Go Tlhatlogela Kwa Godimo ga Kgwebo ya Lefatshe Le go Wa ga Yone
Karolo 1c—Selo Se Segolo Se Se Bakang Gore go Nne Le Ditlhobaelo Tse Di Malebana le Madi
MEKGWA mengwe ya bodumedi le ya sepolotiki ya mokgatlho wa setho e tswa metlheng ya ga Nimerode, yo erileng mo dingwageng tse di fetileng tse di dikete a tlhoma Babelona. Seno gape se ntse jalo ka mekgwa mengwe ya kgwebo le papadi, lefa ntswa gone gongwe go sa itsege thata.—Genesise 10:8-12.
Mmopi wa setho, yo eleng Ene fela a nang le tshwanelo ya go baya ditekanyetso tsa molemo le bosula, go ka bo go ile ga nna motlhofo fela mo go ene go rulaganya tsamaiso ya tsa itsholelo e e neng e ka kgona go tlamela lelapa le legolo le a neng a le solofetse ka tekatekano ka dilo tseo le di tlhokang. Mme legale morago ga gore banyalani ba ntlha ba gane kaelo ya bomodimo le gore ba felele ba kobilwe mo Paradaiseng, setho se ne se tlile go iponna gore se tla tswa jang. (Genesise 3:1-24) Ereka jaanong batho ba ne ba itaola ba se kafa tlase ga kaelo ya bomodimo, ba ne ya re go tswa foo ba itlhamela mofuta wa bone wa bodumedi le mofuta wa bone wa puso. Mme e ne ya re fela fa go senoga gore tsamaiso ya mofuta mongwe e ne e tlhokega go laola lelapa e le gore go tle go kgonege go ka tlamela lelapa la bone le le neng le gola ka dilo tse di bonalang tseo le neng le di tlhoka, ba ne ba tlhama se re se bitsang tsamaiso ya itsholelo. Tsamaiso eno le yone ka mo go tshwanang ba ne ba e dira kwantle ga kaelo ya bomodimo.
Go itshupa sentle gore erile ka nako ya ga Nimerode (mo e ka nnang ka 2270 B.C.E.), bogolo jwa motheo wa tsamaiso e e ntseng jalo o ne o le teng. The Collins Atlas of World History e tlhalosa gore “go tloga ka sekete sa boraro sa dingwaga go ya pele Mesopotamia [Babelona] e ne ya itlhamela dikoporasi tse di nonofileng tsa borakgwebo. Ba ne ba kokoanya dithoto, ba iteka lesego ka go reka le go rekisa mo dimmarakeng ba solofetse go boelwa, ba ne ba dirisa mefuta e e farologaneng ya dithoto jaaka madi, ba ne ba dirisa le dipolwane tsa metale, bogolo jang tsa selefera, tse di neng di betlilwe ka bokete le bogolo jo bo farologaneng ebile fa gongwe di na le matshwao a go bontsha gore ke tsa boammaaruri.” The Encyclopedia Americana e a re baagi ba bogologolo ba Shinara—eleng leina la ntlha la felo fa go tlogilweng ga bidiwa Babelona kwa morago—ba ne ba na le “tsamaiso e ka mo go gakgamatsang e neng e raraane ya go adimana, go beelana madi, le go neela dikwalo tse di tlhomamisang gore o na le bokae.”
Tlwaelo e go itshupang e ne e le ya kwa Mesopotamia fela e ne e le ya go dirisa dithoto jaaka dilo tse di botlhokwa mo go tsa itsholelo ebile ba lopa morokotso fa o di dirisa. Ka jalo he, madi e ne ya nna tsela e ka yone go ka gagamadiwang dithapo tsa itsholelo. Dipego tse di epolotsweng mo maropeng a Babelona di supa ka ditumalano tsa kgwebo tse di neng di dirisa seemo se se sa jeseng monate sa bangwe ba baagi go ba ja ntsoma. Le e sita le mo nakong eo, mokgwa wa motlha ono wa go ja ba bangwe ntsoma e ne e le seomodiro. Ga go gakgamatse go bo babapatsi ba Babelona le Ninefe ba ne ba umakiwa ka kilo le go kgwiwa mathe.
Bibela ga e bue ka tlhamalalo ka ditiro tsa papadi tsa motlha wa ga Nimerode. Mme lefa go le jalo, mafoko a a fitlhelwang mo bukeng ya yone ya ntlha, a a ntseng jaaka “go reka,” “go rekisa,” le “go bapala,” a bontsha gore bobotlana dingwaga tse di makgolo a sekae moragonyana, ditiro tsa papadi di ne di setse di aname.—Bona Genesise 25:31; 34:10, 21; 39:1; 41:56, 57.
Go boammaaruri gape gore mekwalo ya cuneiform, mo nakong e teleletelele e ne e sa bue sepe ka ditiro tsa papadi tsa mo setšhabeng sa Babelona. Lemororo e dumela gore go thata go tlhalosa seno, buka e go tweng Ancient Mesopotamia e konela ka gore “ope ga a kake a tsaya gore ditirisano tsa kgwebisano di ne tsa ema mo seketeng seo sa dingwaga, bogolo jang ka go itsiwe gore di ile tsa nonofa fela thata mo nakong e e neng ya latela morago ga eo.” Buka eno e akantsha gore mo nakong eo bogolo jwa kgwebisano bo tshwanetse jwa bo bo ne bo laolwa ke Baaramaika le gore go ne go dirisiwa papirase le letlalo jaaka didirisiwa tsa go kwalela.
Mesopotamia le Egepeto di ne di tumile ka kgwebisano e ba neng ba e dira ka dikharabene. Moragonyana, Bafinikia ba ne ba emisetsa ditsela tsa kgwebisano tsa mo lefatsheng fela thata ka go dirisa lewatle mo go tsa papadi. Ditoropo tse di nang le boemelakepe tse di ntseng jaaka Carthage, Ture, le Sidone di ne tsa itsege thata jaaka mafelo a papadi. Kgwebisano e ne e dirwa ka go ananngwa ga dithoto go fitlha ka bo lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E., eleng ka nako eo ka yone Bagerika ba neng ba simolola go dirisa madi a tshipi go reka ka one dithoto. Mme go ya ka The Collins Atlas of World History, “mo makgolong a dingwaga a a neng a latela [500 B.C.E.] go ne ga bonala totafalo e kgolo ya kgwebisano, madi, dibanka, dipalangwa, mo e leng gore boraditiragalo ba le mmalwa ba a tshwantshanya le motlha wa bokapitalise, e e leng kgopolo e e utlwalang lefa gongwe e feteletsa dilo.”
Tota ebile, fa esale go tswa koo, madi a ile a nna motheo wa ditsamaiso tsa itsholelo. Modimo o letla tiriso e e tshwanetseng ya madi mme eseng e e sa tshwanelang. (Moreri 7:12; Luke 16:1-9) Go rata madi mo go feteletseng go ile ga dira gore batho ba sokamise tshiamiso, ba tswe ditsala tsa bone, ba ake, tota le eleng go bolaya. Legale, ela tlhoko gore, seo ga se bothata jwa madi ka boone mme go na le moo ke jwa boikutlo jwa bogagaru jwa batho ba ba a batlang. Lefa go ntse jalo, e tla bo e se go feteletsa dilo go bua gore ‘madi ke one a dirileng lefatshe se le leng sone,’ kana gore a sale a ntse a dira seno ka mekgwa e e farologaneng mo diketeketeng tsa dingwaga.—Bona lebokose, tsebe 7.
Ka jalo he, makgolo a dingwaga pele ga motlha wa Bokeresete motheo wa mekgwa ya papadi le itsholelo tse re di bonang gompieno o ne wa thaiwa. Lemororo esale e nnile teng bogologolo, tsamaiso ya tsa papadi ga e ise e kgone go tlhagisa tsamaiso ya itsholelo e e nitameng e e ka kgonang go tlosa ditlhobaelo. Legale ga go reye gore re itlhoboge. Bowelo jwa ditlhobaelo tse di malebana le madi bo fa fela fa. Mo ditlhogong tsa rona tse tharo tse di latelang, re tla tlhalosa ka mo go oketsegileng.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 8]
Go eletsa madi ka tsela e e feteletseng go ile ga dira gore batho ba sokamise tshiamiso, ba tswe ditsala tsa bone, ba ake, le go bolaya
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go Simologile ka Letswai Jaanong Ke Polasetike
Letswai:
Masole a Roma a ne a neelwa selekanyo se se rileng sa letswai, mme lefa go ntse jalo e ne ya re morago letswai leno la emisediwa ka madi, kana salarium. Go ne go rekwa ka dikgomo (pecus) bogologolo kwa Roma. Go tswa mafokong ano a Selatine, go ne ga tsalwa mafoko “salary” le “pecuniary.”
Dimetale:
Bogologolo kwa Mesopotamia (go tswa go lekgolo la bo 18 la dingwaga go ya go la bo 16 B.C.E.), selefera e ne e dirisiwa ka metlha mo ditirisanong tsa kgwebo. Bogologolo kwa Egepeto, go ne go dirisiwa kgotlho, selefera, le gauta. Porofesara wa hisitori ya China ebong Hans Bielenstein o kwala ka gore, erile ka nako ya go busa lelapa la ga Ming kwa China (1368-1644 C.E.), “kgotlho e ile ya nna ya dirisiwa go dira madi a a kwa tlase fela, fa selefera yone e ile ya tswelela go dirisiwa go dira madi a a kwa godimo.”
Madi a Ditshipi:
Dipapetlana tsa bokete le boleng jo bo tshwanang, di dirilwe ka motswako o o teng ka tlholego wa gauta le selefera o o bidiwang electrum, di ne tsa dirwa ke Balidia ba kwa Anatolia ka lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. mme ebile go lebega e le one madi a ntlha a mmatota a ditshipi, mo e ka nnang lekgolo la dingwaga moragonyana, go dirwa ga madi a ditshipi go ne ga simologa kwa Gerika.
Pampiri:
Madi a ntlha a dipampiri a ne a simolola go dirisiwa kwa China ka 1024, eleng ka nako eo go gola ga papadi goo go neng go le kwa godimo go feta le fa e le leng pele go ile ga dira gore madi a ditshipi a tlhaele. Porofesara Bielenstein a re: “Ditekeletso ka se se neng se bidiwa Madi a a Fofang di ne di sale di dirilwe go le pele ka bo 811, ka metlha ya ga T’ang. Ka nako eo puso e ne e ile ya ntsha makwalo a a supang gore motho a duelwe bokae a a neng a ka dirisiwa mo dikgwebisanong mme e re morago a ye go tšhentšhiwa go tsewe madi.” Go simolola kwa Engelane ka 1821, ditšhaba tse dintsi di ne tsa dirisa selekanyo sa gauta, seo se ne se raya gore baagi ba ne ba ka fetolela madi a bone a dipampiri mo gauteng ya mmatota e e bolokilweng ke mebuso ya bone nako nngwe le nngwe. Lefa go le jalo, fa esale mebuso e tlhanogela selekanyo sa gauta, gompieno e itsise fela gore madi a yone a na le boleng, lemororo e ka se ka ya supa sepe go tlatsa seo.
Ditšheke:
Ditšheke di ile tsa simololwa ke boradibanka ba Maesemane ka lekgolo la bo 17 la dingwaga, mme tsone ke ditaelo tsa gore banka e ka duela motho ka madi; mokgwa ono wa kgwebo, ereka o babalesegile ebile o le molemo, o ile wa tuma le go anama fela thata.
Polasetike:
Credit cards, tse bangwe ba di bitsang madi a polasetike, di ne tsa simololwa kwa United States ka bo 1920 mme erile go ise go ye kae tsa bo di setse di ratwa ke batho lefatshe ka bophara. Lefa go le jalo, bomolemo le mesola e mengwe e di e lereng, e tlhofofadiwa ke dikotsi tsa go rekisiwa dilo ke monate fela le go reka dilo tse madi a tsone a fetang kgwatlha ya gago kgakala.