A re ka Solofela go Tshela Lobaka lo Loleelenyana?
“Motho, yo o tsetsweng ke mosadi, o tshela lobaka lo lokhutshwane mme o tshelela mo mahutsaneng.”
—Mafoko a ga Jobe, a a mo go Jobe 14:1, “The Jerusalem Bible.”
ABO batho ba ile ba tlhalosa tsela e botshelo bo leng bokhutshwane ka yone ka mafoko a poko gantsi jang ne! Jaaka Jobe, mokwadi mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a re: “Lo mouwane fela, o o tleng o bonale ka lobakanyana, mme o tloge o kaologele koo.”—Jakobe 4:14.
A le wena o lemogile kafa botshelo bo leng bokhutshwane ka tsela e e hutsafatsang ka teng? Mo e ka nnang dingwaga tse 400 tse di fetileng, William Shakespeare o ne a kwala jaana: “Tima, tima wena kerese e e tukang ka lobakanyana! Botshelo bo tshwana fela le moriti o o fetang.” Mme mo lekgolong la dingwaga le le fetileng, kgosi nngwe ya Moindia wa kwa Amerika e ne ya botsa jaana: “Botshelo ke eng?” Morago ga moo e bo e araba jaana: “Bo tshwana le sebonesanawa bosigo.”
Batho ba ka solofela go tshela lobaka lo lo kana kang? Moperofeti Moše o ne a tlhalosa seemo sa mo motlheng wa gagwe jaana, dingwaga di le 3 500 tse di fetileng: “Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di le masome a supa, gongwe e ka nna dinyaga di le masome a a ferang mebedi ka ntlha ya thata; le fa go ntse jalo, boipelafatso jwa one ke tapiso le bohutsana fela, gonne bo ile ka bofefo, mme re fofele koo.”—Pesalema 90:10.
Dingwaga di le 70—ke malatsi a le 25 567 fela. Mme dingwaga tse 80 tsone ke malatsi a le 29 219 fela. Ruri a makhutshwane tota! A go na le se se ka dirwang go oketsa botshelo jwa motho?
A Saense ya Kalafi e ka Thusa?
Makasine wa Science o ne wa bolela jaana: “Boleele jwa botshelo jo motho a solofetseng go bo tshela fa a tsalwa [kwa United States], bo oketsegile go tloga go dingwaga tse 47 ka 1900 go ya go mo e ka nnang dingwaga tse 75 ka 1988.” Ka ntlha ya go fokodiwa ga palo ya dintsho tsa masea ka ntlha ya tlhokomelo ya boitekanelo le dijo tse di otlang, jaanong batho ba United States ba ka solofela go tshela lobaka lo lo lekanang le lo Moše a lo boletseng. Lefa go ntse jalo, a go na le tsholofelo ya gore batho ba ka tshela lobaka lo loleele thata go feta lo bontsi bo le tshelang?
Leonard Hayflick, yo o itseng thata ka botsofe, o ne a bua selo seno se se botlhokwa mo bukeng ya gagwe ya How and Why We Age: “Kgatelopele e e fitlheletsweng mo lekgolong leno la dingwaga mo dipatlisisong tsa thutotshelo, fisikisi, kalafi le go dirisiwa ga mekgwa e e tokafaditsweng ya tlhokomelo ya kalafi di nnile le seabe se segolo thata mo go oketseng boleele jwa botshelo jwa motho, mme legale go dirile gore bontsi jwa batho bo tshele selekanyo se se kwa godimo se se tlhomameng.” Ka jalo o ne a tlhalosa jaana: “Lobaka lo motho a solofelang go lo tshela lo oketsegile, lefa go ntse jalo, boleele jwa botshelo jone ga bo a oketsega; dilo tseno di farologana tota.”
“Selekanyo se se kwa godimo se se tlhomameng” sa boleele jwa botshelo jwa motho ke eng? Batho bangwe ba dumela gore ga go na motho yo o kileng a tshela lobaka lo lo fetang dingwaga tse 115 bosheng jaana. Lefa go ntse jalo, makasine wa Science o ne wa re: “Go tloga ka 1990, dingwaga tse di kwa godimo tse go tlhomamisiwang gore motho yo o tsofetseng go gaisa o kile a di tshela di feta 120 go sekae.” Mme fa ngwaga ono o simologa, tona ya Fora ya lephata la boitekanelo mmogo le babegadikgang ba le bantsi le batsayaditshwantsho ba ne ba etela Jeanne Calment wa Arles, kwa Fora, yo o neng a tshwara ngwaga wa bo120. Moše le ene o ne a tshela dingwaga di le 120, a fetile dingwaga tse di tlwaelegileng tsa go tshela thata.—Duteronome 34:7.
A borasaense ba solofetsa gore ba ka kgona go dira gore batho ba tshele lobaka lo lo kalo kana lo lo loleelenyana go feta loo? Nnyaa, ba le bantsi ga ba solofetse seo. Setlhogo sengwe se segolo sa Detroit News se ne sa re: “Badiradipatlisiso ba re Palogare e e Kwa Godimo ya Boleele Jwa Botshelo Jwa Motho ke Dingwaga di le 85.” Mo go sone setlhogo seo, S. Jay Olshansky, yo o itseng thata ka botsofe, o ne a re: “Fa motho a tlola dingwaga tse 85 o a swa ka gonne dirwe tsotlhe tsa gagwe di a ineela. Ga ba tlhole ba kgona go hema. Tota ba bolawa ke botsofe. Mme ga go na se se ka bo alafang.” O ne a oketsa jaana: “Batho ba ka se tlhole ba kgona go oketsa lobaka lo ba solofetseng go lo tshela kwantle fela ga gore ba shafatse disele tsa bone tse di tsofalang.”
Makasine wa Science o bolela gore gongwe “motho o setse a fitlhile mo selekanyong se se tlhomameng sa boleele jwa botshelo e bile go ka direga gore selekanyo seo se ka nna sa fokotsega thata.” Go bolelwa gore fa batho ba ka kgona go fenya dilo tsotlhe tse go begwang gore ke tsone di bakang dintsho tsa batho mo ditifikeiting tsa loso, lobaka lo motho a solofetseng go lo tshela lo ka oketsega ka dingwaga tse di kwa tlase ga tse 20 fela.
Ka jalo, borasaense ba le bantsi ga ba lebe boleele jwa botshelo jwa motho e le jo bo sa tlwaelegang kana gore bo tla tsamaya bo fetoga. Lefa go ntse jalo, ke eng fa go utlwala go dumela gore kgabagare batho ba tla tshela lobaka lo loleelenyana?