LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 2/8 ts. 17-18
  • Matlhotlapelo A Ke Dikotlhao tsa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matlhotlapelo A Ke Dikotlhao tsa Modimo?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Modimo Mothatayotlhe O Atlhola Batho Gompieno?
  • A Go Na le Thuto E Re Ka E Ithutang?
  • A Go Tla Nna le Katlholo ya Makgaolakgang ya Setho?
  • Baebele ya Reng ka Masetlapelo a Tlholego?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Dikotsi Tsa Masetlapelo a Tlholego—Ke Eng Fa di Le Dintsi Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Masetlapelo a Tlholego—A Ke Molato wa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A Masetlapelo A Tlholego ke Kotlhao e e Tswang Kwa Modimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 2/8 ts. 17-18

Kgopolo E E mo Bibeleng

Matlhotlapelo A Ke Dikotlhao tsa Modimo?

KWA Philippines, lefatshe le gangwe le gape le padimolwang ke matlhotlapelo a tlholego, batho ba le bantsi ba ile ba ipotsa jaana, ‘A Modimo o leka batho ka matlhotlapelo ano?’ Morago ga go thunya ga lekgwamolelo mo go maswe go gaisa mo lekgolong leno la dingwaga, ka 1991, setlhogo se segolo sa pampiri nngwe ya dikgang ya kwa Philippines se ne sa botsa jaana: “Go Thunya ga Lekgwamolelo: A Ke Kotlhao ya Modimo?”

Mokwadi ebong Nelly Favis-Villafuerte o ne a bua se se tshwanang fa a ne a kwala jaana: “Lefa go le jalo mo Bakereseteng ba ba dumelang Bibela—go na le tlhaloso e le nngwe felafela: Go thunya ga lekgwamolelo la Thaba ya Pinatubo ke kgakololo e e tswang kwa Modimong ya go re gakolola gapegape gore go na le Modimo o o gakgamatsang le Morena wa lobopo lotlhe yo o nang le thata go laola ditiragalo le diphelelo tsa batho le merafe.” Re gopotse mafoko ano, re botsa potso eno:

A Modimo Mothatayotlhe O Atlhola Batho Gompieno?

Ga se mo go ka ganediwang gore seo ke se Modimo o kileng wa se dira bogologolo. Dikai tse di begilweng mo Dikwalong tse di leng kaga Morwalela wa motlha wa ga Noa, go senngwa ga Sodoma le Gomora, le go senngwa ga Jerusalema makgetlo a le mabedi, eleng motsemogolo o o neng o amana le leina la gagwe le legolo, di bontsha gore Modimo Mothatayotlhe o ka tlisa katlholo mo go ba eleng gore gangwe le gape ba palelwa ke go tshegetsa ditekanyetso tsa gagwe.—Bona Genesise 7:11, 17-24; 19:24, 25; 2 Ditihalō 36:17-21; le Mathaio 24:1, 2.

Mme go tweng ka motlha ono? Ke se se ileng sa bolelelwa pele ke Keresete Jesu gore go ne go tla nna motlha o ka one lefatshe lotlhe le neng le tla welwa ke matlhotlapelo mo go Mathaio kgaolo 24, Mareko kgaolo 13, le Luke kgaolo 21. Mo dikgaolong tseno, o ne a neela tlhagiso ka tsela ya boperofeti mabapi le ditiragalo le seemo se se neng se tla tsamaelana le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo e le gore batho ba ba akanyang sentle ba tle ba kgone go lemoga gore lefa ba sa mmone ka matlho gone o a busa kwa legodimong. Dipolelelopele tseno di a diragadiwa gompieno. Lefa go le jalo, go tshwanetse ga lemogiwa gore mo go nngwe le nngwe ya dikatlholo tse di umakilweng fa godimo, Jehofa Modimo o ne a neela ditlhagiso tse di papametseng gantsintsi pele ga tshenyego e diragala. (Amose 3:7) Lefa go le jalo, fa e le ka matlhotlapelo a tlholego a a diragalang mo motlheng wa rona, ditlhagiso gantsi di tswa kwa basimeging ba puso, ba sena go sekaseka seemo ka tsela ya boranyane.

Mo godimo ga moo, morutwa Jakobe o re bolelela jaana mo kgaolong ya ntlha ya lekwalo la gagwe, temana 13: “Gonne Modimo ga o kake oa raèlwa oa diha boshula, le ōna ka osi ga o raele motho opè.” Jaaka fa palo ya batho e ntse e ntsifala lefatshe ka bophara jaana, motho o iphitlhela a nna gautshwane le mafelo a mantsi a a kotsi. Go tlhaela ga mafelo a bonno le a temo ya dijo go ile ga felela ka gore go rengwe mafelo a a kileng ya bo e le dikgwa, selo se eleng gore ka nako nngwe se tlatseletsa mo go befeng ga mangwe a matlhotlapelo a tlholego a a bakiwang ke dipula tse di nang go feta selekanyo le merwalela e megolo.

Ka jalo he, go tla bo go le phoso gore re re matlhotlapelo a tlholego a rometswe ka tlhamalalo ke Modimo Mothatayotlhe e le katlholo mo bathong ba ba nnang mo mafelong a a angwang ke seo. Tota ebile, go papametse gore gantsi batho ba ba utlwang botlhoko mo dinakong tseo tsa tlalelo, bontsi jwa bone ke ba ba senang molato, jaaka bana. Legale, lemororo Modimo Mothatayotlhe e se ene a bakang matlhotlapelo ano, re santse re ka botsa jaana:

A Go Na le Thuto E Re Ka E Ithutang?

Ee. Mo go ba ba nnang mo mafelong a a angwang ke matlhotlapelo, teko e e ba lebaneng ke ya gore ba beile go le kana kang mo dithotong tsa bone tse di bonalang fa go bapisiwa le botshelo ka bojone. Batho ba ile ba tsaya dikgato tse di sa tlhokafaleng, tse di tsenyang matshelo a bone mo kotsing ka dinako tseo e le go leka go babalela dingwenyana tsa ditsabone. Re tlhoka go gakologelwa gore Jesu o ne a re: “Gonne botshelō yoa motho ga boa èma mo letlotloñ ya dithoto tse o nañ nacō.” (Luke 12:15) Dithoto tse di bonalang di ka emisediwa ka tse dingwe, mme lefa go le jalo ga go motho ope yo o ka emisetsang botshelo jwa gagwe.—Mathaio 6:19, 20, 25-34.

Matlhotlapelo a tlholego a dira gore batho ba ko ba itshekatsheke go bona gore ba tshela matshelo a bone jang. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba ele tlhoko tsela e ba itshwarang ka yone: “Ke gōna, lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e e boshula.” (Baefesia 5:15, 16) Teko nngwe le nngwe e e welang motho mo botshelong jwa gagwe ke kgakololo ya go lemoga kafa go leng botlhokwa ka gone gore motho a nne le tumelo e e tiileng.

Thuto ya boraro e re e ithutang mo matlhotlapelong ano a tlholego ke gore re tlhoka go tlhagolela moya wa kutlwelobotlhoko ka tsela e kgolwane mo go ba bangwe. Mo lefelong le le padimotsweng ke matlhotlapelo, go tshwenyega ka ba bangwe go tshwanetse ga bontshiwa go na le go nna le boikutlo jwa gore mongwe le mongwe o tla nna a itšhebatšhebela. Seno segolobogolo se ama ba ba neetsweng marapo a go tlhokomela ba bangwe. Moperofeti Isaia o tlhalosa ba a neng a ba bitsa “dikgosana” jaaka “boipotecō mo phehoñ, le boitekelecō mo ledimoñ; yaka dinoka tsa metse mo sekakeñ, yaka moruti oa lehika ye legolo mo nageñ e e lapisañ.”—Isaia 32:1, 2.

Ka go utlwela ba bangwe botlhoko ka dinako tsa matlhotlapelo, o bulegetswe ke sebaka se segolo sa go abalana le ba bangwe se o nang naso, e ka tswa e le ka lefoko kgotsa ka ditiro. Ka sekai, go thunya ga lekgwamolelo la Thaba ya Pinatubo le masetlapelo a le ileng la a lere kwa morago a ile a neela ditshono tse dintsi tsa go arola mo go thuseng ba ba neng ba tshaba go tswa kwa matlhotlapelong ao. Bontsi jwa bone ba ne ba sena lefa e le tsela e ka yone ba neng ba ka bona le sone sejo sa letsatsi tota. Ka jalo he, batho ka namana ba ne ba bontsha moya wa go intsha setlhabelo ka go thusa ba bangwe. Lefa go le jalo, bontsi bo santse bo ipotsa jaana:

A Go Tla Nna le Katlholo ya Makgaolakgang ya Setho?

Ee, e tlile go nna teng, fela jaaka fa seno se bontshiwa ka papamalo mo Lefokong la Modimo. (Mathaio 24:37-42; 2 Petere 3:5-7) Fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele, e tla re pele ga katlholo eo e tla, tiro ya tlhagiso ya lefatshe ka bophara e tla tshwanelwa ke go dirwa: “Me Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.”—Mareko 13:10.

Ka jalo he, mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go ipotsa jaana, ‘Ke ke direng?’ Re go kgothaletsa gore o iphe nako ya go tlhatlhoba se Bibela e kgothaletsang mongwe le mongwe wa rona go se dira e le gore a tle a falole matlhotlapelo a a tlileng go wela setho sotlhe ao.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela