Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Ka Ntlha Yang O Tshwanetse go Nna O Le Mosha Yoo A Iseng A Ko A Tlhakanele Dikobo?
MOKWADI ebong Lesley Jane Nonkin a re, “go nna motho yo a iseng a tlhakanele dikobo go setse go tshwana fela le dinakaladi, ‘sengwe se se tshwanetseng go kgolega pele ga o aloga.’” Mafoko a a tshwanang le ano a bontsha boikutlo jo bo repileng, jwa go sa kgathale jo basha ba le bantsi gompieno ba nang le jone mabapi le tlhakanelodikobo. Malatsing ano, mosha yo o santseng a ise a ko a tlhakanele dikobo o ka nna a lejwa jaaka learogi, a gakgamalelwa. Mo patlisisong e nngwe e e neng e dirwa mo basheng, basimane ba ne ba dumela gore “ba eletsa fela thata” go ka kgaotsa go tlhola e nna basha ba ba iseng ba ko ba tlhakanele dikobo. Basetsana ba ba iseng ba ko ba tlhakanele dikobo ba ne ba dumela gore ba ikutlwa “o ka re ga se batho sentle.”
Lefa go le jalo, jaaka fa go ile ga bontshiwa mo setlhogong se se fetileng, go nna mosha yo a iseng a ko a tlhakanele dikobo go siame fa pele ga Modimo.a O go tseela kwa godimo thata mme ebile o kgala tlhakanelodikobo pele ga lenyalo a e leba jaaka e e sa siamang ebile e le diphatsa. (1 Bathesalonia 4:3-8) Lefa go le jalo, go nna o le mosha yo a iseng a ko a tlhakanele dikobo go tla batla gore o emelane le dikgatelelo tse di boitshegang. Ke ka ntlha yang fa mosha a tshwanetse go dira jalo? A go na le mengwe mesola ya go nna o le mosha yo a iseng a ko a tlhakanele dikobo?
A Ke Tsela ya go Bona Lorato?
Basha ba le bantsi ba gopola gore tlhakanelodikobo ke tsela fela ya go bontsha lorato—kgotsa ya go bontshiwa lorato ke mongwe. Ke ga tlholego fela gore re batle go ratiwa. Mme gantsi seno ke se se tlhokwang ke basha fela thata. Buka e go tweng Coping With Teenage Depression e tlhalosa jaana: “Go ntsifala ga go tlhoka go atamelana le go tlhokomelesega sentle mo go diragalang mo malapeng a le mantsi gantsi go dira gore basha ba gadime go sele go bona kgomotso le katamalano eo. Malapa a le mantsi gompieno a tshela matshelo a lepotlapotla mo eleng gore ga go na nako ya go nna mmogo le go dira dilo mmogo le go bulelana mafatlha. . . . Fa mosha a sa kgone go bona lorato le tlhokomelo kwa lapeng, o . . . tla tsaya tlhakanelodikobo jaaka kgato e e yosi ya go bona katamalano le sesupo sa gore o a ratiwa ebile o tsewa jaaka yo o botlhokwa.”
Go ne ga nna jalo ka mosetsana mongwe yo o bidiwang Ann. O tlhalosa jaana: “Go na le basha ba le bantsi ba ba ikutlwang ekete ga ba ratiwe, mme gongwe e le ka ntateng ya go bo batsadi ba bone ba sena kgatlhego e e kalo mo go bone. Go ise go e kae ba tlhoka le go eletsa gore ba ratiwe kgotsa le go bona mongwe yo ba ka atamalanang le ene. Seno se ne sa ntiragalela. Ke ne ka ikaega ka mosimane mongwe gore ke bontshiwe lorato.”
Lefa go le jalo, lorato lwa boammaaruri “ga lo ko lo diha kaha go sa chwanèlañ, ga lo ko lo ipatlèla hèla.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Mo thulaganyong e e tlotlegang ya lenyalo, tlhakanelodikobo e fitlhelela boikaelelo jo bo tlotlegang le jo bo molemo. (Genesise 1:28; Diane 5:15-19) Mme fa e dirwa ke batho ba ba sa nyalanang, gantsi e dirisediwa go nna jaaka molemo wa go thoba maikutlo a a gobetseng, tsela ya go ikimolola dikgatelelo, kana tsela ya go tiisa seriti se se ntseng se nyelela, go kgotsofatsa dithaka, kgotsa sebaka sa go ipelela katamalano ya lenyalo kwantle ga go rwala maikarabelo a a tsamaelanang le gone. Dr. Louis Fine o ne a fa mabaka ano: “Ka dinako tse dintsi, tlhakanelodikobo ya basha e tletse bobaba, bogale, le go nna moipolai yo o sa lelelweng; ga e supe go nna le kamego, go abelana, kgotsa maikutlo.”—“After All We’ve Done for Them”—Understanding Adolescent Behavior.
Ann o ne a iponela seno ka boene. O gakologelwa jaana, “ke ne ka ima. Mme fa seno se sena go diragala, ke ne ka lemoga gore batsadi ba me ruri ba ne ba amega ka nna, gore ba ne ba nthata. Batsadi ba me ke bone ba ileng ba ntshegetsa mo boimaneng jwa me—eseng mosimane yo ke neng ka ya kwa go ene gore ke bontshiwe lorato. O tsene ka lenga la seloko.”
Lefa gongwe ditlamorago tse di maswe, jaaka boimana, di sa nne teng, tlhakanelodikobo e e seng kafa tshwanelong gantsi e sia motho ka maikutlo a a gobaditsweng le go itlhoboga. Buka e go tweng The Private Life of the American Teenager e a re: “Ba bangwe ba ikutlwa gore basimane ba bone ba ba neng ba ba tshosetsa ka gore ba tla ba tlogela fa e le gore ba gana go tlhakanela le bone dikobo ba ba tsieditse. Mme fa ba dumela go tlhakanela dikobo nabo, gantsi ba felela ba ikutlwa ba tsieditswe, bogolo jang fa lorato loo le fela kgotsa le tswelela go itshetlegile fela ka gore ba bo ba ntse ba tlhakanela dikobo.”
Fa O Ise O Lekane go Nyala
Bangwe ba akanya gore tlhakanelodikobo e ka thusa baratani gore ba atamelane. Mme go atamelana go thusang fa e le gore baratani ga ba ise ba lekane go ka nyalana? Phelelo e ka nna go utlwisiwa botlhoko ka nako ya fa kamano eo e thubega se tota e leng selo se se ka se kang sa tlhoka go diragala. Mo bukeng ya gagwe e go tweng How to Raise Parents, mokwadi ebong Clayton Barbeau o re gakolola gore “dingwaga tsa bokau kana tsa bokgarebe ke tse ka tsone o a bong o leka go aga botho jwa gago, o leka go ikitse.” O botsa jaana: “Fa e le gore ga o ikitse, o ka rata jang motho yo mongwe, le gone go mo itse?”
Mo godimo ga moo, tlhakanelodikobo ka nako ya lefereo gantsi e felela ka go hupetsa puisano e e nang le mosola go na le go e tsweledisa pele. Gapegape, boikutlo jwa go ipona molato bo ka nna jwa dira gore baratani ba arogane. (Baroma 2:15) Mosetsana mongwe o ne a bolela jaana: “Go ipona molato ga me go ne ga dira gore kamano ya rona e senyegele pele. Ke ne ka ila [mosimane yo ke neng ke ratana nae] go bo a ile a ntira gore ke itshwabele mo go kanakana. Ke ne ke sa kgone lefa e le go lebaganya sefatlhego le batsadi ba me ka ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong mo go maswe.” Mosha mongwe o bua jaana ka mahutsana: “Ke latlhegetswe ke sengwe le sengwe se ke neng ke dumela mo go sone, mekgwa ya me, le go itlotla ga me, le segakolodi sa me se se phepa—fela ka ntateng ya go bo ke ne ke batla go ratiwa.”
Ka jalo Clayton Barbeau o ne a sobokanya seno sotlhe sentle fa a ne a re: “Ke akanya gore basha ba ba tshamekang ka tlhakanelodikobo ba tshwana le masea a a tshamekang ka seedi se sengwe se se botlhole se se dirisiwang mo ditalameiting.”
A Ke Selo sa Konokono Se Se Dirang Gore Lenyalo E Tle E Nne Le Le Itumedisang?
Basha bangwe ba gopola gore go nna le maitemogelo ka tlhakanelodikobo go tla ba thusa gore ba ipaakanyetse lenyalo ka tsela e e botoka. Mabaka a bontsha se se fapaaneng le seo. Se se leng teng ke gore, mathata a tlhakanelodikobo mo lenyalong gantsi a amana le maikutlo—eseng go tlhoka maitemogelo mo go tsa tlhakanelodikobo. Tota ebile, tlhakanelodikobo pele go lenyalo ke yone e ka senyang lenyalo. E senya go tlotlana mme gape e ruta baratani gore kamano ya bone ka dinako tsotlhe e be e le fela ya go kgomakgomana ga mebele; mme go atamalana ka maikutlo gone go bo go tlhokomologiwa. Fela jaaka buka e go tweng Building a Successful Marriage e bontsha: “Tlhakanelodikobo pele ga lenyalo totatota e itshetlegile ka go kgomana ga mebele, mme e ikaegile ka bopelotshetlha go na le go abelana.” Mme kwa bofelong, pono ya bopelotshetlha mabapi le go tlhakanela dikobo e felela ka matlhotlhapelo mo lenyalong. Go kgotsofala mo lenyalong go tla fa banyalani ba dirisa melaometheo ya Bibela gape ba tshwenyegile ka go abelana go na le go nna bohula.—1 Bakorintha 7:3; bapisa Ditihō 20:35.
Buka e go tweng Why Wait Till Marriage? e bontsha bothata jo bongwe: “Banna le basadi ba ba neng ba tshela botshelo jo bo repileng jwa tlhakanelodikobo pele ga lenyalo ga go kake ga lebelelwa gore fela ka motlholo mongwe ba bo ba setse ba fetoga mo lenyalong. Kwantle ga ba se kae fela, ba tswelela pele ka go nna ba ntse ba kgotsofatsa dikeletso tsa bone tsa tlhakanelodikobo ka tsela e ba neng ba dira ka yone pele ga lenyalo.” Buka eno e konela ka go re: “Fa e le gore boikanyegi mo lenyalong ke selo se se botlhokwa mo go wena, ela tlhoko gore bo amana thata le boikanyegi pele ga lenyalo.” Go ipoloka o le mosha yo a iseng a ko a tlhakanele dikobo go fitlhelela lenyalo go tla go thusa gore o nne le mokgwa wa boitshwaro o o nonofileng o o tlhokegang gore o tle o kgone go reetsa taolo eno ya Bibela: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.”—Bahebera 13:4.
Setlhogo sengwe se se mo makasineng o o tlotlegang wa tsa kalafi ka tsela e e ntseng jalo se konela jaana: “Go phepafetse gore basha ba ba santseng ba ise ba ko ba tlhakanele dikobo ba na le sebaka se se botoka se se ka bonelwang pele sa go atlega mo manyalong a bone ka ntateng ya gore ba na le dinonofo tse dingwe, tse di tlotlegang, tse di ntseng jaaka go ineela ka tlhoafalo mo tirong, go kgona go ikgapa ba sa gwalalele go ijesa monate, go amega thata gore motho a sale melao morago, le mekgwa e mengwe e e tshwanang le eo.” Bao ka boeleele ba tlogelang go tlhola e nna basha ba ba iseng ba ko ba tlhakanele dikobo ba tla ikwatlhaya fela thata.b Mosetsana mongwe o ne a bua jaana: “Ke na le dingwaga di le 14 fela mme ke setse ke kile ka tlhakanela dikobo. Ke ikwatlhaela selo seo mo go maswe. Ke hutsafala fela thata ka go bo ke ne ke batlile gore ke nne lekgarejwana le le sa itseng monna leo monna wa me wa nako e e tlang a neng a tla eletsa go nna nalo.”
Tila go Iteofela
Go na le mosola o mongwe wa bofelo wa go nna mosha yo a iseng a ko a tlhakanele dikobo oo o tshwanetseng go o ela tlhoko. Bibela e bontsha gore bao ba tlolang molao wa Modimo ‘ba iteofela ka go bo ba tlola molao.’ (2 Petere 2:13) Tlhakanelodikobo pele ga lenyalo e ka felela jang ka gore motho a bo a iteofela? Ka sekai, akanya ka kgang eno e e ileng ya tlhaga mo makasineng wa Seventeen: “Babatlisisi ba AIDS ba bontsha gore ba tshwenngwa thatathata ke go ntsifalela pele mo ba go lemogileng ga go anama ga megare ya AIDS mo basheng.” Lefa go le jalo, le mororo go ile ga buiwa fela thata mo dikgannyeng kaga bolwetsi jono jo bo diphatsa, patlisiso nngwe e bontsha gore “ke mo e ka nnang nngwetharong fela [ya basha bao ba ileng ba botsolotswa] ba ba ileng ba fetola mekgwa ya bone ya boitshwaro ya tlhakanelodikobo ka ntateng ya go tshaba bolwetsi jono.”
Basha ba ba ntseng jalo gape ba palelwa ke go lemoga gore boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo ka felela ka boimana, go tsenwa ke malwetsi a a farologaneng a tlhakanelodikobo mo godimo ga go tsenwa ke AIDS, go sulafala mo moeng, go swa segakolodi, le—se se maswe le go feta—kamano e e senyegileng gareng ga motho ka namana le Modimo. O seka wa iteofela. Diane 14:16 e a re: “Motho eo o botlhale oa boiha, me a kgaogane le boshula.” O se ka wa tsiediwa ke mainane a a jaaka bo “tlhakanelodikobo e e sireletsegileng.” Go ya ka Modimo, tlhakanelodikobo e e sireletsegileng le e e amogelesegang ke e e dirwang mo thulaganyong ya lenyalo fela. Go fitlhelela nako ya lenyalo e tla, tsaya go nna ga gago mosha yo a iseng a ko a tlhakanele dikobo jaaka selo se se tlhotlhwakgolo. O se ka wa letlelela ba bangwe gore ba go dire gore go go tlhabise ditlhong kgotsa ba go rotloetse gore o go latlhele kwa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona tokololo ya Tsogang! ya April 8, 1992.
b Bao ba sa tlholeng e le basha ba ba iseng ba ko ba tlhakanele dikobo e le ka ntateng ya go betelelwa kgotsa ka ntateng ya go bo ba ile ba tlontlololwa ba santse ba le bannye ba ka gomodiwa ke go itse gore Modimo o santse o ba leba jaaka “ba ba senañ molato ba ba bokgwabo.” (Bafilipi 2:15) Bao ba ileng ba dira boaka pele ga ba nna le kitso ka melaometheo ya Bibela le bone ka mo go tshwanang ba ka gomodiwa ke go itse gore ka ntateng ya go bo ba ile ba bontsha tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu, ba ile ba “tlhapisiwa” fa pele ga Modimo. (1 Bakorintha 6:11) Mokeresete yo o ileng a wela mo boitshwarong jo bo sa siamang mme a bo a ikwatlhaya ka bopeloephepa mme a bo a thokgama gape o ka boa a nna le boemo jo bo phepa fa pele ga Modimo. Balekane ba lenyalo ba ba lorato, le ba ba kutlwelobotlhoko ba ile ba itetla go nna ba ba itshwarelang mo maemong a a ntseng jalo.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Bao ba ileng ba tlogela go nna basha ba ba iseng ba ko ba tlhakanele dikobo pele ga lenyalo ba ikutlwa ba dirisitswe ka boikaelelo jo bo rileng le go tsiediwa