Basha ba Botsa Jaana . . .
A Go Siame Gore O Nne O le Mosha Yo A Iseng A Ke A Tlhakanele Dikobo?
Ngaka e e botsalano ene ya sotla jaana, ‘Jane, a go na le sengwe se se go tshwentseng gompieno?’
O ne a bua ka go titatita a re, ‘Ngaka, basetsana ba le bantsi kwa sekolong ba bua thata ka go dirisa dipilisi tse di thibelang pelegi e le gore batle ba kgone go kopanela dikobo ka tshosologo. A go na le sengwe se se phoso ka nna ereka ke sa tlhakanele dikobo?”—What Shall We Tell the Kids?, e e kwadilweng ke Dr. Bennett Olshaker.
GO NNA o ise o ko o tlhakanele dikobo. Mo dinakong tsa pele motho o ne a tlotlwa ke ba bangwe fa a ne a ipolokile a ise a ko a tlhakanele dikobo. Mo nakong ya gompieno, basha ba le bantsi ba go leba jaaka selo se se tlhabisang ditlhong le se se tsenyang motho matlho a batho, selo seo eseng sa tlholego, bolwetsi jo bo tshwanelwang ke gore bo “alafiwe” ka bofefo jo bo ka kgonagalang.
Ga go gakgamatse he, go bo basha ba le bantsi jaana ba tlhakanela dikobo ka dipalo tse di kwa godimo jaana. Ka sekai, erile ka 1983 tshekatsheko e e neng ya dirwa mo basheng ba Jeremane e ne ya bontsha gore 9 lekgolong ya basetsanyana ba dingwaga tse 15 le 4 lekgolong ya basimanyana ba dingwaga tse 15 ba ne ba kile ba tlhakanela dikobo. Mme erile ka 1989 dipalo tsa bone di ne di tlhatlogetse kwa godimo thata mo eleng gore 25 lekgolong ya basetsanyana le 20 lekgolong ya basimanyana e ne e setse e kile ya tlhakanela dikobo! Mme dipalo tse di tshwanang le tse di ntse di itshupa lefatshe ka bophara.
Lefa go le jalo, tota ke eng se se ileng sa senya go nna motho a sa tlhakanele dikobo leina mo basheng? Basha ba dikokomana tse di farologaneng ba ile ba tshwanelwa ke go lebagana le go tsogelwa ke maikutlo mo go golo mo go diragalang ka dinako tsa fa motho a tsena mo dingwageng tsa bogodi. Lefa go le jalo, basha ba gompieno ba golela mo lefatsheng leo eleng gore le ba fa kaelo e potlana fela ka boitsholo kgotsa le sa ba e neye gotlhelele. Mo lefatsheng lengwe la Yuropa, setlhopha sengwe sa bagolwane ba Bakeresete se ne sa bega jaana: “Le mororo kafa ntle e lebega jaaka naga ya bodumedi, totatota naga eno ga e na boitsholo lefa go le go nnye. Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo a letlelesega ka seipato sa gore ‘ke bokoa jo batho botlhe ba nang le jone.’ Bana ba godisediwa mo malapeng a batsadi ba ba sa nyalanang. Ipapatso e e sekametseng thata mo go rotloetseng tlhakanelodikobo e maswe fela thata mo nageng eno go na le mo nageng epe fela ya Bophirima.”
Ka mo go tshwanang mo mafatsheng a a tlhabologang basha ba lebagane le thotloetso e e maatla e e dirwang ke ngwao le itsholelo gore ba nne matlhomatlho. Mo lefatsheng lengwe la Aferika basha ba tlhagisiwa jaana, ‘fa lekolwane le sa tlhakanele dikobo, le tla ema madi.’ Tumelo e nngwe e e anameng ka go tshwana ke e e reng ‘mosetsana o a bo a sa itse sepe ka botshelo fa a ise a kopanele dikobo le mosimane.’
Mo godimo ga moo, ka ntateng ya go ntsifala ga letlhoko la mebereko le lehuma, mosetsana a ka nna a tshaba go gana fa motho yo a ka nnang a mo hira a batla gore a kopanele dikobo le ene. Ka mo go tshwanang barutabana le bone ba ka nna ba batla go duelwa ka tlhakanelodikobo gore ba fe bana dimaraka tse di tla dirang gore ba pase kwa sekolong. Tota ebile, ga se selo se se sa tlwaelegang go bona basetsanyana ba ba humanegileng ba tlhakanela dikobo fela gore ba kgone go bona dilo tse ba di tlhokang tsa letsatsi le letsatsi—tota le eleng go bona molora o o tlhapang! Baeladilotlhoko ba kwa lefatsheng lengwe le le tlhabologang ba bega gore, “go tlhakanela dikobo go tsewa jaaka go nwa kana go tshwara legaba.”
Kgatelelo E E Tswang mo Dithakeng
Lefa go le jalo, se totatota se nang le tlhotlheletso e kgolo ke kgatelelo e e tswang mo dithakeng. Mosha yo o santseng a ise a ke a tlhakanele dikobo a ka nna a tlhorontshiwa le go jewa ditshego ka dinako tsotlhe. Mme ebile fa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ka nna wa ntshiwa ka liso legolo fa go tla mo ntlheng eno. Dithaka tsa gago di ka nna tsa go bolelela gore fa o ise o tlhakanele dikobo o bo o itse gore ga o ise o nne monna sentle kgotsa mosadi. Ba ka nna ba go bolelela gore go botlhale gore o “ithute” pele ga o tsena mo lenyalong. Kgotsa ba ka nna ba go bolelela dipolelo kaga tlhakanelodikobo ya bone e eseng kafa molaong.
Mosadi mongwe yo mmotlana o ne a bolela jaana, “Sally o ne a tle a bue a sa kgale mathe mabapi le kafa go tlhakanela dikobo le mosimane yo a ratanang nae go leng monate ka teng. O ne a bo a ntira gore ke gopole gore ke fetiwa ke mongwe wa menate e megolo ya botshelo.” Ka go palelwa ke go lemoga gore “go na le go belafala, go feteletsa dilo le maaka a a seng kana ka sepe mabapi le se se diragalang ka nako ya tlhakanelodikobo mo basheng,” basha ba le bantsi ba tsiediwa ke dipolelo tseno. (Coping With Teenage Depression, e e kwadilweng ke Kathleen McCoy) Mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Maria yo o ileng a latlhegelwa ke boemo jwa go nna a ise a ke a tlhakanele dikobo ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo o gakologelwa jaana: “Ke ne ke ikutlwa ke le kafa tlase ga kgatelelo, gape ke ne ke batla fela thata go amogelesega mo go ba bangwe. Le mororo ke ne ke itse gore go phoso, ke ne ke batla go tshwana le batho ba bangwe—go nna le mosimane yo ke ratanang nae.”
Ka mo go tshwanang dimilione tsa basha di ile tsa amogela kgoeletso ya lefatshe mme jaanong ba dumela gore go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo ga se selo se se tshwanetseng le gore go kopanela dikobo pele ga lenyalo ga se sepe fela fa e se go itshamekela mo go senang molato ope. Ka jalo go na le matshosetsi a gore basha ba ba sa ntseng ba ise ba ko ba tlhakanele dikobo ba ka nna ba fela fedi.
Go Nna O le Mosha Yo O Iseng A Ko a Tlhakanele Dikobo—Kafa Modimo O Go Lebang ka Teng
Lefa go le jalo, go na le karolo e nngwe ya tlhakanelodikobo pele ga lenyalo e dithaka tsa gago di sa go boleleleng sepe ka yone. Maria o gakologelwa jaana: “Morago ga re sena go tlhakanela dikobo ke ne ka ikutlwa ke swabile ke bile ke tlhabilwe ke ditlhong. Ke ne ke itenegetse ebile ke tenegetse le mosimane yo ke ratanang le ene.” Go ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo go aname thata go na le jaaka basha ba le bantsi ba dumela. Itlhokomolose dipolelo tse diteleletelele tse di feteletsang dilo tse o ka tswang o di bolelelwa ke dithaka tsa gago. Boammaaruri ka tlhakanelodikobo pele ga lenyalo ke gore gantsi ke tiragalo e e utlwisang botlhoko thata ebile e tlontlolola—ka diphelelo tse di botlhoko!
Seno ga se a tshwanela go go gakgamatsa. Ntlha ke gore le mororo lefatshe le ka nna la leba tlhakanelodikobo pele ga lenyalo jaaka selo se se siameng le se se senang mathata seno ga se e dire gore e nne selo se se siameng fa pele ga Modimo. Jesu Keresete o re gakolola gore “se se tlotlègañ thata mo bathuñ, se a bo se le makgapha ha pele ga Modimo.” (Luke 16:15) Modimo o na le ditekanyetso tsa gagwe ka boitshwaro jo bo tshwanetseng. Bibela e a re, “gonne mo ke go rata ga Modimo, eboñ boitshèpisho yoa lona, ke go re, lo ithibè mo boakeñ; Gore moñwe le moñwe oa lona a itse go ikgapa mmele, gore a nnè mo boitshepishoñ le mo tlotloñ . . . Gonne Modimo ga oa re biletsa bomashwe, o re bileditse mo boitshepishoñ hèla.”—1 Bathesalonia 4:3-7.
Ka jalo he, go ya ka Modimo go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo ga makawana kgotsa ga makgarejwana ga se fela gore go siame mme gape go phepa le boitshepo! Bogologolo kwa Iseraele, basetsana ba e neng e santse e le makgarebana ba ne ba tlotlwa fela thata. Molao o ne o ba sireletsa kgatlhanong le go senngwa. (Duteronome 22:19, 28, 29) Mme boemo jwa go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo ke selo se se sa ntseng se tsweletse pele se tlotlwa ke Bakeresete ba boammaaruri. Phuthego ya Bokeresete ka boyone e tshwantshanngwa le “kgarebana e e itshekileñ” ka go bo e le phepa mo boitsholong.—2 Bakorintha 11:2; Tshenolō 21:9.
Ga go na gope mo Bibeleng mo basha ba kgothalediwang gore ba lebe go nna ba ba iseng ba ko ba tlhakanele dikobo jaaka mokgobo. Go na le moo, moaposetoloi Paulo o ne a re ‘mme yo o feditseng mogopolo wa gagwe . . . gore a boloke bokgarebana jwa gagwe [ka go sa tsene mo nyalong], o tla bo a dira sentle. Mme gape le yo o ikamogang bokgarebana jwa gagwe ka go tsena mo nyalong o dira sentle, mme yo o sa bo ikamogeng ka go tsena mo lenyalong o tla bo a dira sentle bogolo.’a Paulo o ne a sa kgale tlhakanelodikobo e e tlotlegang e e dirwang mo thulaganyong ya lenyalo. Go na le moo, o ne a bontsha gore Mokeresete yo o kgethang go ipoloka a ise a ko a tlhakanele dikobo ka go sa nyale o tla kgona go itumelela ‘go direla Morena a sa akgaakgege.’—1 Bakorintha 7:25, 33-38, NW.
Ka jalo he, mo mosheng wa Mokeresete, go nna yo o iseng a ke a tlhakanele dikobo ga se selo sa matlhabisa ditlhong go na le moo ke bosupi jwa gore motho o ikanyega mo Modimong. Legale gone, ga go motlhofo go ipoloka o itshekile; go tlhokega boikgapo jo bogolo. Mme lefa go le jalo Bibela e re tlhomamisetsa gore “ditaolō tsa ōna [Modimo] ga di tlhokohatse.” (1 Yohane 5:3) Mopesalema o re tlhomamisetsa jaana: “Ditaeō tsa ga Yehofa di siame, di itumedisa pelo: taolō ea ga Yehofa e itshekile, e tsenya matlhō lesedi.” (Pesalema 19:8) Go sala ditsela tsa Modimo morago go mosola go bile go siame ka dinako tsotlhe.
‘Go Leofela Mmele wa Gago’
Go na le moo, Bibela e a re mo go 1 Bakorintha 6:18: “Eo o dihañ boaka o leohèla mmele oa gagwè.” Go sa kgathalesege mainane a a ratwang ke batho thata, ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore go sa kopanele dikobo go ka koafatsa mmele. Ke go kopanela mo tlhakanelongdikobo go feta kafa go tshwanetseng ka gone go ka nnang diphatsa mo mmeleng! Ngaka nngwe e e tumileng e a re: “Malwetsi a a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo a tla tswelela ka go ntsifala fa go ka se ke ga dirisiwa mekgwa e e nang le mosola ya go kganela seno, mme go ntsifala ga one ga bosheng, kafa ntlheng e nngwe, go ne ga dirwa ke go ntsifala ga go tlhakanela dikobo ga batho ba basha.”—Current Controversies in Marriage and Family.
Go nna matlhomatlho ga basha gape go ile ga tsala go ntsifala mo go senang selekanyo ga go ima ga basha. Kwa United States, sephatlo sa boimana jono, bo fedisiwa ka go senyegelwa le ka go senya mpa. Gape boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo ka sudisa pelo. Diana yo mmotlana o gakologelwa jaana, “morago ga go bona seo a neng a ntse a se batla, o ile a ntatlha.” Mafoko a ga Paulo ruri a boammaaruri. Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ke ‘go leofela mmele wa gago.’
Boaka gape ‘bo senya le go amoga [ba bangwe] ditshwanelo tsa bone.’ (1 Bathesalonia 4:6) Tota ebile, le go amoga motho tshwanelo ya gagwe ya go tsena mo lenyalong a na le boemo jo bo phepa jwa boitsholo. Gape le molekane wa lenyalo wa nako e e tlang o amogiwa tshwanelo ya gagwe ya go nna le molekane wa lenyalo yo a iseng a ko a tlhakanele dikobo.
Ka jalo buka ya Why Wait Till Marriage? e papamatsa fela jaana: “Fa o sena go tlhakanela dikobo lantlha fela, o a bo a tlhagetswe ke boemo jwa go nna yo o iseng a ko a tlhakanele dikobo jaanong. . . . Ka jalo he o tlhopha gangwe fela.” Tlhopha ka tshwanelo! Lefatshe le se ka la go dira ka dipuo tsa lone gore o gopole gore sengwe se phoso ka wena fa o ngaparela ditekanyetso tsa Bibela. Go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo ga se selo se se gakgamatsang kgotsa se se sa siamang. Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo ke jone jo bo tlontlololang, jo bo tlhabisang ditlhong le gone bo diphatsa. Ka go ipoloka o ise o ko o tlhakanele dikobo o babalela botsogo jwa gago, le maikutlo a gago, mme mo godimo ga tsotlhe, o babalela kamano ya gago le Modimo.
Gore mosha a ka kgona go fitlhelela seno jang e tla nna kgang eo e tla tlotliwang mo ditlhogong tsa mo isagweng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “bokgarebana” mo Bibeleng le dirisiwa mo basimaneng le mo basetsaneng.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Go na le go ikgogomosa le go aka mo gontsi fela thata mabapi le monate wa tlhakanelodikobo