Loso—Sebetso Se Se Apesitseng Lefatshe Lotlhe
NGWAGA le ngwaga batho ba ba ka tshwarang dimilione tse 50 ba a swa mo lefatsheng. Seno se raya gore go swa ba le 137 000 ka letsatsi, ba le 5 700 ka ura, ba ba ka tshwarang 100 ka motsotso, kgotsa ba ba fetang ba le 3 mo metsotswaneng e mebedi mengwe le mengwe. Ga go na lelapa lepe le le sa welwang ke sebetso seno. Dikgosi kgotsa boesemang, bahumi kgotsa bahumanegi, banna kgotsa basadi—botlhe fela ba a swa.
Erile ka 1789, Benjamin Franklin yo e neng e le mokwadi, motlhami, le moemedi yo o tumileng wa Moamerika o ne a kwalela tsala ya gagwe jaana, “mo lefatsheng leno ga go na sepe se se tlhomamisegang fa e se loso le go duela lekgetho fela.” Lefa go le jalo, e ne e se ene motho wa ntlha go lemoga seo. Dingwaga tse 2 800 pele ga gagwe, Kgosi Solomone yo o botlhale wa setšhaba sa Iseraele bogologolo o ne a kwala jaana: “Batshedi baa itse ha ba tla shwa.” Lefa go le jalo, o ne a gatelela se se neng sa bolelelwa motho wa ntlha mo lefatsheng dingwaga tse 3 000 tse di fetileng: “Gonne u lorole, me u tla boèla mo loroleñ.”—Moreri 9:5; Genesise 3:19.
Le mororo fa esale ka go tswa koo le motho loso lwa bo lo ntse lo le teng, le gompieno e santse e le motswedi wa mahutsana a magolo. Go boleletswe ruri fa go twe keletso ya rona ya tlholego ke go tshela, eseng go swa. Dikamano tsa rona le malapa a rona le ditsala tsa rona ke dibofo tse di nonofileng thata tse di batlang gore di tswelele di ntse di le teng. Mme lefa go le jalo, fa dingwaga di ntse di ya, ka bongwe ka bongwe dibofo tseno di kgaolwa ke loso. Bonkokoarona, batsadi ba rona, le ditsala tsa rona ba a swa.
Buka ya Guinness Book of World Records e a re, “bosupi bo bontsha gore batho ba ba tshelang dingwaga tse di lekgolo ba ba tshelang go feta dingwaga tse 113 ga ba bantsi thata mme boleele jo bo tlhomamisitsweng jwa dingwaga tse batho ba ka di tshelang ga bo akaretse ope yo o ileng a tshela go pota dingwaga tse 120 ka kwa.” Ka jalo, ga go na ope yo o tshelang gompieno yo o neng a le teng fa Winston Churchill a tsholwa (1874) kgotsa fa go ne go tsholwa Mohandas Gandhi (1869), kgotsa fa Russia e ne e rekisetsa United States Alaska ka 1867, kgotsa fa go bolaiwa Abraham Lincoln ka 1865—re sa bue ka ditiragalo tsa hisitori tse di diragetseng pele ga tseo tsa lekgolo la bo 19 la dingwaga.
Ebu, le mororo go na le dikgatelo pele tsa kalafi le boranyane gompieno, botshelo jwa motho bo santse bo le boleele jwa dingwaga tse di ileng tsa bolelwa ke monna wa bogologolo ebong Moshe: “Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di mashomè a shupa, goñwe e ka nna dinyaga di mashomè a a hèrañ mebedi ka ntlha ea thata; leha go nntse yalo, boipelahaco yoa aōna ke tapishō le bohutsana hèla, gonne bo ile ka boheho, me re hohèle koñ.” (Pesalema 90:10) Fano go ne go buiwa ka kakaretso. Moshe ka boene o tshedile dingwaga tse 120.
Lefa botshelo bo na le mathata a a kalokalo, go swelwa go lere bohutsana jo eleng jwa mofuta wa jone fela. Gantsi bo ama botsogo jwa bao ba setseng fela thata ebile go setse go itsiwe gore bo tsala bokoa le loso. Go sa kgathalesege gore ke lefe leloko la lelapa le le suleng, go na le boikutlo jo bo boteng jwa tatlhegelo. Fela jaaka moithutatlhaloganyo mongwe a ile a bolela jaana, “fa o swelwa ke motsadi, o latlhegetswe ke ditso tsa gago. Mme fa o swelwa ke ngwana, o latlhegetswe ke isagwe ya gago.” Matlhotlhapelo le mahutsana a a tsalwang ke seo ga se a a ka tlhalosiwang. Ditshenyegelo tsa madi gantsi e nna tse dikgolo, mme di senyetsa dilo kwa pele. Go patelelwa go ya le mekgwa mengwe ya phitlho le dingwao go ka oketsa bohutsana.
Lefa go le jalo, a go na le tsela e ka yone re ka kgonang go fokotsa mangwe a mathata le dikgatelelo tse di ka re welang fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala?