Baebele ya Reng
Go Tweng ka go Nna Mmogo Pele ga Lenyalo?
A O KA reka sutu kgotsa mosese o sa o lekanye pele? Gantsi ga go direge. Boammaaruri ke gore, fa moragonyana o lemoga gore seaparo seo ga se go lekane, o tla bo o sentse nako le madi a gago.
Batho ba le bantsi ba dirisa kgopolo eo le mo kgannyeng ya lenyalo. Ba akanya gore go botoka gore monna le mosadi ba nne mmogo pele ga ba itlama ka go nyalana. Bangwe ba ipolelela gore, ‘Fa dilo di sa tsamaye sentle, monna le mosadi ba ka kgaogana kwantle ga go lebana le mathata le thulaganyo e e jang madi a mantsi ya tlhalo.’
Gongwe bangwe ba ba akanyang jalo ba ile ba bona tsala nngwe e e leng mo lenyalong e itshokela lenyalo le e sotlwang mo go lone. Kgotsa ba ka nna ba bo ba ile ba bona ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa lenyalo le go se nang lorato mo go lone. Ka ntlha ya seo, ba ka nna ba tsaya go nna mmogo fela e le tsela e e botlhale ya go tila mathata.
Baebele ya reng ka kgang eno? Go araba potso eo, re tlhoka gore pele re sekaseke gore Lefoko la Modimo la reng malebana le thulaganyo ya lenyalo.
“Nama e le Nngwe”
Baebele e rotloetsa go leba lenyalo ka tsela e e tlotlometseng mme seo ga se gakgamatse ka gonne, thulaganyo ya lenyalo e ile ya tlhomiwa ke Jehofa Modimo ka boene. (Genesise 2:21-24) Go tswa kwa tshimologong, Jehofa o ne a ikaeletse gore ka lenyalo monna le mosadi ba tla nna “nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Fa Jesu a sena go nopola temana e e mo Baebeleng e e tlhalosang ntlha eno, o ne a oketsa jaana: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:6.
Boammaaruri ke gore, bangwe ba batho ba ba nyalaneng ba tla tlhalana moragonyana.a Le fa go ntse jalo, fa seno se direga, ga se ka go bo thulaganyo ya lenyalo ka boyone e tlhaela ka tsela nngwe; go na le moo, ke ka go bo mongwe wa balekane kgotsa ka bobedi jwa bone ba paletswe ke go tshelela maikano a bone a lenyalo.
Ka sekai: A re re gongwe monna le mosadi ba na le koloi, mme ga ba e tshware go ya ka ditaelo tsa modiri wa yone. Fa koloi eo e ka robega ka ntlha ya seo, ke molato wa ga mang? A ke wa modiri kgotsa a ke wa beng ba yone ba ba ileng ba palelwa ke go e tlhokomela go ya ka tsela e ba laetsweng ka yone?
Molaomotheo oo o dira le mo lenyalong. Fa monna le mosadi ba boloka kamano ya bone e siame mme ba ikemisetsa go rarabolola mathata a bone ka go dirisa melaometheo ya Baebele, ga se gantsi go ka nnang le tlhalo. Banyalani ba ikutlwa ba babalesegile ka gonne mongwe le mongwe wa bone o itlamile. Ka jalo, lenyalo e nna motheo wa kamano e e lorato.
“Lo Ithibe mo Kgokafalong”
Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba ipotsa jaana: ‘Ke eng he lo sa nne mmogo pele? A go lekeletsa gore a kamano ya lona e siame pele ga lo dira maikano a a ntseng jalo ga se tsela ya go supa gore lo tlotla go nna boitshepo ga lenyalo?’
Karabo ya Baebele e tlhamaletse. Paulo o ne a kwala jaana: “Ithibeng mo kgokafalong.” (1 Bathesalonika 4:3) Lefoko “kgokafalo” le kaya dikamano tsotlhe tsa tlhakanelodikobo kwa ntle ga lenyalo. Seo se akaretsa go tlhakanela dikobo ga baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, tota le fa ba ikaeletse go nyalana. Ka jalo, go ya ka Baebele, go tla bo go le phoso gore baratani ba nne mmogo—tota le fa ba ikaeletse go nyalana moragonyana.
A se Baebele e se bolelang se siilwe ke nako? Bangwe ba ka nna ba akanya jalo. Tota e bile, mo dinageng di le dintsi, go nna mmogo—lo ikaeletse go nyalana kgotsa nnyaa—go tsewa go siame. Mme akanya ka ditlamorago tsa gone. A batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ba bone sephiri sa go atlega ga lelapa? A ba itumetse go feta batho ba ba nyalaneng? A batho ba ba nnang mmogo pele ga lenyalo ba na le selekanyo se se kwa godingwana sa go ikanyega morago ga lenyalo? Dipatlisiso di bontsha gore ga go a nna jalo. Ee, go lemogilwe gore banyalani ba ba kileng ba nna mmogo pele ga ba nyalana ba nna le selekanyo se se kwa godimo sa mathata mme kgabagare ba a tlhalana.
Bomankge bangwe ba ka nna ba re dipatlisiso tseo ga di boammaaruri. Moithutatlhaloganyo mongwe o kwala jaana: “Batho ba ba tlhophang go nyalana pele [ga ba nna mmogo fela] e setse e le setlhopha se sele sa batho go na le ba ba tlhophang [go nna mmogo] pele.” O bolela gore go nna mmogo ga se kgang e e botlhokwa; go na le moo, kgang ke gore a lo “anaanela go nna mo lenyalong ga lona.”
Le fa seo se ka tswa se le boammaaruri, se gatelela fela botlhokwa jwa go batla go nna le boikutlo jwa Modimo ka lenyalo. Baebele ya re: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe.” (Bahebera 13:4) Fa monna le mosadi ba ikana go nna nama e le nngwe mme ba bo ba bontsha gore ba tlotla thulaganyo ya lenyalo, ba nna le kamano e e se kitlang e senyega ka bonako.—Moreri 4:12.
Ka gone, fa re boela kwa papisong e re buileng ka yone kwa tshimologong, go a utlwala go lekanya sutu kgotsa mosese pele ga o o reka. Le fa go ntse jalo, seo ga se tshwane le gore batho ba ka nna mmogo. Go na le moo, go tshwana le go ipha nako e e lekaneng go itse motho yo o akanyang gore e ka nna molekane wa gago wa lenyalo. Kgato e e botlhokwa eno e gantsi e itlhokomolosiwang ke nngwe ya dikgato di le dintsi tsa diphiri tsa go dira gore malapa a atlege.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Baebele e dumelela go tlhala le go tsena mo lenyalong gape fa molekane yo mongwe a nna le dikamano tsa tlhakanelodikobo kwa ntle ga lenyalo.—Mathaio 19:9
A O KILE WA IPOTSA GORE. . .
◼ Ke ka ntlha yang fa Baebele e bolela gore go tshwanetse ga nna le dikamano tsa tlhakanelodikobo fela fa gare ga batho ba ba nyalaneng?—Pesalema 84:11; 1 Bakorintha 6:18.
◼ Ke dinonofo dife tse o tshwanetseng wa di lebelela mo molekaneng?—Ruthe 1:16, 17; Diane 31:10-31.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
“O LEOFELA MMELE WA GAGWE”
Baebele ya re: “Yo o dirang kgokafalo o leofela mmele wa gagwe.” (1 Bakorintha 6:18) Mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga boammaaruri jwa mafoko ao bo ile jwa gatelelwa ke lebaka la go bo go na le ba le bantsi ba ba ileng ba swa ka ntlha ya AIDS le malwetse a mangwe a a tshwaetsanang ka tlhakanelodikobo. Mme ga se gone fela. Dipatlisiso di akantsha gore go gatelelwa thata mo maikutlong le go batla go ipolaya go tlwaelegile thata mo basheng ba ba tlhakanelang dikobo. Boitsholo jo bo botlhaswa le jone bo dira gore go nne le go ima go go sa batlegeng, mme mo maemong a mangwe seo se dira gore batho ba raelesege go bolaya lesea le le iseng le tsholwe. Ka ntlha ya mabaka ano, re ka swetsa ka gore molao wa boitsholo wa Baebele ga o a fetiwa ke nako.