LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/12 ts. 10-11
  • Ditshedi Tse di sa Tlwaelegang Tsa Naga ya Tasmania

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshedi Tse di sa Tlwaelegang Tsa Naga ya Tasmania
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tasmania—Setlhaketlhake se Sennye, Kgang E e Sa Tlwaelegang
    Tsogang!—1997
  • Diphologolo Tse Di Gakgamatsang Tse Di Nang le Dikgetsi tsa kwa Australia
    Tsogang!—1992
  • Mahutsana ka Sekgwa Seno sa Pula
    Tsogang!—1997
  • “Ditlhare Tsa ga Jehofa di a Kgotsofadiwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 4/12 ts. 10-11

Ditshedi Tse di sa Tlwaelegang Tsa Naga ya Tasmania

MOTSHEGARE, naga eno e sisibetse e bile e didimetse. Mme bosigo go utlwala medumo e e tshosang ya go kurutla le go bokolela mo sekgweng. Ke eng se se bakang medumo eno? Ke phologolo e e matlhagatlhaga ya losika lwa dikankaruu e e nang le leina le le seng monate—Tasmanian devil. Diphologolo tseno tse di nonofileng di ka lebega le go utlwala di le bogale thata, segolobogolo fa di ja setoto sa phologolo. Le fa go ntse jalo, tota modumo wa tsone o ka utlwala e kete ke wa diphologolo tse di kotsi thata mme go sa nna jalo.

Diphologolo tseno di ka ja ditoto tse dintsi tsa diphologolo tse di mo sekgweng ka lobelo lo lo gakgamatsang. Ditlhaa le meno a tsone a a nonofileng a ka tlhafuna mo e ka nnang setoto sa phologolo nngwe le nngwe—letlalo, marapo le sengwe le sengwe. E bile tota, phologolo eno e ka ja nama e e lekanang le mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa bokete jwa mmele wa yone ka halofo ya ura—sengwe se se ka tshwantshiwang le fa motho a ja dikilogerama di le 25 tsa nama ya seteiki ka gangwe fela!

Phologolo e e rategang le go feta ke e e bonolo ya common wombat, phologolo e kima e khutshwane e bile e lebega e kete motho a ka e solasola. Fela jaaka mefuta e mengwe yotlhe ya diphologolo tsa losika lwa dikankaruu, di-wombat tse di namagadi di na le dikgetsana tse di tsenyang bana mo go tsone e bile di a amusa. Mme dikgetsana tsa tsone ga di tshwane le tsa diphologolo tse dingwe tsa losika lwa tsone ka gonne tsone di lebile kwa morago, kwantle ga pelaelo e le gore ngwana a nne a le phepa fa mmaayone a epa mesima e di nnang mo go yone. Gape di-wombat di na le meno a a sa kgaotseng go gola—selo se se di solegelang molemo ka gonne di dirisa meno a tsone go thuba dilo tse di di kgoreletsang tse di kafa tlase ga mmu. Le fa di-common wombat di lebega di le botshwakga ka ntlha ya bokima jwa tsone, di dira dilo ka botswerere e bile di kgona go sela dimela ka matsetseleko ka maroo a tsone a a kwa pele di bo di di tsenya mo ganong.

Setshedi se sengwe se se sa tlwaelegang ke platypus. Setshedi seno se se lebegang ka tsela e e gakgamatsang se na le molomo le maoto a a tshwanang le a pidipidi, mmele le boboa jo bo tshwanang le jwa lenyebi le mogatla o o tshwanang le wa beaver. Se beela mae jaaka koko, se epa mesima jaaka wombat, mme se amusa bana ba sone jaaka bera e namagadi. Ga go gakgamatse go bo moitsesaense wa ntlha yo o neng a tlhatlhoba phologolo eno a ne a belaela gore ga se phologolo ya mmatota!

Ke eng fa re kgatlhiwa ke go bona diphologolo tse di ntseng jaana? Kwantle ga pelaelo ke ka gonne Mmopi wa rona o batla gore di re kgatlhe. Baebele ya re o ne a raya banyalani ba ntlha a re ba “laole . . . sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.” (Genesise 1:28) Fa re bona diphologolo tse di ntseng jalo mo nageng, a seo ga se dire gore re eletse go diragatsa thomo eo?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 11]

MO MERITING YA DITLHARE TSE DIKGOLO

Mo dilong tse di golelang kwa godimo, ke ditshedi di se kae fela tse di kgatlhang jaaka ditlhare tse dikgolo tsa kwa Tasmania. Tse ditelele go di gaisa tsotlhe ke tsa mountain ash (Eucalyptus regnans), dimela tse di thunyang, tse gantsi di golang go fitlha go dimetara di ka nna 75. Setlhare se seleele go feta tse dingwe tsotlhe tsa mountain ash se boleele jwa dimetara di le 99,6 mme se sekhutshwane ka dimetara di le 16 fela mo setlhareng se seleele go gaisa tsotlhe mo lefatsheng sa redwood, se se kwa California, U.S.A.

Setlhare se sengwe se se golang mo nageng eno, sa Huon pine, se boleele jwa halofo ya boleele jwa setlhare se se tlwaelegileng sa mountain ash, mme se kgona go tshela lobaka lo loleele go menagane garataro go se feta. Baitsesaense bangwe ba fopholetsa gore ditlhare tsa Huon pine di kgona go tshela dingwaga di feta 3 000, mme seo se dira gore e nne dingwe tsa ditlhare tse di tshelang lobaka lo loleele thata go gaisa tse dingwe mo lefatsheng. Badiri ba difanitšhara le mekoro ba tseela logong lwa setlhare seno kwa godimo thata go feta dikgong tse dingwe tsa kwa Tasmania. Logong lwa sone lo lo mmala o mosetlha o o serolwana lo motlhofo go betliwa mme lo na le oli ya botlhokwa e e kgonang go boloka dilo di sa bole e bile e kgona go koba ditshenekegi. Dikota dingwe tsa sone tse di setsweng mo sekgweng di sa ntse di ka dirisiwa le fa di sa bolo go wa makgolokgolo a dingwaga a a fetileng.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Tasmanian devil

[Motswedi wa Setshwantsho]

© J & C Sohns/​age fotostock

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Common wombat

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Platypus

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Wombat and platypus: Tourism Tasmania; giant tree: Tourism Tasmania and George Apostolidis

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela