Basha ba Gompieno—Dikgwetlho Tseo Ba Lebanang le Tsone
“PATLISISO e bontsha gore dingwaga tsa bosha kwantle ga pelaelo ke dingwe tsa dinako tse di tlhakanyang tlhogo le tse di boima thata tsa botshelo.” Dr. Bettie B. Youngs o ne a kwala jalo mo bukeng ya gagwe ya Helping Your Teenager Deal With Stress. Mo metlheng ya bogologolo, basha ba ne ba nna ba tshwaregile ka ntlha ya bosha jwa bone. Lefa go ntse jalo, mo metlheng ya gompieno ba tshwanela go berekana le mathata a nako ya bosha mmogo le dikgatelelo tse di seng kana ka sepe tsa bagolo tse di mo botshelong mo dingwageng tseno tsa bo 1990.
Dr. Herbert Friedman o ne a kwala jaana mo makasineng wa World Health: “Go tloga mo bongwaneng go fetela mo bogolong ga go le ka motlha ope pele oo go kileng ga diragala mo lobakeng loo go nang le phetogo e kgolo jaana mo go one, e ka tswa e le koketsego e e sa tlwaelegang mo baaging ba lefatshe, go fudugela kwa metsesetoropong goo go ileng ga tsamaisana le seno, le diphetogo tsa botegeniki tseo di diragalang mo go tsa tlhaeletsano le mo dipalangweng tseo mo e batlang e le ka ponyo ya leitlho di bakileng gore go nne le maemo ao a iseng a ko a bo a tsamaye a nne teng pele.”
Mosetsana mongwe wa mosha yo o bidiwang Kathy ka gone o bolela jaana: “Go boima thata go fetoga mogolo mo motlheng o o tshwanang le ono wa rona.” Go tswa makgoba a diokobatsi, go ipolaya, go dirisa dinotagi ka tsela e e sa tshwanelang—tseno ke ditsela tseo basha bangwe ba itshwarang ka teng ka ntlha ya mathata le dikgatelelo tsa “dipaka tse di tlhokohatsañ” tseno.—2 Timotheo 3:1.
Phetogo E E Diragetseng mo Lelapeng
Dr. Youngs o gakologelwa jaana: “Batsadi ba rona ba ne ba ipha nako ya go nna le rona. Bontsi jwa rona re ne re na le bommè bao tiro ya bone ya botshelo jotlhe e neng e le go godisa bana.” Mme lefa go ntse jalo gompieno, “basadi ba le bantsi ga ba kgone go ka nna kwa gae le go dira gore nako yotlhe ya bone ba e senye ba godisa bana kana ga ba itlhophele go dira jalo. Ba a bereka mme ba tshwanelwa ke gore ba nne ba tobekanye ditiro tsa boitshediso le malapa. Letsatsi ga le na diura tse di lekaneng; sengwe sone se tshwanetse sa tswa setlhabelo. Gantsi thata, seo se tswang setlhabelo ke nako le kemonokeng eo motsadi a ka e nayang ngwana wa gagwe. Ka nako eo eleng diphatsa thata ya botshelo, mosha o tlogelwa a le esi gore a lwe le diphetogo tse di diragalang mo mmeleng, mo mogopolong, le mo maikutlong.”—Helping Your Teenager Deal With Stress.
Dingwaga tsa bo 1990 kwantle ga pelaelo di tla tswelela pele di bona malapa a fetolwa mo go maswe ke tlhalo (50 lekgolong ya manyalo kwa United States a felela ka tlhalo), bana ba mpa ya dikgora, le mokgwa o o ntseng o gola wa balekane bao ba tshelang mmogo fela mme ba sa nyalana. Kwa United States lelapa le le lengwe mo go a le 4 le setse ebile le etelelwa pele ke motsadi a le mongwe. Palo e e golang ya malapa ke a mosadi kana monna wa bobedi ao a bakiwang ke go tsena ga bobedi mo lenyalong.
A bana bao ba leng mo malapeng a a ntseng jalo ba mo kotsing ya go ka gobala mo maikutlong kana mo mogopolong? Ka sekai, bangwe ba bolela gore bana bao ba leng mo malapeng a a nang le motsadi a le mongwe gantsi ba tshabelelwa ke go nna bodutu, go hutsafala, le go ikutlwa ba sa babalesega go gaisa basha bao ba godiseditsweng mo malapeng a a tlwaelegileng. Ke boammaaruri, malapa a le mantsi a a nang le motsadi a le mongwe le a mosadi wa bobedi kana monna wa bobedi a tswela pele go sa bonale go na le kotsi epe mo baneng. Lefa go ntse jalo, Dikwalo di tlhalosa ka phepafalo gore Modimo o ne o ikaeletse gore bana ba godisiwe ke batsadi ba le babedi. (Baefesia 6:1, 2) Sengwe se se farologaneng le boemo jono jo bo molemolemo kwantle ga pelaelo se ka tlisa ditlalelo le dikgatelelo tse di oketsegileng.
Phetogo e kgolo mo botshelong jwa lelapa gape e ntse e tswelela pele mo mafatsheng a mantsi a a santseng a tlhabologa. Koo, lelapa la koo e ne e le la mofuta wa le le atolositsweng, leo mo go lone maloko otlhe a a godileng a lelapa a neng a nna le seabe mo go godiseng bana. Go fudugela kwa metsesetoropong le go tla ga diindaseteri di kgaola dikamano tsa malapa a a atolositsweng ka lobelo—mmogo le go kgaola tshegetso e e tlhokafalang eo basha ba neng ba tshegediwa ka yone.
Mosadi mongwe yo mosha wa kwa Afrika o kwala jaana: “Ga go tlhole go na le borakgadi kana ope wa losika yo o ka ntlhabang matlhale malebana le gore go fetoga mogolo go bolelang. Batsadi ba lebeletse gore sekolo e nne sone se tlotlang ka kgang eno—mme sekolo se e tlogelela batsadi. Kgopolo ya gore bana ke bana ba setšhaba ga e tlhole e le gone.”a
Tlalelo ya tsa Itsholelo
Basha gape ba na le tlalelo e eseng kana ka sepe ka ntlha ya itsholelo ya lefatshe eo e ntseng e senyegela pele. Tota, basha ba le 4 mo go ba le 5 ba nna kwa mafatsheng a a santseng a tlhabologa mme ba lebane le ditebelelo tsa go tshelela ruri mo lehumeng le mo go tlhokeng mmereko. Luv, yo o nang le dingwaga di le 17, moagi wa kwa India, o bolela jaana: “Go na le go tlhoka mmereko go go seng kana ka sepe mo gare ga basha mo nageng ya rona, ka gone a go a gakgamatsa go bo basha ba lwala ebile ba sa itumela, ba itshwara ka tsela e e sa tshwanelang, ba ngwega mo gae kana esita le go ipolaya?”
Basha ba kwa dinageng tse di tlhabang kgobe ka mmitlwa tsa kwa Bophirima ba na le ditlhobaelo tsa madi tseo eleng tsa mofuta wa bone fela. Ka sekai, a o ke o lebe patlisiso eno e e dirilweng mo basheng kwa U.S. mo makasineng wa Children Today: “Fa ba ne ba bodiwa malebana le ditlhogo tse di rileng tseo ba amegileng ka tsone, basha ba ne ba atisa go bolela dikgang tse di amanang le madi mmogo le isagwe.” Mo gare ga dilo di le lesome tseo eleng tsone tse dikgolo tseo basha ba amegileng ka tsone go ne go na le “go duelela sekolokatiso,” “gore naga e gaufi le go tsena mo kwelotlaseng [ya tsa itsholelo],” le “go sa amogele madi a a lekaneng.”
Lefa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore bomankge bangwe ba dumela gore le eleng basha bao ba nang le madi a a lekaneng ba tlile go boga fa nako e ntse e tsamaya. Makasine wa Newsweek o ne wa akgela jaana: “Mo dingwageng tsa bo 80, ba le bararo mo go ba le banè ba bana [ba kwa U.S] bao ba tsenang kwa sekolong se segolo ba ne ba bereka palogare ya diura di le 18 ka beke mme gantsi ba ya gae ba tshotse madi a a fetang [R520] ka kgwedi”—ano gongwe ke madi a go kgwatlha a a fetang ao batsadi ba bone ba neng ba na le one! Go ya kafa go bolelelwang pele ka gone, “madi ano a ba a amogelang a ne a dirisiwa ka bonako fela mo dikoloing, mo diaparong, mo dialemoyeng le mo dilwaneng tse dingwe tseo basha ba ratang go ijesa monate ka tsone.”
Mokwadi ebong Bruce Baldwin o bolela gore basha ba ba ntseng jalo “ba gola ba na le ditsholofelo . . . tsa gore botshelo jo bo monate bo tla nna bo le teng ka metlha yotlhe fa o bo batla go sa kgathalesege gore a ba dira gore ba tlhagolele moya wa go nna batho ba ba ikarabelang le o o ba tlhotlheletsang gore ba fitlhelele dilo kana nnyaa.” Mme lefa go ntse jalo ba “boga botlhoko fa ba ntsha matlho ka nako ya fa ba tlogela legae. Boemo joo jwa legae jwa maitirelo tota bo ka nna ya tswa e le jo bo leng kgakala le ditebelelo tsa mmatota tsa se se diragalang kwa go berekwang teng mmogo le tsa dilo tseo di batlegang mo tseleng eo mogolo yo o nang le tlhaloganyo a dirang dilo ka yone mo eleng gore ba ka nna ba diragalelwa ke sengwe seo se batlang se tshwana fela le go tlhakana tlhogo mmogo le go tlhobaela.”
Melao le Ditekanyetso tsa Boitshwaro Tseo Di Nnetseng go Fetoga
Diphetogo tse di boitshegang tse di diragalang mo melaong ya boitshwaro mmogo le mo ditekanyetsong tse dingwe tsa boitshwaro le tsone ke tsone di tlhakanyang basha tlhogo. “Tlhakanelodikobo . . . ka nako ya fa mmemogolo e ne e sale mosha e ne e le lefoko leo go neng go seka go utlwiwa ka lone,” go bolela jalo Ramani, eleng mohumagatsana wa kwa Sri Lanka. “Tlhakanelodikobo mo lenyalong go ne go seke go tlotliwa ka yone, tota le esita le mo lelapeng kana go tlotliwa ka yone le ngaka, mme go tlhakanela dikobo lo sa nyalana go ne go seo.” Lefa go ntse jalo, meila eo ya bogologolo e nyeletse yotlhe. “Go tlhakanela dikobo ga basha go setse go fetogile mo e ka nnang tsela eo go tshelwang ka yone,” o bega jalo.
Ga go gakgamatse he, go bo fa go ne go dirwa patlisiso mo diithuting di le 510 tsa kwa sekolong (se segolo) kwa United States, selo se segolo seo ba neng ba amegile ka sone e ne e le “gore ba ka nna ba tshelegelwa ke AIDS”! Mme lefa go ntse jalo ereka jaanong mojako wa “boitshwaro jo bosha” o budilwe gore o bo o sale o atlhame, go lebega e le basha ba sekae fela bao ba iketleeleditseng go ka tsaya puo epe ka tlhoafalo ya gore ba o tswale ka go nna le molekane a le mongwe—go sa bolelwe sepe kafa go bolelwa gore ba o tswale ka go leta go fitlhela ba tsena mo nyalong. Jaaka fa mosha mongwe wa Mofora a ile a botsa jaana: “A re ka ikgolega ka gore re nne boikanyego mo botshelong jotlhe jwa rona re sale ba kana?” AIDS mmogo le malwetsi a mangwe a a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo ka gone a tla tswelela pele a tshosetsa botshelo mmogo le pholo ya basha ba le bantsi.
Go Tlile go Nna le Isagwe ya Mofuta Ofe?
Basha ba na le selo se sengwe gape seo se tlhorontshang seo ba amegileng ka sone. Tebelelo ya go aga mo lefatsheng leo le sentsweng—leo go senang mofuta o o rileng wa okisejene mo lefaufaung la lone, mogote wa lone o le kwa godimodimo ka ntlha ya kgotelo ya lefaufau e e diragalang mo lefatsheng lotlhe, dikgwa tsa lone tse di losutu di remilwe, moya wa lone o sa siamela go ka hengwa mmogo le metsi a lone a siamela go nowa—go tshwenya basha ba le bantsi. Lemororo gone jaanong a ile kwa tlase, matshosetsi a ntwa ya nuclear a dira gore bangwe ba ipotse gore a setho ruri se tla nna le isagwe!
Go mo pontsheng, he, gore basha gompieno ba lebane le dikgwetlho tseo di seng kana ka sepe. Fa go sena yo o ba thusang, yo o ba kaelang, yo o ba gogang, boitumelo jwa bone jwa gone jaanong le jwa mo isagweng bo mo kotsing eo eseng kana ka sepe. Mme fa ba sena tsholofelo epe ka isagwe, ga ba kake ba bo ba ikutlwa ba babalesegile ka gope. Ka lesego, seo se ka thusang basha ba gompieno se gone se ka kgonwa go bonwa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tsopolo eno mmogo le ditsopolo tse dingwe tseo di tswang mo basheng ba kwa mafatsheng ao a santseng a tlhabologa di tserwe mo tokololong ya March 1989 ya makasine wa World Health.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Go thubega ga malapa ka ntlha ya tlhalo le kgaogano go ile ga itsa basha ba le bantsi kemonokeng ya batsadi eo e tlhokafalang