LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 5/8 ts. 31
  • “Mathata a a Masisi a Madi”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Mathata a a Masisi a Madi”
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maiteko a a Ntseng a Dirwa a go Batla Ditharabololo
    Tsogang!—2000
  • Go Gailwa ga Batho ke Banasi—Ke Eng fa go Ile ga Diragala? Ke Eng fa Modimo A ne A sa Go Thibele?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Basupi ba ga Jehofa le Go Gailwa ga Batho ke Banasi—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 5/8 ts. 31

“Mathata a a Masisi a Madi”

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA NIGERIA

PEGO ya UNICEF (United Nations Children’s Fund) e bolela gore dinaga tsa Afrika tsa kgaolo ya Sahara di na le “mathata a a masisi a madi.” Mo e batlang e le halofo yotlhe ya baagi—ba le dimilione tse 220—ba humanegile tota mo ba sa kgoneng go itlamela ka dilo tsa motheo tse ba di tlhokang. Moagi fela wa maemo a a kwa tlase, o humanegile ka 20 lekgolong go gaisa kafa a neng a le ka teng mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng.

Pego eno e bolela gore, “mo go tsa thuto, go ka tlhalosiwa dingwaga tsa bo1980 e le dingwaga tsa masetlapelo go gaisa.” Madi a a lekanyediwang moithuti mongwe le mongwe a ne a fokotsega ka nngwetharong, mme dipalo tsa barutwana ba ba ikwadisang kwa sekolong se se golwane e fokotsegile go tswa go 79 go ya go 67 lekgolong. Ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo le tsone di a fokotsega thata mo dinageng di le dintsi tsa Afrika, mo go bakang gore ditlileniki di le dintsi di tswalwe ka ntlha ya go tlhoka babereki le melemo.

Pego eno e umaka dilo di le mmalwa tse di dirang gore maemo a ikonomi a nne maswe jalo mo kontinenteng eno a a akaretsang go senya madi mo bosoleng, go wela tlase ga kgwebo, sekoloto se segolo se baitse ba bolelang gore ga di kitla di bo di kgona go se duela. Pego eno ya UNICEF e bolela gore “Afrika ga e kitla e bo e kgona go rarabolola bothata jono fa dinaga tse dintsi tsa ditšhabatšhaba di ka se e thuse ka selekanyo se segolo se se iseng se ko se akanngwe.”

A di ka kgona go dira jalo? Baebele e bua boammaaruri fa e re: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.” (Pesalema 146:3) Mathata ano a a masisi a Afrika ga a ne a rarabololwa ke dipuso tsa batho. Ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo tla rarabololelang ruri mathata a lefatshe lotlhe—e seng a Afrika fela.—Mathaio 6:10.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

WHO/OXFAM

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela