LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/15 ts. 7
  • O Itse Bibela Sentle ka Selekanyo se se Kana Kang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Itse Bibela Sentle ka Selekanyo se se Kana Kang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buka e Basha ba le Bantsi Ba sa E Kgatlhegeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2014
  • Dikgang Tsa Thelebishene—Ke di Le Kae Tsa Tsone Tse Tota e Leng Dikgang?
    Tsogang!—2000
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/15 ts. 7

O Itse Bibela Sentle ka Selekanyo se se Kana Kang?

‘A buka ya ga Thomase e gone? Ruri e gone mo Bibeleng. Mme buka ya ga Jona yone ga e gone. Keresete o tsholetswe kae? Kwa Jerusalema—kana kwa Nasaretha? Ga ke itse tota gore a buka ya ga Isaia e mo karolong ya ntlha kana ya bobedi ya Bibela. Baaposetoloi ba bakae? Totatota ga ke itse.’

“MAITEMOGELO ano a ne a ka se ka a gakgamatsa fa e le gore dikarabo tseno e ne e le tsa batho ba e seng Bakeresete,” go bolela jalo makasine wa Christianity Today. “Se se gakgamatsang—le se se tshwenyang—ke go sa itseng Dikwalo goo go neng ga bonwa mo Bakereseteng ba ba tsetsweng sesha.”

Ka sekai, 22 lekgolong ya ba ba ipitsang Bakeresete ba ba neng ba bodiwa dipotso ba ne ba akanya gore ruri buka ya ga Thomase e gone mo Bibeleng, fa 13 lekgolong e ne e sa tlhomamisege. Fa e le ka ya ga Jona, 27 lekgolong e ne ya bolela gore ga e gone mo Bibeleng, mme 12 lekgolong e ne ya bolela gore tota ga e itse. Ba le 6 lekgolong ba ne ba sa kgone le go fopholetsa tota gore Jesu o tsholetswe kae, fa 16 lekgolong e ne e ya re ke kwa Jerusalema, mme 8 lekgolong e ne ya re ke kwa Nasaretha. Ba le 13 lekgolong ba ne ba sa itse tota gore a buka ya ga Isaia e gone mo Bibeleng, fa 11 lekgolong e ne e re e mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika (“Tesetamente E Ntšha”). Lemororo ba bantsi ba ne ba itse gore baaposetoloi ba ne ba le 12, 12 lekgolong e ne ya naya palo nngwe fela, go tloga ka 2 go ya go ba ba fetang 20, mme 10 lekgolong e ne e sa itse gotlhelele.

Potso e e neng e naya ba bantsi bothata ke ya gore a polelwana e e reng “Modimo o thusa ba ba ithusang” e ne e le gone mo Bibeleng kana nnyaa. Ke 38 lekgolong fela ya “Bakeresete” ba ba neng ba bodiwa e e neng e itse gore e ne e se gope fela mo Bibeleng, fa palo e ntsi, 42 lekgolong e ne e akanya gore e tsopotswe go tswa mo Bibeleng. Ba bangwe botlhe ba ne ba sa itse.

“Ke ka ntlha yang fa batho ba bantsi jaana ba sa itse Bibela? go botsa jalo Christianity Today. “Go lebega tota go bakiwa ke go sa baleng Bibela. Bontlhanngwe jwa Baamerika botlhe ga bo bale Bibela. Bontsi jwa Bakeresete botlhe ba ba tsetsweng sesha ba bala Bibela gangwe kana gabedi ka beke, kana ga ba e bale gotlhelele. Ga go gakgamatse go bo Bakeresete ba bantsi jaana ba itse go le gonnye fela kaga Dikwalo!”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela