Kgopolo E E mo Bibeleng
Go Nyalana Kana go Nna Mmogo Fela Kwantle ga go Nyalana—Ke Sefe Se Se Botoka?
“RE TLA nyalana leng?” Mo dingwaganyaneng di le 35 fela tse di fetileng, potso eno e ka nna ya tswa e ne ya akanyediwa ke batho ba ba ratanang bao ba neng ba beeletsana. Lefa go ntse jalo, ga go na pelaelo epe gore gompieno potso e e ntseng jalo e tla bodiwa ke batho ba babedi bao ba setseng ba nntse ba nna mmogo. Dinako di fetogile mme tsela eo batho ba ikutlwang ka yone ka lenyalo le yone e fetogile. Ke tsela efe e e botoka: Go nyalana, kana go nna mmogo fela le motho yo o mo ratang?
Dipatlisiso di supa gore kwa Brazil, France, Sweden, United States, le kwa dinageng tse dingwe tse dintsi, go nna mmogo fela lo sa nyalana ke selo se se tlwaelegileng fela thata. Go ka nna ga tswa go dumalana le tsela ya segompieno jaana eo batho ba ikutlwang ka yone ka boitsholo, mme lefa go ntse jalo go nna mmogo fela lo sa nyalana ga se selo se sesha. Selo se sesha ke tsela eo batho ba ikutlwang ka yone ka gone. Gompieno, selo seo se kileng sa ne se lejwa jaaka go tshela lo dira boleo ga se tshwaiwe phoso kana batho ba le bantsi ba se kaya jaaka seo tota se itshiametseng fela.
A Go Nna Mmogo Fela Lo Sa Nyalana Go Na le Melemo Mengwe?
Batho bangwe ba ntsha lebaka la gore go nna mmogo fela lo sa nyalana go molemo, ereka go dira gore batho ba ba ratanang ba kgone go itsane sentle tota pele ba tsena mo kgolaganong e e sa khutleng ya lenyalo. Melemo e mengwe eo bangwe ba e umakang ke: Go dira gore batho ba ba ratanang ba kgone go fokotsa ditshenyegelo ka go duela rente mmogo; go ba dira gore ba se ka ba nna kafa tlase ga taolo ya batsadi; go tlamela ka bolekane jo bo tlhokegang, go akaretsa le go tlhakanela dikobo. Baratani ba ba setseng ba godile bao ba sa nyalanang ba bolela gore ba kgona go bona madi ao puso e thusang batho ka one fela a sa fokodiwa ka gope fa ba nna fela jalo.
Lefa go ntse jalo, lebaka le lengwe le le maatla tota le le kgatlhanong le go nna mmogo fela lo sa nyalana ke leno: Mongwe wa bobedi jono a ka nna a fedisa go utlwana ga bone nako nngwe le nngwe fela ka gore a itsamaele. Ebile tota, Le Monde ya letsatsi le letsatsi ya kwa Fora e ne ya bega gore kwa Sweden le kwa Norway, halofo ya batho ba ba nnang mmogo fela ba sa nyalana ga ba tshware dingwaga di le pedi ba ntse ba nna mmogo, ebile go tswa go 60 go ya go 80 lekgolong ya bone ba kgaogana mo dingwageng tse di kafa tlase ga di le tlhano.
Lenyalo—Tsela E E Botoka
Bao ba buelelang go nna mmogo fela ba sa nyalana ba ka nna ba tswa ba leba setifikeite sa lenyalo jaaka “pampirinyana” fela, sengwe se se senang mosola ka gope. Gape, boikutlo jono bo bontshiwa mo diterameng tse di tswelelang tsa thelebishene le mo dibaesekopong, mmogo le mo matshelong a sephiri a batho ba ba itsegeng thata. Ka gone, a re ko jaanong re sekasekeng mosola wa mmatota oo “pampirinyana” eo e nang le one.
Fa o kopanela kgwebo le mongwe kana o reka thotonyana nngwe kana o adima mongwe madi, ke ka ntlha yang fa lo kwala ditumalano tsa lona lo bo lo dira gore di saeniwe ke basupi? Lebaka le le lengwe fela ke gore batho ba babedi bano ba dirile maikano, ebile go kwala ditumalano tseno go tla ba solegela molemo boobabedi. Ka sekai, fa mongwe wa bone a swa, a tsena ka lenga la seloko, kana a latlhegelwa ke tlhaloganyo, ditumalano tseno tsa bone di santse di ba tlama semolao. Go ntse fela jalo mo lenyalong. Fa go diragala gore yo mongwe wa balekane a tlhokafale kana gore ba tlhokafale boobabedi, molao mo dinageng di le dintsi o tlhokomela maloko a a setseng a lelapa. Gantsi seno ga se nne gone mo lelapeng la batho bao ba ileng ba innela mmogo fela ba sa nyalana. Maikano ano ke one ao a dirang pharologano fa gare ga go nna mmogo fela lo sa nyalana le lenyalo. Ebile setifikeite sa lenyalo ke selo se se gakololang banyalani kaga maikano a bone a gore ba tla ratana, ba tla tlotlana, le go ngomaelana ebile se ba gokolola ka dilo tse di kafa molaong tseo di kaiwang ke maikano a lenyalo.
Mmè mongwe yo o nyetsweng o ne a bolela jaana: “Gongwe ke saletse kwa morago, mme lefa go ntse jalo go tlamiwa ke lenyalo go ntira gore ke ikutlwe ke sireletsegile tota.” O boeletsa seo Modimo a neng a se bolela ka nako ya fa a ne a nyadisa batho ba ntlha ba babedi: “Ke gōna ka mouō monna o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, me o tla ñaparèla mosadi oa gagwè: me ba tla nna nama e le ñwe hèla.”a (Genesise 2:24) Bongwe fela jo bo tlhomologileng! Ka gone, “nama e le ñwe hèla” e nna gone fela mo kamanong e e feletseng, e e tlhomologileng, e e kafa molaong, ya botshelo jotlhe—e seng gope gape.
Lefa go ntse jalo, batho bangwe ba tatalala ka gore ba itse batho bangwe ba ba ratanang bao ba nnang mmogo fela ba sa nyalana mme lefa go ntse jalo ba ratana thata.
“A Ba Nyalane”
Bibela e ntsha lebaka leo le a gaisang otlhe la gore batho ba ba ratanang ba se ka ba nna mmogo fela ba sa nyalana. “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka,” go bolela jalo Bahebera 13:4. Bibela e bolela ka mo go utlwalang le ka mo go phepafetseng gore go nna mmogo fela lo sa nyalana ke go gokafala. Tota “go gokafala” go kaya eng? Buka nngwe e e tlhalosang mantswe e e tlhalosa jaaka “go tlhakanela dikobo gare ga monna le mosadi yo e seng wa gagwe.” Re tshwanetse ra utlwa kgakololo eno ya Bibela e le gore re tle re nne le segakolodi se se siameng: ‘Modimo o rata gore lo ithibe mo [kgokafalong].’—1 Bathesalonia 4:3.
Mme lefa go ntse jalo go tweng fa batho bangwe ba na le bothata jwa go laola keletso ya bone ya tlhakanelodikobo? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Me ha ba retelèlwa ke go ichōka, a ba nyalè: gonne go molemō go nyala bogolo go go babalèlwa.” Mme gape o ne a kwala jaana: “Me ha motho moñwe a gopola, go re, o dihèla ñwana oa gagwè oa kgarebane kaha go sa chwanèlañ, . . . a ba nyalane.” (1 Bakorintha 7:9, 36) Ela tlhoko gore Paulo ga a ka a bolela gore ‘ba dire seo ba se batlang le go innela mmogo fela’ mme lefa go ntse jalo o ne a re, “A ba nyalane.”
Ga go bolele gore lenyalo le tshwanetswe gore le lejwe fela jaaka tsela ya go kgotsofatsa keletso ya go tlhakanela dikobo. Balekane ba tshwanetse gore ba itsane pele ba nyalana. Mme lefa go ntse jalo lo ka itsane jang fa lo sa nne mmogo? Lefereo le le tlotlegang le neelana ka tshono ya gore lo itsane. O tshwanetse wa itse gore ke eng seo o se lebeletseng go tswa mo lenyalong le mo molekaneng wa gago. Ke dilo dife tse o di tlhokang tsa mmele, maikutlo, le tsa semoya? A motho yo o mo akantseng gore e ka nna ene molekane wa gago o tla go thusa gore o nne le dilo tseno tse o di tlhokang?—Mathaio 5:3.
Morago ga fa o sena go bala se se fa godimo seno, ga go na pelaelo epe gore o tla dumalana gore mo dilong tse pedi tseno—eleng go nna mmogo fela kana go nyalana—go botoka go nyalana. Balekane ba ba nyalaneng ba dira jalo kwantle ga go ikutlwa ba le molato kana kwantle ga go tshaba, ebile ba tlotlwa ke ditsala tsa bone le ke ba losika. Maikutlo a bana ba bone ga a kitla a utlwisiwa botlhoko ke gore ba tshotswe ke batsadi ba ba sa nyalanang. Ebile se se botlhokwa go feta tsotlhe, batho ba ba ntseng jalo ba itumedisa Modimo ka go tlotla thulaganyo ya gagwe ya lenyalo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lefoko la Sehebera da·vaqʹ (“ngaparela”) “le kaya go tlamparela motho ka lorato le ka boikanyegi.” (Theological Wordbook of the Old Testament) Ka Segerika, lefoko leno le tswa mo lefokong le le kayang “go ngaparetsa,” “go tshwaraganya ekete ka semente,” “go kopanya ka mo go nonofileng thata.”
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Lenyalo la lekgolo la bo 16 la dingwaga
[Motswedi wa Setshwantsho]
Peasant Wedding, by Pieter Bruegel the Elder, 16th century
With kind permission of the Kunsthistorisches Museum, Vienna