Go Tlhatlogela Kwa Godimo ga Kgwebo ya Lefatshe Le go Wa ga Yone
Karolo 2—E A Ikala E le go Leka go Inonotsha
KWA tshimologong, go gatela pele ga tsa papadi go ne go kgorelediwa fela thata ke letlhoko la dipalangwa le ditlhaeletsanyo, go nna bonya ga tsone, le boturu jwa tsone. Kgwebisano ya go sepelwa ka lewatle e ne e ja nako e ntsi. Ditsela tsa mo lefatsheng tsone di ne di tletse diphatsa. Mme legale seno sotlhe se ne se se kgakala le go fetoga.
Kgwebisano E Simolola go Akaretsa Lefatshe Lotlhe
Ka nako ya puso ya Gerika, go tloga ka 338 B.C.E. go ya go 30 B.C.E., ditoropo tsa Mediterranean di ne tsa fetoga mafelo a magolo a kgwebisano. Tseno di ne di kopanyeletsa ya kwa Egepeto ya Alexandria, e ileng ya thaiwa ke Alexander yo Mogolo ka 332 B.C.E. Moporofesara wa hisitori ebong Shepard B. Clough a re, mme “erile ka lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.[E.], itsholelo ya Gerika Botlhaba e ne ya simolola go bontsha dikai tsa go sa gole; fa mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.[E.], e ne ya iponatsa gore e a wa.” Roma e ne ya emisetsa Gerika go nna mmuso o mogolo wa lefatshe. Morago, kafa tlase ga taolo ya Roma, Alexandria e ne ya nna motsemogolo wa kgaolo, e fetwa ke Roma fela e le yosi.
Mmusomogolo ka jone kwa Botlhaba o gape o ileng wa tlhatlhama Mmusomogolo wa Bophirima wa Roma ebong Mmusomogolo wa Byzantine, o ne wa fitlha kwa setlhoeng sa one magareng a lekgolo la bo 9 le la bo 11 la dingwaga. Mošate wa jone, eleng Constantinople (e gompieno e bidiwang Istanbul), e ne e le yone toropo e kgolo mo lefatsheng, ka batho ba le mileone. E ne e le marekisetso a leloba, menatiso ya dijo, metako, le dinkgisamonate tsa kwa Botlhaba le boboa, amber, dikgong, le tshipi ya kwa Bophirima, e ne e le lefelo le le tsereganyang itsholelo gareng ga Yuropa le Asia.
Mme erile ka 1204, ka nako ya Ntwa ya Bonè ya Botlhabanelatumelo, mmusomogolo oo o ne wa nna le mathata. Mošate wa jone o ne wa gapiwa mme wa thopiwa, o ile wa amiwa ke bogagapa jwa itsholelo. Jang jalo? The Collins Atlas of World History ya re, “motswedi wa dintwa tsa botlhabanelatumelo e ne e le go batla go ya go tsoma dikhumo tsa kwa Botlhaba ke ba Bophirima.” Seno se bontsha gore, lemororo go twe kereke e ne e dirwa ke tlhoafalo ya bodumedi, e ne gape e na le maikaelelo a mangwe.
Ka nako eo, ka nako ya Yuropa wa dingwaga tsa bogareng, babapatsi ba ne ba simolola dipontsho tsa papadi, kgotsa kgwebisano, tseo ka tsone ba neng ba kgona go supa dithoto tse di tswang mafatsheng a a farologaneng mo tseleng e ba neng ba e tsaya. The New Encyclopædia Britannica ya re, fa e bua ka pontsho e e ileng ya atlega ka tsela e e tlhomologileng e e neng e tshwaretswe kwa kgaolong ya Champagne e e kwa bokonebotlhaba jwa Fora: “Ditumalano tsa kgwebo tsa babapatsi kwa dipontshong tseno gantsi di ne di dirwa ka dikwalo tse di neng di solofetsa tuelo mo pontshong e e latelang mme ebile di ne di kgona gore di ka fetisediwa go motho yo mongwe. Ditumalano tseo tsa kgwebo e ne e le tshimologo ya tiriso ya go tsaya sekoloto. Mme erile ka lekgolo la bo 13 la dingwaga gangwe le gape dipontsho di ne di direla jaaka mabolokelo a Yuropa.”
Go fenya ga Ba-Turkey ka lekgolo la bo 15 la dingwaga go ne ga tshosetsa go kgaola ditsela tsa kgwebisano gareng ga Yuropa le Asia. Ka jalo batlhotlhomisi ba Yuropa ba ne ba tswa le tse di tswang go ya go batla ditsela tse disha. Motsamaisi wa sekepe wa Mopotokisi ebong Vasco da Gama, o ne a etelela letsholo lengwe pele go simolola ka 1497 go ya go 1499 le le ileng la dikologa Cape of Good Hope ya Afrika ka katlego, mme ka tsela e e ntseng jalo a simolola tsela e ntšha ya lewatle ya go ya kwa India e e ileng ya dira Potokisi go nna mankge wa lefatshe. Tsela e ntšha eo gape e ne ya amoga Alexandria le mafelo a mangwe a boemakepe a Mediterranean botlhokwa jwa go nna boremelelo jwa kgwebisano.
Ka nako eo, moagelani wa Potokisi ebong Spain, o ne a ntshetsa maiteko a motsamaisasekepe wa Montariana ebong Christopher Columbus madi a go fitlha kwa India a tsere tsela e e lebang bophirima go dikologa lefatshe. Erile ka 1492—mo e tla bong e le dingwaga tse 500 ka October yo o tlang—Columbus a wela, jaaka go ka tualo, mo Karolong ya Bophirima ya Lefatshe. Go na le go batla go fitlha kwa Botlhaba ka go leba borwa pele jaaka Vasco da Gama a ne a dirile kgotsa go leba bophirima jaaka go dirile Columbus, Maesemane bone, kafa letlhakoreng le lengwe ba ne ba tswelela go senka tsela ya bokonebotlhaba kgotsa bokonebophirima. Ditlhotlhomiso tseno tsotlhe di ne tsa dira gore kgwebisano jaanong e akaretse lefatshe lotlhe. Mme ereka e le yone e dirileng gore go bonwe mafatshe a Amerika, papadi e ne ya supa tlhotlheletso ya yone e e nonofileng mo mererong ya lefatshe.
Nonofo ya Itsholelo—E Aga Mebusomegolo
Ditsamaiso tsa papadi di ile tsa aga mekgatlho e e nonofileng. Go ya ka buka ya By the Sweat of Thy Brow, sekai ke “nngwe ya dithulaganyo tse di akaretsang go le gontsi ebile di tsaya nako e telele tse di neng tsa tlhamiwa ka nako eo ya bogologolo tse di amanang le itsholelo le loago: ebong makgotla a tsa papadi.” Fela jaaka go ntse ka makgotla a a nonofileng gompieno, mo godimo ga melemo e a neng a e dira, makgotla ao, ka dinako tse dingwe a ne a sa dirise thata ya one ka tshwanelo, go ya bokgakaleng jwa gore moranodi wa Bibela ebong John Wycliffe go bolelwa fa a kile a kgala mangwe a one ka lekgolo la bo 14 la dingwaga a re ke “makokonyana a boferefere . . . a a futsitsweng ke Modimo le batho.”—Bona lebokose le le fa tlase leno.
Tota ebile tsa papadi di ile tsa bo tsa aga le mebusomegolo, mme kwantle ga pelaelo Mmusomogolo wa Borithane e le one o o ileng wa atlega fela thata. Mme pele ga o runya mo lekgolong la bo 16 la dingwaga, dithulaganyo tse dingwe tsa papadi mo Yuropa di ne di setse di simolotse go kakatlela nonofo ya itsholelo e e dirang gore lefatshe le bo le le se le leng sone. Nngwe ya tseno e ne e le Hanseatic League.
Lefoko la Sejeremane la bogologolo le go tweng Hanse, le le rayang “mephato,” le ne ya re kgabagare la dirisediwa go raya lengwe le lengwe la makgotla a babapatsi a a ileng a bopiwa. Erile kwa bofelong jwa lekgolo la bo 12 le mo masimologong a lekgolo la bo 13 la dingwaga, Hanse e e neng e itshetletse mo toropong ya Jeremane e go tweng Lübeck, e ne ya gapa kgwebisano ya kwa Baltic mme ya atlega mo go golaganyeng Jeremane le Russia le mafatshe a mangwe a a nang le melelwane mo Baltic. Fa ka nako eo, go ya ntlheng ya bophirima, Hanse e e mo toropong ya Cologne mo Jeremane yone e ne e nonotsha kgwebisano le Engelane le Mafatshe a Ntlha ya Tlase.
Makgotla ano a babapatsi a ne a dira melao go itshireletsa le dithoto tsa bone, gantsi e laola kgwebisano gore botlhe ba solegelwe molemo. Ba ne gape ba nna seoposengwe go leka go lwantsha bakgothusi le magodu a mo lefatsheng le mo lewatleng. Fa kgwebisano e ntse e gola go ne ga itshupa fa tirisanommogo gareng ga ditlhopha tse di farologaneng e tlhokafala. Ka jalo he erile kwa bofelong jwa lekgolo la bo 13 la dingwaga, ditoropo tsotlhe tsa bokone jwa Jeremane di ne tsa kopana go bopa lekgotla le le lengwe fela le le ileng la bidiwa Hanseatic League.
Ka ntata ya kwa le neng le le teng, lekgotla leno le ne la laola metsamao ya kgwebisano ya kafa bokone. Kafa bophirima le ne le gwebisana le mafatshe a a neng a tsweletse pele mo itsholelong a Engelane le Mafatshe a Ntlha ya Tlase, a le one, a neng a na le ditirisano tsa kgwebisano le Mediterranean le Botlhaba. Kafa botlhaba le ne la fitlhelela Scandinavia le Yuropa Botlhaba motlhofo fela. Mo godimo ga kgwebisano ya boboa le Flanders, lekgotla le ne jaanong la simolola go laola kgwebisano ya ditlhapi le Norway le Sweden gapegape le kgwebisano ya boboa le Russia.
Lemororo e ne e se lekoko la sepolotiki, mme ebile le ne le sena setlhopha se se laolang sa sennafoo, kwantle ga pelaelo le ne le na le thata ka nako ya fa le ne le le kwa setlhoeng sa lone. Sengwe sa dilo tse le ileng la di kgona ke go dira tsamaiso ya melao ya papadi ya lewatle. Fa kafa letlhakoreng le lengwe ba ne ba gagabela marekisetso a masha, lekgotla le ne le le bofefo go sireletsa marekisetso a le ntseng le na le one, mme fa go tlhokega le dira jalo ka dikgoka. Mo mabakeng a le mantsi dikepe tsa lone tse ditona tsa papadi di ne di kgona go fenya kganetso ka go pateletsa kgaosetso ya dipapadisano.
Lekgotla la Hanseatic League le ne la fitlhelela setlhoa sa nonofo ya lone mo magareng a lekgolo la dingwaga la bo 14. Go wa ga lone go simologile ka lekgolo la bo 15 la dingwaga fa Maesemane le Ma-Dutch ba simolola go nonofa le go laola kgwebisano ya lefatshe. Ntwa ya Dingwaga tse di Masomeamararo e ne ya nyeletsa Lekgotla leo. Maloko a lone a ne a kopana la bofelo ka 1669. Gompieno ke ditoropo di sekae fela, tseo gareng ga tsone go nang le Lübeck, Hamburg, le Bremen, tse di santseng di ikgantsha ka go bo e le ditoropo tsa Hansa, e leng maloko a eseng sepe fa a bapisiwa le mokgatlho ono oo o kileng wa bo o boitshega mo go tsa papadi.
Mekgatlho e mengwe e e maatla e e boitshegang mo go tsa papadi e ne e emetse fela go tseela Hanseatic League sebaka. Ithute ka yone mo Karolong 3 ya motseletsele ono: “Papadi ya Bogagapa E Itshenola Mabala.”
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Nonofo ya Makgotla a Babapatsi le a Babereki
Erile ka lekgolo la bone la dingwaga B.C.E., ditoropo dingwe tsa Mediterranean di ne di dira mefuta e e rileng ya dithoto, mme le badiri ba ba dirang tiro e le nngwe fela ba kgobokanele ntlheng e le nngwe fela ya toropo. Kwa tshimologong makgotla ano a papadi a ne a itshupa a tlhotlhelediwa ke ditshekamelo tsa loago le tsa bodumedi. Buka ya By the Sweat of Thy Brow e re bolelela gore “lengwe le lengwe la mekgatlho eno le ne le na le modimo kgotsa modimogadi wa lone, mme maloko a yone a ne a tshwara ditirelo tsa one tsa sedumedi.”
Makgotla a babapatsi a metlha ya bogareng a ne a diretswe go thusa maloko a one a a tlhokang le go sireletsa tiro ka kakaretso ka go laola tse di dirwang le go baya ditekanyetso, tota ebile gongwe le gone go laola ditlhotlhwa le madi a a amogelwang. Mangwe a ne a simolola go ipusa one fela, a tsamaisa ditlhotlhwa ka bolalome ka ditumalano tsa mo sephiring, ka boikaelelo jwa go sireletsa marekisetso a lekgotla la babapatsi le go kgoreletsa dikgaisano tse di sa siamang.
Makgotla a babapatsi a ne a thaega ka lekgolo la bo 11 la dingwaga, a emisetsa a bogologolo a kgwebisano, a ne a rulaganngwa ke babapatsi ba ba tsamayang go itshireletsa kgatlhanong le diphatsa tsa mo ditseleng. Mme kgabagare makgotla ano a babapatsi a ne a latlhegelwa ke setshwano sa one sa pele. Ereka a ne a itebagantse le kgwebisano ya mo gae, nonofo le tlotlo ya one e ne ya fela fa jaanong marekisetso a kgaolo, a semorafe, le a meraferafe a simolola go nna konokono gape le ka nako ya fa babapatsi ba ne ba simolola go fekeetsa badiri ba dithoto.
Kwa bofelong jwa lekgolo la bo 18 le kwa masimologong a lekgolo la bo 19 la dingwaga, makgotla a babereki a a neng a tsalwa ke Diphetogo tsa Madirelo, a ne a simologa kwa Borithane le kwa United States e le mekgatlho ya babereki ba ba nang le kitso e e tshwanang. A simologile e le mekgatlho ya loago, mme ya tloga ya nna mekgatlho ya go ngongoregela tsamaiso ya sepolotiki le ya loago e e neng e le teng. Gompieno, maikemisetso a makgotla mangwe ke go buelela dituelo tsa maloko a bone, diura tsa bone, maemo a bone a kwa tirong, le tshireletsego ya bone ya mmereko, ba dira seno ka dipuisano kgotsa ka go ngala ditiro. Lefa go le jalo, a mangwe a na le ditshekamelo tsa sepolotiki.