Karolo 2
Ke Mang Yo o Ka Re Bolelelang?
1, 2. Tsela e e molemolemo ya go bona gore sengwe se tlhamilwe ka boikaelelo bofe ke efe?
1 Ke mang yo o ka re bolelelang gore tota lebaka la go bo botshelo bo le gone ke lefe? Kana gone, fa o ne o ka etela motlhami wa metšhine wa ba wa mmona a dira motšhine mongwe o o raraaneng o wena o neng o sa kgone go bona gore ke wa eng, o ne o ka itse jang gore ke wa eng? Tsela e e molemolemo e o neng o ka itse ka yone e ne e tla nna gore o botse ene motlhami.
2 Go tweng he ka tlhamo e e kgatlhang e re e bonang go re dikologa mo lefatsheng, jaaka e re e bonang mo dilong tsotlhe tse di tshelang, go fitlha kwa seleng e potlana go di feta tsotlhe e e tshelang? Le tsone dimolekhule le diatomo tse di potlana go gaisa tsotlhe tse di mo teng ga sele di tlhamilwe ka tsela e e gakgamatsang le e e rulagantsweng sentle. Mme gape, re ka reng ka mogopolo wa motho o o tlhamilweng ka tsela e e gakgamatsang jaana? Mme re ka reng ka letsatsi le dinaledi tse di le dikologang, le losagaripa lwa rona lwa Molala wa Tladi, le lobopo lotlhe? A dilo tseno tsotlhe tse dikgolo tse di tlhamilweng ga di a tlhoka Motlhami? Kwantle ga pelaelo o ne a ka re bolelela gore ke ka ntlha yang fa a ile a tlhama dilo tse di ntseng jalo.
A Botshelo Bo Simologile ka Tshoganetso Fela?
3, 4. Go ka kgonega go le kana kang gore botshelo bo bo bo itletse fela bo sa rulaganyediwa?
3 The Encyclopedia Americana e ne ya umaka “selekanyo se se jesang kgakge seo ditshedi di raraaneng le go rulagana ka sone” mme ya bolela gore: “Morago ga go sekaseka dithunya, ditshenekegi, kana diamusi ka kelotlhoko o bona kafa dirwe tsa tsone di rulagantsweng ka tsela e e lolameng mo go batlileng go le thata go go dumela.” Moithutadinaledi wa Moboritane ebong Sir Bernard Lovell, o ne a kwala jaana fa a ne a bua kaga dikhemikale tse di mo ditsheding: “Kgang ya gore go ka kgonega gore . . . go diragale ka tshoganetso fela gore go bopege nngwe ya dimolekhule tse di potlana thata tsa poroteine tota e thata go e akanya. . . . Tota go ka se ka ga direga.”
4 Ka tsela e e tshwanang, moithutadinaledi Fred Hoyle o ne a re: “Thuto yotlhe ya motheo ya baoloji e santse e tlhalosa gore botshelo bo itletse fela go sa rulaganngwa. Lefa go ntse jalo fa baitseanape ba ba ithutang ka dikhemikale tsa ditshedi ba ntse ba lemoga dilo tse di oketsegileng malebana le kafa botshelo bo raraaneng ka gone, go phepafala sentle gore go tsaya gore botshelo bo itletse fela ka kotsi ke selo se se sa tshwanelang le fa e le gone go akanngwa tota. Botshelo ga bo kake jwa bo bo itletse fela ka tshoganetso.”
5-7. Baoloji ya dimolekhule e tlhomamisa jang gore dilo tse di tshelang ga di ka ke tsa itlela fela ka tshoganetso?
5 Baoloji ya dimolekhule, e e leng nngwe ya dikarolo tsa bosheng jaana tsa saense, ke go ithuta ditshedi bogolo jang kaga dijini, dimolekhule, le diatomo tsa tsone. Moithuti wa baoloji ya dimolekhule ebong Michael Denton o akgela jaana kaga se se setseng se bonwe: “Sele e nnye go feta tsotlhe tse di itsiweng e raraane fela thata mo e leng gore go thata go dumela gore sengwe se se ntseng jalo se ka tswa se ile sa nna teng ka tshoganetso ke tiragalo nngwe e e sa tlwaelegang, e totatota go leng thata go e dumela.” “Mme lefa go ntse jalo se se gakgamatsang thata ga se go raraana ga dilo tseno tse di tshelang fela, gape ke botlhale jo bo akabatsang jo gantsi bo bonwang mo tseleng e di tlhamilweng ka yone.” “Fa o leba dimolekhule . . . o kgona go bona sentle botlhale jwa tsela e ditshedi di tlhamilweng ka yone le kafa mekgele e e fitlheletsweng e senang phoso ka gone.”
6 Denton o tswelela pele ka go bolela jaana: “Gongwe le gongwe kwa re lebang gone, boteng bongwe le bongwe jo re lebang kwa go jone, re bona matsetseleko le botlhale tsa selekanyo se se kwa godimo fela thata se se ka se kang sa lekanngwa le sepe, mme seo se koafatsa fela thata mogopolo wa gore dilo di ka bo di itletse fela ka tshoganetso. A tota go ka dumelwa gore ditiragalo fela tse di sa rulaganyediwang di ne di ka bopa sengwe sa mmatota, se karolo ya sone e potlana go gaisa—e leng poroteine kana jini e e nang le tiro—e raraaneng go feta kafa rona re kgonang go tlhama ka teng, sengwe sa mmatota se sone ka bosone se supang gore dilo ga di a itiragalela fela, seo se gaisang ka ditsela tsotlhe selo sepe fela se se dirilweng ka botlhale jwa motho?” Gape o bolela jaana: “Mo gare ga sele e e tshelang le tsamaiso e e rulagantsweng sentle ya dilo tse di sa tsheleng, e e jaaka ya kirisetale kana ya makakaba a semathana, go na le pharologano e e boitshegang le e e feletseng go feta eo motho a ka kgonang go e akanya.” Mme porofesa wa fisikisi, Chet Raymo, o bolela jaana: “Ke tseegile maikutlo . . . Molekhule nngwe le nngwe e lebega e lomagantswe ka kgakgamatso gore e dire tiro ya yone.”
7 Moithutabaoloji ya dimolekhule ebong Denton o konela ka go re “ba ba santseng ba tshwareletse ka botlhogoethata mo goreng selo seno sa mmatota se itletse fela fela se sa rulaganyediwa” ba dumela mo tlhamaneng. E bile tota, o bitsa tumelo ya ga Darwin ya gore dilo tse di tshelang di itletse fela a re ke “tlhamane e kgolo ya lekgolo la bosomeamabedi la dingwaga ya go nna gone ga lobopo.”
Tlhamo E Tlhoka Motlhami
8, 9. Neela setshwantsho se se supang gore sengwe le sengwe se se tlhamilweng se tshwanetse sa bo se na le motlhami.
8 Kgonego ya gore go ne go ka itiragalela fela gore dilo tse di sa tsheleng di simolole go tshela, go direga ka kotsi fela go sa rulaganngwa, ke sengwe se se kgakala thata le go ka direga mo re ka reng ga se ka ke sa direga. Nnyaa, ditshedi tsotlhe tse di tlhamilweng ka manontlhotlho mo lefatsheng, ga di kake tsa bo di itletse fela di sa rulaganyediwa, ka gonne sengwe le sengwe se se tlhamilweng se tshwanetse sa bo se na le motlhami. A o itse dingwe tse di sa nnang teng ka tsela eno? Ga go na dipe. Mme fa se se tlhamilweng se raraane, motlhami wa sone o tshwanetse gore a bo a na le bokgoni tota.
9 Gape re ka tshwantsha kgang eno jaana: Fa re bona sengwe se se takilweng, re dumela gore seo ke bosupi jwa gore go na le motaki. Fa re bala buka, re dumela gore go na le mokwadi. Fa re bona ntlo, re dumela gore go na le moagi. Fa re bona dipone tsa pharakano, re itse gore go na le setlhopha sa batho ba ba dirang melao. Dilo tseo tsotlhe di dirilwe ka lebaka lengwe ke batho ba ba di dirileng. Mme lefa gongwe re ka se ka ra tlhaloganya sengwe le sengwe kaga batho ba ba di tlhamileng, ga re belaele sepe gore batho bao ba teng.
10. Go na le bosupi bofe jwa gore go na le Motlhami yo Mogolo?
10 Ka tsela e e tshwanang, bosupi jwa gore go na le Motlhami yo Mogolo bo ka bonwa mo tseleng e ditshedi tsa mo lefatsheng di tlhamilweng ka yone, di rulagantswe sentle, le kafa ditshedi tse di mo lefatsheng di dirilweng di raraane ka gone. Tsotlhe di supa gore go na le Botlhale jo bo kwa Godimodimo. Seno se ntse jalo gape le ka tlhamo, thulaganyo, le tsela e lobopo lo raraaneng ka yone ka masagaripa a lone a le dimilione di le diketekete a a nang le dinaledi di le dimilione di le diketekete. Mme dinaledi tsotlhe tsa legodimo di laolwa ke melao e e tlhomameng, e e tshwanang le ya motsamao, mogote, lesedi, modumo, maatlakgogedi a motlakase, le maatlakgogedi a lefatshe. A go ka nna le melao go sena motlhomamelao? Rasaense wa dirokete ebong Dr. Wernher von Braun o ne a bolela jaana: “Melao ya tlholego ya lobopo e tlhomame tota mo eleng gore ga go thata mo go rona le e seng go aga selwana se se tla fofelang kwa ngweding mme re kgone go itse lobaka lo se tla fofang ka lone re tlhomamisa le ka yone karolwana ya motsotswana tota. Melao eno e tshwanetse ya bo e tlhomilwe ke mongwe.”
11. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go ganetsa gore go na le Motlhami yo Mogolo fela ka gonne re sa kgone go mmona?
11 Ke boammaaruri, re ka se ka ra kgona go bona Motlhami le Motlhomamelao yo Mogolo ka matlho a rona a nama. Mme lefa go ntse jalo a re ganetsa gore go na le dilo tse di tshwanang le maatlakgogedi a lefatshe, maatlakgogedi a motlakase, one motlakase, kana makhubu a radio fela ka gonne re sa di bone? Nnyaa, ga re dire jalo, ka gonne re kgona go bona ditiro tsa tsone. Jaanong ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra ganetsa gore go na le Motlhami le Motlhomamelao yo Mogolo fela ka gonne re sa kgone go mmona, mme re kgona go bona matswela a tiro e e gakgamatsang ya diatla tsa gagwe?
12, 13. Bosupi bo bontsha eng malebana le gore a go na le Mmopi?
12 Paul Davies, porofesa wa fisikisi, o konela ka go re go nna gone ga motho ga se phosonyana fela ya tlholelo. O bolela jaana: “Eleruri re diretswe go nna mono.” Mme o bolela jaana kaga lobopo: “Fa ke ntse ke dira tiro ya me ya saense, go ile ga tla gore ke dumele fela thata gore lobopo lo lo bonwang ka matlho lono lo rulagantswe ka botlhale jo bo gakgamatsang mo e leng gore ga ke kgone go dumela gore ke sengwe se se itletseng fela kwantle ga tlhaloganyo. Nna ke bona e kete, go tshwanetse ga bo go na le tlhaloso nngwe e e kwa teng go feta eo.”
13 Ka jalo, bosupi bo re bontsha gore lobopo, lefatshe, le ditshedi tse di mo lefatsheng ga di kake tsa bo di nnile gone ka tshoganetso fela. Tsotlhe di neela bosupi ka tidimalo jwa gore go na le Mmopi yo o botlhale fela thata, yo o maatla.
Se Bibela E Se Bolelang
14. Bibela e neela kgopolo efe kaga Mmopi?
14 Bibela, buka ya motho e kgologolo go di gaisa tsotlhe, e konela ka tsela e e tshwanang. Ka sekai, re bolelelwa jaana mo bukeng ya Bibela ya Bahebera, e e kwadilweng ke moaposetoloi Paulo: “Gonne ntlo ñwe le ñwe e tle e agiwe ke motho moñwe; me eo o agileñ dilō cotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) Buka ya bofelo ya Bibela, e e kwadilweng ke moaposetoloi Johane, le yone ya re: “Go gu chwanetse, Morèna oa rona, le Modimo oa rona, oa bo u bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata: gonne u tlhodile dilō cotlhe, me di ne di leeō, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata ga gago.”—Tshenolō 4:11.
15. Re ka lemoga jang dingwe tsa dinonofo tsa Modimo?
15 Bibela e bontsha gore lefa Modimo o ka se ka wa bonwa, gone mme go ka lemogiwa gore ke Modimo wa mofuta mang fa go lejwa se a se dirileng. E bolela jaana: “Dinonofo [tsa Mmopi] tse di sa bonaleng, ke gore maatla a gagwe a a sa feleng le bomodimo jwa gagwe, di sale di bonala go tloga fela kwa tshimologong ya lefatshe, di bonalela mogopolo, mo dilong tse a di dirileng.”—Baroma 1:20, The New English Bible.
16. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra itumelela gore batho ga ba kgone go bona Modimo?
16 Ka jalo Bibela e re bolelela se se dirilweng le se se dirileng. Se se dirilweng—dilo tse dikgolo tse di dirilweng—ke bosupi jwa gore go na le Modiri yo o botlhale, yo o maatla: Modimo. Gape, re ka itumelela gore ga a bonale ka gonne, jaaka Mmopi wa lobopo, kwantle ga pelaelo o na le maatla a magolo mo e leng gore batho ba nama le madi ga ba kake ba solofela go mmona mme ba tshela. Mme seo ke sone tota se Bibela e se bolelang: “Motho ga a ketla a mpōna [Modimo] a ba a tshela.”—Ekesodo 33:20.
17, 18. Ke ka ntlha yang fa kgang ya gore go na le Mmopi e tshwanetse go nna botlhokwa mo go rona?
17 Kgang ya gore go na le Motlhami yo Mogolo, Mogodimodimo—Modimo—e tshwanetse ya nna botlhokwa thata mo go rona. Fa e le gore re dirilwe ke Mmopi, he kwantle ga pelaelo o tshwanetse a bo a ne a na le lebaka, boikaelelo, jwa go bo a re bopile. Fa e le gore re bopilwe gore re nne le boikaelelo mo botshelong, he go na le mabaka a gore re solofele gore dilo di tla re tokafalela mo isagweng. E seng jalo, re tshela re bo re swa kwantle ga tsholofelo. Ka jalo go botlhokwa thata gore re bone gore boikaelelo jwa Modimo ka rona ke bofe. Go tswa foo re ka tlhopha gore a re batla go tshela tumelanong le jone kana nnyaa.
18 Gape, Bibela e bolela gore Mmopi ke Modimo yo o lorato yo o amegang thata ka rona. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Oa lo babalèla.” (1 Petere 5:7; bona gape le Yohane 3:16 le 1 Yohane 4:8, 16.) Tsela e nngwe e re ka bonang ka yone gore Modimo o amega go le kana kang ke go ela tlhoko tsela e e molemo e a re dirileng ka yone, mo tlhaloganyong le mo mmeleng.
‘Re Dirilwe ka mo go Gakgamatsang’
19. Mopesalema Dafide o re gakolola boammaaruri bofe?
19 Mopesalema Dafide o ne a bolela jaana mo Bibeleng: “Ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ.” (Pesalema 139:14) Kwantle ga pelaelo seo ke sone boammaaruri, ka gonne boboko le mmele tsa motho di tlhamilwe ka tsela e e gakgamatsang ke Motlhami yo Mogolo.
20. Saetlopedia nngwe e tlhalosa boboko jwa motho jang?
20 Ka sekai, boboko jwa gago bo raraane go feta kgakala khomputara epe fela. The New Encyclopædia Britannica e akgela jaana: “Go tsamaisiwa ga tshedimosetso mo methapong go raraane go feta kgakala tsamaiso e kgolo go di gaisa tsotlhe ya dithelefouno; go kgona go rarabolola mathata ga boboko jwa motho go feta kgakala ga dikhomphutara tse di maatla go gaisa.”
21. Fa re bona se boboko bo se dirang, re tshwanetse go dira tshwetso efe?
21 Mo bobokong jwa gago go bolokilwe dintlha tsa tshedimosetso le ditshwantsho di le dimilione di le makgolokgolo mo mogopolong, mme lefa go ntse jalo ga se bobolokelo fela jwa tshedimosetso. O ka kgona go ithuta go letsa molodi ka jone, go apaya borotho, go bua dipuo tse e seng tsa ga lona, go dirisa khomputara, kana go tsamaisa sefofane. O ka kgona go akanyetsa kwa pele gore malatsi a boitapoloso a tla nna jang kana gore leungo le tla utlwala le le monate go le kana kang. O ka sekaseka wa ba wa dira dilo. Gape o ka rulaganya, wa tlhaloganya, wa rata, wa ba wa amanya dikakanyo tsa gago le nako e e fetileng, ya jaanong, le ya isagwe. E re ka rona jaaka batho re ka se ka ra kgona go tlhama sengwe se se tshwanang le boboko jwa motho jo bo gakgamatsang, he Ene yo o bo tlhamileng kwantle ga pelaelo o na le botlhale le bokgoni jo bo fetang jwa motho lefa e ka nna ope fela kgakala.
22. Borasaense ba reng kaga boboko jwa motho?
22 Borasaense ba bolela jaana malebana le boboko: “Tsela e ditiro tseno di dirwang ka yone ke motšhinenyana ono o o rulagantsweng ka mo go kgatlhisang, o rulagane sentle e bile o raraane ka tsela e e gakgamatsang, e thata go e tlhaloganya ruri. . . . Batho ba ka nna ba se ka le ka motlha ba kgona go rarabolola dipotso tse di farologaneng tse di bakiwang ke boboko.” (Scientific American) Mme porofesa wa fisikisi ebong Raymo o bolela jaana: “Fa re bua boammaaruri, re santse re sa itse go le gontsi kaga gore boboko jwa motho bo boloka tshedimosetso jang, kana gore bo kgona jang go ikgakolola dilo ka nako e bo batlang ka yone. . . . Go na le disele tsa methapo tse dintsi tse di ka tshwarang dimilione di le dikete di le lekgolo mo bobokong jwa motho. Sele nngwe le nngwe e buisana le disele tse dingwe tse di diketekete, ka mafaratlhatlha a disinapase. Tsela e di kgonang go kopana ka yone e raraane ka tsela e e jesang kgakge.”
23, 24. Umaka dingwe tsa dikarolo tsa mmele tse di dirilweng ka tsela e e kgatlhang, mme moenjenere mongwe o ne a akgela jang?
23 Matlho a gago a a nepa e bile a fetofetoga go feta khamera epe fela; e bile tota, ke dikhamera tsa mmala tse di itirisang ka mo go feletseng, tse di itebaganyang le seo di se tsayang, tse di tsayang ditshwantsho tse di tsamayang tse di bontshang mmala jaaka o ntse. Ditsebe tsa gago di kgona go utlwa medumo e e farologaneng di bo di go bontshe kwa o yang teng le gore o kgone go itsetsepela. Pelo ya gago ke pompo e maenjenere a a nang le bokgoni go gaisa ba iseng ba kgone go dira sengwe se se tshwanang le yone. Dikarolo tse dingwe tsa mmele le tsone di a gakgamatsa: nko ya gago, loleme lwa gago, le diatla tsa gago, mmogo le ditsamaiso tsa mmele wa gago tsa modikologo wa madi le tshilo ya dijo, fa re umaka di sekae fela.
24 Ka jalo, moenjenere mongwe yo o neng a thapetswe go tlhama le go aga khomputara e kgolo o ne a ntsha mabaka ano: “Fa e le gore khomputara ya me e tlhokile motlhami, re ka reng ka motšhine o o raraaneng o o amanang le fisikisi, khemisitiri le baoloji o e leng mmele wa me wa motho—o le one e leng karolo e nnye fela thata ya lobopo lono lo logolo thata mo tota le batlileng le sena bolekanyo?”
25, 26. Motlhami yo Mogolo o tshwanetse a kgona go re bolelela eng?
25 Fela jaaka batho ba ne ba na le boikaelelo bongwe fa ba ne ba dira difofane, dikhomputara, dibaesekele, le didirisiwa tse dingwe, fela jalo Motlhami wa boboko le mmele wa batho o tshwanetse a bo a ne a na le boikaelelo fa a ne a re tlhama. Mme Motlhami yono o tshwanetse go nna le botlhale jo bo fetang jwa batho, e re ka go sena ope wa rona yo o ka dirang dilo tse di tshwanang le tse a di tlhamileng. Go a utlwala, he, gore ke Ene a ka re bolelelang gore ke ka ntlha yang fa a ne a re tlhama, gore ke ka ntlha yang fa a ne a re baya mo lefatsheng, le gore re ya kae.
26 Fa re ithuta dilo tseo, re tla dirisa boboko le mmele tse di molemolemo tse Modimo o di re neetseng go diragatsa lebaka la go bo re tshela. Mme lefa go ntse jalo ke kae koo re ka ithutang teng kaga maikaelelo a gagwe? Tshedimosetso eo o re e neela kae?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Tsela e e molemolemo ya go bona gore ke ka ntlha yang fa sengwe se tlhamilwe ke go botsa motlhami wa sone
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Tsela e ditshedi di raraaneng ka yone e bile di tlhamilwe ka yone e ka bonwa mo molekhuleng wa DNA
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
“Go kgona go rarabolola mathata ga boboko jwa motho go feta kgakala ga dikhomphutara tse di maatla go gaisa”