa phatlalatsa bo senola bodumedi jwa maaka jwa Sebabelona, bogolo jang dikereke tsa Labokeresete. Go ne ga bonwa kafa go leng botlhokwa ka gone gore go otlelelwe mo megopolong ya batho ba ba phepafaditsweng ba Modimo gore ba tswe ba tlogele mefuta yotlhe ya bodumedi jwa maaka ka mo go feletseng. Ka gone, ka dingwagangwaga, tota le eleng le go dirisa lefoko “bodumedi” go ne ga tilwa fa go buiwa ka kobamelo e e itshekileng. Meano, e e tshwanang le “Bodumedi Ke Serai le Maano a Boferefere,” e ne e supiwa mo mebileng ya ditoropo tse dikgolo. Dibuka tse di tshwanang le Government (1928) le “The Truth Shall Make You Free” (1943) di ne tsa dira gore go nne le pharologano e e bonalang sentle fa gare ga “Bokeresete” le “bodumedi.” Boemo jono jo bo gagametseng bo a kgona go tlhaloganngwa, ka gonne go ne go tshwanetswe ga tlogelwa ditsamaiso tsotlhe tse di leng gone tsa bodumedi tsa Babelona o Mogolo di tlogelwe ka mo go feletseng.
Bodumedi jwa Boammaaruri le jwa Maaka
18. Ke tsela efe e ntšha ya go tlhaloganya “bodumedi” eo e neng ya neelwa ka 1951, mme seno se tlhalosiwa jang mo go 1975 Yearbook?
18 Mme morago ga foo, ka 1951, e ne e le nako e e tshwanetseng ya gore Jehofa a neele batho ba gagwe gore ba tlhaloganye sentle gore pharologanyo ke efe fa gare ga bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka. 1975 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e bega jaana: “Ka 1951, babueledi ba kobamelo ya boammaaruri ba ne ba ithuta sengwe se se leng botlhokwa thata ka lefoko ‘bodumedi.’ Bangwe ba bone ba ne ba ka kgona go gakologelwa 1938 fa, ka dinako tse dingwe, ba ne ba tshwere lomatšana lo lo kwadilweng lo lo neng lo tsosa maikutlo lo lo reng ‘Bodumedi Ke Serai le Maano a Boferefere.’ Go ya ka tsela e ba neng ba leba dilo ka yone ka nako eo, ‘bodumedi’ jotlhe e ne e se jwa Bokeresete, bo ne bo tswa mo go Diabolo. Mme The Watchtower ya March 15, 1951, e ne ya dumalana le go dirisiwa ga matlhalosi a a reng ‘jwa boammaaruri’ le ‘jwa maaka’ fa ba bua ka bodumedi. Mo godimo ga moo, buka e e neng e gwetlha maikutlo e e reng What Has Religion Done for Mankind? (eo e gatisitsweng ka 1951 mme ya gololwa kwa Kopanong ya ‘Kobamelo E E Phepa’ kwa Setadiamong sa Wembley, London, kwa Ennyelane) e ne ya bolela jaana: ‘Fa bo tsewa go ya ka tsela eo bo dirisiwang ka yone, “bodumedi” fa bo tlhalosiwa ka tsela e e bonolo fela bo bolela thulaganyo ya kobamelo, mofuta wa kobamelo, go sa kgathalesege gore a ke kobamelo ya boammaaruri kana ke ya maaka. Seno se dumalana le seo se bolelwang ke lefoko la Sehebera la lone eleng ’a·boh·dáh, leo totatota le bolelang “tirelo”, go sa kgathalesege gore e direlwa mang.’ Morago ga moo, polelo e e reng ‘bodumedi jwa maaka’ le ‘bodumedi jwa boammaaruri’ di ne tsa dirisiwa thata ke basupi ba ga Jehofa.”—Tsebe 225.
19, 20. (a) Ke ka ntlha yang fa baobamedi ba boammaaruri ba ne ba sa tshwanela go se rate go dirisiwa ga lefoko “bodumedi” jaaka fa le dirisiwa mo kobamelong e e itshekileng? (b) Tsela eno e ntšha ya go tlhaloganya e ne ya dira gore batho ba ga Jehofa ba kgone go dira eng?
19 Fa go ne go arajwa potso ya mmadi mongwe, tokololo ya The Watchtower ya August 15, 1951, e ne ya bolela jaana: “Ga go na ope yo o tshwanetseng a ikutlwa a sa rate fa re dirisa lefoko ‘bodumedi’. Lebaka la go bo re le dirisa ga le re beye mo setlhopheng sa ditumelo tsa maaka tseo di bofeletsweng ke dingwao, fela jaaka fa go ipitsa Bakeresete go sa re dire gore re bo re le ba Bokeresete jwa maaka jwa Labokeresete.”
20 Mo boemong jwa gore e bo e le fa ba ineela, tsela eno e ntšha ya go tlhaloganya lefoko “bodumedi” e ne ya dira gore batho ba ga Jehofa ba kgone go supa ka tsela e kgolo pharologano ya kobamelo ya boammaaruri le ya maaka, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha.
Go Leka Tsela Eo Re Tlhaloganyang ka Yone
◻ Bodumedi jwa maaka bo ne jwa simolola leng mo lefatsheng mme bo simolotse jang?
◻ Satane o ne a leka go dirang morago ga Morwalela, mme leano la gagwe le ne la senngwa jang?
◻ Babelona e ne ya nna kemedi ya eng?
◻ Batho ba ne ba gololwa go tswa mo go eng ka 537 B.C.E., mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. le ka 1919?
◻ Ke tsela efe e ntšha ya go tlhaloganya lefoko “bodumedi” eo e neng ya neelwa ka 1951, mme ke ka ntlha yang fa seno se ne sa direga ka nako eo?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]
Dithuto tsa motheo tsa maaka tseo di dumelwang go dikologa lefatshe lotlhe di simologile kwa Babelona:
◻ Ditharonngwe, kana medimo e e dikarolo di tharo
◻ Moya wa motho o kgona go falola fa motho a swa
◻ Tirisabadimo—go bua le “baswi”
◻ Go dirisiwa ga ditshwantsho mo kobamelong
◻ Go dirisiwa ga bola go okobatsa badimo
◻ Puso ya moruti yo o nang le maatla