Go Repa ga Boitsholo Go Aname
Go Ama Dikarolo Tsotlhe tsa Setho
FA GO buiwa ka mekgwa ya go itshwara setho gompieno se iphotlhere. Se dirilwe makgaoganyane ke mekgwa e mentsi ya go tshela. Bontsi bo na le boikutlo jwa go tshwana le jono: ‘Mokgwa le fa e ka nna ope fela wa go tshela o tshwanetse wa amogelwa jaaka tsela e nngwe ya botshelo. Itshokele tsela ya me ya go tshela, le nna ke tla itshokela ya gago. Dira tsa pelo ya gago, le nna ke tla dira tsa pelo ya me. A mongwe le mongwe a dire sa pelo ya gagwe. Ditsela di dintsi go di tsaya, mme ebile di siame tsotlhe; ga go epe e e phoso. Sebe ga se sale teng. Buelela ditshwanelo tsa gago. Fa o ngongorega ka tsela ya kagiso, ga o kitla o utlwiwa ke ope; fa o batla gore mongwe le mongwe a go utlwe, o tshwanetse wa dirisa thubakanyo. Thubakanyo ke tsela e nngwe ya go bua ka kgololesego. Tlhakanelodikobo e tshwanetse go dirwa le mongwe le mongwe yo o mo kgethileng le ka tsela nngwe le nngwe e o e batlang. Makgapha le one ke bokgoni. Tshela kafa o batlang ka teng o mme ba bangwe le bone ba tshele kafa ba batlang ka teng.’
A mme ‘go tshela kafa o ratang ka teng le go lesa ba bangwe le bone gore ba tshele kafa ba batlang ka teng go raya loso kgotsa botshelo’? Go tswa fela koo go tla go fitlha mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, batho ba ne ba sa etsaetsege malebana le gore molemo ke eng bosula ke eng, gore mekgwa e e phoso ke efe e e siameng ke efe, gore se se tlotlegang ke sefe se se sa tlotlegeng ke sefe—mme ebile go santse go ntse jalo ka bontsi gompieno. Mme lefa go ntse jalo mo go ba bangwe diphetogo di ile tsa simologa ka bo 1950 mme tsa ntsifala thata morago ga foo. Kgopolo yotlhe ka mokgwa wa go tshela, boitsholo, tlotlo, le botho e ne ya dirwa gore e lebege jaaka e e senang tlhaloganyo, e e setlhogo, le e e sa amogelesegeng. Megopolo e e ileng ya ata e ne e galaletsa boratwaepelo. E ne e gatelela boikutlo jwa gore motho a tshele go ya ka mekgele e ene a e itlhometseng ka namana. Tse dingwe mo godimo ga moo tse di neng tsa amogelwa e ne ya nna go itshokela ba bangwe, go farologana, le go sa atlhole ba bangwe. Go ya ka mokgwa ono o mosha wa go leba dilo, go itsa ke moila.
Matswela a a maswe a mokgwa ono wa go leba dilo a ile a tswelela a ntse a gola go fitlha ka bo 1980 fa jaanong a ne a sa tlhole a na le bolekanngo, mme ebile a santse a gola le ka bo 1990. Go simolola ka puo e e neng e le malebana le mekgwa ya go itshwara e e ileng ya neelwa kwa New York City ke motlatsamodulasetulo wa koporasi nngwe yo a neng a eme kokoano nngwe ka lefoko malebana le mekgwa ya go itshwara ya kgwebo, re nankola dipego di sekae tse di leng mabapi le matswela ano a a maswe:
“Boradipolotiki ga ba ikanyege mo bathong bao ba ba tlhophileng. Batsereganyi mo ditirisanong tsa kgwebo ba tsietsa batho ba ba dirisanang le bone. Baokamedi ba dibanka tsa Polokelo le Dikadimo ba di tsamaisa ka tsela e eleng gore di felela di phutlhame mme mo go felele ka gore bakgethisiwa jaanong e nne bone ba duelelang go palelwa moo. Baruti le ba ba solofetseng go nna botautona ga ba ikanyege mo basading ba bone. Bana baa tsietsa mo ditlhatlhobong, mme didikadike di a ipolaya le go bolaya ba bangwe ka go itshenya ka diokobatsi le bokebekwa. . . . Manyalo a le diperesente di le masome a matlhano a felela a thubegile. Bana ba le diperesente di le masome a mabedi le bobedi ba ba tsholwang gompieno ke ba dikgora, mme nngwetharong ya bana botlhe ba ba teng gompieno e tla re pele ga ba tshwara dingwaga tse 18 ba bo ba setse ba nna le batsadi ba bone ba bobedi. Go itshupa sentle gore, go phatlakana ga lelapa go gogolo eleruri. Fa e le gore o tsaya gore mekgwa ya go itshwara e bopiwa go simologa kwa gae—mo bonyaneng—he mabaka a go bo botho bo ile ga a gake.”—Vital Speeches of the Day, September 1, 1990.
Mo letsatsing lengwe le lengwe dipampiri tsa dikgang, dimakasine, kgaso ya dikgang, dibaesekopo, le dithulaganyo tsa thelebishene di bontsha go wa ga mekgwa ya pele ya go itshwara. Erile mo puong e a neng a e neela kwa Yunibesithing ya Chicago, modulasetulo wa Chase Manhattan Corporation, o ne a re:
“Go sa kgathalesege gore a o simolola go bala pampiri ya dikgang ka metshameko, pego ya Washington, kgotsa karolo ya tsa kgwebo, kgang e nngwe fela. Ditsebe tsa yone tse go tlhagang metshameko mo go tsone di tletse ka go upololwa ga go itshenya leina ga bosheng ga batshameki ba kgwele ba ba rekwang gore ba se ka ba nosa, ditlhopha tsa dikolo tsa kholetšhe tse di beilweng leitlho ka ntata ya go tlola melao ya go kwadisa maloko a masha, le batshameki ba porofeshenale ba ba tshwerweng ka diokobatsi. Dikgang tsa go tswa Washington ke tsa ditsheko tsa basupi ba kako, baatlhodi ba dikgaolo ba sekisiwa, go ipapatsa maemo mo go ba ba batlang go direlwa dilo ka seferwana, le modiramolao yo mo nakong eno a tlhotlhomisiwang ke House Ethics Committee. Fa o re o bala kafa karolong ya tsa kgwebo o rakana le go upololwa ga kgwebisano ya sephiri le tse dingwe fela jalo.”—Vital Speeches of the Day, August 1, 1990.
Ditiragalo tseno ke tsa ka metlha mme ebile ga di fokotsege mo eleng gore ga di sa tlhole di ama batho maikutlo. Go itshenya maina mo go ntseng jaana ga go sa tlhole go tshosa batho. Motlhatlheledi yo o sa tswang go tsopolwa yono o ne a akgela jaana malebana le seno: “Maamerika a le mantsi ga ba sa tlhole ba jesiwa magala ke go utlwa dikgang tse dingwe gape tsa go palelwa ke go itshwara ka botho jo bo tshwanetseng. Dinokwane tse di bonweng molato ga di sa tlhole di bifelwa. Ke dikgantshwane. Ba lalediwa meletlong ya bo semangmang. Fa ba kwala dibuka di rekwa go gaisa tse dingwe.”
Ivan Boesky wa Wall Street o ne a konela puo eo a neng a eme baithuti kwa sekolong sengwe sa go ithutela kgwebo ka lefoko ka yone ka go tsholetsa mabogo a gagwe a dirile tlhaka ya V ka one go kaya phenyo (victory) mme a bo a re, “A bopelotshetlha bo fenye!” Morago bopelotshetlha jwa gagwe bo ne jwa mo gogela mo go reng a dire dikgwebisano tsa sephiri, mme o ne a sekisiwa, a bonwa molato, a atlholwa madi, mme a bo a tlhatlhelwa mo kgolegelong. O ne a atlholwa R275 ya dimilione, mme lefa go le jalo o ile a sala ka diranta di le dimilione di le sekete. Mongwe wa matsipa a Wall Street ebong Michael Milken, o ne a atlholwa R1 650 ya dimilione mabapi le ditumalano tsa madi tsa tsietso tse a neng a di dira—madi ao a batlile go lekana le a a ileng a a dira ngwaga o le mongwe fela! O ne a kgona go salelwa ke diranta di le dimilione di le 4 000.
Makasine wa Industry Week o ne wa gatisa kgang ya setlhogo se se neng se botsa jaana, “A Mme Gone O Ka Atlega—Ka go Itlhokomolosa Mekgwa ya go Itshwara?” Mogakolodi mongwe go tswa kwa Utah o ne a tsaya gore mekgwa ya makgotla a kgwebisano e senyegela pele mme a bolela gore: “Seo ke ileng ka se lemoga se bontsha gore fa rakgwebo a ntse a atlega, le mekgwa ya gagwe ya kgwebo e e sa reng ee e a oketsega.” Motsamaisi mongwe go tswa kwa Michigan o ne a re: “Re na le tsela ya go dira dilo e e amanang le mekgwa ya go itshwara, mme lefa go le jalo batsamaisi ba bomaganagotlhe ba itlhokomolosa melao ka mabaka a a lolea jaaka, ‘Ga se gore ke mekgwa e e sa reng ee, ke go gweba fela mo go tshenene.’” Mookamedi mongwe go tswa Miami o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Mekgwa e mentle e nyelela ka lebelo le le tshosang; go dira poelo ke sone selo sa konokono go sa kgathalesege gore eng ke eng.” Borakgwebo ba bangwe bone ba ne ba phantsha fela jaana: “Ga go na se go ka tweng ga se a siama,” go ne ga bolela jalo yo mongwe. Yo mongwe o ne a tlatsa ka mafoko a a botlhajana a: “Maikemisetso a rona ke gore go dire, fa e le gore o bona gore ga o kake wa tswa lebadi.”
Ga se borakgwebo ba le bosi ba ba amegang mo go weng ga ditekanyetso tsa boitsholo. Mogare o o senyang mekgwa ya go itshwara o jweleletse mo dikarolong tsotlhe tsa setšhaba. Boagente ba le bantsi ba itshwara jaaka batlodi ba molao go na le go itshwara jaaka ba ba o tlotlang. Baitseanape ba le bantsi ba a itlontlolola ka go sa itshware sentle le go tsietsa e le gore ba tle ba fiwe madi ke puso. Dingaka tse dintsi di simolola go itsege ka go kgatlhegela go lopa madi a a kwa godimo go na le go kgatlhegela balwetsi—mme ebile balwetsi ba bone ba le bantsi ba loga maano a go ba isa kwa kgotlatshekelo ba ba latofaletsa go sa dire tiro ya bone ka botlalo.
Mo batho ba agileng teng ba tshelela tlase ga kgatelelo ya matswela a diokobatsi, bokebekwa, le dintwa tsa makoko. Go sa tlotle bolao jwa lenyalo go thuba malapa. Go tlhakanelwa dikobo le bana ba bannye, tota le eleng go ba dirisa jaaka diaka. Go tlhakanela dikobo ga basha go tsala boimana, go senya dimpa, le bana ba ba sa neweng tlhokomelo. Badirisi ba diokobatsi ba tlhasela dikolo. Bana ba dikolo ba tsamaya ka dithipa le ditlhobolo, fa kafa letlhakoreng le lengwe go ntse go itshupa fa go kgona go bala go ya tlase. Thutuntsho e e molemo go baakanya seemo seno ke fa batsadi ba balela bana ba bone, mme lefa go le jalo gantsi batsadi ba tshwarega mo go batleng morogo kana mo go batleng go fitlhelela mekgele ya go iitumedisa ka namana.
Mmino o tsaya karolo mo go repeng ga boitsholo, bogolo jang ka ditlhopha dingwe tsa maidi tsa mmino wa rock. Mogakolodi mongwe wa lekgotla la kgwebo o ne a akgela jaana: “Mmino wa rock o ile ya nna one tota mosele o o tshwanelang wa go itsise le go anamisa kgopolo ya go tlhoka boikgapo le boithibo fa go tla mo tlhakanelongdikobo le go goeletsa tiriso ya diokobatsi tse di sa letlelelwang. Mmino wa rock o ile wa nna selo se segolo se se tlhotlheletsang gore go nyadiwe batsadi, bagolo le ditheo tsa loago tse di gananang le mokgwa wa botshelo jwa boitsholo jo bo repileng jwa tlhakanelodikobo, le jwa tiriso ya diokobatsi.”
Mangwe a maikaelelo a bone ke go tena le go kgaola pelo le go gapa tlhokomelo ka go kgwa mafoko a dipina a a botlha, matlhapa, maswe, le makgapha, a a tletseng ka tlontlolola e e maswe ya basadi. Tlhakanelodikobo ya tlholego le ya bosodoma e tlhalosiwa ka methalethale, go kgothalediwa go gobolola mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo, go kgatlhiwa ke dipetelelo tse di setlhogo tse di felelang ka go gobadiwa ga dirwe tsa bosadi—go galaletsa makgapha ano a matlhabisaditlhong ga go na fa go felelang teng. Fa setlhopha sengwe sa mmino wa rock se ne se sekisediwa go opela makgapha, moporofesara wa Yunibesithi ya Duke o ne a se galaleletsa bothakga jwa mmino o se o kwadileng a bo a femela makgapha a matlhabisaditlhong a sone a re a na le boleng jwa bokgoni. Lekoko la baatlhodi le ne la dumalana le ene, la swetsa ka gore mafoko ao a mmino e ne e se makgapha go na le moo e ne e le bokgoni.
Sesupo se sengwe se se bontshang kafa mekgwa ya go itshwara e bodileng ka gone mo setšhabeng ke ka go bo ngwaga e e fetileng alebamo ya dipina ya mmino wa rap e e makgapha go di gaisa ‘go ile ga rekwa dikaelo tsa yone di le dintsi (tse di fetang milione o le mongwe) mo dibekeng tsa ntlha tse tharo morago ga go gololwa mme ya ba ya sutlha ya ya mankalengkaleng ya tsaya maemo a ntlha. Se se rayang gore ke yone e e ratwang thata ke barati ba mmino mo nakong eno.’ Maina a ditlhopha tseno tsa rock a tsamaelana le mafoko a dipina tsa bone: “Go na le bobotlana ditlhopha di le 13 tse di reeletsweng ka dirwe tsa bonna, di le 6 ka dirwe tsa bosadi, di le 4 ka peo ya bonna, di le 8 ka tshenyo ya mpa le e le nngwe ka bolwetsi jo bo tlhaselang dirwe tsa bosadi.”—U.S.News & World Report.
Moporofesara mongwe wa Yunibesithi ya Boston o ne a akgela jaana ka pontsho ya ga Mapplethorpe: “Ke ne ka e bona kwa Institute of Contemporary Art kwa Boston. Fela jaaka go dirwa gongwe le gongwe, koo le gone dilo di ne di beilwe go ya ka ditlhopha tsa tsone, jaaka go ka tualo. Mo karolong ya ‘go leba yo o sebete’ ditshwantsho tsa teng . . . di ne di bontsha dilo tse di tsosang keletsodikobo ka tsela e e maswe go gaisa eo o ka akanyang ka yone. Ga ke tshware sentle gore a di ne di ‘galaletsa bosodoma,’ mme fela go ne go na le ditshwantsho dingwe tse di neng di supa ditiro tse nna ka bonna ke iseng ke ko ke gopole gore a di ka dirwa, gore di ka jesa monate gone ke sa bue.” Kgang ya go bo pontsho eo e ne e le makgapha e ne ya isiwa kwa kgotlatshekelong, mme lekoko la baatlhodi le ne la atlhola ka gore makgapha a yone ke bokgoni. Ga e kake ya nna bokgoni, tota ebile ke go itlhokomolosa maikarabelo a boitsholo jo bo siameng, gape ke bosupi jwa go senyegela pele ga mekgwa e e tshwanetseng ya go itshwara mo batshwantshing mmogo le ba ba lebelelang.
Re tlhoka melelwane. Re tlhoka dikaelo tse di tla itshekisang seemo. Re tlhoka mekgele e re ka berekelang mo go yone. Re tlhoka go boela go motswedi wa ntlha wa mekgwa e e tshwanetseng ya go itshwara.