Tasmania—Setlhaketlhake se Sennye, Kgang E e Sa Tlwaelegang
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA AUSTRALIA
“NAGA eno e e leng yone ya ntlha re e bona mo Lewatleng la Borwa e re ka e ne e sa itsewe ke setšhaba sepe sa Makgoa, re ne ra e naya leina la ga Anthoony van Diemenslandt, e le go tlotla Motlotlegi [wa rona] Molaodimogolo.” Mafoko ano a builwe ke Abel Tasman, monna wa Mo-Dutch ka November 25, 1642, letsatsi morago ga a sena go bona setlhaketlhake sa Tasmania, naga ya bobedi e kgologolo go feta tsotlhe mo Australia.a Tasman ga a bona batho bape foo mme le fa go ntse jalo o ne a bona mosi wa molelo kwa kgakajana le ditlhare tse di setilweng meseto e e katoganeng ka dimetara di ka nna 1,5 mo magareng a tsone. O ne a kwala a re motho ope fela yo o setileng ditlhare tseo, o ka nna a bo a ne a dirisa mokgwa o o sa tlwaelegang wa go pagama ditlhare kgotsa e le mokaloba! Tota e bile, meseto eo e ne e diretswe go pagama ditlhare.
Morago ga moo, batsamai ba bariboludi ba ba tsamayang mo mawatleng ba ne ba fetsa dingwaga tse 130 ba sa tlhole ba ya kwa Van Diemen’s Land, go fitlha fa monna wa Mofora e bong Marion du Fresne le wa Moesemane Tobias Furneaux ba e etela. Kapotene James Cook o ne a goroga ka 1777 mme le ene fela jaaka Du Fresne, o ne a kopana le batho ba setlhaketlhake seo ba ba sa tlwaelegang e bong Baaborijene. Le fa go ntse jalo, go eta ga gagwe, e ne ya nna tshimologo ya masetlapelo: “Mo ditšhabeng tse dingwe [Cook] o ne a bula tsela ya tlhabologo le ya bodumedi, [mme] mo lotsong lono [lwa Baaborijene] e ne e le motho yo o tlisang loso,” John West o ne a rialo mo bukeng ya The History of Tasmania. Ke eng se se dirileng gore go felele ka mahutsana ano?
Tasmania e Nna “Kgolegelo ya Pusokgolo”
Go fudusa batho kana go ba dira bafaladi e ne ya nna thupa ya kotlhao eo Boritane e neng e e dirisa mme Tasmania e ne ya nna nngwe ya dikolone tse Boritane e neng e otlhaela batho mo go tsone. Go tloga ka 1803 go ya go 1852, banna, basadi le eleng bana ba ka nna 67 500—bangwe ba na le dingwaga di le supa fela—ba ne ba lelekwa kwa Engelane ba isiwa kwa Tasmania ka ditlolomolao tsa go tloga ka go utswa dibuka tsa dithapelo go fitlha ka go betelela. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batshwarwa ba ne ba berekela masetlelara kana ba bereka mo diporojekeng tsa puso. The Australian Encyclopaedia e bolela jaana: “Batho ba ba ka fa tlase ga diperesente di le 10 . . . ba ne ba aga ba isiwa kwa bootlhaelong, mme batho ba le bantsi ba ba neng ba isiwa teng e ne e le ka lobaka lo lo khutshwane fela.” Port Arthur e e mo Pheninsuleng ya Tasman e ne e le yone bootlhaelo jo bogolo, mme le fa go ntse jalo batshwarwa ba ba manganga thata ba ne ba romelwa kwa Macquarie Harbour e e bolokilweng e le “segopotso sa ditiro tsa go tlhokofatsa.” Kgoro e e tshesane ya boemakepe jono e ne ya tewa leina le le tshosang la Dikgoro Tsa Dihele.
Mo bukeng ya This Is Australia, Dr. Rudolph Brasch o tlhalosa kgang e nngwe gape e e botlhokwa ya kolone eno e e neng e simolola go tlhabologa—bomoya jwa teng kana go tlhokega ga jone. O kwadile jaana: “Go tloga kwa tshimologong, bodumedi kwa Australia [go akaretsa le yone Tasmania ka boyone] bo ne bo tlhokomologilwe e bile bo tlodisiwa matlho fela mme gantsi Babusi ba ne ba bo dirisa ka tsela e e sa siamang go itsholegela molemo ka bobone. Kolone e ne ya thewa kwa ntle ga gore go rapelwe pele mme tirelo ya ntlha mo mmung wa Australia go bonala e nnile kakanyo e e tlileng moragonyana.” The History of Tasmania ya re fa Baeti ba Sedumedi ba ba tswang Amerika Bokone ba ntse ba aga dikereke, “banni ba ntlha ba lefatshe le le mo borwa ba ne ba fisa kereke ya bone ya ntlha e le gore ba se ka ba tlhola ba ya tirelong ya teng e e lapisang.”
Boitsholo jo bo setseng bo senyegile jono bo ne jwa senngwa le go feta ke bojalwa jwa rum jo bo neng bo bonwa ka bontsi. Mokwalahisitori John West a re mo badireding ba puso le mo masoleng ka mo go tshwanang, bojalwa jwa rum e ne e le “tsela ya go bona khumo.”
Le fa go ntse jalo, dijo ka dinako tse dingwe di ne di seyo. Mo dinakong tseo batshwarwa ba ba golotsweng le masetlelara ba ne ba dirisa ditlhobolo go tsoma tsone diphologolo tsa naga tse Baaborijene ba neng ba di leleka ka marumo. Seno se ne sa godisa dikgotlhang. Go rata go kgerisa ga basweu, go tlalatlala ga bojalwa jwa rum le go farologana ga ditso tse di neng di sa batle go letlana go ne ga kuketsa dilo. Makgoa a ne a sega melelwane ba bo ba aga le magora; Baaborijene bone ba ne ba tsoma le go kgobokanya dilo ba tla ba ya kwa le kwa. Tiragalo e e sa reng sepe fela e ne e ka baka ntwa.
Setšhaba se a Nyelela
Ntwa e ne ya runya ka May 1804. Setlhopha se segolo se se neng se eteletswe pele ke Lefotenente Moore se ne sa hulaka letsholo le legolo la banna, basadi le bana ba Baaborijene ba ba neng ba ile go tsoma ba ba neng ba sa dira sepe—ba bolaya le go gobatsa ba le bantsi. “Ntwa ya Bantsho”—marumo le maje kgatlhanong le dikolo—e ne e simolotse.
Makgoa a le mantsi a ne a ikwatlhaela go bolaya Baaborijene. Mmusi Motlotlegi George Arthur o ne a ngomoga pelo thata mo a ileng a tlhalosa gore o tla rata go dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go ‘phimola Baaborijene keledi ka ntlha ya mahutsana a puso e ba diretseng one e se ka maikaelelo.’ Ka jalo o ne a simolola thulaganyo ya go ba “kgobokanya” le “go ba tlhabolola.” Mo letsholong le le neng le bidiwa “Molelwane wa Bantsho,” masole, masetlelara le batshwarwa ba ka nna 2000 ba ne ba ralala sekgwa ka maiteko a go tshwara Baaborijene le go ba busetsa mo lefelong le le bolokesegileng. Le fa go ntse jalo, tiragalo eo e ne ya palelwa ka tsela e e tlhabisang kgala; ba ne ba tshwara mosadi le mosimane fela. Mme George A. Robinson, Mowesele wa maemo a a kwa godimo, o ne a simolola mokgwa o o botokanyana wa go letlana le bone, mme o ne wa dira. Baaborijene ba ne ba mo ikanya mme ba mo dumela fa a ne a ba abela gore ba nne kwa Setlhaketlhakeng sa Flinders, mo bokone jwa Tasmania.
Mo bukeng ya gagwe ya A History of Australia, Marjorie Barnard o ne a bua seno ka se Robinson a se fitlheletseng: “Tota gone, le fa gongwe a ne a sa lemoge seo ka boene, mokgwa wa gagwe wa go dira kagiso o ne o na le boferefere jo bo tshwanang le jwa ga Judase. Baagi bao ba ba tlholegileng koo ba ba tlhokileng lesego ba ne ba kgaoganngwa le ba bangwe kwa Setlhaketlhakeng sa Flinders kwa Bass Strait, Robinson e le ene motlhokomedi wa bone. Ba ne ba bopama mme ba swa.” Go na le go bolawa ke ditlhobolo, ba ne ba bolawa ke mokgwa wa botshelo le dijo tse di neng di jewa ke basweu. Motswedi mongwe wa re “Moaborijene wa bofelo wa madi a a sa tswakanang wa Tasmania e ne e le Fanny Cochrane Smith yo o tlhokafaletseng kwa Hobart ka 1905.” Metswedi ya tshedimosetso e a farologana ka seno. Bangwe ba re ke Truganini, mosadi yo o tlhokafaletseng kwa Hobart ka 1876, fa ba bangwe bone ba re ke mosadi yo o tlhokafaletseng mo Setlhaketlhakeng sa Kangaroo ka 1888. Ditlogolwana tsa madi a a tswakaneng tsa Baaborijene ba kwa Tasmania di sa ntse di tshela e bile ba tsweletse sentle gompieno. Fa tiragalo eno e akarediwa mo ditiragalong tsa bosetlhogo tse motho a ntseng a di dira e ile ya bidiwa sentle gore ke “masetlapelo a magolo a a lerilweng ke Puso.” Mo godimo ga moo, e gatelela boammaaruri jwa Baebele jwa gore “motho o na le thata mo go yo mongwe go [mo utlwisa, NW] botlhoko.”—Moreri 8:9.
Dipharologanyo Tsa Tasmania Tse di Bonalang
Gompieno, ke fela fa o etela dimusiamo, dilaeborari kana marope a dikgolegelo, go ka diragalang gore o lemoge masetlapelo a a neng a wela setlhaketlhake seno se sentle. Tasmania e katogile ekhweita go ela kwa borwa ka sekgala se se lekanang le se Roma, Sapporo le Boston di e katogileng ka sone go ela kwa bokone. Mme fela jaaka hisitori ya yone, popego ya yone le yone e na le dipharologano tse dikgolo le mororo go se na lefelo lepe mo setlhaketlhakeng seno le le fetang dikilometara di le 115 go tloga mo lewatleng.
Malebana le karolo yotlhe ya Tasmania, diperesente di le 44 tsa yone ke sekgwa mme diperesente di le 21 ke paraka ya setšhaba. Seno ke se se sa tlwaelegang! Go ya ka The Little Tassie Fact Book, “Kgaolo e e botlhokwatlhokwa ya Tasmania Bophirima ke nngwe ya dikgaolo tsa bofelo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng tse di iseng di senngwe, tse di nang le maemo a bosa a a bololo.” Matsha a a tladiwang ke pula le semathana, dinoka le diphororo—tsotlhe di tletse ka tlhapi ya trout—dikgwa tse di nonneng tsa ditlhare tsa pencil pine, eucalyptus, myrtle, blackwood, sassafras, leatherwood, celery-topped pine le tsa Huon pine fa re umaka di sekae fela. Ga go gakgamatse go bo dilo tse motho a di bonang di le kgakala tse di dirwang ke dipoa tse di kwa godimo tsa setlhaba se se mo bophirima bogareng le ditlhoa tsa tsone tse ka gale di nnang di khurumeditswe ke semathana, di gogelang barati ba tlholego gangwe le gape.
Mme le fa go ntse jalo go sirelediwa ga “Boswa Jwa Lefatshe,” ga go a dirwa kwantle ga gore go tsoge ntwa. Mme batho ba ba ratang tikologo ba sa ntse ba le kgatlhanong le meepo, madirelo a pampiri le madirelo a a fetlhang motlakase ka metsi. Popego ya naga ya Queenstown e e jaaka ngwedi, toropo e go nang le moepo mo go yone, ke selo se se re lemotshang sentle ditlamorago tsa go senya dikuno ka go se akanye.
Diphologolo tse di tlholegileng teng le tsone di ile tsa boga—segolobogolo thylacine kana nkwe ya Tasmania, seamusi se se jaaka ntša se se mmala o mosetlha. Ka ntlha ya methalo ya yone e mentsho mo mokwatleng go fitlha kwa maragong e ne ya bidiwa nkwe. Sebe sa phiri ke gore phologolo eno e e jang nama e e tshesane e bile e le ditlhong, e rata go ja dikoko le dinku. Ka ntlha ya gore e ne e batletswe batho ba ba duelwang gore ba e bolaye, e ne ya nyelela ka 1936.
Seamusi se sengwe sa Tasmania sa mofuta wa sone se le nosi e bong Tasmanian devil, se sa ntse se le teng. Ka go dirisa ditlhaa tsa yone tse di thata le meno, phologolo eno e e bokete jwa dikilogerama di ka nna thataro go ya go di le robedi e e jang ditoto e ka ja mmele otlhe wa kankaruu e e suleng e e jela le logata le sengwe le sengwe.
Tasmania e itsewe thata gape ka nonyane e e mogatlamokhutshwane e e bidiwang shearwater kana muttonbird. Fa e sena go fuduga go tloga mo Lewatleng la Tasmania le go dikologa lewatle lotlhe la Pacific, e boela kwa mosimeng wa yone o o mo moshaweng ngwaga le ngwaga—tiro e ruri e tlotlomatsang Modiri le Mmopi wa yone.
Gaufi le mo e beelang mae teng bosigo, go nna nonyane e nngwe gape—e e “fofang” ka fa tlase ga metsi—nonyane e e rategang ya bokete jwa kilogerama e le nngwe e e nang le ngatana ya bobowa e e bidiwang fairy penguin. Nonyane eno ya lewatle e e nnye go feta dinonyane tsotlhe tsa lewatle ke yone e e modumo go di gaisa tsotlhe! Kopelo le motsamao wa yone di farologana ka bogolo, ka dinako tse dingwe molodi wa teng le botlhaga jwa mmele wa yone di nna matlhagatlhaga ka tsela e e feteletseng. Fa di bontshana maikutlo a lorato, bobedi jwa tsone di ka opela mmogo go bontsha gore di ratana tota. Mme se se utlwisang botlhoko ke gore, tse dintsi tsa tsone di bolawa ke matloa a batshwaraditlhapi, oli e e tshologelang mo metsing, dilo tse di dirilweng ka polasetiki tse di akanyang gore ke dijo kana di bolawa ke dintša le dikatse tsa naga.
Karolo e e Ritibetseng ya Setlhaketlhake Seno
Fa o leba kwa bokone kana kwa botlhaba go tswa mo losing lwa bogare jwa setlhaba, o tla bona karolo e e itumedisang thata ya Tasmania le masimo a teng a a lemilweng sentle a a nang le mmala o e keteng ke tšhokolete, dinoka le melapo e e itsoketsang, mebila e e nang le ditlhare tse di tlhomaganeng le dinku le dikgomo tse di ikadileng mo mafulong a a kgatlhang matlho tota. Gaufi le toropo e e mo bokone ya Lilydale, mo kgweding ya January, dipolasi tsa lavender tse di tlhagisang dithunya tse dintle di oketsa mmala o o bobududunyana mo motseselegaeng ono ka lonko lo lo monate.
Fa o kgabaganya Noka ya Derwent gaufi fela le masimo a diapole a a dirang gore Tasmania e bidiwe Setlhaketlhake sa Diapole, ke motsemoshate e bong Hobart, ka batho ba ka nna 182 000. O okangwe ke Thaba ya Wellington e tona e e dirang gore go nne lefifi e e ka nnang dimetara di le 1270 go ya kwa godimo. Mo letsatsing le le apogileng sentle, gantsi setlhoa sa teng se se khurumeditsweng ke semathana se dira gore o bone motse ono sentle go tswa kwa setlhoeng. Hobart o fetogile tota le go dira kgatelopele fa e sa le go tloga ka 1803 fa Lefotenente John Bowen le setlhopha sa gagwe sa batho ba le 49, go akaretsa le batshwarwa ba le 35 ba ne ba fitlha mo Risdon Cove. Ee ruri, diseile le dikepe tsa bogologolo tsa dikota ga di sa tlhole di le teng, mme gangwe ka ngwaga lebelo la diketswana le le lapisang thata la go tloga kwa Sydney go ya Hobart le gakolola motho malatsi ao a a fetileng a dikepe tsa lebelo tse di mebalabala le la dikepe tse di tlhomaganeng tse di kgabaganyang matshutitshuti a batho ba ba thelang lošalaba ka lobelo lo logolo di tlhamalaletse fela kwa bogareng jwa Hobart.
Lefatshe la Pogiso le Fetogile Paradaise ya Semoya
Geoffrey Butterworth, mongwe wa batho ba le 2447 ba ba neng ba tlile Kopanong ya Kgaolo ya 1994 ya “Poifo ya Bomodimo” ya Basupi ba ga Jehofa kwa Launceston o tlhalosa jaana: “Ke gakologelwa nako ya fa go ne go na le Basupi ba ba kafa tlase ga 40 mo nageng yotlhe ya Tasmania.” Jaanong go na le diphuthego di ka nna 26 le Diholo Tsa Bogosi di le 23.
Geoff o oketsa jaana: “Mme maemo e ne e se a a siameng ka gale. Ka sekai, moragonyana kwa ka 1938 nna le Tom Kitto le Rod McVilly rotlhe re ne re apere dipapetla tsa phasalatso tse di tsenngwang e nngwe mo pele e nngwe kwa morago, re phasalatsa puo ya phatlalatsa ya Baebele e e reng ‘Lebagana le Boammaaruri.’ E ne e le puo e e senolang bodumedi jwa maaka gotlhelele e e neng e tlile go gasiwa ka seromamowa go tswa Lontone. Fa ke ne ke atamela ditsala tsa me go tla go dira le tsone, di ne di ntse di kgerisiwa ke setlhopha sengwe sa basha. Mme mapodisi a ne a lebile fela! Ke ne ka taboga go ya go thusa mme ba fitlha ba ntitaya ka yone nako eo. Mme monna mongwe o ne a mphamola ka hempe ka fa morago mme a nkgogela kwa thoko. Go na le gore a mpetse, monna yono o ne a goa a re: ‘Ba tlogeleng!’ Mme a buela le nna kwa tlase a re: ‘Ke a itse gore go jang go bogisiwa tsala, ke Mo-Ireland.’”
Jehofa o segofaditse babulatsela ba malatsi ao, gonne gompieno mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a setse a fitlhile mo dikarolong tsotlhe tsa setlhaketlhake seno sa batho ba le 452 000. Ditlogolwana di le dintsi tsa batshwarwa ba bogologolo le Baaborijene ba solofetse go boa ba amogela—bantsho le basweu—mo lefatsheng le le phepafaditsweng ba ba suleng ka tsela e e setlhogo mo malatsing a a setlhogo ao a a fetileng, ka gonne Baebele e solofetsa gore “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Dilo di tla baakanngwa ka botlalo jaana mo e leng gore “dilo tsa pele ga di ketla [di tlhola] di gakologelwa.”—Isaia 65:17.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Leina la Tasmania le ne la amogelwa semmuso ka November 26, 1855. Ke naga e kgologolo go gaisa tsotlhe kwa New South Wales.
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 19]
(For fully formatted text, see publication)
Kwa godimo: Thaba ya Cradle le Letsha la Dove
Kwa godimo mo mojeng: “Tasmanian devil”
Fa tlase mo mojeng: Dikgwa tsa pula mo Borwabophirima jwa Tasmania
Australia
TASMANIA
[Motswedi wa Setshwantsho]
Tasmanian devil and map of Tasmania: Department of Tourism, Sport and Recreation - Tasmania; Map of Australia: Mountain High Maps® Copyright © 1995 Digital Wisdom, Inc.