Ba Tshwanetse go Rutiwa ke Mang ka Dilo Tse Di Amanang le Tlhakanelodikobo?
ABO lesea le lesha le lere boitumelo jang ne! Batsadi ba a le itumelela, ba tshameke le lone, ba bo ba bolelele ditsala tsa bone mo e ka nnang ka sengwe le sengwe fela se le se dirang. Mme lefa go le jalo e tla re go ise go ye kae ba simolole go lemoga gore le ba leretse maikarabelo a magolo a masha. Mangwe a maikarabelo a magolo a a tlhokafalang ke go mo ruta go ipabalela mo lefatsheng leno le boitsholo jwa lone jo bo maswe bo golelang pele.
Batsadi ba ka thusa jang leseanyana leno la bone le le rategang gore le gole go nna motho yo motona yo o godileng tlhaloganyo yo o tla ipelelang botshelo jwa lelapa jo bo itumedisang le jo bo botsalano mme yo ebileng gongwe a tla nnang le bana ba ba boifang Modimo? Ereka batsadi bangwe ba ka nna ba leba seno e le tiro e e bokete fela thata go ka fekeetsa motho, go raya gore o tla anaanela dikakantsho dingwe tse di leng malebana le seno.
Gongwe o ka nna wa tswa o ruta bana ba gago ka tsela e batsadi ba gago ba neng ba go ruta ka yone. Mme kana batsadi ba le bantsi ba ne ba rutwa go le gonnye fela ka dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo, fa e le gore le gone go rutwa ba kile ba rutwa ka tsone. Lefa gongwe o ile wa rutwa sentle malebana le seno, lefatshe leno le fetogile, mme seo se ntse jalo le dilo tseo di tlhokwang ke bana. Mo godimo ga moo, batho ba bantsi ba ba balang makasine ono ba na le ditekanyetso tse di kwa godimo le tse di botoka tsa botshelo. Ka jalo, o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A tsela e ke rutang bongwanake ka yone e tsamaelana le tsela e ke lebang dilo ka yone gompieno le dilo tse ba di tlhokang tse di ntseng di oketsega?’
Batsadi bangwe ba leseletsa bana ba bone go iphataphatela tshedimosetso eno. Mme go dira seno go tsosa dipotso tseno tse di tshosang: Ke eng se ba tla se ithutang? Ba tla se ithuta leng? Ba ithuta se mo go mang, le gone tlase ga maemo a a ntseng jang?
Seo Se Rutwang kwa Dikolong
Batsadi ba le bantsi ba bolela jaana: “Owai, moo ba tla go ithuta kwa sekolong.” Dikolo tse dintsi ka boammaaruri di ruta ka dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo, mme ke di sekae fela tsa tsone tse di rutang ka mekgwa ya go itshola. Erile ka 1987 mongwe yo e kileng ya bo e le Mokwaledi wa Thuto kwa U.S. ebong William J. Bennett o ne a re go bonala dikolo di “go itlhokomolosa ka boomo go tlhomolola boitsholo jo bo tshwanetseng.”
Tom, yo o nang le bana ba basetsana ba bantlenyane ba babedi, o ne a botsa moemedi wa sekolo sa bone jaana: “Ke eng lo sa papamatse fela lwa re tlhakanelodikobo ya batho ba ba sa nyalanang e phoso?” Moemedi yoo wa sekolo o ne a re ene o ne a rata go bua jalo mme lefa go le jalo sekolo ga se batle go kgopisa bommabana ba ba sa nyalwang le dinyatsi tsa bone tse ba nnang le tsone. Ka jalo, dikolo di bolelela barutwana gore ba ka ikgethela mme ke ka sewelo di ba bolelelang gore kgetho e e siameng ke efe.
‘Ke Tla Reka Buka’
Batsadi ba bangwe ba ka nna ba re: “Ke tla ba rekela buka.” Ee, gongwe buka e e molemo e ka thusa, mme legale o tshwanetse go nna kelotlhoko go tlhomamisa gore se e se buang o dumalana le sone. Ke dibuka tse di ka tsenang mo seatleng fela tse di buang ka kgang eno tse di amang mekgwa ya go itshola kgotsa le gone go umaka gore ke eng se se molemo le bosula. Tse dingwe tota ebile di buelela ditiro tsa boitsholo jo bo maswe. Mme ke buka e go seng motlhofo go e bona e e reng tlhakanelodikobo e tshwanetse go dirwa fela ke batho ba ba nyalaneng.
Ka jalo, boikarabelo jwa go ruta bana mekgwa ya go itshola bo boela gape gone kwa Modimo o neng o bo beile teng kwa tshimologong—mo batsading ba bone ba ba lorato. Bibela e ne ya raya bommabana ya re: “Me u a rutè [eleng molao wa Modimo] bana ba gago ka tlhōahalō, u buè kaga aōna ha u dutsè mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa.”—Duteronome 6:7.
Tota, batsadi ke bone ba ka nnang barutisi ba ba molemo go gaisa mo baneng ba bone. Ga go na buka kgotsa sekolo sepe se se ka emisetsang nonofo ya tumelo ya bone e e tiileng kgotsa sekao sa bone se sentle mo lapeng. Fela jaaka William Bennett a ile a bua: “Dipatlisiso di bontsha gore fa batsadi e le bone segolobogolo bao ba rutang bana ka dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo, ga se gantsi bana ba ka tlhakanelang dikobo. . . . Ke batsadi, go gaisa ope yo mongwe, ba ba tsayang karolo e e botlhokwa mo go seno.”
Lefa go le jalo, batsadi bangwe, ba tshoga gore kitso e ka nna ya gogela bana mo go direng ditekeletso. Seno ka phepafalo se ikaegile fela thata mo go se se rutiwang le kafa se rutiwang ka teng. Ntlha ke gore go sa kgathalesege gore eng ke eng basha ba tlile go ithuta ka dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo. A go ne go se botoka he gore ba e ithute ka tsela e e tshwanetseng le e e tlotlegang mo batsading ba ba nang le boitsholo le ba ba lorato go na le gore ba ithute mo go mongwe mo mmileng kgotsa kwa sekolong kgotsa mo bagolong ba ba megopolo e tletseng ka boitsholo jo bo maswe?
Mme lefa go ntse jalo go santse go setse potso eno: O ka ruta jang dilo tse ka tsela ya bomodimo le e e tlotlegang? O ka tlhatswa basha dipelo jang gore batho ba ba molemo go gaisa ba bile ba itumetse ga ba dire jalo, ereka ba utlwa go twe “mongwe le mongwe o a go dira”? O ka ba thusa jang go lemoga gore go tshela go ya ka taolo ya Bibela ya gore “lo ithibè mo boakeñ” go sa gogele fela kwa botshelong jo bo molemolemo le jo bo itumedisang mme gape le gore ke yone fela tsela e e itumedisang Modimo? Ditlhogo tse di latelang di tla bontsha dikarabo tse di mosola tsa dipotso tseno tsa botlhokwa.—1 Bathesalonia 4:3.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 3]
“Mekgwa ya boitsholo e batsadi ba e tlhagolelang mo baneng ba bone ke yone e santseng e itshupa e le botlhokwa thata.”—U.S.News & World Report