LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 11/15 ts. 3-4
  • O Ka Kgona go Tshela Lobaka Lo Lo Kana Kang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ka Kgona go Tshela Lobaka Lo Lo Kana Kang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Boleele jwa Botshelo bo ka Okediwa?
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Botshelo Bo Le Bokhutshwane Jaana?
  • A re ka Solofela go Tshela Lobaka lo Loleelenyana?
    Tsogang!—1995
  • Re Ka Kgona go Tshela Lobaka Lo Lo Kae?
    Tsogang!—1990
  • Batho ba Batla Ditsela Tsa go Tshela Lobaka lo Loleele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Go Eletsa Botshelo jo Boleelenyana go ka Kgotsofadiwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 11/15 ts. 3-4

O Ka Kgona go Tshela Lobaka Lo Lo Kana Kang?

BONTSI jwa rona re dumela kwantle ga pelaelo gore botshelo bo na le mathata. Mme lefa go ntse jalo re itumelela go tshela. Ga re kgotsofalele go tshela fela dingwaga tsa bonyana kana lobaka lo lokhutshwane fela lwa botshelo; re ne re ka rata go tshela dingwaga di le dintsintsi. Lefa go ntse jalo go bonala go sena tsela e go ka tilwang loso ka yone. A go ntse jalo?

A go a kgonega gore loso lo diegisiwe? A boleele jwa botshelo jwa rona bo ka okediwa?

A Boleele jwa Botshelo bo ka Okediwa?

Ka 1990 pego nngwe ya dikgang e ne ya itsise gore boleele jwa botshelo jwa motho bo ka kgona go okediwa go ya go “dingwaga di le lekgolo le metso e le lesome.” Ga go na pelaelo gore pego eno e ne e bua mafoko ano a mokwadi wa dipesalema wa Bibela, Moshe, mme e se ka tlhamalalo: “Botshelo jwa rona ke dingwaga di le masome a supa; mme fa thata e le teng, bo ka nna dingwaga tse di masome a robedi, mme se segolo sa tsone ke tapisego le matshwenyego; mme re fofela koo.” (Pesalema 90:10, King James Version) Ka jalo, Bibela e bolela fa boleele jo bo tlwaelegileng jwa botshelo jwa motho e ka nna dingwaga di le 70 kana tse 80. Lefa go ntse jalo, ke dingwaga di le kae tse tota motho a ka solofelang go di tshela gompieno?

Pego nngwe e e phasaladitsweng ke WHO (World Health Organization) ka 1992, e bolela fa boleele jo bo tlwaelegileng jwa botshelo lefatshe ka bophara e le dingwaga tse 65. Go ya ka WHO, bo ne “bo solofetswe go oketsega ka dikgwedi tse nnè ngwaga nngwe le nngwe mo dingwageng tse tlhano tse di latelang, segolobogolo ka ntlha ya go fokotsega ga dilo tse di dirang gore batho ba swe ba sa le babotlana.” Lefa go ntse jalo, le fa dikgakgamatso tsa kalafi di ne di ka dira gore motho mongwe le mongwe a se ka a swa pele a nna le dingwaga tse 50, makasine wa Time o bolela gore kwa United States, “boleele jwa botshelo jwa motho bo ne bo tla oketsega ka dingwaga di le 3 1/2 fela.”

Ke Ka Ntlha Yang Fa Botshelo Bo Le Bokhutshwane Jaana?

Dr. Jan Vijg wa Institute of Experimental Gerontology wa kwa Netherlands, o bolela gore fela jaaka fa malwetsi mangwe a amanngwa le go golafala ga disele tsa mmele wa motho, go tsofala le gone go lebega go tlhotlhelediwa ke dilo tse di amanang le dijini. Badiradipatlisiso bangwe ba dumela gore re ne re ka tshela nakwana e e oketsegileng fa “dijini di le mmalwa tse dikgolo” di ne di ka emisediwa ke tse dingwe fa re ntse re gola. Batho ba bangwe ba re kakantsho eno e “tlhofofatsa dilo bobe.”

Lefa go ntse jalo, borasaense ba dumelana gore “go bonala disele tsa mmele wa motho di tsentswe selo sa tlholego se go ka tweng ke sone selekanyetsi,” makasine wa Time o bega jalo. Tota le bone ba ba reng “re dirilwe gore re nne re ntse re tshela” ba a dumela gore “go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle.” Eleruri, fela jaaka fa Bibela e bolela, fa re setse re tshwere dingwaga tse 65, 70, kana 80 kgotsa di sekaenyana tse di oketsegileng, botshelo jwa rona bo “feta ka bonako,” ka ntlha ya loso.

Lefa go ntse jalo, Paulo, moaposetoloi wa Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., o ne a bolelela pele jaana a na le tsholofelo: “Mmaba oa bohèlō eo o tla nyèlèdiwañ ke losho.” (1 Bakorintha 15:26) Loso lo ka fedisiwa jang? Tota lefa go ka dirwa jalo, o ka lepalepana jang le go swelwa ke batho ba o ba ratang gompieno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela