LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w01 8/15 ts. 3
  • Buka e Basha ba le Bantsi Ba sa E Kgatlhegeleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka e Basha ba le Bantsi Ba sa E Kgatlhegeleng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Bangwe Ba na Le Pono e e Farologaneng
  • O Itse Bibela Sentle ka Selekanyo se se Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Dira Gore o Atlege Fa o Sa le Mosha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Nka Dira Jang Gore ke Itumelele go Bala Baebele?
    Tsogang!—2001
  • Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
w01 8/15 ts. 3

Buka e Basha ba le Bantsi Ba sa E Kgatlhegeleng

MOSADI mongwe yo mosha yo o bidiwang Beate o ne a akgela jaana: “Nka itse jang gore tota Baebele ke Lefoko la Modimo? Ga se buka e e nkgatlhang.”

Kwa Jeremane, kwa Beate a nnang gone, bontsi jwa basha ba ikutlwa jaaka ene; ka gone, ga ba tseye go le botlhokwa go bala Baebele. Patlisiso ya bosheng e e neng ya dirwa gone e ile ya bontsha gore, mo e ka nnang peresente e le 1 ya basha e bala Baebele gantsi thata, diperesente di le 2 di e bala gantsi, diperesente di le 19 di e bala ka sewelo, mme ba le diperesente di le 80 ga ba e bale gotlhelele. Dipalo tseno di ka tswa di tshwana le kwa dinageng tse dingwe, gongwe le mo o nnang teng. Kwantle ga pelaelo, Baebele ke buka e basha ba le bantsi ba sa e kgatlhegeleng.

Ka gone, ga go gakgamatse go bo go tlwaelegile gore basha ka kakaretso ba bo ba sa itse sepe ka Baebele! Mo masimologong a ngwaga wa 2000 lokwalodikgang lwa Lausitzer Rundschau lo ne lwa bega ka patlisiso e e dirilweng e e neng ya senola gore go na le batho ba le kae ba ba itseng Melao e e Lesome mme ba e dirisa go ba kaela mo botshelong. Mo kokomaneng ya batho ba ba fetileng dingwaga di le 60, diperesente di le 67 tsa bone di ne di itse melao e e lesome mme ba kaelwa ke yone; mme mo go ba ba mo dingwageng tse di kwa tlase ga 30, palo ya bone e ne e le diperesente di le 28 fela. Ee, mo basheng ba le bantsi, Lefoko la Modimo ke selo se se sa tlwaelegang.

Ba Bangwe Ba na Le Pono e e Farologaneng

Kafa letlhakoreng le lengwe, go ralala lefatshe, go na le dimilone tsa basha ba ba fitlhetseng gore Lefoko la Modimo le botlhokwa thata. Ka sekai, Alexander o na le dingwaga di le 19 mme o bala Baebele moso mongwe le mongwe pele ga a ya tirong. O bolela jaana: “Ga ke akanye gore go na le tsela e nngwe e e botoka ya go simolola letsatsi.” Sandra o tlhomamisa gore a bale karolo ya Baebele maitseboa mangwe le mangwe. O tlhalosa jaana: “E setse e le karolo ya thulaganyo ya me ya letsatsi le letsatsi.” Mme Julia yo a leng dingwaga di le 13, o setse a simolotse tlwaelo ya go bala bobotlana kgaolo e le nngwe ya Baebele pele ga a ya go robala bosigo. “Ke itumelela seno tota, mme ke batla go tswelela pele ka tlwaelo eno mo isagweng.”

Ke pono efe e e siameng le e e botlhale? A tota Baebele e tshwanelwa ke go balwa? A e mosola le go nna botlhokwa mo basheng? Wena o akanya jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela