LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 9/8 ts. 3
  • Masetlapelo a Dintsho Tsa Basha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masetlapelo a Dintsho Tsa Basha
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Hisitori e Telele ya Dintsho Tsa Basha
  • Tasmania—Setlhaketlhake se Sennye, Kgang E e Sa Tlwaelegang
    Tsogang!—1997
  • Ba Lebana le Dikgwetlho Dife?
    Tsogang!—2009
  • Basha ba Gompieno—Dikgwetlho Tseo Ba Lebanang le Tsone
    Tsogang!—1990
  • Bibela le Boitsholo jwa Basha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 9/8 ts. 3

Masetlapelo a Dintsho Tsa Basha

“Ke na le boikutlo jono jwa gore kokomana ya rona e a fela.”—Johanna P., wa dingwaga di le 18 yo o leng setlabosheng kwa yunibesithing ya Connecticut kwa U.S.A.

MAPODISE a ne a bona selo se se tsitsibanyang mmele kwa polasing nngwe ka fa ntle fela ga Hobart, e leng toropokgolo ya Tasmania kwa setlhaketlhakeng sa kwa Australia. Mo teng ga ntlo go ne go na le basetsana ba le banè ba dingwaga tsa go tloga ka di le 10 go ya go di le 18. Botlhe ba ne ba sule, ba bolailwe ke rraabone, yo o neng a rapaletse gaufi le bone, a na le lebadi le legolo la go thuntshiwa ka tlhobolo mo tlhogong. O ne a ikgaotse letsogo la moja ka selepe. Polao e e setlhogo eno le go ipolaya go ne go tshwentse baagi botlhe ba mo Tasmania. Mme go ne ga tlogela potso e e tlhakanyang tlhogo mo ditlhaloganyong tsa batho—Ka ntlha yang? O bolaelang basetsana ba banè bano ba ba se nang molato?

Belgium e sa ntse e galefisitswe thata ke go betelelwa ga basetsana ba le barataro le go bolawa ga ba le banè ba bone ke mmeteledi mongwe yo o neng a tswile kwa kgolegelong e ise e nne nako ya gore a gololwe. Mme go sa ntse go bodiwa potso ele—Ka ntlha yang? Bommè bangwe kwa Argentina ba dumela gore batho ba ka nna 30 000, ba bontsi jwa bone e leng barwa le barwadi ba bone, ba ne ba nyelela mo go se jaanong se itseweng e le ntwa e e maswe.a Bangwe ba batho bano ba ba madimabe ba ne ba teketwa, ba jesiwa ditagisi ba bo ba tsewa ka sefofane ba isiwa kwa lewatleng ba ba ba latlhelwa mo lewatleng go tswa mo sefofaneng. Bontsi jwa bone bo ne jwa latlhelwa bo ntse bo tshela. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba tshwanetse go swa? Bommaabone ba sa ntse ba emetse dikarabo.

Ka 1955 Mokgatlho wa Bommè wa Lefatshe o ne wa kgala ntwa ka gore ga e thuse sepe mme ba bolela gore mokgatlho ono o “dira boikuelo jo bogolo, boikuelo jo bo lemotshang jwa basadi botlhe ba ba kgaratlhelang go sireletsa bana ba bone, ba bannye le ba bagolo ba lemotsha ka masula a a leriweng ke ntwa le ke go baakanyetsa ntwa.” Se se gakgamatsang ke gore palo ya basha ba ba suleng mo dintweng tse go neng go tshololwa madi mo go tsone fa e sa le mokgatlho ono o nna gone e oketsega thata mo lefatsheng lotlhe—go sentswe thata kokomana e e ka bong e ntshitse lotsalo lo lo nang le ditalenta le bokgoni jwa methalethale.

Hisitori e Telele ya Dintsho Tsa Basha

Ditiragalo tsa hisitori di tletse ka madi a basha. Le e leng mo go se go tweng ke lekgolo la bo20 la dingwaga le le tlhabologileng, dikgotlhang tsa setso le tsa morafe di dirile gore go bolawe basha ba le bantsi. Go lebega e kete basha ba tshwanelwa ke go duelela diphoso le dikeletso tsa bagolwane ba bone ka matshelo a bone.

Lokwalopaka lwa The New Republic lo begile gore kwa nageng nngwe ya Afrika, setlhopha sengwe sa bodumedi sa basha ba masole se se ipitsang Masole a Morena a Majelathoko se ne sa dirwa gore se dumele gore ga se na go utlwisiwa botlhoko ke marumo. Ke ka ntlha ya moo kgang eo e nang le setlhogo se se reng “Go Senyega ga Basha”! Ka jalo, malapa a a swetsweng ke barwa le barwadi—ba kgabagare ba neng ba utlwisiwa botlhoko ke marumo—ba botsa jaana ka tshwanelo: Ke ka ntlha yang fa basha ba rona ba ne ba tshwanetse go swa? Dilo tseno tsotlhe di diragalelang?

Selo se se oketsang mahutsana ano otlhe le go boga ke dipalo tsa basha ba ba ipolayang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ntwa e go tweng ke e e maswe e ne ya lowa ka nako ya fa go ne go busa setlhopha sengwe sa masole (1976-83) fa go ne ga bolawa batho ba le diketekete ba ba neng ba belaelwa ka gore ba leka go menola puso. Batho bangwe ba akanya gore go ka tswa go bolailwe palo ya batho ba ba gareng ga ba le 10 000 le 15 000.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela