LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 6/8 ts. 18-29
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Farologana le Ba Bangwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Farologana le Ba Bangwe?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba Modimo Ba Farologane le ba Bangwe!
  • Bakeresete Ba Tshwanetse go Farologana le Ba Bangwe
  • Kafa O Ka Farologanang le Ba Bangwe ka Teng
  • A Diaparo tsa Me Di Ntshenola Jaaka Ke Ntse Tota?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • A Mme Gone Tota Mmino O Ka Nkgobatsa?
    Tsogang!—1993
  • Ke Ka Dira Jang Gore Mmino o Seka Wa Nna Selo Sa Konokono mo go Nna?
    Tsogang!—1993
  • Nka Laola Jang Lorato Lwa me Lwa Mmino?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 6/8 ts. 18-29

Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Farologana le Ba Bangwe?

“GO THATA go farologana le ba bangwe.” Mosha mongwe wa Mokeresete o ne a rialo. Fa wena ka bowena o le Mokeresete, o tshwanetse ka phepafalo o bo o tlhaloganya sentle kafa a ikutlwang ka teng. Jaaka go ntse ka basha ba bantsi, o batla gore ba bangwe ba go rate le go go amogela. Bothata ke gore, go amogelwa ke ba bangwe gantsi go raya go ya le mogoro—go bua, go apara, le go itsaya jaaka dithaka tsa gago. Mosha yo o ipetang pelo gore a farologane le ba bangwe o ipiletsa go itlhokomolosiwa ke ba bangwe le go jewa ditshego.

Ka jalo basha bao eleng bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba lebagane le seemo se se thata. Go e baya ka bokhutshwane fela, go bo e le Bakeresete, go raya gore ba farologane le basha ba bangwe. Seno ga se ka go bo ba ipona dinao kgotsa ba akanya gore ba botoka go na le batho ba bangwe. Go na le moo, ka ntateng ya tsela eo ba thapisitsweng ka yone ka Bibela, gantsi e dira gore ba seka ba dumelana le dithaka tsa bone fa go tla mo dikgannyeng tsa boitshwaro. Tsela e ba lebang ka teng meletlo ya boratanaga, go keteka malatsi a boikhutso a bodumedi le go ferea ka tsela e e tshwanang di ka dira gore ba lebege jaaka sekgopi mo dithakeng tsa bone.a

Mosha mongwe wa Mosupi o bitsa go farologana le ba bangwe a re ke “karolo e e thata ya go nna Mokeresete.” Yo mongwe a re: “Bana ba bangwe baa go nyatsa. Ba ile ba mpitsa seso le seeleele gantsintsi.” Batsadi ba gago ba Bakeresete ba ka nna ba gatelela gore ga oa tshwanela fela go farologana le ba bangwe ka boitshwaro bo le bosi mme gape o tshwanetse gore o farologane le bone le mo dilong tse di tshwanang le moaparo, go ipaakanya, le mofuta wa mmino o o o reetsang.

Batho ba Modimo Ba Farologane le ba Bangwe!

O ka nna wa ipotsa jaana, ‘tota molato wa go tshwana le bana ba bangwe ke eng?’ Mme kana, go farologana ke selo se batho ba Modimo esaleng ba ntse ba itsege ka sone go tswa fela kwa tshimologong. Modimo o ne wa kgetha setšhaba sa Iseraele jaaka ‘boswa bo tshwere jwa gagwe.’ (Ekesodo 19:5) Seo se ne se raya gore ba farologane le batho ba bangwe botlhe. Mo go Lefitiko 18:3, Modimo o ne wa laela jaana: “Lo se ka loa diha kaha ditihoñ tsa lehatshe ya Egepeto, ye lo kileñ loa nna mo go yeōna, leha e le kaha ditihoñ tsa lehatshe ya Kanana ye ke lo isañ kwa go yeōna, lo se ka loa diha: le gōna lo se ka loa sepela mo melaoñ ea bōnè.”

Baegepeto ba bogologolo ba ne ba tseneletse thata mo kobamelong e e maswe ya diphologolo. Tumelo ya go sa sweng ga moya e ne e itshupa mo matshelong a bone. Go gobolola balosika ka tlhakanelodikobo go ne go tletsetletse. Ka mo go tshwanang, naga ya Kanana e ne e tletse ka kobamelo ya medimo ya disetwa, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, tshololo ya madi, go isiwa ga bana ditlhabelo, le boaka. Ka jalo Modimo o ne wa tlhagisa jaana, “Lo se ka loa itshekolola ka sepè sa dilō tse.” “Lo se ka loa diha sepè sa dilō tse, tse di makgapha.”—Lefitiko 18:24-26.

Jehofa o ne a ema kgothatso eno nokeng ka Molao o o neng o laola mo e batlang e le karolo nngwe le nngwe ya matshelo a bone: dijo tsa bone, (Lefitiko 11), bophepa (Duteronome 23:12, 13), boitsholo jwa bone jwa tlhakanelodikobo (Lefitiko 18:6-23). Molao gape o ne o laola le tsela eo ba tshwanetseng go apara ka yone le ya go ipaakanya ga bone! Jehofa o ne a re, “ba itihèlè makantsa ha dintlheñ tsa diaparō tsa bōnè, go ea le dikokomana cotlhe tsa bōnè, me mo makantseñ a ntlha ñwe le ñwe a ba beè mogala oa bobududu.” (Dipalō 15:38) Banna ba ne ba tshwanetse go nna le ditedu mme gape ba ne ba thibetswe go ipeola tlhogo “setlōpō.” (Lefitiko 19:27; 21:5) Molao ono o ne o tshwanetse gore o salwe morago go sa kgathalesege gore aa Mojuta mongwe o ne a sa rate go apara diaparo tse di nang le makantsa kgotsa gore o ne a ka eletsa go nna a sena ditedu.

Jaanong, akanya fela fa o ne o ka bolelelwa gore o tshwanetse go nna le ditedu kgotsa go apara diaparo tse di rileng. A seno se ne se ka se ka sa go kgopisa o se tsaya jaaka go rontshiwa ditshwanelo tsa gago? Lefa go le jalo, molao wa Modimo o ne o dira tiro nngwe e e botlhokwa le e e nang le mosola. Jehofa o ne a tlhalosa jaana: “Gore lo gakologèlwè ditaolō tsa me cotlhe go di diha, le gore lo nnè boitshèpèlō Modimo oa lona. Ke nna Yehofa Modimo oa lona.” (Dipalō 15:38-41) Mokgwa wa go apara o ne o direla jaaka segakolodi se se bonalang sa gore Bajuta ba ne ba farologane le ba bangwe—batho bao ba neng ba tlhaoletswe gore ba nne boitshepo mo go Jehofa. Go laolelwa ga bone seo ba neng ba tshwanetse go se ja go ne ga se ka ga sireletsa botsogo jwa bone fela mme gape go ne ga thusa go thibela gore ba se ka ba iphitlhela ba amane ka tsa loago kgotsa tsa bodumedi le batho bao e neng e se Bajuta. Ebu, kana go ne go batla go sa kgonagale gotlhelele gore o ne o ka ikopanya le moheitane kwantle ga go roba karolo nngwe ya Molao wa Modimo. Ka jalo Molao wa ga Moshe o ne o direla jaaka “lobota” lo lo neng lo aroganya batho ba Gagwe mo ditšhabeng di sele.—Bapisa Baefesia 2:14.

Bakeresete Ba Tshwanetse go Farologana le Ba Bangwe

Gompieno Bakeresete ba ‘golotswe mo Molaong’ wa ga Moshe mme ka jalo ba na le kgololesego e kgolwane ya go ikgethela dilo. (Baroma 7:6) Lefa go le jalo, Jesu Keresete o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: ‘Ga lo ba lefatshe ke lo itshenketse mo lefatsheng, [mme] ke gone ka moo lefatshe le lo ilang.’ (Yohane 15:19) Jesu o ne a sa reye gore Bakeresete ba tshwanetse go tswa mo polaneteng eno e go tweng Lefatshe. (Bapisa 1 Bakorintha 5:10.) O ne a raya fela gore ba tshwanetse go farologana le “lefatshe”—karolo ya setho e e ikgaogantseng le Modimo. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya se moaposetoloi Johane a ileng a se bua morago ga moo, “lehatshe yeotlhe le namaletse ka ha tlhatse ga eo o boshula.”—1 Yohane 5:19.

Jaanong akanya ka basha bangwe ba o ba itseng ba kwa sekolong sa lona. Go tweng ka tsela eo ba akanyang ka yone, boitsholo jwa bone, puo ya bone, mofuta wa mmino o ba o reetsang kana diaparo tse ba di aparang? A mo go wena ba lebega jaaka batho ba ba kaelwang ke ditekanyetso tsa bomodimo—kgotsa ba kaelwa ke ditekanyetso tsa “modimo oa lehatshe leno” ebong Satane Diabolo? (2 Bakorintha 4:4) Fa e le gore ba kaelwa ke ditekanyetso tsa ga Satane, abo o tla bo o itsenya mo mathateng jang ne fa o itsaya, o bua, kana le eleng go lebega botlhaswa jaaka bone! Fa o re ga oa tshwaediwa ka tsela epe, seo o ka se senyang ke boiphako jwa gago jwa gore o Mosupi wa ga Jehofa. Mme se se maswe le go feta ke gore, o ka nna wa iphitlhela o setse tlhotlheletso ya bone e e maswe morago.

Mosadi mongwe yo mmotlana ebong Kim o dumalana jaana, “Ditsala tsa gago tsa boammaaruri di ama boitsholo jwa gago. Fa ke ne ke santse ke tsena sekolo, ke ne ke sa tia mo boammaaruring [jwa Bokeresete], mme ka jalo ke ne ke na le ditsala tse dintsi tsa lefatshe. Mme seo se ne se sa siama ka lebaka la gore ke ne ka tsenelela mo dilong tse di maswe di le dintsi.” Lefa go le jalo ga se fela go tsenelela mo dilong tse di maswe mo go ka senyang kamano ya gago le Modimo. Ela tlhoko se Bibela e se buang mo go Yakobe 4:4: “A ga lo itse ha botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ? Me ke gōna, eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.”

A mme tota o batla go itsenya mo kotsing ya go nna mmaba wa Modimo? Le eseng! Jalo papamatsa gore ga o karolo ya lefatshe. Lefa go le jalo, seno se raya mo gontsi go na le go tila diokobatsi le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo fela.

Kafa O Ka Farologanang le Ba Bangwe ka Teng

Tsaya ka sekai, diaparo tse o di ratang. Se o se apereng se ntsha molaetsa wa gore tota o motho wa mofuta mang, gore ke eng se o se emelang, gore o dumela eng. Lefa go le jalo, go farologana le mo tsamaisong ya Sejuta, Bokeresete bo go fa sebaka se segolwane sa go ka kgetha dilo tse wena o di ratang. A mme seo se raya gore motho a taboge le feshene nngwe le nngwe e e tsenang?

Mosetsana mongwe wa Mokeresete o ne a batla go sala feshene nngwe morago e e neng e ratega thata ka nako eo ya go apara dijeni tse di gagogileng kwa sekolong. Ka tlholego fela, ga go ope yo o batlang go lebega a siilwe ke nako. Mme lefa go le jalo, go tla bo go le botlhale ka batsadi ba gago go go beela ditekanyetso tsa gore o se ka wa apara diaparo tse di botlhaswa, tse di ka feleletsang ka boitshwaro jo bo rileng, tse di sa reng ee, kgotsa tse di kgopisang ba bangwe. Fa o ne o tlile go apara ka tsela e e ntseng jalo, ke eng se o neng o tla bo o se bolelela ba bangwe? Mosetsana mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Jeffie o ne a lemoga seo fa a ne a sena go ipeola moriri ka mokgwa o mongwe o o neng o le mo fesheneng. O gakologelwa jaana, “nna ke ne ke gopola fela gore o lebega o ‘farologane.’ Mme batho ba ne ba simolola go mpotsa jaana, ‘A tota le wena o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?’ mme seo se ne se ntlhabisa ditlhong.”

Kgakololo e e utlwalang e neelwa mo go 1 Timotheo 2:9, e mo go yone Bakeresete ba gakololwang gore ba nne “bori le tekanō” mo go apareng ga bone. Ka metlha o ka apara ka tekanyo kwantle ga gore o lebege mo go mang le mang jaaka motho yo o siilweng ke nako. Go boammaaruri gore go apara ka tsela e e bori gongwe ga go kitla go go dira gore o ratiwe ke batho fela thata, mme lefa go le jalo go tla go thusa gore o lebege o farologane le ba bangwe—mme seo ke sone se se ka dirang gore o lejwe ke Modimo sentle!

Go tweng ka mmino o o o ratang? Basha ba reetsa mmino ka dinako tsotlhe ba kgaogana le one fela fa ba ya go robala. Fa o tsewa ka tekatekano, mmino o ka nna selo se se itumedisang ebile se aga. Lefa go le jalo, Ekesodo 32:17-22 e bontsha gore mmino o ka kgona gore o tsose maikutlo le dikeletso tse di sa tlhamalalang. Mme mmino wa malatsing ano bontsi jwa one ga o a tshwanela ditsebe tsa Mokeresete. Ka sekai, rap le rock ke mmino e e rategang thata gompieno, mme lefa go le jalo bogolo jwa yone—fa e se bontsintsi jwa yone—bo kaga boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, botsuolodi, bothubaki, kgotsa le eleng tirisabadimo. A o ya le mmodubudu wa basha mo go tlhopheng mmino o o o ratang, kgotsa a o na le bopelokgale jwa go ka kgetha o o rileng?

Ee, go tlhoka bopelokgale gore o nne yo o farologaneng le ba bangwe. Fa o sa batle gore ditsala tsa gago kana ba ba tsenang le wena sekolo ba go kgethele boitlosobodutu, tsela e o buang ka yone, kgotsa tsela e o tshwanetseng go apara ka yone, ka tlhomamo ba tlile go dira sengwe ka gone. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Ka ntateng ya go bo lo se karolo ya lefatshe, . . . lefatshe le a lo ila.” (Yohane 15:19, NW) Go nna o farologane le ba bangwe ka tsela e e ntseng jalo e ka nna selo se se thata go di gaisa se o tshwanetseng go se dira—mme lefa go le jalo ga go reye gore ga go kake ga kgonega. Ke tsela e e tshegetsang ditekanyetso tsa Modimo. Go dira gore le wena o itlotle le go nna le segakolodi se se phepa. Potso ke gore, O ka tsaya kae bopelokgale jwa gore o nne o farologane le ba bangwe? Setlhogo sa rona se se latelang se tla itebaganya le potso eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka dikgang tseno, bala boroutšhara jo go tweng Sekolo le Basupi ba ga Jehofa, jo bo gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Mosha yo o palelwang ke go ipoloka a faro-logane le dithaka tsa gagwe o tla bo a akisa maiphako a gagwe a gore ke Mokeresete

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela