LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 5/8 ts. 14-17
  • Matsapa a go Batla Boikaelelo jwa Botshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matsapa a go Batla Boikaelelo jwa Botshelo
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matsapa a go Batla Boikaelelo
  • Ke Eng Se Se Dirang Gore Botshelo bo Nne le Boikaelelo?
  • Go Bolawa ke Pelo le go Swaba
  • Ke Mang Yo o Ka Re Bolelelang?
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Go Senka Botshelo jo bo Nang le Boikaelelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Boikaelelo jwa Mmatota jwa Botshelo
    Tsogang!—1992
  • A Go Na le Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone?
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 5/8 ts. 14-17

Matsapa a go Batla Boikaelelo jwa Botshelo

FA ESALE ka nako ya ga Charles Darwin, baitseanape ba ba ithutang ka ditshedi ba ile ba gatelela fela thata gore ereka botshelo bo itlhageletse fela, go amogelwe mogopolo wa gore ga bo na boikaelelo bope. Lefa go le jalo, ka tlholego fela bontsi bo ganana le seno. Go ka thatafalela banyalani ba basha ba ba sa tswang go nyalana, ba ba lebileng leseanyana la bone le le sa tswang go tsholwa, go dumela gore setshedi se sesha seno ga se na sepe seo se se kayang. Mo go bone, ke kgakgamatso, selo se se kgatlhang se se dirang gore motho a kgotsofale mo botshelong.

Le eleng baitseanape bangwe ga ba dumele gore botshelo ke kotsi fela e e senang mosola. Ke ka goreng ba sa dumele? Ka ntlha ya se The Encyclopedia Americana e se bitsang “go raraana mo go feteletseng le thulaganyo e e bonwang mo ditsheding.” Americana e tswelela ka go bolela jaana: “Fa o sekaseka dithunya ka tsela e e tseneletseng, ditshenekegi, kana diamusi go bonala go rulaganngwa ga dikarolo tsa tsone mo go tseneletseng ka tsela e e jesang kgakge.”

Fa moitseanape wa Aferika Borwa ebong Dr. Louw Alberts a ne a akanya ka go raraana mo go kana le thulaganyo e ntle go lee kana—tse di bonwang tota le mo diphologotswaneng tse eseng tsa sepe—o ne a tsopolwa ke Cape Times a re: “Go mpha tlhaloganyo go dumela gore go na le Modimo go na le go dumela gore [botshelo] bo itletse felafela ka kotsi.” Molepadinaledi wa Moborithane ebong Sir Bernard Lovell o ne a kwala jaana, fa a ne a bua ka dikhemikhale tse di mo mebeleng ya ditshedi: “Gore go ka kgonagala . . . gore go direga ga molekhule o monnyennyane thata wa porotheine go itlele fela ke selo se se leng thatathata go ka se akanya. . . . Ga go kake ga kgonega gotlhelele.”

Ka tsela e e tshwanang, rasaense wa dinaledi ebong Fred Hoyle o ne a kwala jaana: “Thulaganyo yotlhe e esaleng e tshwerwe bogologolo ya go ithuta ka ditshedi e santse e bolela gore botshelo bo itletse fela kwantle ga thulaganyo. Mme lefa go ntse jalo fa baitseanape ba ba ithutang ka dikhemikhale tsa ditshedi ba ntse ba lemoga go raraana mo gogolo ga botshelo, go phepafala sentle gore go tsaya gore botshelo bo itletse fela ka kotsi ke selo se se sa tshwanelang le fa e le gone go akanngwa tota. Botshelo ga bo kake jwa bo bo itletse fela.”

Seno se raya eng? Fa e le gore botshelo ga bo a itlela fela ka kotsi, go raya gore bo tshwanetse jwa bo bo tlhamilwe. Mme fa go ntse jalo, bo tshwanetse jwa bo bo na le Motlhami. Mme Motlhami yoo ke Motlhami tota! Mopesalema o ne a palame nnete fa a ne a re: “Gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ.” (Pesalema 139:14) Mme lefa go ntse jalo seno se re bolelela eng kaga gore a botshelo bo na le boikaelelo bongwe kgotsa nnyaa?

Ee gone, batho le bone ba a tlhama le go dira dilo. Ba dira difofane tsa jete. Ba dira matlhotlhelo a oli. Ba dira mafelo a go fetlhelwang motlakase mo go one. Mme ebile gape ba dira le dilo tse dingwe tse dintsintsi tse di raraanyeng ka ditsela tse dikgolo kgotsa tse dinnye. Mme kana batho ga ba tlhame le go aga dilo tseno tse di raraanyeng kwantle ga mabaka ape. Sengwe le sengwe se dirwa ka boikaelelo bongwe.

Ereka go sena sepe sa dilo tse di tlhamilweng ke motho tse di ka bapisiwang le ditshedi ka go raraana, go lebega fa Motlhami wa botshelo a ne a ka se ka a bo dira kwantle ga boikaelelo bope. Ke boeleele go dumela gore re dirilwe ka mo go “gakgamatsañ” mme re bo re tlogelwa fela kwantle ga kaelo le taelo le kwantle ga boikaelelo bope.

Matsapa a go Batla Boikaelelo

Ntlha ya gore Mmopi o bopile batho gore ba diragatse boikaelelo bongwe e tlhomamisiwa ka nitamo ke lebaka la go bo batho ka tlholego fela ba batla boikaelelo bongwe mo botshelong. Moithutatlhaloganyo ebong Gilbert Brim, o ne a bua jaana a bontsha gore ka tlholego fela motho o tlhoka go nna le boikaelelo: “Bontsi jwa batho bo bona sebaka sa go itsweledisa pele le sa kgwetlho kwa ditirong tsa bone. Mme fa e le bao e leng gore ga ba na sebaka seo ba batla dikgwetlho tse di kgethegileng le go atlega mo mafelong a a farologaneng: go fokotsa mmele, go itaya bolo ya kolofo ka thobane ya tshipi e le fa mokgokoloseng o e tswa kwa tlase, go gadika mae ka tsela e e botswerere jo bo feteletseng kgotsa go lekeletsa dilo tse di ka nnang tsa go tsenya mo diphatseng—e ka tswa e le go fofa ka khaete o iteseletsa go tswa mo dithabeng tse di kwa godimo kgotsa go lekeletsa dijo tse o iseng o ko o di je.” Ngaka ya tlhaloganyo ebong Viktor Frankl ene o bile a re: “Go batla se botshelo bo se kayang ke sone selo se segolo thata se se rotloetsang motho.”

A re sekasekeng mengwe ya mekgele eo batho ba e ipeetseng mo botshelong.

Ke Eng Se Se Dirang Gore Botshelo bo Nne le Boikaelelo?

Mosha mongwe, fa a ne a botswa gore o ikaeletseng mo botshelong, o ne a re: “Keletso ya me ke go nna le folete e e siameng, koloi e ntle, le go nna le lekolwanyane le lentle go mpata mo koloing eo. Ke batla go ikgotsofatsa. Ke motho yo ke dumelang thata gore dilo tse eleng tsa me mo botshelong di tla pele. Ke batla go dira dilo tse di tla intumedisang, eseng tse di tla dirang gore setšhaba ka kakaretso se itumele.” Fa e le gore o tsaya gore seo se utlwala jaaka bopelotshetlha, o opile matshwane nko. Ke bopelotshetlha. Lefa go le jalo, ka maswabi, boikutlo jo bo ntseng jalo bo tletsetletse.

Lefa go le jalo, a go lelekisa dilo tse di bonalang le go ijesa monate go dira gore botshelo jwa motho bo nne le boikaelelo bongwe? Nnyaa. Fa e le gore go ijesa monate ke one fela mokgele wa rona, go ijesa monate ga go kgotsofatse. Batho ba ba dirileng go ijesa monate mokgele o mogolo mo botshelong jwa bone gantsi ba felela ba bua se se ileng sa buiwa ke kgosi nngwe ya bogologolo e e neng e humile e e ileng ya dirisa thata le khumo go leka mekgwa yotlhe ya go ijesa monate e e neng e le teng ka nako eo. Utlwa gore o ne a fetsa jang:

“Ka ba ka iphuthèla selefera le gouda, le khumō e e leñ ea dikgosi tōta, le ea dikgaolō tsa lehatshe: ka ipatlèla baopedi ba banna, le baopedi ba basadi; le dilō tse di eletsègañ tsa bana ba batho, le bagadiñwana ba le bantsi thata. . . . me bōnañ, gotlhe e ne e le boithamakō le go belebetlèla phehō hèla.”—Moreri 2:8, 11.

Ba le bantsi ba bona kgotsofalo mo ditirong tseo ba di ipeetseng gore e nne tsa botshelo jotlhe kgotsa mo go diriseng tlhaloganyo kgotsa nonofo ya bone ya mmele go fitlhelela mekgele mengwe e e lebegang e na le mosola. Lefa go le jalo, morago ga nako e e rileng, tiro ya botshelo jotlhe ga e kgotsofatse gotlhelele go batla go nna le boikaelelo mo botshelong. Peter Lynch yo o neng a tlhalosiwa jaaka “mogaka wa go gweba ka madi,” o ne a tlogela tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe e e neng e mmusetsa fa a ne a lemoga gore go na le selo sengwe se se masisi se a tlhaelang ka sone mo botshelong jwa gagwe. E ne e le eng seo? Kamano ya gagwe le lelapa la gagwe. O ne a ipolela jaana: “Ke ne ke rata thata seo ke neng ke se dira, mme lefa go le jalo ke ne ka tshwanelwa ke go dira tshwetso eno, mme le ba bangwe ba ile ba dira jalo: Totatota . . . re berekelang? Ga ke itse ope yo o lwalelang la go swa yo o eletsang gore ekete o ka tsaya nako e ntsi a le kwa ofising ya gagwe.”

Ka jalo, mosetsanyana mongwe yo mosha o ne a bontsha tekatekanyo e e rileng fa a ne a akanya ka mekgele ya gagwe ya mo botshelong mme o ne a re: “Nngwe ya dikeletso tsa me ke go nna le tiro ya botshelo jotlhe. Mme lefa go le jalo re akanya gore keletso ya me e kgolo ke gore ke nne le lelapa le le itumetseng.” Ee, lelapa la rona le ka kgona go dira gore botshelo bo nne le bokao le boikaelelo. Mosadi mongwe yo o santseng a le mosha yo o nyetsweng o ne a re: “Go tswa bonyaneng jwa me ke ne ka lemoga gore go nna motsadi ke sengwe sa dilo tseo motho a tsaletsweng go di dira, ke bongwe jwa maikaelelo a botshelo, mme ga ke ise ke ko ke belaele seo.”

Ba bangwe ba batla boikaelelo jwa botshelo mo go gagamaleleng go dira dilo tse dingwe. Bangwe—tota gongwe le go kopanyeletsa baitseanape bao ba bolelang gore botshelo ke kotsinyana fela e e senang mosola—ba bona boikaelelo jwa botshelo mo go gagamaleleng go bapala kitso. Rathutotlhagelelo ebong Michael Ruse o ne a kwala jaana: “Re nyoretswe kitso, mme seno se re dira gore re nne botoka go gaisa diphologolo. . . . Dingwe tsa dilo tseo re tlhokang go di dira le mo eleng maikarabelo a rona ke go fitisetsa, mo baneng ba rona, botlhale jo re neng ra bo kokoanya mo nakong e e fetileng, go kopanyeletsa le boitumelo jwa rona le tseo re neng ra di kgona. . . . Go batla kitso, le go batla go atlega, ke matshwao a magolo thata a a tlhaolang motho.”

Bangwe ba fitlhela go ema boikemisetso bongwe nokeng go ba neela boikaelelo mo matshelong a bone. Ba berekela go babalela diphologolo tse di sa bonwebonweng motlhofo fela. Kgotsa ba lwantsha kgotlelo le go senngwa ga tikologo. Batho ba ba tlhoko ba buelela ditshwanelo tsa bana kgotsa ba thusa ba ba senang magae le ba ba humanegileng. Kgotsa ba leka ka natla go thibela go anama ga go tshwakgolwa ke diokobatsi. Batho ba ba dirang jalo fa gongwe ba fitlhelela molemo o o seng kana ka sepe, mme ka go dira jalo ba dire gore matshelo a bone a nne le boikaelelo.

Go Bolawa ke Pelo le go Swaba

Lefa go le jalo, re tshwanetse go dumela gore gantsi batho ba felela ba bolawa ke pelo fela ka ntlha ya go palelwa ke go fitlhelela mekgele ya bone lefa gongwe mekgele eo e le e e nang le mosola. Batsadi bao ba ileng ba godisa bana ba bone ka lorato le ka go dira maiteko fa gongwe ba latlhegelwa ke bana bao ka ntlha ya dikotsi, bokebekwa, bolwetsi, kgotsa le go tshwakgolwa ke diokobatsi. Kgotsa fa bana bao ba gola, ba ka nna ba tshwaediwa ke mogopolo wa lefatshe leno wa bopelotshetlha mme ba bo ba palelwa ke go bontsha batsadi ba bone lorato ka tsela eo ba ileng ba le ba bontsha ka yone.

Bao ba ineetseng ka pelo yotlhe go leka go tokafatsa tikologo gantsi ba bolaisiwa pelo ke go gwalalela papadi kgotsa ke lebaka la go bo ba bangwe ba sena sepe. Bao ba dirang go leka go tokafatsa seemo sa bahumanegi gantsi ba kgobiwa marapo ke go lemoga gore ke tiro e kgolo fela thata go e dira. Motho yo o fitlhelang tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe e le e e itumedisang gantsi o bolaisiwa pelo ke go patelediwa go e lesa ka ntlha ya go bo a fitlhile mo dingwageng tse di rileng. Mmatlisisi yo o fitlhelang go batla kitso go mo fa kgotsofalo o bolaisiwa pelo ke go lemoga gore botshelo jwa gagwe bo ntse bo ya bokhutlong mme go santse go na le dipotso tse dintsi tse di iseng di arabiwe. Monna yo o ileng a dirisa botshelo jwa gagwe jotlhe a kokoanya matlotlo, kwa bofelong, o tshwanelwa ke gore a a tlogelele ba bangwe.

Kgosi ya bogologolo e e neng ya tsopolwa pelenyana e ne ya tlhalosa go bolawa ke pelo mo go ntseng jalo fa a ne a kwala jaana: “Me ka ila letsapa ya me yeotlhe hèla ye ke le neileñ tlhase ga letsatsi: ka gonne ke na le go le tlogèlèla motho eo o tla nnañ moragō ga me. Me e mañ eo o itseñ, go re, a e tla nna motho eo o botlhale kgotsa seeleele? Leha go nntse yalo o tla nna le taolō mo letsapeñ ya me yeotlhe ye ke le ineileñ, le ye ke ichupileñ botlhale mo go yeōna tlhatse ga letsatsi.”—Moreri 2:18, 19.

A mme, go raya gore he botshelo ga bo na boikaelelo jaaka mafoko ano a a boammaaruri a lebega a kaya jalo? A mekgele e e farologaneng e batho ba e lelekisang ke thuso fela ya gore ba kgone go fitlha mo dingwageng tse 70, 80, kgotsa 90 tse bontsi bo kgonang go di tshela? Mo godimo ga moo, a go raya gore mekgele eno totatota ga e na seo e se kayang? Nnyaa. Tota ebile, e supa sengwe se se tlhomologileng kaga tsela eo re bopilweng ka yone, mme ebile tota, e neela bosupi jo bo tletseng jwa gore eleruri botshelo bo na le boikaelelo jo bo molemo tota. Mme lefa go le jalo re ka bona jang boikaelelo jono?

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Bangwe ba fitlhela gore fa ba gagamalela go bapala kitso seo se dira gore matshelo a bone a nne le bokao mmogo le boikaelelo

Batho ga ba age dilo tse di raraanyeng ba sena boikaelelo bope jo bo rileng

[Motswedi wa Setshwantsho]

NASA photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela