Go Diragetseng ka Boitsholo?
BADIREDI ba puso. Bontlhopheng ba sepolotiki. Baeteledipele ba bodumedi. Re solofela gore banna ba maemo ao ba tlhome sekao mo boitshwarong. Lefa go ntse jalo, mo metlheng eno, banna ba ba welang mo ditlhopheng tseo ba ile ba di goga kwa pele mo ditirong tse dintsintsi tsa matlhabisa ditlhong. Ga ba na boitshwaro jo bontle mo go sepe—go simolola ka kgokafalo le maaka a matala go ya mo ditirisanong tse di sa tlhamalalang mo go tsa madi le go a utswa.
Buka e go tweng The Death of Ethics in America e bua jaana ka mahutsana: “Fa setšhaba sone se santse se tshwaregile ka bolwetsi jo bo diphatsa . . . jwa Acquired Immune Deficiency Syndrome, AIDS ya mofuta o mongwe [Acquired Integrity Deficiency Syndrome] e lebega e le leroborobo. Mme lefa go ntse jalo ga e a tswelwa letsholo le le tshwanang la go e alafa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Makasine wa Time o bolela gore United States e “bidikama mo seretseng sa go tlhoka boitsholo.”
Legale ga se gore United States ke yone fela e bidikamang mo seretseng sa go tlhoka boitsholo. Bosheng jaana, China, Fora, Gerika, India, Indonesia, Iseraele, Japane le Jeremane le one a ile a nna le ditiro tsa matlhabisa ditlhong tse di neng di ama banna ba maemo. Mme ga go a tshwanela go gakgamatsa go bo boitshwaro jo e seng jone jwa baeteledipele ba batho bo bontsha jwa batho ka kakaretso. Tonakgolo ya Thailand o ne a re go dira ka tshokamo kwa lefatsheng la gagabo “go tshwana le kankere.” O ne a tlatsa ka go bolela gore setšhaba sotlhe se lwala bolwetsi jo motswedi wa jone e leng bopelotshetlha le mekgwa ya setho e e sokamisitsweng.
Batho ba ipotsa jaana ka tshwanelo: ‘Ke eng se se dirang gore lefatshe le latlhegelwe ke boitsholo jaana? Mme potso e e botlhokwa le go feta, ke gore bo gogela kae?’
Fa ‘Go Utswa e sa Tlhole e le Bogodu’
Kwa Columbus, Ohio, U.S.A., lebati la koloi e e rwalang madi le ne la bulega, dikgetsi di le pedi tsa madi di ne tsa wa. Fa jaaka madi a a fopholediwang mo dimilioneng tse pedi tsa didolara (dimilione tse thataro tsa diranta) a fofa le phefo mme a tlalatlala le tsela, bakgweetsi ba dikoloi ba le bantsi ba ne ba fologa mo dikoloing tsa bone go ya go itshelela madi ba a tobela ka dipata le ka dipatšhe. Bakgweetsi bangwe ba ne ba bitsa ba bangwe ka diradio tsa CB go tla go itseela le bone.
Kopo ya babusi le go solofediwa go fiwa 10 lekgolong ya madi a motho a tla bong a a busitse di ne tsa itlhokomolosiwa gotlhelele. Bontsi bo ne jwa re “mmantsheledi.” E ne ya nna madinyana fela a sekae a a ileng a bonwa. Monna mongwe o bile a buelela bogodu joo ka go bolela madi ao gore e ne e le “mpho ya Modimo.” Legale, ditiragalo tse di tshwanang le eno di aname. Bafetikatsela ba ile ba bontsha bopelotshetlha jo bo tshwanang fa madi a ne a tshologa mo dikoloing tse di a rwalang kwa San Francisco, California, le kwa Toronto, Canada.
Go bo batho ba e leng gore ka tlwaelo ba a ikanyega ba feleletse ba utswa jalo ruri go a tshwenya. Lefa e le gore ga go maswe mo go kalo, se go se bontshang ke tsela e e sokameng e batho ka kakaretso ba lebang boitsholo ka teng. Thomas Pogge, yo e leng mothusa porofesa ya botlhajana kwa Yunibesithing ya Columbia kwa New York, o tlhalosa gore le mororo batho ba le bantsi ba tsaya gore ga go a siama go utswela motho yo mongwe, go bonala gore ba tsaya gore go utswela dikgwebo gone ga go maswemaswe thata.
Mekgwa mo go tsa Tlhakanelodikobo e Ile
Go sokama ga boitsholo go itshupa le mo go tsa tlhakanelodikobo. Tshekatsheko ya bosheng e bontsha selo se se gakgamatsang sa gore batho ba amogela mapolotiki a a dirang kgokafalo. Mokwadi mongwe a re seo se dirwa ke gore batlhophi bao ba ka nna ba bo ba sa batle go kgala kgokafala ka jaana ‘le bone ba e dira.’
Ee ruri, dipalopalo tsa bosheng di bontsha gore 31 lekgolong ya batho ba ba nyetsweng kana ba ba nyetseng kwa United States ba kile ba ntsha dinyatsi kana gore ba santse ba na le tsone gone jaanong. Bontsi jwa Maamerika, 62 lekgolong ya bone, “ba re ga go phoso” go dira jalo. Maikutlo a batho ka tlhakanelodikobo pele ga lenyalo le one a repisitse. Patlisiso nngwe ka 1969 e ne ya bontsha gore ka nako eo 68 lekgolong ya batho ba U.S. ba ne ba sa dumelane le tlhakanelodikobo pele ga lenyalo. Gompieno ke 36 lekgolong ya bone fela ba ba sa dumelaneng. Ka bo1960, mo e ka nnang sephatlo sa basadi ba ba neng ba botsolotswa e ne e le makgarebana ka letsatsi la bone la lenyalo. Gompieno ke 20 lekgolong fela ya bone.
Ke Eng se e Leng Mokgwa O O Amogelwang?
Go nyelela ga boitsholo go itshupa le mo dikgwebong. Dingwaga tse di masome mabedi tse di fetileng, e ne e le 39 lekgolong ya dialogane tsa kholetšhe tse di neng di tsaya gore “go atlega mo go tsa madi go botlhokwa kana gore go a tlhokega.” Erile ka 1989 ke fa palo eo e menagane gabedi. Go itshupa sentle gore, go kokoanya madi ke sone selo sa konokono mo basheng ba le bantsi—ka diphelelo tse di tshosang tsa boitshwaro.
Fa go ne go botsolotswa bana ba dikolo tse dikgolwane ba le 1 093, 59 lekgolong ya bone e ne ya bolela gore e ka buisana ka tumelano e e seng kafa molaong ya diranta di le dimilione di le 30—lefa seo se ka raya gore gongwe motho a atlholelwe dikgwedi tse thataro tse di tla bong di seegetswe kwa thoko! Mo godimo ga moo, 67 lekgolong e ne ya re e ka oketsa marago ka matlapa mo ditshenyegelong tsa kgwebo; 66 lekgolong ba re ba ka aka gore ba tsweledise kgwebo. Mme legale, basha ba bua ka mekgwa e e amogelwang e e tlhomilweng ke bagolo ba bone. Erile fa go botswa batsamaisi ba dikgwebo ba le 671 mabapi le mekgwa e e amogelwang ya kgwebo, mo e ka nnang kwatara ya bone ba ne ba bolela gore mekgwa e e amogelwang e ka ba kgoreletsa go atlega mo ditirong tsa bone. Ba ba fetang sephatlo ba ne ba dumela gore ba roba molao gore ba kgone go tswelela pele.
Ka maiteko a go lwantsha seemo seno se se tshwenyang, dikholetšhe dingwe di na le thuto ka ga mekgwa e e amogelwang. Mme ba le bantsi ba belaela gore a tota matsapa ao a na le mosola mongwe. Mongwe wa borakgwebo ba ba itsegeng wa Canada o ne a re, “Ga ke kgone go bona kafa dithuto tseno tsa mekgwa e e amogelwang di tlileng go thusa ka teng. Baithuti ba ba nang le mekgwa e mentle ga ba ka ke ba ithuta sepe se se kalo, mme baithuti ba ba sa ikanyegeng bone ba ka dirisa kitso e ba e ithutileng eo go senka tsela e nngwe ya go dira ditiro tse di sa tlhamalalang tse ba tlileng go di dira le fa go ka tweng.”
Ka tsela e e tshwanang, bontsi jwa dikgwebo di ile tsa tlhoma mekgwa e e amogelwang ya go dira tiro. Mme legale baitse bone, ba re, mekgwa ya go dira tiro ke sesiro fela mme ga se gantsi e tsewa tsia—fa e se fela ka nako ya fa go tsogile kgang e e maswe thata. Se se gakgamatsang ke gore, tshekatsheko nngwe ya bosheng e bontshitse gore difeme tse di kwadileng mekgwa e e amogelwang ya go dira tiro ke tsone tse di ileng tsa pegwa molato wa go dira dilo ka tshokamo go gaisa tse di senang nayo!
Ee, go itshupa sentle gore maitsholo a ile mo dintlheng tsotlhe tsa botshelo, mme ga go lebege go na le yo o itseng kwa a ya teng. Mookamedi mongwe wa kgwebo a re: “Dilo tse di neng di re kaela gore se se siameng ke eng le gore se se sa siamang ke eng ga di sa tlhole di le teng. Di sentswe ka bonya ka bonya.” Dilo tseo tse di kaelang boitsholo di fedisitswe ke eng? Di emisetswa ka eng? Dikgang tseno di tla sekasekwa mo ditlhogong tse di latelang.