LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/09 ts. 3-6
  • Ba Lebana le Dikgwetlho Dife?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Lebana le Dikgwetlho Dife?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la go Nna le Tsholofelo
  • Basha ba Gompieno—Dikgwetlho Tseo Ba Lebanang le Tsone
    Tsogang!—1990
  • Bibela le Boitsholo jwa Basha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Basha Ba ba Mo Mathateng
    Tsogang!—2005
  • Basha ba Gompieno—Setshwantsho Seo Se Emelang Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 9/09 ts. 3-6

Ba Lebana le Dikgwetlho Dife?

O akanya eng? A basha ba gompieno ba lebana le dikgwetlho tse di boima go gaisa tse basha ba nako e e fetileng ba neng ba lebane le tsone? Fa e le gore o arabile potso eo ka nnyaa, o ka tswa o akanya gore basha ba gompieno ba itumetse go feta basha bape fela mo hisitoring.

Mo dinageng tse dintsi, go na le melemo e e fokotsang malwetse a mo nakong e e fetileng a neng a golafatsa basha kgotsa a ba bolaya. Thekenoloji e dirile dithulusu le ditshamekisi tsa eleketeroniki tse dikokomana tse di fetileng di neng di sa lore le ka tsone. Mme tswelelopele mo go tsa ikonomi e thusitse malapa a mantsi gore a tswe mo lehumeng. Ee, ke boammaaruri gore batsadi ba le bantsi ba dira ka natla gore bana ba bone ba nne le maemo a botshelo a a siameng le thutego e bone ba sa kgonang go nna le yone.

Ga go na pelaelo gore basha ba gompieno ba na le ditshono tse dintsi tse di molemo. Mme le fa go ntse jalo, gape ba lebana le dikgwetlho tse dikgolo go feta tse di kileng tsa nna gone. Lebaka le lengwe la go bo go ntse jalo, ke ka gonne gone jaanong re tshela mo motlheng o Baebele e o bitsang “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 24:3) Jesu Keresete o ne a bolelelapele gore motlha ono o ne o tla bonala ka tlhakatlhakano e kgolo ya tsa loago. (Mathaio 24:7, 8) Baebele e bitsa one motlha ono e re ke ‘metlha ya bofelo’ mme e tlhalosa maemo a a aparetseng lefatshe e le a go leng “boima go lebana le [one].” (2 Timotheo 3:1) Akanya fela ka dingwe tsa dikgwetlho tse go leng thata gore basha ba lebane le tsone gompieno.

Kgwetlho 1

Go Oketsega ga go Itlhaola

Difilimi, dithulaganyo tsa thelebishene le dimakasine gantsi di bontsha basha ba nna ba dikologilwe ke ditsala tse ba golang le tsone go tswa kwa sekolong ba bo ba tswelela ka botsala joo go fitlha e nna bagolo. Mme mo basheng ba le bantsi seo ga se direge.

Babatlisisi ba babedi e bong Barbara Schneider le David Stevenson, ba ba neng ba sekaseka dipotsolotso tsa basha ba le dikete ba kwa United States, ba ne ba fitlhela gore “ke basha ba le mmalwa fela ba ba neng ba nna le tsala e le nngwe e e gaufi kgotsa ditsala di le mmalwa ka lobaka lo lo rileng.” Schneider le Stevenson ba bolela gore basha ba le bantsi “ga ba na botsala le batho ba bangwe mme ba na le ditsala di le mmalwa fela tse ba ikutlwang ba gololesegile go tlotla le bone ka mathata a ba nang le one kgotsa go bua le bone ka se ba se akanyang.”

Basha ba ba kgonang go dira ditsala ba bonala ba na le nako e nnye fela e ba ka e dirisang le ditsala tsa bone. Patlisiso nngwe e e tseneletseng kwa United States e ne ya fitlhela gore basha ba le bantsi ba dirisa diperesente di le lesome tsa nako ya bone ba na le ditsala tsa bone mme mo e ka nnang diperesente di le 20 tsa nako e ba tsogileng ka yone ba e dirisa ba le nosi—e leng nako e e fetang e ba e dirisang ba na le ba malapa a bone kgotsa ditsala. Ba ja ba le nosi, ba tsamaya ba le nosi e bile ba intsha bodutu ba le nosi.

Se se dirang gore mokgwa ono wa go itlhaola o oketsege ke go anama thata ga didirisiwa tsa eleketeroniki. Ka sekai, ka 2006, makasine wa Time o ne wa bega gore basha ba kwa Amerika ba dingwaga tse di magareng ga 8 le 18 ba dirisa palogare ya diura di le thataro le halofo letsatsi le letsatsi ba lebeletse thelebishene, ba tsentse di-earphone kgotsa ba tshameka metshameko ya bidio kgotsa ba dirisa khomputara.a

Gone mme, kokomana eno ga se ya ntlha go dirisa diura tse dintsi e reeditse mmino kgotsa e tshameka metshameko. (Mathaio 11:16, 17) Mme go ka nna le dikotsi thata fa motho a senya nako e ntsi a le nosi a dirisa didiriswa tsa eleketeroniki go na le go nna le ba lelapa. Babatlisisi Schneider le Stevenson ba re: “Basha ba bolela gore ba inyatsa, ga ba itumela, ga ba itumelele se ba se dirang e bile ga ba matlhagatlhaga fa ba le nosi.”

Kgwetlho 2

Go Gatelelwa go Tlhakanela Dikobo

Basha tota le bana ba ba iseng ba tsene mo dingwageng tsa bolesome ba na le kgatelelo e kgolo ya go lekeletsa tlhakanelodikobo. Nathan, mosha mongwe yo o nnang kwa Australia a re: “Bana ba le bantsi ba ke neng ke ba itse kwa sekolong ba ne ba simolola go tlhakanela dikobo fa ba ne ba le dingwaga tse di magareng ga 12 le 15.” Mosetsana mongwe yo o bidiwang Vinbay yo o nnang kwa Mexico o ne a bolela gore go tlhakanela dikobo e le fela go ijesa monate go ne go tlwaelegile thata mo basheng ba a neng a tsena sekolo le bone. A re: “Basha ba ba neng ba sa tlhakanele dikobo ba ne ba gakgamalelwa.” Ana wa dingwaga di le 15 yo o nnang kwa Brazil a re: “Go tlhakanela dikobo e le go ijesa monate fela go tlwaelegile mo dithakeng tsa me mo e leng gore ga go a lekana go gana gangwe fela. O tshwanetse go nna o gana gangwe le gape fa ba ntse ba go kopa go go dira.”

Babatlisisi ba kwa United Kingdom ba ne ba dira dipatlisiso mo basheng ba le sekete ba dingwaga tse di magareng ga 12 le 19 ba ba godileng ka ditsela tse di sa tshwaneng. Ba ne ba fitlhela gore mo e ka nnang diperesente di le 50 tsa basha ba ne ba nna le seabe mo mofuteng mongwe wa tlhakanelodikobo ka metlha. Mme basha ba ba fetang diperesente di le 20 ba ba neng ba tlhakanela dikobo ba ne ba na le dingwaga di le 12 fela! Dr Dylan Griffiths yo a neng a eteletse pele mo patlisisong eno a re: “Taolo e malapa, Dikereke le ditheo dingwe di neng di tlwaetse go nna le yone e nyeletse, mme seo se dirile gore basha ba sale ba boga.”

A tota basha ba ba lekeletsang ka tlhakanelodikobo ba “a boga”? Mo pegong nngwe e e gatisitsweng ka 2003, babatlisisi e bong Rector, Noyes, le Johnson ba ne ba bona kafa go tlhakanela dikobo ga basha go amanang ka tlhamalalo le go tshwenyega thata mo maikutlong le go oketsega ga kotsi ya go batla go ipolaya ka teng. Ba ne ba sekaseka dipotsolotso tse di nnileng teng le basha ba le 6 500 mme ba fitlhela gore “basetsana ba ba tlhakanelang dikobo go ka direga ka makgetlho a a fetang a le mararo gore ba tshwenyege thata mo maikutlong go gaisa ba ba sa tlhakaneleng dikobo.” Mme mo basimaneng “ba ba tlhakanelang dikobo go ka direga ka makgetlho a a fetang a mabedi gore ba tshwenyege thata mo maikutlong go gaisa ba ba sa tlhakaneleng dikobo.”

Kgwetlho 3

Malapa a a Thubegileng

Basha ba kwa United States ba ile ba bona go fetoga ka bonako ga dithulaganyo tsa malapa le go fetoga ga melao ya boitsholo. Buka ya The Ambitious Generation—America’s Teenagers, Motivated but Directionless ya re: “Mo masomeng a le mmalwa a a fetileng a dingwaga go nnile le diphetogo tse dikgolo mo dipalopalong tsa baagi tse di neng tsa ama matshelo a basha ka tlhamalalo. Bogolo jwa malapa a a tlwaelegileng a Baamerika bo fokotsegile, ka jalo basha ba na le palo e e kwa tlase ya bonkgonne kgotsa bomonnawe. E re ka dipalo tsa ditlhalo di ntse di oketsega, bana ba le bantsi ba fetsa nako e ntsi ya bongwana jwa bone ba na le motsadi a le mongwe. Mme bommè ba ba oketsegileng ba ba nang le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga 18 ba a bereka, ka jalo ga se gantsi o tla fitlhelang go na le motho yo mogolo kwa gae.”

Go sa kgathalesege gore bana ba nna le motsadi a le mongwe kgotsa ba le babedi, ba ikutlwa ba le kgakala le batsadi ba bone ka nako e ba ba tlhokang thata ka yone. Patlisiso nngwe e e neng ya latelela basha ba le 7 000 mo nakong ya dingwaga di le mmalwa e ne ya fitlhela gore basha ba le bantsi ba ne ba tsaya gore batsadi ba bone ba lorato e bile ba dumela sengwe le sengwe. Mme le fa go ntse jalo, “ke nngwetharong fela e e neng ya re ba tshwarwa ka tsela e e kgethegileng mme ba a thusiwa fa ba na le mathata.” Patlisiso eo e ne ya fitlhela gape gore “mo basheng ba le bantsi, ga se gantsi batsadi ba ba thusang fa ba na le mathata.”

Kwa Japane malapa a a neng a na le kamano e e nonofileng a sentswe ke keletso ya go batla go huma. Yuko Kawanishi yo e leng porofesa wa thutoloago a re: “Batsadi ba le bantsi ba ba nang le bana ba dingwaga tsa bosha ke batho ba ba tshotsweng morago ga Ntwa ya Lefatshe II, mme ba godile ka nako e go neng go gatelelwa thata go atlega mo go tsa ikonomi le go nna le dikhumo.” Batsadi bano ba ruta bana ba bone mekgwa efe ya boitsholo? Kawanishi a re: “Batsadi ba le bantsi gompieno ba amegile thata ka thutego ya bana ba bone.” O tswelela ka go bolela jaana: “Fa fela bana ba bone ba ka ithuta, dilo tse dingwe ga di botlhokwa kwa gae.”

Go gatelela thata go atlega go go ntseng jalo mo dikhumong le mo dithutong go ama basha jang? Kwa Japane metswedi ya tshedimosetso gantsi e bua ka kireru—lefoko le le tlhalosang tsela e basha ba palelwang ke go laola maikutlo a bone ka teng fa ba gatelelwa go dira sentle kwa sekolong. Kawanishi a re: “Fa go lebega bana ba itshwara jaaka ditsenwa, seo se ka tswa se bakiwa ke go bo ba akanya gore malapa a bone ga a kgone go laola tsela e ba itshwarang ka yone.”

Lebaka la go Nna le Tsholofelo

Ga go na pelaelo gore re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Le fa go ntse jalo, Baebele ga e bolelele pele fela gore batho ba ba tshelang mo motlheng ono ba tla lebana le mathata a a oketsegileng.

Baebele e neela kgakololo e e molemo ya gore basha ba ka dira eng gore ba tokafatse matshelo a bone. Jehofa Modimo, Mokwadi wa Baebele o eletsa thata go ruta basha kafa ba ka atlegang ka teng go lepalepana le dikgwetlho. (Diane 2:1-6) O batla gore ba nne le botshelo jo bo molemo. Lefoko la gagwe le ka “naya ba ba se nang maitemogelo botlhale, [la] naya lekau kitso le bokgoni jwa go akanya.” (Diane 1:4) Ela tlhoko kafa melaometheo ya Baebele e ka thusang ka gone.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Basha ba ba itlhaolang mme ba nna mo diphaposing tsa bone ba tlwaelegile kwa Japane, mo ba bileng ba filwe leina hikikomori (go ikgogona thata mo setšhabeng). Batho bangwe ba fopholetsa gore go ka nna le bo-hikikomori ba ba magareng ga 500 000 le 1 000 000 kwa Japane.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Go ya ka patlisiso nngwe basetsana ba ba tlhakanelang dikobo go ka direga ka makgetlho a a fetang a le mararo gore ba tshwenyege thata mo maikutlong go gaisa ba ba sa tlhakaneleng dikobo

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Mekgwa ya go Ikgobatsa

Pego nngwe ya 2006 ya puso e ne ya bega gore kwa Boritane, palo ya basha ba dingwaga tse di magareng ga 11 le 15 ba ba dirisang khokheine e menagane gabedi mo ngwageng o le mongwe. Basha ba ba ka nnang 65 000 ba ile ba bolela gore ba kile ba leka go dirisa seokobatsi seno. Kwa Holland diperesente tse di fetang 20 tsa basha ba dingwaga tse di fa gare ga 16 le 24 ba lemaletse bojalwa ka tsela nngwe kgotsa ba na le malwetse a a amanang le bojalwa.

Basha ba le bantsi ba bontsha maikutlo a bone a go tlalelwa ka go gobatsa mebele ya bone. Ba itshega, ba itoma kgotsa ba iphisa. Babatlisisi e bong Len Austin le Julie Kortum ba re: “Go fopholediwa gore dimilione di le tharo tsa Maamerika a na le bothata jwa go ikgobatsa, mme mosha a le mongwe mo go ba le 200 o na le bothata jwa go ikgobatsa ka tsela e e masisi.”

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Basha ba le bantsi ga ba na ditsala tse ba atamalaneng le tsone tse ba kgonang go di bulela mafatlha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela