LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/14 ts. 7
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dinaga Tsa Afrika Tsa Borwa Jwa Sahara
  • Italy
  • Japane
  • Brazil
  • O Itse Bibela Sentle ka Selekanyo se se Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Mathata a a Masisi a Madi”
    Tsogang!—1995
  • Dipalopalo Tse di Tshosang Tsa AIDS
    Tsogang!—2001
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 1/14 ts. 7

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Dinaga Tsa Afrika Tsa Borwa Jwa Sahara

Mmè wa kwa nageng ya Afrika kwa borwa jwa Sahara le losea lwa gagwe

Pego ya UNICEF ya dinaga tsa Afrika tse di kwa borwa jwa Sahara ya re: “Ke diperesente di le 38 fela tsa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga di le 5 ba ba nang le setifikeiti sa botsalo.” Elke Wisch yo e leng mothusa mookamedi wa UNICEF wa kgaolo ya botlhaba le borwa jwa Afrika a re le fa go ntse jalo, mo mafelong mangwe mo karolong eo ya lefatshe “go botlhokwa go kwadisa matsalo a bana gore ba kgone go bona tlhokomelo ya kalafi le go bona thuto mmogo le gore bana ba dikhutsana ba kgone go bona boswa jwa batsadi ba bone.”

Italy

Mosha wa kwa Italy a kgerisiwa mo Internet

Go ya ka patlisiso nngwe, selo se bontsi jwa bana ba ba simololang dingwaga tsa bosha ba kwa Italy ba se boifang thata ke go kgerisiwa mo Internet. Diperesente di le 72 tsa ba ba dingwaga di le 12 go ya go 17 ba re ba go tshaba lebaibai. Palo ya bone e feta ya ba ba tshabang diokobatsi (diperesente di le 55), go sotliwa ke motho yo mogolo ka tsa tlhakanelodikobo (diperesente di le 44) kgotsa go tsenwa ke bolwetse jo bo anamisiwang ka tlhakanelodikobo (diperesente di le 24).

Japane

Lekawana la kwa Japane

Go ya ka pego ya The Japan Times, palo e e ntseng e oketsega ya basha ba ba berekang kwa Japane ba gana go amogela go tlhatlosiwa maemo kwa tirong. Diperesente di le 40 tsa bone ba tlhoile go tlhaela ga mekgwa e mentle le go anama ga ditiro tsa go sa ikanyege. Bathapiwa ba le bantsi ga ba kgone go bua ka tshosologo ka maikutlo a bone le ka dikgang dipe fela le bathapi ba bone. Bathapiwa ba bogologolo ba ne ba direla mothapi a le mongwe fela lobaka lo loleele, mme gone jaanong diperesente di le 60 tsa bathapiwa ba basha bone ba itshoka fela mo tirong ba emetse gore ba bone tiro e e botoka.

Brazil

Tlhobolo

Go tloga ka 1980 go ya go 2010, batho ba ka nna 800 000 ba bolailwe ka ditlhobolo kwa Brazil. Batho ba feta 450 000 ba ba bolailweng ka ditlhobolo ba ne ba le dingwaga tse di fa gare ga 15 le 29. Patlisiso ya ditiro tsa bosheng tsa bokebekwa e bontsha gore gantsi dipolao di bakwa ke dikomang tsa malapa, dikgotlhang le baagelani, lefufa kgotsa go ngangisana ga bakgweetsi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela