Diphologolo Tse Di Gakgamatsang Tse Di Nang le Dikgetsi tsa kwa Australia
Ka mmegadikgang wa Tsogang! go tswa kwa Australia
TOTATOTA phologolo e e nang le kgetsi ke eng, mme ke eng se se dirang gore diphologolo tse di nang le dikgetsi di gakgamatse jaana?
Ka bokhutshwane fela, phologolo e e nang le kgetsi ke seamusi, ke gore, ke e e sa gatsetsweng madi ke mariga e e amusang bana ba yone. Lefa go le jalo, go farologana le bontsi jwa diamusi, diphologolo tse di namagadi tse di nang le dikgetsi ga di nne le motlhana mo dipopelong tsa tsone ka nako ya fa di dusa. Di tsala bana ba tsone ba le ba nnyennye, ba sa bone, mme go tswa foo di bo di ba amusa le go ba sireletsa mo dikgetsing tse di ka kwantle. Ka jalo, tota seamusi seno se se bidiwang marsupial ke phologolo e e nang le kgetsi ka kwantle, e le lefoko le le tswang mo go la Selatine le le reng marsupium le le rayang “kgetsi” kgotsa “pata.”
Tota ebile, khankaruu ke nngwe ya mefuta e e 250 ya diphologolo tse di nang le dikgetsi. Go na le diphologolo tse di nang le dikgetsi mo mafatsheng a mangwe kwantle ga Australia—lefa go le jalo ga di dintsi. Ka sekai, go na le ya Amerika Bokone e go tweng opossum, tse dingwe di bonwa kwa Amerika Borwa. Mme bontsi jwa diphologolo tse di nang le dikgetsi tse di mo lefatsheng di bonwa thatathata mo kgaolong ya ntlheng ya Australia, mefuta e e ka nnang 175 e setse e bonwe. Palo yotlhe ya mefuta ya dikhankaruu ke 45 tse di kwa Australia, mme lefa go le jalo khankaruu e khibidu e tonatona ke yone e e itsiweng thata. Ke yone e tona mo diphologolong tsotlhe tse di nang le dikgetsi, mme e na le bokete jwa dikilogerama di le 90, mme fa e tlhomile ka ditlhako e feta banna ba le bantsi ka boleele. Lefa go le jalo, e namagadi ya yone, e lemotshega ka go nna potlana mo go yone mme ebile e pududu ka mmala.
Khankaruu e kgona go tlola dimitara di le 11 fa e tsapoga gangwe fela. Tse dingwe di ne tsa bonwa di siane ka lobelo lwa dikilomitara di le 64 ka ura mme di tlola terata ya bogodimo jwa dimitara tse tharo. Mokaloba yono yo mohibidu le e potlana mo go yone e pududu di bonwa mo dikarolong tse dintsi tsa Australia. Di dintsi fela thata mme di ratiwa ke baeti ba ba kgweetsang mo dinageng tse di nang le ditlhare di sekae tota le mo sekakeng se se setlha sa bogare jwa Australia. Dikhankaruu ke diphologolo tse di jang ka losika mme gantsi di nna mmogo ka ditlhopha tse di bidiwang dirapa.
Pelegi E E Jesang Kgakge
Gongwe selo se se gakgamatsang go feta sa diphologolo tse di nang le dikgetsi ke pelegi le tlhokomelo ya bana ba tsone. Dikhankaruu ke sekai se se tlhomologileng mo bontsing jwa diphologolo tseno tse di nang le dikgetsi. Morago fela ga malatsi a le 33 go ya go a le 38 a go hekarwa, khankaruu e nnyennyane e a tsalwa. Mme lefa go le jalo tota ngwana yo mmotlana yo monnye fela thata mo eleng gore ke mokang mohumana—sebopiwa se se nnye fela thata, se se tshwanang le nawa, se se bokete jwa digerama di le 0,75, mme se fetwa ke ntlha ya monwana wa gago o monnye, mme ebile se a galalela.
Morago ga go tsalwa, e “tswa” mo sebopelong sa ga mmaayo mme e tsene mo letlalong la ga mmaayo. Go tswa foo, e dirisa mabogo a a kwa pele a a nang le dinala go ingaparela e bo e gagabela disentimitara di le 15 go ya go tsena mo kgetsing ya ga mmaayo. Fa e tsena moo e hupa nngwe ya dithoba tse nne, e e reng morago e bo e boduloga mo molomong wa yone. Mme ka thulaganyo eno ya go bona dijo, e amogela dikotla tsotlhe tse e di tlhokang, mme mo dikgweding tse tlhano, e tswelela e ntse e le mo tlhokomelong eno e e manobonobo go fitlhela e ntsha tlhogonyana e le la ntlha.
Fa e na le dikgwedi tse thataro, khankaruunyana (kana joey) e ya go itira tonto tshipidi kwantle, mme gantsi e tabogela kwa kgetsing e e ntseng e otlelwa mo go yone le go babalelelwa mo go yone. Lefa go le jalo, kwa morago mmaagwe o fetsa ka gore mosimane o godile jaanong go ka tlhola a ntse a nna mo kgetsing mme a ba a mo kgoreletsa go tlhola a ntse a tlolela mo teng gape. Fa a ya go tshwara dikgwedi tse 18, jaanong o a bo a setse a ikemetse ka nosi.
Sengwe gape se se gakgamatsang ke gore khankaruu e namagadi e ka kgona go dira mashi a a farologaneng ka nako e le nngwe fela. Morago ga gore leitibolo le tsalwe, e a hekarwa gape. Mme khankaruunyana e e setseng e dusitswe e nna e lobile fela go fitlhelela leitibolo le simolola go nna le ntse le a ne le tabogela kwantle. Go tswa foo khankaruunyana ya bobedi e a tsalwa mme e bo e hupa thoba e nngwe mo kgetsing.
Mme kana leitibolo le sa ntse le anya mashi a lone mo thobeng ya ntlha. Go direla dilo thata kwa pele, khankaruunyana e e sa tswang go tsalwa e tlhoka motswako o o farologaneng wa mashi. Lefa go le jalo, seno ga se bothata, ka gore go tswa mo thobeng ya gagwe mmaagwe o kgona go mo neela mashi a a nang le sukiri e ntsi, fa kafa letlhakoreng le lengwe mo thobeng ya ntlha a kgona go neela mogoloayone mashi a a nang le diporeteine le mafura a mantsi!
Le mororo ka tlholego e se diphologolo tse di bogale, tse ditonanyana tsa tsone gantsi di a tle di bonwe di ntse di dira se se lebegang jaaka ekete ke motshameko wa mabole. Gantsi ke tse ditonanyana tse dipotlana di le pedi tse di lekanang marapo. Ka dinako tse dingwe ke tse ditona tse ditonanyana tse pedi tse di neelanang ditsololwana—tota go lowa jalo go lwelwa e namagadi e e tlhophilweng! Dintwa tseno di ka nna tse di matlho mahibidu, ereka batlhabani boobabedi ba epana ka dinala ka maroo a a pele mme ba ragana botlhoko ka a a kwa morago.
Koala E Ntlenyane—Nngwe ya Diphologolo Tse Di Gakgamatsang Tse Di Nang le Dikgetsi
E nngwe e e itsegeng thata fela jaaka khankaruu, e le yone e bontshiwang gantsi mo dipampiring tsa baeti tsa Australia, ke e ntle go di gaisa tsotlhe tsa diphologolo tse di nang le dikgetsi—e go tweng koala. Phologotswana eno e nna fela mo ditlhareng mme gantsi e tsamaya bosigo. Gantsi e tsietsa batho ba tsaya gore ke bera ka ntlha ya kafa e bopilweng ka teng mme fa gongwe e bidiwa ka tsela e e phoso go twe ke koala sekabera. Mme lefa go le jalo ga e amane ka losika ka gope le dibera, kgotsa lefa e le go amana le opossum kgotsa dikgabo. E dirilwe ka tsela ya yone e le esi fela. Ee, go na le mofuta o le mongwe fela wa koala, mme ebile o bonwa fela mo dikgaolong tsa botlhaba kwa Australia.
Koala e kgatlha batho ka dilo tse dintsintsi tse di sa feleng, ka boboa jwa yone jo bo boletanyana, ka matlho a yone a okareng teng a a nang le dikonopo a a benyang, ka nko ya teng e o ka reng rekere, le ka tebego ya yone ya go nna e akabetse. Ga se diphologolo tse ditona, di gola go nna boleele jo bo ka nnang disentimetara di le 60 le bokete jwa dikilogerama di le 8 go ya go 14.
Koala e potlana e tsalwa fela jaaka bontsi jwa diphologolo tse dingwe tse di nang le dikgetsi fa e se fela gore mmaayo yone e na le kgetsana e e thulameng. Koala yo monnye o nna mo kgetsing ya ga mmaagwe dikgwedi di le thataro, mme kgabagare fa a tswela kwantle, o palama mmaagwe mo mokwatleng fa a ntse a tsamaya le ditlhare a senka matlhare a a monate.
Thulaganyo ya go Silwa ga Dijo E Eleng ya Mofuta wa Yone Fela
Dikoala di mabela fa go tla mo dijong. Di ja matlhare a setlhare se se bidiwang eucalyptus fela. Mme ga se gore ke matlhare mangwe le mangwe a di a a jang. Mo mefuteng e e ka nnang 600 e e teng ya setlhare se go tweng eucalyptus, dikoala di ja mefuta ya ditlhare tseo tse 50 kgotsa tse 60 fela. Fa diphologolo tse dingwe di ne di ka ja matlhare ano, di ne di ka swa ka ntlha ya mafura le dikhemikhale tse di botlhole tse di mo matlhareng ao. Mokgwa o o raraaneng wa go silwa ga dijo o thusa dikoala gore di sile dijo tsa tsone tse di kgethegileng, mme lefa go le jalo dijo tseno tse di kgethegileng di dira gore di nne le monko o eleng wa tsone fela wa mmele!
Bangwe baitse ba re dikoala ga di nwe metsi gotlhelele, mme ebile go gopolwa gore lefoko “koala” le tswa mo lefokong la Seaborijene le le rayang “ga ke nwe.” Mme morago ga go ela tlhoko thata go lemotshegile gore nako nngwe dikoala di a ne di fologa mo ditlhareng di ya go nwa, mme fa gongwe di bo di je le mmu go sekaenyana go leka go thusa go oketsa dikotla tsa mmele tse di seong mo dijong tsa tsone.
Le mororo dikhankaruu di bonwa mo mafelong a diphologolo go dikologa lefatshe, dikoala di bonwa mo mafelong a diphologolo a sekae ka kwantle ga Australia. Mme go sa kgathalesege gore o tla nna le sebaka sa go ya go di bona ka namana kgotsa nnyaa, re tlhomamisa gore o tla dumalana gore diphologolo tseno ruri di a gakgamatsa—diamusi tseno tse di nang le dikgetsi mme di sena motlhana.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Khankaruu e namagadi e na le ngwana mo kgetsing
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Koala e e ja matlhare
[Motswedi wa Setshwantsho]
Melbourne Zoo Education Service, Victoria, Australia