LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 3/8 ts. 27-29
  • Ke Ka Dira Jang Gore Ba Bangwe ba Ntlotle?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Dira Jang Gore Ba Bangwe ba Ntlotle?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Selo Se O Se Bonang ka go Se Berekela
  • Ditsela Tseo O Ka Berekelang Gore O Bone Tlotlo ka Tsone
  • Go Tlotla Ba Bagolo mo go Wena
  • Go Gapa Tlotlo ka Ntlha ya Se O Se Dumelang
  • Tlotla ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Tlotlo E Ile Kae?
    Tsogang!—2024
  • A o Etelela Pele mo go Bontsheng Tlotlo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotla ba Bangwe?
    Tsogang!—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 3/8 ts. 27-29

Ke Ka Dira Jang Gore Ba Bangwe ba Ntlotle?

“Nako e nngwe fa o re o bua le mogolo, go tshwanakana fela le fa o bua le lebota.”—Paul.

“Go a ntena tota fa bagolo ba sa go tshepe.”—Matt.

“Batsadi ba me ba a inkgatholosa kgotsa ba itira jaaka ekete ba reeditse, mme ntswa ba sa reetsa. O bue le bona kgapetsakgapetsa mme e re o botsa o re, ‘A lo nkutlwile?’ ba bo ba araba ka gore, ‘hmm.’ Tota ba sa itse gore o ntse o reng.”—Paula.

TLOTLO—ke eng fa go le thata jaana gore ba bangwe ba go bontshe tlotlonyana le fa e se ya sepe fela? O batla gore le wena o reediwe, o batla go tsewa tsia. Ka jalo fa bagolo—bogolo jang batsadi ba gago—le balekane ba gago ba go ikgatholosa, ba tsaya maikutlo a gago e se a sepe, gongwe ba bua le wena ekare ba bua le seeleele, kana ba ntse ba go gakolola gore o se ka wa itebala, seo se ka go utlwisa botlhoko eletota.

Ke selo sa tlholego fela gore le wena o batle gore o tlotlwe ke ba bangwe. Bibela ka boyone e re kgothaletsa gore “u tla bōna botsalanō le tlotlegō mo ponoñ ea Modimo le ea motho.” (Diane 3:4) Mme go ne ga nna fela jalo ka basha bao ba boifang Modimo ba mo dinakong tsa Bibela. Ka sekai, lekawana le le neng le bidiwa Timotheo le ne la nna le tshiamelo ya go pata moaposetoloi Paulo mo maetong a gagwe a borongwa. Ka lebaka lang? O ne “a bolèlwa ka molemō ke bakauleñwe,” ba mmontsha tlotlo. (Ditihō 16:1, 2) Mme go na le Jesu gape, yo e rileng a santse a le mosha a “cwèlèla mo botlhaleñ le mo go goleñ, le mo go ratweñ ke Modimo le batho.”—Luke 2:52.

Ee ke boammaaruri gore, ga o Jesu. Le gore go tlotlwa ke batho ga se selo se se motlhofo fa o santse o le monnye. Selo se se teng ke gore, Bibela e amanya bosha le ‘go tlhoka maitemogelo’ ebile e bo amanya le matlhagatlhaga a a feteletseng; kitso le botlhale di nna gone fa motho a ntse a gola. (Diane 1:4; 20:29; Yobe 32:6, 7) Ka jalo, ka kakaretso fela batho ga ba neele basha tlotlo e ba e neelang bagolo. A ga go a siama? Gongwe. Mme lefa go le jalo seno ke selo se se diragalang mo botshelong seo o tshwanetseng gore o lebagane le sone. Mo godimo ga moo, basha ba le bantsi ba ile ba itshenya leina. Ka lebaka leo, bagolo bangwe ba na le mogopolo o o phoso wa gore basha botlhe ke “diganana,” “ga ba dire dilo segolo,” kgotsa gore “ke ditsenwa.”

Kwa mafatsheng mangwe, ngwao, mokgwa, le diphetogo tsa loago tse di diragalang ka bofefo di ile tsa aroganya basha le bagolo thatathata. Ka sekai, mo Aferika basha ba le bantsi ba na le melemo e mentsi eo ba e bonang ya thuto eo batsadi ba bone ba neng ba sena yone. Mo godimo ga moo, ba ka nna ba iphitlhela gangwe le gape ba thulana le bagolo ba bone ba ba santseng ba laolwa ke mekgwa ya setso. Bagolo gantsi ba kgopisiwa thata ke seo ba se lebang jaaka go tlhoka tlotlo kgotsa le eleng boganana jwa basha.

Go sa kgathalesege gore seemo se wena o leng mo go sone se ntse jang, go tla tlhoka gore o dire boiteko le gore o dire ka natla gore o tle o gape tlotlo ya ba bangwe. Mme seno se ka kgonwa go dirwa.

Ke Selo Se O Se Bonang ka go Se Berekela

Santlha, tlhaloganya gore tlotlo ga se selo seo eleng gore o nna le sone fela ka go bo o se batla, le gore ga o kake wa dira gore motho yo mongwe a go tlotle. Tlotlo ke selo seo o se bonang ka go se berekela. Ka dinako tsa Bibela Jobe e ne e le monna yo o neng a tlotlwa thata ke batho ba gagabo. Jobe o ne a gakologelwa jaana: “Makau a na a tla a re a mpōna a iphitlhe, le banna bogolo ba nanoge ba ème ka dinaō.” Lefa go le jalo, go itshupa sentle gore Jobe o ne a bereketse tlotlo eo gore a nne le yone. Jobe o ne a tlhalosa jaana, “gonne e ne e tle e re tsèbè e nkutlwa, hoñ e ntshegōfatse; e re leitlhō le mpōna, le shupe ga me.” Ee, Jobe o ne a itsege jaaka motho yo o siameng.—Yobe 29:7-17.

Wena ke lefe leina leo o le itiretseng? A o ile wa dirisa kgakololo eo e neng ya neelwa Timotheo? Paulo o ne a re, “opè a se ka a nyatsa bokau yoa gago; me u nnè sekaō sa ba ba dumèlañ, mo puoñ, le mo mokgweñ oa go tshela, le mo loratoñ, le mo tumeloñ, le mo boitshekoñ.” (1 Timotheo 4:12) Le wena o ka tlhoma sekao seo o ka tshwanelwang ke go tlotlwa ka ntlha ya sone. Go ithuta Lefoko la Modimo go ka go thusa go dira seno. Mopesalema o ne a re: “Ana ke rata molaō oa gago yañ! . . . Ke na le tlhaloganyō go gaisa baruti botlhe ba me; gonne dichupō tsa gago ke cōna tlhatlhanyō ea me. Ke tlhaloganya bogolo go batsohe, ka gonne ke bolokile dikaèlō tsa gago.”—Pesalema 119:97, 99, 100.

Bakeresete ba bangwe ba tla go tlotla eleruri fa o ka dira gore o nne le temogo e e ntseng jalo ya semoya. Legale, ela tlhoko gore o tshwanetse ‘go tlhokomela,’ kgotsa go dirisa, kgakololo ya Bibela. Mosha mongwe wa Moaferika yo o bidiwang Charles o ne a tsaya taelo ya Bibela ka masisi e e reng “lo dire merahe eotlhe barutwa” mme ka jalo a nna moreri wa mafoko a a molemo wa nako e e tletseng a le dingwaga di le 16 mme jaanong o direla kwa ofising nngwe ya lekala la Watch Tower Society. (Mathaio 28:19, 20) Sekao sa gagwe se a se tlhomang ka boikanyegi ka tsela eo a buang ka yone se ile sa dira gore ba bangwe ba mo tlotle mme seno se ile sa felela ka gore a bone boipelo jo bogolo. A re: “Botshelo jwa mo tirelong eno bo itumedisa eleruri. Go bereka gautshwane thata le banna ba bomodimo ba ba nang le maitemogelo a magolo go ile ga nkaga fela thata. Ke boipelo jo go senang kafa o ka bo tlhalosang ka gone.”

Ditsela Tseo O Ka Berekelang Gore O Bone Tlotlo ka Tsone

Tsela e nngwe e e botlhokwa eo o ka berekelang gore o bone tlotlo ka yone ke ka go nna sekao mo boitsholong. Salome, mosha wa Moaferika wa Mosupi o gakologelwa nako ya fa e ne e sale mosha jaana: “Ke ne ke seke ke ya le mouduudu. Go na le moo, ke ne ke lwa ka natla gore ke tshegetse melaometheo ya Bokeresete ka dinako tsotlhe. Ke ne ke leka go nna motho yo o tlhagafetseng, yo o bonolo, yo o bontshang tlotlo mo go ba bangwe—le bana tota.” Go boammaaruri gore, o ka nna wa sotlwa le go tshegwa ka ntata ya go bo o farologane. (1 Petere 4:4) Mme jaaka go ile ga diragala ka Salome, ba bangwe ba ka nna ba patelesega gore ba go tlotle ba sa rate.

Lemoga gape, gore Salome o ne a dira maiteko a gore a bontshe tlotlo mo go ba bangwe. Tlotlo e tsala tlotlo. Ke sone seo Baroma 12:10 e reng: “Mo tlotloñ, a moñwe a beè eo moñwe kwa pele.” Go aka le go sokamisa boammaaruri, go gakatsa ba bangwe ka tsela e e utlwisang botlhoko, kana go dira dinyao ka ba bangwe, go nna dikgoka—tseno ga se ditsela tse di bontshang go tshwara ba bangwe ka tlotlo. Mme kwa bofelong, di ka nna tsa dira gore ba latlhegelwe ke tlotlo epe fela eo ba ka tswang ba na le yone mo go wena.

Re tshwanetse gore bogolo jang re ikobele le go bontsha tlotlo mo go bao ba nang le thata. (1 Petere 2:17) Ka sekai, lepodisi lengwe le kile la re: “Basha gompieno ke ka sewelo o ka utlwang ba re, ‘Rra.’” O tshwara jang ba ba nang le thata ya bolaodi—barutabana, mapodisi, le batsamaisi ba sekolo? Fa o itsege ka go tlotla bao ba nang le taolo, seo se ka dira gore le bone ka mo go tshwanang ba go bontshe tlotlo.—Bapisa Mathaio 7:2.

Go Tlotla Ba Bagolo mo go Wena

Mo dingwaong dingwe go na le mekgwa ya maitseo e e saleng e ntse e le teng e go solofelwang gore mosha a e sale morago. Ka sekai, kwa Ghana bagolo ga ba itumedisiwe gotlhelele ke mosha yo o buang le bone a tsentse mabogo mo dikgetsing kgotsa yo o nnang a ntse a ba akgela lebogo la gagwe la molema fa a bua le bone. Mekgwa eo ya loago e ka nna ya lebega e le e e gakgamatsang mo basheng ba Mafatshe a Bophirima kgotsa ebile e ka nna ya lebega e le ya bogologolo mo basheng ba Maferika, mme lefa go le jalo ga e molato go dirwa ke Bakeresete. Tota ebile, Bibela e re kgothaletsa gore re tile go kgopisa ba bangwe mo go sa tlhokafaleng.—2 Bakorintha 6:3.

Seane se se tlwaelegileng sa Ghana se a re: “Ngwana o tshwanetse go ntsha dikgapha tsa dikgopa eseng tsa dikhudu.” Ka mafoko a mangwe, go na le maikarabelo ao e eleng gore ke a bagolo fela, a go sa solofelweng gore basha ba ka a dira. Mo go wena seno se ka nna sa lebega se sa siama mme ebile o tsaya gore se go nyatsisa ka ba bangwe. Mme motho yo o nyatsang ngwao ya gagabo ka go ipagololela mogodu a nyatsa taolo ya bagolo gantsi go tsewa gore o makgakga. O tla kgona go gapa tlotlo ya ba bangwe fa o lemoga boemo jwa gago jo bo kwa tlase mme o ithuta go tshela tlase ga seemo seo.

Bibela e a re mo go Lefitiko 19:32: “U nanogè u èmè ha pele ga eo o tlhōgō e pududu, o tlotlè sehatlhōgō sa mocohe, me o boihè Modimo oa gago: Ke nna Yehofa.” A fa o tsamaya ka dipalangwa tsa botlhe, o sutela batho ba bagolo mo setulong? Fa lo tlotla a o ela tlhoko kafa o buang ka teng? A o reetsa ka tlotlo?

Go Gapa Tlotlo ka Ntlha ya Se O Se Dumelang

Mme go tweng he, fa e le gore batho ga ba go tlotle ntateng ya bodumedi jwa gago? Ka sekai, basha ba Basupi ba ga Jehofa gantsi ba patikiwa ke barutabana kana balekane ba bone go tsaya karolo mo meletlong ya bosetšhaba le ya bodumedi e e tlolang melaometheo ya Bibela. Mme ka ntateng ya go sa tlhaloganye gore ke eng basha ba Basupi ba ema ba nitame ka bopelokgale jalo, bangwe ba ka nna ba leba dilo tseo ba di dumelang ka kilo. Basha ba Basupi ba ka nna ba bo ba tshwarwa ka letsogo la molema.

Legale, a o ke o akanye kafa mosha mongwe wa Moaferika yo re tla mmitsang Kwasi a ileng a itshwara ka teng. O tlhalosa jaana, “ke ne ke se ke ke ngwega mo tlelaseng mme ebile gape ke ne ke ema ditiro tseo eleng gore di ne di se kgatlhanong le segakolodi sa me nokeng. Se se botlhokwa le go feta, ke ne ka dira gore ba itse boemo jwa me ka phepafalo jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go tswa fela kwa tshimologong.” Boikanyego, tlhoafalo, le go nitama mo melaometheong ga ga Kwasi go ile ga dira gore a ratwe ke barutabana le bana ba sekolo ka go tshwana. O tlatsa jaana: “Mo mabakeng mangwe ke ne ka tshwanelwa ke go tlhalosa boemo jwa me—nako nngwe e ne e le fa pele ga mogokgo le barutabana botlhe fela—mme ka dinako tsotlhe ba ne ba tlotla seo ke neng ke se bua.”

Ee, itshware ka tsela eo e tla dirang gore ba bangwe ba go tlotle. Mme kwantle ga go pateletsa ba bangwe go dumela seo o se dumelang, ka nako tsotlhe o tshwanetse go nna “lo nntse lo iketleeditse ka metlha eotlhe go hetola motho moñwe le moñwe eo o lo botsañ kaga cholohèlō e e mo go lona, go re e cwa kae? leha go nntse yalo e nne ka boikokobeco le poihō.” (1 Petere 3:15) Tila go itshwara ka tsela eo e leng gore e ka dira gore ‘lefoko la Modimo le tlhapadiwe.’ (Tito 2:5) Seo se tla kopanyeletsa go tila go apara meaparo e e sa reng ee le go ipaakanya ka tsela e e sa kgatlheng mo mmeleng kana le go nna le mogopolo wa boitaodi kgotsa wa boganana.

Ee gone, Bibela e kgothaletsa gore ‘o itumele mo bokaung jwa gago,’ le gone ga go na ope yo o solofelang gore o itseye jaaka motho yo o nang le dingwaga tse 50. (Moreri 11:9) Mme lefa go le jalo ka go nna sekao mo puong le mo boitshwarong, o ka nna wa gapa tlotlo le tshepo ya ba bangwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go tseisa mogolo morwalo ke tsela nngwe eo ka yone o ka kgonang go gapa tlotlo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela