Kgololesego ya Bodumedi kwa Bulgaria
Dibese tse thataro go tswa kwa Bulgaria, tseo di neng di pegile batlakopanong ba le 300 go ya kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego,” di ne tsa goroga kwa mabaleng a kopano ka kwantle ga Thesalonika, Gerika, ka Labone bosigo, ka July 11, 1991. Ka ntateng ya ntwa ya maragana teng ya kwa Yugoslavia e e bapileng le koo le dikgoberego tseo e neng ya di tsosa mo kgaolong eo, batlakopanong bano ba ne ba se ka ba bona ditetla tsa bone tsa go kgabaganya molelwane go fitlhelela go setse nako e khutshwanyane fela thata.
Ka Laboraro thapama badiredi ba boemedi jo bo kwa Sofia, Bulgaria, ba ile ba bereka nako e e okeditsweng gore ba kgone go dira ditetlelelo tseo. Ka jalo, dibese di ne tsa kgona go tsaya batho ba ba neng ba ya kwa kopanong mo dikarolong tse di farologaneng tsa Bulgaria mo nakong e e lekaneng ya gore ba tsene mo mafelong a kopano bosigo jo e neng e tla re moso o o latelang ka Labotlhano kopano e bo e simologa, ka July 12.
Ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kganetswe kwa Bulgaria, ka jalo abo e ne e le selo se se itumedisang thata jang ne gore ba bo ba ile ba kgona go itumelela bokaulengwe jwa Bokeresete ka tshosologo mo lefatsheng le le bapileng le la bone la Gerika! Baeti ba ba tswang kwa Bulgaria ba ne ba baakanyeditswe holo kwa mabaleng a kopano, e e neng e na le serala se se neng se kgabisitswe bontle (se se bonwang mo setshwantshong). Abo baeti bano ba ile ba itumela jang ne le go leboga fa mo e batlang e le thulaganyo yotlhe e ne e neelwa ka puo ya bone! Se ba se kang ba se utlwa ka puo ya bone e ne e le terama ya Bibela fela. Polelo ya metsotso e le 15 e e neng e sobokanya terama eo e ne ya neelwa ka Se-Bulgaria, mme go tsweng foo batlakopanong ba ne ba kopana le bakaulengwe ba bone ba Magerika go ya go bona terama eo.
Selo sa konokono mo kopanong ya Ma-Bulgaria e ne e le polelo ya kolobetso e e neng ya nna teng ka Matlhatso mo mosong. Tlhora ya palo ya ba ba neng ba le teng e ne e le 342, mme ba le 39 ba ne ba kolobediwa (bangwe ba bone ba bonwa ba eme fa godimo). Batlakopanong ba ne ba itumedisiwa thata ke go gololwa ka puo ya bone ga boroutšhara e go tweng Meya ya Ba Ba Suleng A E Ka go Thusa kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E a Tshela le buka e go tweng Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela.
Mme lefa go le jalo boipelo jo bogolo bo ne bo emetse batlakopanong morago ga gore ba boele kwa morago kwa gae kwa Bulgaria. Ka July 17, malatsi a a kwa tlase ga beke fela morago ga kopano, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba letlelelwa semolao go dira ditiro tsa bone ka kgololesego kwa Bulgaria! Mme se se kgatlhang ke gore, kgwedi e e latelang baboledi ba diphuthego kwa Bulgaria ba ne ba nna le palogare ya diura di le 21,2 mo bodiheding jwa bone. Abo re itumela jang ne go bo jaanong go na le kgololesego ya bodumedi mo lefatsheng le lengwe gape la Yuropa Botlhaba!