Basha ba Botsa Jaana . . .
Go Tweng Fa Lelapa la ga Etsho Le Le Dikobo Dikhutshwane?
TOROTSWANA ya mekhukhu ya mo Afrika Borwa e George a goletseng mo go yone ga e mo jese monate fa a e gakologelwa. “Re ne re nna mo ntlong ya mokhukhu o o tlwaelegileng—o e neng e se sepe fela fa e se mogwafatshe o monnyane o o neng o na le dikamore di le pedi,” o gakologelwa jalo. O ne a nna mo go e nngwe ya dikamore tseno le bomogoloe le bokgaitsadie botlhe ba le robedi. Mo dikgweding tsa mariga, o ne a tle a itshokele phefo e e tlhabang marapo ya mariga gore a ye go ga metsi go tswa kwa tepeng nngwe eo botlhe ba neng ba ga metsi go tswa kwa go yone. “Mme lefa go ntse jalo se ke neng ke sa se bee sebete le go feta ka ga go gola motho o le dikobo dikhutshwane,” George o bolela jalo, “e ne e le go lebelela rre a dira ka natla e le tota fela gore a re boloke re ntse re tshela. Ke ne ke tenwa ke go bo go ne go lebega go sena kafa bothata jono bo neng bo ka rarabololwa ka gone.”
Batho ba kwa dinageng tse di santseng di tlhabologa ba tshelela mo bothateng jwa itsholelo. Mme le eleng dinaga tseo di itsholetseng tsa Bophirima di na le dipalo tse di tshosang thata tsa batho bao ba leng dikobo dikhutshwane. Gongwe o mongwe wa bone. Fela jaaka George, le wena o ka nna wa ba wa ikutlwa o faraferwe ke lehuma. Lemororo go utlwala go nna le maikutlo a a ntseng jalo, gape a ka nna a go tlhotlheletsa gore o tsibogele lehuma leo ka ditsela tseo di tla gakatsang mathata a go nna dikobo dikhutshwane go na le gore di a fokotse.
Seru sa go Itebatsa Bothata jwa Lehuma
Dipalo tse di tshosang tsa basha ba ba dikobo dikhutshwane ba leka go itebatsa bothata jwa lehuma ka go senya ditlhaloganyo tsa bone ka go dirisa nnotagi kana diokobatsi. Go ya ka mmatlisisi ebong Jill Swart, bana ba ba golelang mo mebileng ba toropo nngwe e e kafa borwa jwa Afrika “ga ba gogele glue ‘monate’ fela. Ba e dirisetsa gore . . . ba se ka ba utlwa serame, bodutu le tlala e e ba tshwereng.”
Mme lefa go ntse jalo basha bano ba ikutlwa jang ka nako ya fa ba rarabologelwa ebile ba tlhapogetswe? Jill Swart o ne a kwala ka ditshupo tsa bolwetsi tse di ntseng jaaka “go tshwenyega thata mo maikutlong,” “go rumolana,” “go felafela pelo fela go sa twe sepe,” “go bona dilo tse di sa tlwaelegang tseo tota di seong,” le malwetsi a mangwe a mantsi thata a mmele ao gotlhelele a ka sekang a tlhalosiwa jaaka tsela e e siameng ya “go itebatsa” lehuma.
Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bolela jaana: “Gonne motagwi . . . u tla humanèga: le kōtselō e tla apesa motho dikatana.” (Diane 23:21) Go leka go itebatsa go nna gone ga lehuma ka go fetola tlhaloganyo ya gago ka go dirisa nnotagi, glue, kana diokobatsi ga go kitla go rarabolola bothata. (Bapisa Diane 31:7.) Jaaka fa mosetsana yo o nang le dingwaga di le 16 ebong Maria yo o tswang mo lelapeng le le dikobo dikhutshwane la motsadi yo o senang molekane mo Afrika Borwa a ne a bolela: “Go leka go itebatsa go nna gone ga lehuma go baka mathata a a oketsegileng go feta ao go a rarabololang.” Mo godimo ga moo, madi a a seng kana ka sepe ao a dirisediwang go duelela mekgwa e e ntseng jalo ya go ikgobatsa a sotlhometsa motho mo lehumeng. Ke fela ka nako ya fa mosha yo o leng dikobo dikhutshwane a amogela seemo seo a leng mo go sone a se amogela fela ka tlhamalalo a ka solofelang gore o tla kgona go se itshokela.
Go Tlala Bogale le go Tlhakana Tlhogo
Basha ba le bantsi ka ntlha ya go galefisiwa ke go farafarwa ke lehuma ba supa go galefa goo ga bone ka go dira bothubaki, go tsamaya ba senya, go utswa, le ka mekgwa e mengwe ya bokebekwa jwa thaka e tshesane. The World Book Encyclopedia e bolela gore basha ba ba ntseng jalo ba leba seno jaaka “tsela e le yosi fela ya go itebatsa bodutu, lehuma, le mathata a mangwe.” George, yo o umakilweng pelenyana, o gakologelwa gore bangwe ba balekane ba gagwe ba ne ba tlala bogale le go tlhakana tlhogo ba bo ba latela digopa tsa dijammogo tseo di neng di tlhasela baagelani ba gagwe. O oketsa ka gore “gantsi ba ne ba lwa le go itshedisa ka go utswa.” Mme lefa go ntse jalo basha ba bangwe ba leka go fenya lehuma ka go ganelela mo ditirong tsa botlolamolao tseo di dirang gore ba boelwe ke sengwe, tse di ntseng jaaka go rekisa diokobatsi ka mo go sa tshwanelang.
Lefa go ntse jalo, go na le gore o fokotse lehuma, mokgwa wa bokebekwa jwa thaka e tshesane o dira fela gore dilo di nne maswe le go feta. Ba senya maikatlapelo ao ba ka bong ba a dirisetsa go dira ditiro dingwe tse di tswelang mosola—tse di ntseng jaaka go ithuta go dira sengwe se se mosola kana go ithuta tiro ya diatla. Go na le gore a tokafatse seemo sa gagwe, mosha yo o itaolang o tswelela pele fela go ikutlwisa botlhoko thata mo mmeleng le mo maikutlong. Basha bangwe ba feleletsa ba senya nako e ntsi thata ba le mo kgolegelong—kana ba latlhegelwa ke matshelo a bone ka ntlha ya bothubaki. Jaaka fa Kgosi Solomone a ile a tlhagisa: “Khumanègō le ditlhoñ di tla nna kwa go eo o ganañ thutō.”—Diane 13:18.
Go sa Kgone go Itira Sepe le go Felelwa ke Tsholofelo
Gongwe diphelelo tse di utlwisang botlhoko le go feta tsa lehuma tseo mosha a ka nnang a nna natso ke go tshwenngwa ke go ikutlwa a sena mosola ebile e se motho wa sepe. Lehuma le le seng kana ka sepe mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo le ile la dira gore batho ba le bantsi ba felelwe ke tsholofelo gotlhelele ya gore a ruri ba tla tsamaya ba tokafatsa seemo sa bone sa go tshela. The World Book Encyclopedia e bolela gore gantsi basha “ba simolola go nna le maikutlo a a tshwanang le ao batsadi ba bone ba nang nao eleng maikutlo a go sa kgone go itira sepe le go felelwa ke tsholofelo.” Kgabagare, ba ka nna ba simolola go tshela ka “mokgwa o lehuma le dirang gore batho ba ba humanegileng ba tshele ka one,” ba ineela fela gore ba tshelele mo masetlaneng ka ntlha ya lone.
Mme lefa go ntse jalo a go ineela gore o nne le maikutlo ano a go sa kgone go itira sepe le go felelwa ke tsholofelo go tla tokafatsa seemo sa gago? Legoka! Go na le moo, go dira jalo go dira fela gore lehuma le le utlwisang botlhoko thata leno le se ka la fela. Jaaka fa seane sengwe sa bogologolo se tlhalosa jaana: “Èna eo o tlhokometseñ phehō ga a ketla a yala; le eo o gopolañ maru ga a ketla a rōba.” (Moreri 11:4) Fa e le gore rrapolasi o ne a tlhomile mogopolo wa gagwe fela mo dilong tse di sa siamang tseo di neng di ka nna tsa diragala—mo go reng phefo e ne e ka nna ya tsaya peo ya gagwe kana gore pula e ne e ka nna ya bolaya dijalo tsa gagwe—o ne a ka palelwa ke go tsaya kgato e e tlhokegang. Ka tsela e e tshwanang, o ka senya maiteko otlhe a go tokafatsa seemo sa gago ka go tlhoma mogopolo wa gago fela mo maikutlong a a sa siamang.
Ka gone Kgosi Solomone o ne a tswelela pele ka go gakolola jaana: “Mo moshoñ u yalè peo ea gago, me mo maitsiboeeñ u se ka ua ikgogona lecōgō: gonne ga u itse e e tla tlhōmamañ.” (Moreri 11:6) Ee, go na le gore o tlogedisiwe go dira maiteko ke go boifa gore o tla palelwa kana ke go ikutlwa gore dilo ga di kitla di siama, tsaya kgato! Go na le dilo tseo o ka di dirang tseo di tla go thusang gore kgato ka kgato o emisetse maikutlo a a sa siamang ka a a siameng.
Go Godisa Seriti Seo O Nang le Sone
A o ke o akanye ka James yo o nang le dingwaga di le 11. O nna le mmaagwe le kgaitsadie mo kampeng nngwe ya baipei e e leng gaufi le Johannesburg mo Afrika Borwa. Ba batla ba sena lefa e le sepesepe sa dilo tse di bonalang. Mafelobeke mangwe le mangwe James o tlogela go dira ditiro tsa gagwe gore a thuse mo go ageng Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong la gaabo. Go dira jalo ga go khutsafatse fela nako eo go sa nneng jalo e neng e tla tsamaya ka bonya thata mme mo godimo ga moo gape go mo dira gore a ikutlwe gore o fitlheletse sengwe. James o bolela jaana ka sefatlhego se se tletseng monyenyo: “Fa ke sena go fetsa letsatsi ke le kwa holo e agiwang teng, ke ikutlwa ke kgotsofetse tota!” Lefa a humanegile ka mokgwa o a humanegileng ka one ono, mosha yono o santse a na le dilo tse di mosola thata go mo thusa: nako le maikatlapelo.
Tiro e nngwe e e solegelang molemo ke ya go ruta Bibela ka ntlo le ntlo. (Mathaio 24:14) Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba babotlana ba nna le seabe ka metlha mo tirong eo. Ka go dira jalo ga ba neye batho ba bangwe tsholofelo ya botshelo jo bo botoka jwa mo isagweng fela mme mo godimo ga moo ba oketsa maikutlo ao eleng a bone a go itlotla, go nna mosola, le go nna le seriti. Ke boammaaruri gore ga go na madi ape ao motho a a amogelang mo go direng tiro e e ntseng jalo. Lefa go ntse jalo gakologelwa molaetsa oo Jesu a neng a o naya Bakeresete ba kwa phuthegong nngwe ya bogologolo tala eleng phuthego ya Semerena. Ba ne ba humanegile tota mo dilong tse di bonalang, mme lefa go ntse jalo ka ntlha ya bomoya jwa bone jo bo nonofileng, Jesu o ne a ka ba raya a re: “Kea e itse pitlaganō ea gago, le khumanègō ea gago—me u humile.” Kgabagare, ka ntlha ya go bontsha ga bone tumelo ka tlhagafalo mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu, ba ne ba tla huma ka mo go boitshegang, ba amogela serwalo sa botshelo jo bo sa khutleng.—Tshenolō 2:9, 10.
Go boima tota go gola o le dikobo dikhutshwane. Lefa go ntse jalo ga go na lebaka lepe la gore o ikutlwe o tlhabiwa ke ditlhong, o sa kgone go itira sepe, kana o sena tsholofelo epe ka seemo seo o leng mo go sone. Lehuma le gone ka ntlha ya gore ‘motho o na le thata mo go yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9, NW) Bosupi bo bontsha gore go ise go e kae Modimo o tla tsaya marapo go laola merero ya lefatshe le go tlosa lehuma le diphelelo tsa lone tse di hutsafatsang. (Pesalema 37:9-11) Morwawe ebong Jesu Keresete, o tla lere dimilione tse di diketekete tsa batho mo lefatsheng la Paradaise, fela jaaka a ile a solofetsa senokwane sele se se neng se hutsafetse se se neng sa bontsha tumelo mo go ene jaaka fa ba ne ba swa mo dikoteng tseo ba neng ba bolaelwa mo go tsone. (Luke 23:43) Lefa go ntse jalo, go na le dilo di le dintsi thata tseo o ka nnang wa nna o ntse o di dira ka tsela e e mosola tseo di tla go thusang gore o kgone go fenya lehuma. Go tla tlotliwa ka tsone mo tokololong nngwe ya mo isagweng.
[Lebokoso mo go tsebe 13]
“Ke Ne Ka Ikutlwa Ke Faraferwe ke Lehuma”
George e ne e le mosha wa Moafrika yo ka peloyotlhe ya gagwe a neng a batla go tsena sekolo le go fetsa thuto ya gagwe ya motheo. O ne a bolela gore ka go dira jalo o ne a tla kgona go bona tiro e e duelang sentle eo e neng e ka mo namola mo lehumeng mmogo le lelapa la gaabo. Lefa go ntse jalo, dilo ga di a ka tsa tsamaya ka tsela eo. Lelapa la gaabo le ne la wela mo mathateng a a seng kana ka sepe a madi mo eleng gore morago ga dingwaga di le thataro fela a ntse a tsena sekolo, George o ne a ikutlwa a patelesega go tlogela sekolo le go ya go batla tiro. Kgabagare o ne a bona tiro ya go dira dikhereiti tsa dibotlolo, a amogela diranta di le 14 fela ka beke. O ne a dirisetsa madi otlhe ao a neng a a amogela go tlamela lelapa la gaabo.
“Lemororo ke ne ke ikutlwa ke faraferwe ke lehuma,” George o bolela jalo, “ke ne ka lemoga gore go latela segongwana sa dijammogo kana go itshedisa ka go utswa go ne go se kitla go thusa gotlhelele. Gompieno jaana, dithaka tsa me tse di neng di dira dilo tseo di fetogile matlakala fela a a senang tsholofelo, makgoba a nnotagi le diokobatsi, kana ba mo kgolegelong. Bangwe ba ne ba bo ba bolawa ka ntlha ya mokgwa oo ba neng ba tshela ka one.”
Morago ga moo George o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. “Sengwe sa dilo tsa ntlha tseo ke neng ka di lemoga,” George o bolela jalo, “e ne e le gore kwa dipokanong tsa Bokeresete, mongwe le mongwe o ne a tla kwa go nna mme a buisane le nna ka tlotlo.” O oketsa jaana: “Ka iketlo ke ne ka nna le seriti le go itlotla tseo pele ke neng ke sena natso.” Gape George o ne a kgothadiwa thata ke ditemana tsa Bibela tse di ntseng jaaka Pesalema 72:12, 13 e e reng: “Gonne o [Kgosi ya Bomesia] tla golola motlhoki mogañ o lelañ . . . O tla tlhomogèla bahumanegi le batlhoki pelo; me meōea ea batlhoki o tla e boloka.” Ditsholofetso tsa Bibela di ne tsa mo dira gore a kgatlhegele botshelo gape fela thata a bo a nne le tsholofelo.
Fa o ka leba George gompieno, ga o kitla o bo o dumela gore o ne a kgaratlha go le kana kang gore a fetole maikutlo a gagwe a go sa kgone go itira sepe le go felelwa ke tsholofelo a a fetola gore e nne a a siameng. Jaanong jaaka monna yo o nyetseng yo o itumetseng, George o direla jaaka molebedi yo o okamelang mo phuthegong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa, kwa Soweto, mo Afrika Borwa.
[Ditshwantsho mo go tsebe 12]
Go dirisetsa nako ya gago le maikatlapelo go dira sengwe se se solegelang molemo go botoka fela thata go na le go ineela gore o nne le maikutlo a go felelwa ke tsholofelo