Basha ba Gompieno—Setshwantsho Seo Se Emelang Lefatshe Lotlhe
DIKGOPOLO tse di fa tse di tumileng di tlhalosa basha jaaka batsuolodi ba ba ratang diokobatsi mo go maswe, ba ba sa itseng sepe, ba ba tletseng boithati ebile ba le bobodu, bao go senang sepe mo ditlhaloganyong tsa bone fa e se diaparo, thelebishene, le tlhakanelodikobo fela. Lefa go ntse jalo, mo go ba le bantsi tsela eno e eseng molemo eo basha ba tlhalosiwang ka yone e lebega e le selo seo se leng kgakalakgakala le boammaaruri.
Patlisiso nngwe eo e begilweng go Psychology Today e ile ya fitlhela gore ‘mo e ka nnang dikwatara di le tharo tsa bao ba ileng ba botsolodiwa ba ne ba lebega e le batho ba ba ritibetseng maikutlo. Ka kakaretso e ne e le batho ba ba itumetseng, ba ba kgonang go ikgalemela, ba ba kgathalelang batho ba bangwe, ba ba amegileng ka ditlamorago tsa dilo tseo ba di dirang.’ Go na le gore ba fitlhelwe e le ba ba sa batleng go utlwa sepe ka batsadi ba bone, basha ba le bantsi ba ile ba fitlhelwa e le ba ba “nang le maikutlo a a molemo thata ka malapa a bone.”
Dipatlisiso tse dingwe di ile tsa bontsha gore dilo di le dintsi tseo basha ba gompieno ba nang le tsholofelo mo go tsone, tseo ba eletsang thata go ka di fitlhelela, le tseo ba di boifang ka mo go tshwanang di bontsha kafa ba akanyang ka tsela e e nang le tlhaloganyo, le ya segolo ka gone. Ka 1985 Unesco Courier e ne ya botsa basha mo mafatsheng a le 41 jaana: “Ke bothata bofe joo basha botlhe ba amegileng ka jone gompieno?” Ba ne ba amogela dikarabo tse di nang le tlhaloganyo tsa go tshwana le “mathata a a bakwang ke ntwa le kagiso” (50 lekgolong), “go tlhoka mmereko le tiro” (30 lekgolong), le “isagwe” (10 lekgolong).
Le eleng fa go tlhongwa mogopolo mo dilong tseo ba fisegelang go di fitlhelela, basha gape ba leba dilo ka tsela e e nang le tlhaloganyo thata. Morago ga makasine wa Seventeen o sena go botsolotsa “setlhopha sengwe seo se emelang morafe sa banna le basadi ba basha [ba U.S.] ba ba nang le dingwaga tsa go tloga go di le somenne go ya go di le some a mabedi le bongwe,” o ne wa bolelela basha bao ba o balang jaana: “Go gaisa sepe se sele, o batla go nyala le go nna le lelapa. Selo sa bobedi seo o se batlang ke mmereko kana go ithutela tiro e e rileng. Maikaelelo a gago ke gore o amogele madi a mantsi. Gape o tshwenyegile ka madi mmogo le thuto. Mme lefa go ntse jalo ba ba fetang 60 lekgolong ba lona ga lo dumele gore mathata a lefatshe a magolo thata mo kokomana ya lona e se kakeng ya kgona go ka tokafatsa dilo mo go one.”
Ka jalo he, basha ka kakaretso mo lefatsheng lotlhe ba ba batla tsone dilo tse di tshwanang le tseo ba bagolo mo go bone ba di batlang: eleng boitumelo, polokesego, malapa a a atamalaneng. Ba amegile ka lefatshe leo ba tshelang mo go lone mme ba batla go le tokafatsa ka tlhoafalo. Lefa go ntse jalo, go na le karolo e e sa jeseng di welang ya setshwantsho seno.
Basha Ba Ba Hutsafetseng le Ba Ba Ikgobatsang ka Bobone
Patlisiso eo e umakilweng fa godimo e ile ya lemoga selo seno se se utlwisang botlhoko: “Kwatara e le nngwe ya basha bao ba ileng ba lekwa ba ne ba bolela gore ba hutsafala ka makgetlo a le mantsi le go nna bodutu ebile ba ikutlwa ba tshwenyegile mo maikutlong, mmogo le go fekeediwa ke mathata a botshelo. Ba sekae ba bone ba ile ba bo ba dumalana gore ba ne ba na le dikakanyo tsa gore ba ipolaye le ditshekamelo tse di ntseng jalo.” Mo mafatsheng mangwe basha ga ba felele fela ka go akanya jalo. Selekanyo sa go ipolaya se se leng mo gare ga basha ba ba godileng go sekae ba kwa United States se ile sa batla se ipheta gabedi mo dingwageng di le 20 tse di fetileng!a
Selo se sengwe se se bakang kamego e kgolo ke koketsego ya lefatshe ka bophara mo go diriseng diokobatsi ga basha, eleng diokobatsi tse di ntseng jaaka matekwane, heroin, cocaine, le crack, seo eleng mofuta mongwe wa cocaine. Mosetsana mongwe yo o nang le dingwaga di le 14 wa kwa United States o ne a bolela jaana malebana le go goga matekwane: “Tota ebile ga e tlhole e le selo se se ‘mo fesheneng.’ E batla e le bontlhanngwe jwa botshelo jwa motho mongwe le mongwe.”
Mafatshe ao a santseng a tlhabologa le one ga a falola bothata jono. Go bona basha ba goga zolo ya coca mmogo le dilo tsa go tshwana le tseo ke selo se se tlwaelegileng mo mafatsheng a le mantsi a a ntseng jalo. Mokwaledikakaretso wa Mokgatlho wa UN ebong Javier Pérez de Cuéllar ka gone o ne a bolela gore bothata jono jwa go gweba ka diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le go di dirisa ka tsela e e sa tshwanelang “bo tlhagisa matshosetsi a a kotsi mo dikokomaneng tsa gone jaanong mmogo le mo go tse di tlang jaaka fa go ne go ntse ka dibetso tseo di neng tsa tlhasela dikarolo di le dintsi tsa lefatshe mo dingwageng tsa bogologolo.”
Tiriso ya diokobatsi tse di letleletsweng semolao, tse di ntseng jaaka dinotagi le motsoko, mo gare ga basha le yone e dira gore bomankge ba le bantsi—le batsadi—ba tshwenyege. UN Chronicle e bega jaana: “Mo dingwageng di le 30 go ya go di le 40 tse di fetileng, go ya ka WHO [World Health Organization (Mokgatlho wa Pholo wa Lefatshe Lotlhe)], dipalo tse di oketsegang tsa bana mmogo le basha di simolotse go nwa dinotagi; selekanyo seo di nowang ka sone mmogo le makgetlo ao di nowang ka one se ile kwa godimo; mme dingwaga tseo batho ba simololang go nwa ba na le tsone di ile kwa tlase.”
Gone ke boammaaruri, ke basha ba sekae fela bao ba tshwenyegileng thata mo maikutlong kana bao ba kopanelang mo boitshwarong joo bo dirang gore ba ikgobatse ka bobone. Lefa go ntse jalo, dipalo tsa bao ba nang le mathata a a masisi di santse di fitlha go dimilione di le dintsi lefatshe ka bophara. Jaaka fa re tlile go bona, basha gompieno ba lebane le ditlalelo mmogo le dikgatelelo tseo eleng tsa mofuta wa tsone fela mo metlheng eno eo re tshelang mo go yone.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go ya ka buka ya Helping Your Teenager Deal With Stress, bangwe ba dumela gore “dikotsi tsa dijanaga ke mokgwa oo o dirisiwang gantsi thata ke basha ba bagolwane fa ba ipolaya.” Ereka dikotsi tsa dijanaga ka kakaretso di sa tsewe jaaka go ipolaya, go ka nna ga bo go bolelwa dipalo tse di kwa tlase thata ga tsa mmatota tsa basha bao ba ipolayang.